LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 9 ts. 111-ts. 114 ser. 2
  • Go Fetofetola Modumo wa Lentswe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Fetofetola Modumo wa Lentswe
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fetofetola Modumo wa Lentswe
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Modumo o o Lekaneng wa Lentswe
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Bua ka Tsela ya Tlholego
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Bua ka Tsela ya go Tlotla
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 9 ts. 111-ts. 114 ser. 2

THUTO 9

Go Fetofetola Modumo wa Lentswe

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Fetofetola modumo wa lentswe gore o tswe ka ditsela tse di sa tshwaneng. Mo thutong eno, re tlotla ka go fetola modumo wa lentswe, lobelo le maatla a lone.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Go fetofetola modumo wa lentswe ka tsela e e tshwanetseng go tsenya puo botshelo, go tlhotlheletsa maikutlo a bareetsi e bile go ba rotloetsa gore ba tseye kgato.

Fa o sa nne o ntse o fetola modumo wa lentswe, seno se ka dira gore go nne jaaka e kete ga o kgatlhegele kgang e o buang ka yone.

GO GATELELA kgopolo ka tsela e e motlhofo fela go thusa bareetsi go tlhaloganya se o se buang. Mme fa o fetofetola modumo wa lentswe, lobelo le maatla a lone sentle ka ditsela tse di sa tshwaneng, go ka nna monate thata go reetsa puo ya gago. Mo godimo ga moo, seno se ka bolelela bareetsi ba gago gore o ikutlwa jang ka se o se buang. Boikutlo jwa gago ka puo ya gago bo ka tlhotlheletsa kafa bone ba ikutlwang ka gone ka yone. Seno se ntse jalo e ka ne o bua o le mo seraleng kgotsa le motho kwa bodireding jwa tshimo.

Lentswe la motho ke sedirisiwa se se gakgamatsang, se se kgonang go fetofetoga. Fa le dirisiwa sentle, le ka tsenya puo botshelo, le ka ama dipelo, le ka tlhotlheletsa maikutlo e bile le ka rotloetsa bareetsi go tsaya kgato. Le fa go ntse jalo, ga o ka ke wa fitlhelela seno ka go tshwaya dintlha fela go bontsha fa o tshwanetseng go fetola lentswe teng, go fetola lobelo lo o buang ka lone kgotsa go fetola maatla a lentswe. Go fetofetola modumo wa lentswe fa o fitlha mo matshwaong a a ntseng jalo ga go kitla go utlwala e le ga tlholego. Go na le gore go tsenye puo ya gago botshelo le go e natetsha, go ka dira gore bareetsi ba gago ba ikutlwe ba sa phuthologa. Go fetofetola modumo wa lentswe ka tsela e e tshwanetseng go dirwa go tswa pelong.

Fa lentswe le fetofetolwa ka botlhale, seno ga se kitla se dira gore bareetsi ba tlhome mogopolo mo sebuing go sa tlhokege. Go na le moo, go tla dira gore bareetsi ba kgatlhegele thata kgang e o e tlotlang.

Dumalanya Modumo wa Lentswe le Maemo. Tsela e nngwe ya go fetofetola lentswe ke go dira gore le dumalane le maemo. Seno ga e a tshwanela gore e nne go tlhatlosa lentswe le go le diga ka dinako tse di rileng fela le gone e le ka tsela e e lapisang. Seo se tla dira gore se o se buang se se ka sa tlhaloganngwa. Fa o tlhatlosa lentswe gangwe le gape, puo ga e kitla e nna monate.

Modumo wa lentswe la gago o tshwanetse go tshwanela puo ya gago. Le fa o bala taelo e e potlakileng, jaaka e e fitlhelwang mo go Tshenolo 14:6, 7 kgotsa mo go Tshenolo 18:4, kgotsa mafoko a a bontshang go tlhwatswega pelo thata, jaaka a a kwadilweng mo go Ekesodo 14:13, 14, go botlhale go tlhatlosa lentswe ka tsela e e tshwanetseng. Ka tsela e e tshwanang, fa o bala ka dikatlholo mo Baebeleng, jaaka mo go Jeremia 25:27-38, go fetofetola modumo wa lentswe go tla dira gore mafoko mangwe a tlhomologe go feta a mangwe.

Gape, akanya ka mokgele wa gago. A o batla go tlhotlheletsa bareetsi ba gago go tsaya kgato? A o batla go dira gore dintlhakgolo tsa puo ya gago di tlhomologe? O ka kgona go fitlhelela mokgele ono ka go tlhatlosa modumo wa lentswe la gago ka tsela e e botlhale. Le fa go ntse jalo, go tlhatlosa lentswe fela go ka nna ga dira gore o se ka wa kgona go fitlhelela boikaelelo jwa gago. Ka tsela efe? Se o se buang se ka nna sa batla gore o nne pelonomi le gore o tsenye maikutlo go na le gore o tlhatlose lentswe. Re tla tlotla ka seno mo go Thuto 11.

Fa lentswe le digwa ka botlhale, le ka dira gore bareetsi ba swegaswege pelo go utlwa se se latelang. Mme gantsi seo se batla gore ka bonako fela morago ga moo, o dirise lentswe le le nonofileng go feta pele. O ka dirisa lentswe le le kwa tlase mme le nonofile thata go bontsha tlhobaelo kgotsa poifo. Lentswe le le kwa tlase gape le ka dirisiwa go bontsha gore se se buiwang ga se botlhokwa go le kalo fa se bapisiwa le dilo tse dingwe. Le fa go ntse jalo, fa e le gore ka metlha lentswe la gago le kwa tlase, seno se ka dira gore go lebege jaaka e kete ga o tlhomamisege ka kgang ya gago kgotsa ga o a tlhwatswega pelo ka yone kgotsa gore ga o e kgatlhegele. Go phepafetse gore mantswe a a kwa tlase a tshwanetse go dirisiwa ka botlhale.

Fetola Lobelo lo o Buang ka Lone. Fa re bua letsatsi le letsatsi, mafoko a itswela fela. Fa re itumeletse sengwe gantsi re buela ka bonako. Fa re batla gore ba bangwe ba gakologelwe se re se buang, re fokotsa lobelo lo re buang ka lone.

Le fa go ntse jalo, ga se dibui tsotlhe tse disha mo seraleng tse di fetofetolang lobelo lo di buang ka lone. Ka ntlha yang? Ba tlhoma mogopolo thata mo mafokong a ba tlileng go a dirisa. Ba ka tswa ba kwala sengwe le sengwe se ba tlileng go se bua. Tota le fa puo e e neelwang e se e e balwang, go tshwana le gore ba tshwere mafoko otlhe ka tlhogo. Ka ntlha ya moo, puo yotlhe e tla neelwa ka lobelo lo lo tshwanang. Go ithuta go bua o dirisa aotlelaene go tla go thusa go baakanya bokoa jono.

O se ka wa oketsa lobelo lwa gago ka tshoganyetso jaaka katse e e neng e ntse e itsamaela ka iketlo e bo e ragoga ka tshoganyetso fela fa e bona ntša. Gape, o se ka wa bua ka bonako thata ka tsela e e tla dirang gore o se ka wa kgona go bitsa mafoko sentle.

Gore o kgone go fetofetola lobelo lo o buang ka lone, o se ka wa buela ka bonako fela o bo o iketla mo mafelong a a rileng. Mokgwa oo wa go neela puo o tla faposa mogopolo wa bareetsi mo puong eo go na le go o tlhoma mo go yone. Go fetola lobelo lo o buang ka lone go tshwanetse ga dumalana le se o se buang, maikutlo a o batlang go a fetisetsa mo go bone le mokgele wa gago. Neela puo ya gago ka lobelo lo lo lekaneng. Bua ka bonako fa o batla go tlhagisa boikutlo jwa go itumela fela jaaka o dira mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. O ka dira jalo gape fa o tlhalosa dintlha tse di seng botlhokwa kgotsa fa o anela ditiragalo tse di seng botlhokwa. Seno se tla dira gore lentswe la gago le fetofetoge le gore puo ya gago e se ka ya utlwala e le masisi thata. Kafa letlhakoreng le lengwe, dintlha tse di botlhokwa thata, dintlha tsa konokono le fa o fitlhile kwa setlhoeng sa puo gantsi seno se batla gore o bue ka iketlo.

Fetofetola Maatla a Lentswe la Gago. Akanya ka mongwe a tshameka seletswa sengwe sa mmino ka sebaka se se ka tshwarang ura. Mo nakong eo yotlhe, o letsa nnoto e le nngwe fela—sa ntlha o e leletsa kwa godimo, morago ga moo a bo a e leletsa kwa tlase, ka dinako tse dingwe a e leletse ka bonako, morago ga moo a bo a e letsa ka iketlo. Lobelo lo nnoto eo e lediwang ka lone le modumo o e lediwang ka one di a fetofetoga, mme fa maatla a yone a sa fetofetoge, “mmino” oo ga o nne monate le e seng. Ka tsela e e tshwanang, fa re sa fetole maatla a lentswe la rona, ga le kitla le nna monate go reediwa.

Go tshwanetse ga elwa tlhoko gore go fetofetola maatla a lentswe ga go nne le matswela a a tshwanang mo dipuong tsotlhe. Mo dipuong tse di dirisang segalo jaaka tsa Se-China, go fetola maatla a lentswe go ka nna ga fetola bokao jwa lefoko. Le fa go ntse jalo, tota le mo puong e e ntseng jalo, go na le dilo tse motho a ka di dirang go dira gore lentswe la gagwe le fetofetoge. A ka kgona go dira ka natla go tokafatsa go fetofetola maatla a lentswe la gagwe a ntse a bolokile digalo ka go farologana ga tsone. Ka jalo a ka nna a dira gore digalo tse di kwa godimo di nne kwa godingwana le tse di kwa tlase di nne kwa tlasenyana.

Le mo dipuong tse di se nang digalo, go fetola maatla a lentswe go ka tlisa megopolo e e farologaneng. Ka sekai, kgopolo e ka gatelelwa ka go oketsa maatla a lentswe go sekae le go tlhatlosa modumo wa lone ka nako e le nngwe fela. Kgotsa maatla a lentswe a ka fetolwa go supa bogolo jwa selo kgotsa sekgala. Go tlhatlosa modumo wa lentswe kwa bokhutlong jwa seele go ka supa gore go bodiwa potso. Dipuo dingwe tsone di ka nna tsa dirisa modumo wa lentswe o o yang kwa tlase.

Boitumelo le botlhaga di ka supiwa ka lentswe le le maatlanyana. (Mo puong e e nang le segalo, seo se ka nna sa tlhoka gore lentswe le fetofetoge ka ditsela tse di sa tshwaneng.) Kutlobotlhoko le tlhobaelo di ka bontshiwa ka lentswe le le kwa tlase. (Kgotsa mo dipuong tse di nang le segalo, ka lentswe le lesesane.) Maikutlo a a umakiwang fano ke one a a thusang sebui gore se ame dipelo tsa bareetsi. Fa o batla go a bontsha, o se ka wa bua mafoko fela. Dirisa lentswe la gago ka tsela e e bontshang gore le wena o utlwa maikutlo ao.

Go Thaya Motheo. Ka jalo, go fetofetola modumo wa lentswe go simolola kae? Fa o tlhopha dintlha tsa puo ya gago. Fa e le gore kgang ya gago ke go ntsha mabaka fela kgotsa ke go kgothatsa fela, ga o kitla o nna le sebaka sa go fetofetola modumo wa lentswe la gago fa o neela puo. Ka jalo sekaseka aotlelaene ya gago, mme o tlhomamise gore o na le dilo tse di tlhokegang go natetsha puo ya gago le go dira gore e nne e e rutang.

A re tseye gore fa o ntse o neetse puo o utlwa go tlhokega gore o fetofetole modumo wa lentswe la gago ka gonne o utlwa e kete puo ya gago e a lapisa. Ke eng se o ka se dirang? E neele ka tsela nngwe e sele. Jang? Tsela nngwe e o ka e dirisang ke go bula Baebele o bo o kopa bareetsi gore ba bule ya bone, o bo o bala temana go na le go bua fela. Kgotsa fetola polelo nngwe o e dire potso, o bo o kgwa mowa go e gatelela. Tsenya setshwantsho sengwe se se motlhofo. Dibui tse di nang le maitemogelo di dirisa ditsela tseno. Mme go sa kgathalesege gore o na le maitemogelo go le kana kang, o ka dirisa mekgwa e e tshwanang le eno fa o baakanyetsa puo ya gago.

Go ka bolelwa gore go fetofetola modumo wa lentswe ke setswaiso sa puo. Fa o o fetola ka tsela e e tshwanetseng le e e lekaneng, o tla natetsha puo ya gago fela thata le go dira gore bareetsi ba e rate.

KAFA O KA GO DIRANG KA GONE

  • Fetola modumo wa lentswe fa o bua ditaelo tse di potlakileng, fa o supa go tlhatswega pelo ka botlalo kgotsa o bolela dikatlholo. Akanyetsa dikarolo tsa puo ya gago ka kelotlhoko tse di batlang gore o tlhatlose modumo wa lentswe.

  • Fetola lobelo lo o buang ka lone ka go bua ka bonako mo dintlheng tse di seng botlhokwa thata mme o bue ka iketlo mo dintlheng tse di botlhokwa le tsa konokono. Bua ka bonako go bontsha boikutlo jwa go itumela.

  • Fetola maatla a lentswe fa go tshwanela, go tsenya maikutlo le go ama dipelo tsa bareetsi. Fa puo ya gaeno e na le segalo, dirisa segalo se se kwa godimo kgotsa se se kwa tlase.

  • Go fetofetola modumo wa lentswe go simolola fa o tlhopha dintlha tsa puo ya gago.

IKATISO: (1) Ipalele 1 Samuele 17:17-53, o ela tlhoko mafelo a mo go one o ka fetofetolang modumo wa lentswe la gago, lobelo lo o buang ka lone le maatla a lone ka tsela e e tshwanetseng. Morago ga moo, e balele kwa godimo o fetofetola modumo wa lentswe la gago mme o sa dire jalo ka tsela e e feteletseng. Dira jalo makgetlo a le mmalwa. (2) Go dira gore lentswe la gago le kgone go fetofetoga, balela ditemana 48-51 kwa godimo ka bonako ka moo o ka kgonang ka gone o sa kgonye. Di bale makgetlo a le mmalwa o ntse o tlhokomela gore o bitsa mafoko sentle, o ntse o oketsa lobelo lo o balang ka lone. Morago ga moo bala tsone ditemana tseo o iketlile ka mo o ka kgonang ka gone, o sa itlhaganela. Jaanong, bala ka bonako o etla o iketla gangwe le gape, o nne o dire jalo go fitlha lentswe la gago le dira se o se batlang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela