Re Gatelela Thata se Baebele e se Buang!
1. Pelepele, makasine wa Tora ya Tebelo o ne o gatisetswa bomang thatathata, mme wa The Golden Age one o ne o gatisetswa bomang thata?
1 Ka October 1, 1919 go ne ga gatisiwa makasine wa ntlhantlha wa The Golden Age. Makasine ono o ne wa thusa fela thata mo tirong ya rona ya go rera. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne o kwalwa go akantswe thatathata ka batho ka kakaretso. O ne o sa tshwane le wa Tora ya Tebelo, o ka lobaka lo loleele o neng o lejwa e le makasine o o kwaletsweng thata ba “letsomanyane.” (Luke 12:32) Baboledi ba Bogosi ba ne ba amogela makasine o mosha ono ka boitumelo thata mo e leng gore ka dingwaga di le dintsi go ne ga gatisiwa dikhopi tse dintsi tsa The Golden Age go feta tsa Tora ya Tebelo.
2. Makasine wa The Golden Age o bidiwang gone jaanong, mme boikaelelo jwa one e ntse e le eng fa e sa le go tloga fela ka nako ya fa o simolola go gatisiwa?
2 Makasine wa The Golden Age o ne o gatisiwa ka boikaelelo jwa go bontsha batho gore selo sa mmatota se se ka thusang batho go rarabolola mathata a bone ke Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, e eleruri e tlileng go tlisetsa batho motlha wa boipelo. Fa dingwaga di ntse di ya go ne ga nna ga dirwa diphetogo di le mmalwa mo makasineng ono wa The Golden Age go dira gore o kgone go lepalepana le dinako tse di ntseng di fetoga. Ka 1937 o ne wa fetolwa leina mme wa bidiwa Consolation. Ka 1946 o ne wa bidiwa Tsogang!, e leng leina le le sa ntseng le dirisiwa le gone jaanong.
3. Makasine wa Tsogang! o thusitse thata mo go diragadiweng ga boporofeti bofe?
3 Go tloga fela kwa tshimologong ya makasine ono, o thusitse thata mo tirong e kgolo ya go neela bosupi e e ileng ya dirwa fa e sa le ka 1919. (Math. 24:14) Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya go potlaka ga dinako tse re tshelang mo go tsone, go bonala go tlhokega go dira diphetogo tse dingwe gape mo makasineng ono wa Tsogang!
4. (a) Motho o tshwanetse go dirang gore a sujwe mo “letsatsing la bogale jwa ga Jehofa”? (b) Go ya ka Tshenolo 14:6, 7, ‘moengele yo o fofang mo gare ga legodimo’ o kgothaletsa batho botlhe go dirang?
4 Batho ba le bantsi thata ba itumelela go bala Tsogang! ka gonne e tlotla ka tsela e e kgatlhang ka ditlhogo tse di farologaneng tsa dilo tse e seng tsa bodumedi. Ga go na pelaelo gore bontsi jwa batho ba ba nnang teng mo Segopotsong ngwaga le ngwaga ba bala Tsogang! ka metlha. Le fa go ntse jalo, gore motho a sujwe mo “letsatsing la bogale jwa ga Jehofa,” o tla tlhoka go thusiwa gore a se ka a felela fela ka go bala dibuka tsa rona.—Sefa. 2:3; Tshen. 14:6, 7.
5. (a) Go simolola ka Tsogang! ya January 2006, ke eng se se tlileng go gatelelwa thata? (b) Ba le bantsi ba ka nna ba tlhotlheletsega go dirang, e le fa go diragadiwa boporofeti bofe?
5 Ka gone, go tloga ka January 2006, makasine wa Tsogang! o tlile go gatelela thata Bogosi jwa Modimo. O tlile go kgothaletsa babadi ka tlhamalalo go batla tharabololo ya mathata a bone mo Baebeleng, mme o tlile go gatelela thata se Baebele e se buang go tlhalosa ditiragalo tse di diregang gone jaanong. Ka tsela eno babadi ba tlile go tlhaloganya ditiragalo tse di diregang gone jaanong botokanyana mme gongwe fa ba ntse ba bala, ba tla tlhotlheletsega go ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa.—Seka. 8:23.
6, 7. (a) Tsogang! e tlile go dira jang go leka go thusa batho ba le bantsi go dirisa 1 Bathesalonika 2:13? (b) Tsogang! e tlile go gatisiwa gakae, mme ke dipuo di le kae tse di tlileng go angwa ke phetogo eno?
6 Tsogang! e tla tswelela pele go nna e tlotla ka ditlhogo tse batho ka kakaretso ba di kgatlhegelang. Le fa go ntse jalo, e tlile go gatelela thata se Baebele e se buang. (1 Bathes. 2:13) E re ka Tora ya Tebelo e tlotla ka dintlha tse di kwa teng thata tsa Baebele mme Tsogang! e tlile go tlotla thata ka dilo tse di amanang le Baebele, go bonala go se kitla go tlhola go tlhokega go tswelela pele re gatisa Tsogang! gabedi ka kgwedi. Ka gone, go simolola ka makasine wa January 2006, Tsogang! e tla bo e tswa gangwe fela ka kgwedi. Seno se tlile go tlhofofatsa dilo thata mo go rulaganngweng, mo go ranolweng le mo go romelweng ga dibuka tsa rona.
7 Phetogo eno e tlile go ama mo e ka nnang diperesente di le 40 tsa dipuo tse makasine wa Tsogang! o ntseng o gatisiwa ka tsone. Mo dipuong di le dintsi, Tsogang! e setse e ntse e tswa gangwe ka kgwedi mme tse dingwe gararo ka ngwaga. Ga go ne go dirwa phetogo epe mo makasineng wa Tora ya Tebelo.
8. Baboledi ba ka tsamaisa jang Tsogang! mmogo le Tora ya Tebelo?
8 Baboledi ba ka nna ba tsamaisa Tsogang! ya kgwedi e e rileng le Tora ya Tebelo le fa e le efe ya kgwedi eo. Ba ba tsamaisang Tsogang! ba tla bo ba dirisa tokololo e le nngwe fela kgwedi yotlhe, mme ga go ne go tlhokega gore ba fetole tsela e ba buelelang makasine ka yone mo gare ga kgwedi jaaka fa go ntse gone jaanong.
9. Tsogang! e sa ntse e tlile go tswelela pele e na le seabe sefe?
9 Fa e sa le o ne o gololwa la ntlha ka 1919, makasine ono o o simolotseng o bidiwa The Golden Age, le Consolation, mme gone jaanong o bidiwa Tsogang! o ntse o thusa thata mo tirong ya go rera. Re rapelela gore e kete Jehofa a ka tswelela pele a segofatsa go tsamaisiwa ga makasine ono o o tla bong o tsere sebopego se sesha mme e kete o ka thusa batho ba bangwe ba le bantsi ba ‘merafe yotlhe le ditso, le ditšhaba le diteme’ gore ba lebe kwa Bogosing jwa Modimo gore e nne jone fela tsholofelo ya bone.—Tshen. 7:9.