Thuto 11
Ditumelo le Dingwao Tse di sa Itumediseng Modimo
Ke mefuta efe ya ditumelo le dingwao tse di leng phoso? (1)
A Bakeresete ba tshwanetse go dumela gore Modimo ke Tharonngwe? (2)
Ke eng fa Bakeresete ba sa keteke Keresemose, Ista, kana malatsi a botsalo? (3, 4)
A baswi ba ka kgona go gobatsa batho ba ba tshelang? (5) A Jesu o ne a swela mo sefapaanong? (6) Go botlhokwa go le kana kang go itumedisa Modimo? (7)
1. Ga se ditumelo tsotlhe le dingwao tsotlhe tse di bosula. Mme Modimo ga a di amogele fa di tswa mo bodumeding jwa maaka kana fa di le kgatlhanong le dithuto tsa Baebele.—Mathaio 15:6.
2. Tharonngwe: A Jehofa ke Tharonngwe—batho ba bararo mo Modimong o le mongwe? Nnyaa! Jehofa, e bong Rara, ke “Modimo o o osi o o boammaaruri.” (Johane 17:3; Mareko 12:29) Jesu ke Morwawe wa motsalwapele, mme o kafa tlase ga Modimo. (1 Bakorinthe 11:3) Rara o mogolo bogolo go Morwa. (Johane 14:28) Moya o o boitshepo ga se motho; ke maatla a a dirang a Modimo.—Genesise 1:2; Ditiro 2:18.
3. Keresemose le Ista: Jesu ga a tsholwa ka December 25. O ne a tsholwa mo e ka nnang ka October 1, nako ya ngwaga e ka yone badisa ba neng ba le kwa nageng le matsomane a bone bosigo. (Luke 2:8-12) Jesu le ka motlha ga a ise a ko a laele Bakeresete gore ba keteke letsatsi la botsalo jwa gagwe. Go na le moo, o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba keteke kana ba gopole loso lwa gagwe. (Luke 22:19, 20) Keresemose le dingwao tsa yone di tswa mo bodumeding jwa maaka jwa bogologolo. Go ntse jalo le ka dingwao tsa Ista, tse di tshwanang le go dirisa mae le bommutla. Bakeresete ba pele ba ne ba sa keteke Keresemose kana Ista mme le gompieno Bakeresete ba boammaaruri ga ba di keteke.
4. Malatsi a Botsalo: Meletlo e mebedi ya malatsi a botsalo a go buiwang ka yone fela mo Baebeleng e ne e le ya batho ba ba neng ba sa obamele Jehofa. (Genesise 40:20-22; Mareko 6:21, 22, 24-27) Bakeresete ba pele ba ne ba sa keteke malatsi a botsalo. Ngwao eno ya go keteka malatsi a botsalo e tswa mo bodumeding jwa maaka jwa bogologolo. Bakeresete ba boammaaruri ba abelana dimpho le go itumela mmogo ka dinako tse dingwe fa gare ga ngwaga.
5. Go Boifa Baswi: Baswi ga ba kgone go dira sepe kana go utlwa sepe. Re ka se ka ra ba thusa e bile bone ga ba ka ke ba re gobatsa. (Pesalema 146:4; Moreri 9:5, 10) Moya o a swa; ga o tswelele o tshela morago ga loso. (Esekiele 18:4) Mme lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe baengele ba ba bosula, ba ba bidiwang badimona, ba itira meya ya batho ba ba suleng. Dingwao dipe fela tse di amanang le go boifa baswi kana go ba obamela di phoso.—Isaia 8:19.
6. Sefapaano: Jesu ga a ka a swela mo sefapaanong. O ne a swela mo koteng kana mo mokgorong. Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “sefapaano” mo Dibaebeleng tse dintsi le raya fela legong le le lengwe. Letshwao la sefapaano le tswa kwa bodumeding jwa maaka jwa bogologolo. Bakeresete ba pele ba ne ba sa dirise sefapaano e bile ba ne ba sa se obamele. Ka jalo, a o akanya gore go tla bo go siame go dirisa sefapaano mo kobamelong?—Duteronome 7:26; 1 Bakorinthe 10:14.
7. Go ka tswa go le boima thata go tlogela dingwe tsa ditumelo le dingwao tseno. Ba losika le ditsala ba ka nna ba leka go go tlhotlheletsa gore o se ka wa fetola dilo tse o di dumelang. Mme lefa go ntse jalo, go itumedisa Modimo go botlhokwa thata go feta go itumedisa batho.—Diane 29:25; Mathaio 10:36, 37.
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Modimo ga se Tharonngwe
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Keresemose le Ista di tswa kwa bodumeding jwa maaka jwa bogologolo
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Ga go na lebaka lepe la gore re obamele baswi kana re ba boife