LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 8 ts. 107-ts. 110 ser. 1
  • Modumo o o Lekaneng wa Lentswe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modumo o o Lekaneng wa Lentswe
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Fetofetola Modumo wa Lentswe
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Fetofetola Modumo wa Lentswe
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Dipotso Tse Batsadi ba di Botsang
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Go Leba Bareetsi
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 8 ts. 107-ts. 110 ser. 1

THUTO 8

Modumo o o Lekaneng wa Lentswe

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Go bua ka lentswe le le kwa godimo kana le le nonofileng ka tsela e e lekaneng. Go bona gore o ka bua ka lentswe le le kana kang, akanyetsa (1) bareetsi ba gago gore ba ba kae le gore go na le bomang mo go bone, (2) medumo e e itayang tsebe, (3) dintlha tse go tlotlwang ka tsone, le (4) mokgele wa gago.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Fa ba bangwe ba sa go utlwe sentle, megopolo ya bone e ka nna ya kgarakgatshega mme ba ka nna ba se ka ba tlhaloganya tshedimosetso e o e tlotlang le bone. Fa o buela kwa godimo thata, batho ba ka nna ba serega—tota le go akanya gore ga o bue ka tlotlo.

FA SEBUI sa phatlalatsa se sa bue ka lentswe le le kwa godimo ka tsela e e lekaneng, bangwe ba bareetsi ba ka nna ba simolola go otsela. Fa mmoledi a buela kwa tlase thata mo bodireding jwa tshimo, go ka direga gore mong wa ntlo a se ka a mo tsaya tsiya go le kalo. Mme fa bareetsi ba sa ntshe dikakgelo tsa bone ka lentswe le le kwa godimo sentle kwa dipokanong, ba ba leng gone ga ba kitla ba amogela kgothatso e ba e tlhokang. (Baheb. 10:24, 25) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa sebui se tlhatlosa lentswe la sone mo se sa tshwanelang go le tlhatlosa gone, bareetsi ba ka ikutlwa ba sa ritibala—gongwe le eleng go serega.—Dia. 27:14.

Akanyetsa Bareetsi ba Gago. O bua le bomang? le motho a le mongwe? le lelapa? le setlhopha se sennye se se tlileng pokanong ya tirelo ya tshimo? le phuthego yotlhe? kgotsa le bareetsi mo kopanong e kgolo? Ga go na pelaelo gore modumo wa lentswe o o tshwanelang maemo mangwe o ka nna wa se ka wa tshwanela a mangwe.

Mo makgetlong a a farologaneng, batlhanka ba Modimo ba ile ba bua le bareetsi ba le bantsi thata. Fa go ne go kgakolwa tempele kwa Jerusalema mo metlheng ya ga Solomone, go ne go se na digodisamantswe. Ka jalo, Solomone o ne a ema mo seraleng se se kwa godimo mme a segofatsa batho “ka lentswe le le kwa godimo.” (1 Dikg. 8:55; 2 Ditir. 6:13) Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, morago ga go tshololwa ga moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E., boidiidi jo bogolo jwa batho—bangwe e le ba ba kgatlhegang, ba bangwe e le ba ba lesotlo—ba ne ba dikaganyetsa setlhopha se sennye sa Bakeresete kwa Jerusalema. Ka go dirisa botlhale, Petere “a ema . . . mme a tlhatlosa lentswe.” (Dit. 2:14) Go ne ga neelwa bosupi jo bo nonofileng.

O ka tlhomamisa jang gore modumo wa lentswe la gago o lekanetse maemo a o neelang puo mo go one? Tsela nngwe e e molemo ya go bona seno ke go leba kafa bareetsi ba gago ba tsibogang ka gone. Fa o lemoga gore bareetsi bangwe ba go utlwela thateng, o tshwanetse go leka go godisa lentswe.

E ka tswa gongwe re bua le motho a le mongwe fela kgotsa le setlhopha, go botlhale go leba gore go na le bomang mo bareetsing. Fa mongwe a na le bothata jwa go utlwa, o ka nna wa tlhoka go tlhatlosa lentswe. Le fa go ntse jalo, o se ka wa akanya gore go tla thusa ka sengwe go goela kwa godimo thata fa o bua le batho ba ba dirang dilo ka bonya ka gonne ba godile ka dingwaga. Ba ka nna ba tsaya gore ga o na maitseo. Mo ditsong dingwe, go buela kwa godimo thata go tsewa go raya gore o galefile kgotsa o fela pelo.

Akanyetsa Medumo e e Itayang Tsebe. Fa o le mo bodireding jwa tshimo, ga go na pelaelo gore fa o neela bosupi maemo a o mo go one a ama modumo wa gago wa lentswe. O ka nna wa tshwarisiwa bothata ke medumo ya dikoloi, bana ba ba modumo, go bogola ga dintša, mmino o o kwa godimo kgotsa thelebishene e e tlhodiang. Kafa letlhakoreng le lengwe, mo mafelong a magae a kgotlaganeng mo go one, mong wa ntlo a ka nna a tlhabiwa ke ditlhong fa o buela kwa godimo thata mo baagisani ba gagwe ba tla utlwang gore lo bua ka eng.

Bakaulengwe ba ba neelang dipuo mo phuthegong kgotsa kwa dikopanong le bone ba tshwanetse go lebana le maemo a a farologaneng. Go bua le bareetsi kwa ntle ga go tshwane le go neela puo mo teng ga holo e modumo o utlwalang sentle mo go yone. Kwa Latin America, barongwa ba babedi ba ile ba nna le seabe mo go neeleng puo ya phatlalatsa fa mathuding a ntlo ya motho mongwe yo o kgatlhegang ditlelabore di ntse di thunya fa patlelong nngwe e e fa gaufi le mokoko o ntse o lela gangwe le gape fa gaufi!

Fa puo e ntse e tsweletse, go ka nna ga direga sengwe se se batlang gore o kgwe mowa go fitlha modumo o o itayang tsebe o feta kgotsa se se batlang gore o tlhatlose lentswe. Ka sekai, fa pokano e tshwaretswe mo kagong e e ruletsweng ka disenke, pula e e nang ka tshoganyetso e ka nna ya dira gore go se ka ga kgonega gore bareetsi ba utlwe sebui. Ga go na pelaelo gore go lela ga ngwana kgotsa go itewa tsebe ke ba ba gorogang thari go tla tlisa mathata a gone. Ithute go lepalepana le maemo a a itayang tsebe gore tshedimosetso e o e neelang e solegele bareetsi ba gago molemo ka botlalo.

Segodisamantswe se tla thusa fa se le teng, mme ga se dire gore sebui se se ka sa tlhoka go tlhatlosa lentswe fa maemo a batla jalo. Kwa mafelong mangwe ao motlakase o nang le go tima gangwe le gape kwa go one, dibui di patelesega go neela ka puo ya tsone kwantle ga go dirisa maekerofouno.

Akanyetsa Dintlha Tse o Tlotlang ka Tsone. Mofuta wa dintlha tsa puo ya gago le one o ama modumo wa lentswe o o tlhokegang. Fa kgang e o e tlotlang e batla go buiwa ka maatla, o se ka wa e koafatsa ka go bua ka lentswe le le bonolo thata. Ka sekai, fa o bala ka dikatlholo mo Dikwalong, modumo wa lentswe la gago o tshwanetse go nna o o nonofileng go feta fa o bala ka kgakololo e e buang ka ga go bontsha lorato. Dumalanya modumo wa lentswe la gago le dintlha tsa gago, mme o ele tlhoko gore ga o dire jalo ka tsela e e tla dirang gore bareetsi ba lebe wena ba tlhokomologa se o se buang.

Akanyetsa Mokgele wa Gago. Fa e le gore o batla go tlhotlheletsa bareetsi ba gago gore ba tlhagafale, o ka nna wa tshwanelwa ke go dirisa modumo o o nonofileng go sekae wa lentswe. Fa o batla go fetola tsela e ba akanyang ka yone, o se ka wa ba katosetsa kgakala le wena ka go dirisa lentswe le le kwa godimo thata. Fa o leka go ba gomotsa, gantsi go botoka go dirisa lentswe le le bonolo.

Go Dirisa Lentswe le le Kwa Godimo ka Tsela e e Molemo. Fa o leka go gapa tlhokomelo ya mongwe yo o tshwaregileng, gantsi go a thusa go dirisa lentswe le le kwa godimo. Batsadi ba itse seno, ka jalo gantsi ba tlhatlosa mantswe a bone fa ba bitsa bana ba bone gore ba tle gae ba lese go tshameka. Modumo o o kwa godimo wa lentswe gape o ka thusa fa modulasetulo a didimatsa phuthego kgotsa batlakopanong. Fa baboledi ba le mo bodireding jwa tshimo, ba ka nna ba dumedisa ka go tlhaeletsa fa ba atamela batho ba ba berekang ka fa ntle.

Le fa o sena go gapa tlhokomelo ya mongwe, go botlhokwa gore o tswelele o dirisa modumo o o lekaneng wa lentswe. Lentswe le le kwa tlase thata le ka nna la dira gore go nne jaaka e kete sebui ga se a baakanyetsa kgotsa ga se tlhomamisege ka se se se buang.

Fa lentswe le le kwa godimo le na le taelo, le ka tlhotlheletsa batho go tsaya kgato. (Dit. 14:9, 10) Ka tsela e e tshwanang, taelo e e ntshiwang ka lentswe le le kwa godimo e ka thibela masetlapelo. Kwa Filipi, modisa wa kgolegelo o ne a batla a ipolaya ka gonne a ne a akanya gore magolegwa a gagwe a ne a thobile. “Paulo a tlhaeletsa ka lentswe le le kwa godimo, a re: ‘O se ka wa ikutlwisa botlhoko, gonne rotlhe re fano!’” Go ipolaya ga gagwe go ne ga thibelwa ka tsela eno. Morago ga moo Paulo le Silase ba ne ba neela modisa wa kgolegelo le bantlo ya gagwe bosupi, mme botlhe ba ne ba amogela boammaaruri.—Dit. 16:27-33.

Tsela ya go Tokafatsa Modumo wa Lentswe la Gago. Mo go ba bangwe, go ithuta go dirisa modumo o o lekaneng wa lentswe go tlhoka maiteko a magolo. Motho a ka nna a dirisa modumo o o sa utlwaleng sentle wa lentswe ka gonne a na le lentswe le le bokoa go le gale. Le fa go ntse jalo, fa a ntse a leka, a ka kgona go o tokafatsa le mororo a tla sala a ntse a na le lentswe le le bonolo. Ela tlhoko kafa o hemang ka gone le kafa o emang ka gone. Ithute go nna le go ema o tlhamaletse. Isa magetla kwa morago o bo o hemela kwa teng. Tlhomamisa gore o tlatsa makgwafo a gago ka mowa. Mowa ono, fa o laolwa sentle, o tla dira gore o kgone go laola modumo wa gago wa lentswe fa o bua.

Bothata jwa ba bangwe ke gore bone ba buela kwa godimo thata. Gongwe ba ile ba tlwaela go dira jalo ka ntlha ya go bereka kwa ntle kgotsa mo lefelong le le modumo. Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ka nna ba bo ba godiseditswe mo lefelong le mo go lone batho ba buelang kwa godimo thata e bile ba tlwaetse go tsenana ganong. Ka ntlha ya moo, ba akanya gore tsela e le yosi fela ya go dira gore o utlwiwe fa go tlotliwa ke go buela kwa godimo go feta ba bangwe botlhe. Mme fa ba ntse ba tswelela pele go tsaya tsiya kgakololo ya Baebele ya go apara “lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele,” ba tla kgona go tokafatsa modumo wa lentswe la bone fa ba bua le ba bangwe.—Bakol. 3:12.

Go baakanyetsa sentle, maitemogelo a o nnang le one ka ntlha ya go nna le seabe ka metlha mo tirelong ya tshimo le go rapela Jehofa go tla go thusa go bua ka modumo o o lekaneng wa lentswe. E ka ne o bua o le mo seraleng kgotsa le motho kwa bodireding jwa tshimo, leka go tlhoma mogopolo wa gago mo kgannyeng ya gore motho yo mongwe a ka thusiwa jang ke go utlwa se o se buang.—Dia. 18:21.

FA GO KA TLHOKEGANG MODUMO O O KWA GODIMONYANA WA LENTSWE GONE

  • Go gapa tlhokomelo ya setlhopha se segolwane.

  • Go lepalepana le dilo tse di itayang tsebe.

  • Go kopa bareetsi gore ba go adime ditsebe fa o bua sengwe se se botlhokwa thata.

  • Go tlhotlheletsa bareetsi go tsaya kgato.

  • Go gapa tlhokomelo ya motho kgotsa ya setlhopha.

TSELA YA GO TOKAFATSA

  • Ela tlhoko tsela e batho ba o buang le bone ba tsibogelang se o se buang ka yone; dirisa modumo o o lekaneng wa lentswe gore ba utlwe sentle.

  • Ithute go tlatsa makgwafo a gago ka mowa fa o hema.

IKATISO: Santlha, bala Ditiro 19:23-41 ka tidimalo, mo mogopolong wa gago o bone seemo jaaka fa se tlhalosiwa mo pegong eno le mo ditemaneng tsotlhe tse di tlotlang ka kgang eno. Ela tlhoko gore go bua mang le gore o bua ka maikutlo a a ntseng jang. Morago ga moo, e balele kwa godimo o dirisa modumo wa lentswe o o tshwanelang karolo nngwe le nngwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela