THUTO 26
Go Tlhalosa Dintlha ka Tsela e e Utlwalang Sentle
PELE o rulaganya dintlha tsa gago ka tsela e e utlwalang sentle, o tshwanetse go nna le mokgele. A mokgele wa gago ke go bolelela ba bangwe fela ka kgang e e rileng—tumelo, maikutlo, nonofo, mofuta mongwe wa boitshwaro kgotsa tsela ya botshelo? A o solofetse go ntsha bosupi jo bo tshegetsang kgopolo nngwe e e rileng kgotsa jo bo e ganetsang? A mokgele wa gago ke go dira gore ba anaanele sengwe kgotsa go ba tlhotlheletsa go tsaya kgato? Le fa e le gore o tla bo o bua le motho a le mongwe fela kgotsa le setlhopha se segolwane sa bareetsi, gore o kgone go dira jalo ka tsela e e nang le matswela, o tlhoka go sekaseka gore ke eng se ba setseng ba se itse ka kgang eno le gore ba ikutlwa jang ka yone. Fa o sena go bona seo, rulaganya dintlha tsa gago ka tsela e e tla go thusang gore o fitlhelele mokgele wa gago.
Malebana le bodiredi jwa ga Saulo (Paulo) kwa Damaseko, Ditiro 9:22 e bega gore o “ne a akabatsa Bajuda ba ba neng ba nna mo Damaseko ka a ne a supa ka tsela e e utlwalang sentle gore yono ke Keresete.” Go supa ka tsela e e utlwalang sentle gono go ne go akaretsa eng? Jaaka fa pego ya bodiredi jwa moragonyana jwa ga Paulo kwa Antioka le Thesalonika e bontsha, santlha, o ne a remelela mo kgannyeng ya gore Bajuda ba ne ba dumela Dikwalo Tsa Sehebera le gore ba ne ba bolela gore ba dumela se di se buang ka Mesia. Morago ga moo, Paulo o ne a tlhopha dikarolo dingwe mo Dikwalong tse di neng di bua ka botshelo le bodiredi jwa ga Mesia. O ne a di nopola a bo a di bapisa le se tota se neng sa direga malebana le Mesia. La bofelo a dira tshwetso e botlhe ba neng ba kgona go e bona sentle, ya gore, Jesu ke Keresete, kgotsa Mesia. (Dit. 13:16-41; 17:2, 3) Le wena, fa o tlhalosa boammaaruri ka tsela e e utlwalang sentle, bo ka tlhotlheletsa batho ba bangwe fela thata.
Go Rulaganya se o Tlileng go se Bua. Dintlha di ka rulaganngwa ka ditsela tse di farologaneng tse di utlwalang sentle. O ka nna wa kopanya ditsela tseno tsotlhe fa o go fitlhela go le mosola go dira jalo. Akanya ka di le mmalwa tsa seno.
Go rulaganya dintlha go ya ka ditlhogwana tsa tsone. Seno se akaretsa go rulaganya dintlha tsa gago ka dikarolo tse dinnye, tse nngwe le nngwe ya tsone e go thusang go fitlhelela mokgele wa gago. Dikarolo tseno e ka nna ya nna dintlha tsa konokono tse di botlhokwa tse di dirang gore kgang ya gago e tlhaloganngwe. E ka nna ya nna dintlha tse di rileng tse di supang gore kgang nngwe e boammaaruri kgotsa nnyaa. Dintlha dingwe, le fa di amana le setlhogo, di ka nna tsa tsenngwa kana tsa ntshiwa, go ikaegile ka gore bareetsi ba gago ke bomang kgotsa gore mokgele wa gago ke ofe.
Akanya ka sekai sa go rulaganya dintlha go ya ka ditlhogwana tsa tsone. Fa o neela puo e khutshwanyane e e buang ka leina la Modimo o ka nna wa akaretsa (1) lebaka la go bo go le botlhokwa go itse Modimo ka leina, (2) leina la Modimo ke mang, le (3) kafa re ka tlotlang leina leo ka gone.
Re ka ithuta go le gontsi malebana le go rulaganya dintlha go ya ka ditlhogwana tsa tsone ka go sekaseka dikgatiso tse di rulagantsweng ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” tse di diretsweng gore re di dirise mo dithutong tsa magae tsa Baebele. (Math. 24:45) Dikgatiso tseno gantsi di na le ditlhogwana di le mmalwa tse di ka thusang baithuti go lemoga boammaaruri jwa motheo jwa Baebele. Dikgatiso tse dikgolo le tsone di kgaoganya kgaolo nngwe le nngwe ka ditlhogwana. Setlhogwana sengwe le sengwe se thusa moithuti go ipaakanyetsa go utlwa dintlha tse di latelang e bile se mo thusa go tlhaloganya dintlha tsotlhe fa di feletse.
Tiragalo le matswela a yone. Go tlotla le bareetsi o dirisa mokgwa wa go bontsha tiragalo le matswela a yone ke tsela e nngwe ya go tlhalosa dintlha ka tsela e e utlwalang sentle.
Fa o bua le setlhopha kgotsa batho ba ba tlhokang go akanyetsa ka kelotlhoko matswela a sengwe se ba se dirang kgotsa se ba rulaganyetsang go se dira, mokgwa ono o ka nna le matswela a magolo. Diane kgaolo 7 e re naya sekai se se molemo sa seno. E tlhalosa ka phepafalo kafa lekawana le le se nang maitemogelo le le “seng botlhale” (tiragalo) le feleletsang le na le seaka ka gone le bo le utlwa botlhoko ka ntlha ya gone (matswela).—Dia. 7:7.
Go gatelela ntlha eno go ya pele, o ka nna wa bapisa diphelelo tse di bosula tse ba ba sa tsamayeng mo ditseleng tsa ga Jehofa ba nnang le tsone le diphelelo tse di molemo tse ba ba reetsang Jehofa ba nnang le tsone. Moshe o ne a dira jalo a tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo fa a ne a bua le setšhaba sa Iseraele pele se tsena mo Nageng e e Solofeditsweng.—Dute., kgao. 28.
Ka dinako tse dingwe, go botoka go simolola motlotlo wa gago ka go tlhalosa boemo bongwe (matswela) o bo o tlotla ka dintlha tse di bontshang gore ke eng se se bakileng boemo joo (tiragalo). Gantsi seno se akaretsa go dirisa mokgwa wa go tlotla ka bothata le tsela ya go bo rarabolola.
Bothata le tharabololo. Fa o tlotla ka bothata jo bo tshwenyang batho mo tirelong ya tshimo o bo o bontsha gore go na le tsela e e kgotsofatsang ya go bo rarabolola, seno se ka nna sa kgothaletsa motho go reetsa. Bothata joo e ka nna ya nna jo wena o bo umakang kgotsa jo bo umakwang ke motho yo o buang le ene.
Gongwe bothata joo e ka nna ya nna jwa gore batho ba a tsofala morago ga moo ba bo ba swa, go anama ga bokebekwa, kgotsa go anama ga tshiamololo. Ga go tlhokege gore o bue selo se seleele go bontsha gore bothata jo bo ntseng jalo bo teng ka gonne ke jo bo bonwang ke mongwe le mongwe. Simolola fela ka go umaka bothata joo, morago ga moo o bo o tlotla ka tharabololo ya jone e e tlhalosiwang mo Baebeleng.
Kafa letlhakoreng le lengwe, bothata e ka tswa e le jwa motho ka namana, jo bo akaretsang dikgwetlho tse motsadi yo o se nang molekane a lebanang le tsone, go kgobega marapo ka ntlha ya bolwetse jo bo masisi kgotsa bothata jo motho a nang le jone ka ntlha ya go bo motho mongwe a sa mo tshware sentle. Gore o fitlhelele matswela a a molemo, sa ntlha, o tshwanetse go nna moreetsi yo o molemo. Baebele e na le tshedimosetso e e molemo ka mathata ano otlhe. Mme e tshwanetse go dirisiwa ka botlhale. Fa o batla gore motlotlo wa gago o solegele motho yo o tlotlang le ene molemo, o tshwanetse go leba dilo jaaka di ntse. Mo tlhalosetse ka phepafalo gore a o tlotla le ene ka tharabololo e e nnelang ruri, e e mo thusang mo bothateng jwa gagwe ka nakwana fela kgotsa o mmolelela kafa a ka itshokelang boemo jono ka gone jo bo se kitlang bo fetoga mo tsamaisong eno ya dilo. Ka mafoko a mangwe, ela tlhoko gore lebaka le o le ntshang la Dikwalo le tshegetsa sentle tshwetso e o e fitlhelelang. Go seng jalo, tharabololo e o buang ka yone e ka nna ya se ka ya utlwala gotlhelele mo mothong yo o buang le ene.
Ditiragalo ka go latelana ga tsone. Dintlha dingwe gantsi go itiragalela fela gore di batle go tlhalosiwa go ya ka tatelano ya tsone. Ka sekai, mo bukeng ya Ekesodo, Dipetso Tse di Lesome di kwadilwe ka tatelano e di neng tsa diragala ka yone. Mo go Bahebera kgaolo 11, lenaane le Paulo a le kwadileng la banna le basadi ba ba tlhomang sekao se se molemo sa tumelo le kwadilwe ka ditiragalo ka go latelana ga tsone.
Fa o tlotla ka ditiragalo tsa nako e e fetileng ka go latelana ga tsone, seno se ka nna sa thusa bareetsi ba gago go tlhaloganya kafa maemo mangwe a nnileng teng ka gone. O ka dira jalo ka hisitori ya motlha wa segompieno le ka ditiragalo tsa motlha wa Baebele. Ka go dira jalo, o ka tswa o kopanya tatelano ya ditiragalo le go dirwa ga dilo le matswela a gone. Fa o rulaganyetsa go tlotla ka ditiragalo tse Baebele e bontshang gore di tla diragala mo isagweng, ga go na pelaelo gore go di tlotla ka tatelano ya tsone go tla dira gore go nne motlhofo gore bareetsi ba gago ba di tlhaloganye le go di gakologelwa.
Go tlhalosa ditiragalo ka go latelana ga tsone ga go bolele gore o tshwanetse gore ka metlha o simolole kwa tshimologong. Ka dinako tse dingwe, go ka nna ga nna molemo thata gore o simolole kgang ka go umaka ntlha nngwe ya yone e e kwa setlhoeng. Ka sekai, fa o tlotla ka boitemogelo bongwe, o ka nna wa batla go tlotla ka nako ya fa bothokgami jwa mongwe mo Modimong bo ne bo lekwa. Fa o sena go tsosa kgatlhego ka go anela karolo eo, o bo o simolola go tlhalosa dintlha ka go latelana ga tsone tse di neng tsa isa kwa tiragalong eo.
Go Dirisa Dintlha Tse di Tshwanelang Fela. Go sa kgathalesege gore o rulaganya dintlha tsa gago jang, ela tlhoko gore o dirise fela tse di tshwanelang. Dintlha tse o di tlhophang di tshwanetse tsa amana le setlhogo sa puo ya gago. Gape o tshwanetse go akanyetsa mofuta wa bareetsi ba o buang le bone. Ntlha nngwe e ka nna ya nna e e botlhokwa mo bareetsing bangwe mme ya se ka ya nna botlhokwa mo go ba bangwe. Gape o tshwanetse go tlhomamisa gore dintlha tsotlhe tsa gago di tla go thusa go fitlhelela mokgele wa gago. Go seng jalo, puo ya gago e ka nna ya se ka ya nna le matswela le fa gongwe e le e e kgatlhang.
Fa o dira patlisiso, o ka nna wa kopana le dintlha di le dintsi tse di kgatlhang tse di amanang le setlhogo sa gago. O tshwanetse wa dirisa di le dintsi go le go kana kang tsa tsone? Fa o tlhatlhelela bareetsi ba gago ka di le dintsi thata tsa tsone, o ka nna wa se ka wa fitlhelela boikaelelo jwa gago. Dintlha di le mmalwa fela tsa konokono tse di tlhalosiwang sentle bareetsi ba tla di gakologelwa motlhofo go feta dintlha di le dintsintsi tse di neelwang ka potlako. Seno ga se bolele gore ga o a tshwanela go tsenya ntlha epe e e kgatlhang e e amanang le setlhogo sa gago. Mme o se ka wa di letla go go faposa mo boikaelelong jwa gago. Ela tlhoko kafa dintlha tse di ntseng jalo di neng tsa tsenngwa ka botlhale ka gone mo Baebeleng mo go Mareko 7:3, 4 le Johane 4:1-3, 7-9.
Fa o tswa mo ntlheng e nngwe o fetela kwa go e nngwe, ela tlhoko gore o se ka wa tsena mo go yone ka tshoganyetso fela mo e leng gore bareetsi ba gago ga ba ne ba bona kafa dintlha tsa gago di amanang ka gone. Gore dintlha di kgone go lomagana sentle ka tsela e e nang le matswela, o ka nna wa tlhoka go di batlela tsela ya go di golaganya fa o tswa mo go e nngwe o ya kwa go e nngwe. O ka nna wa di golaganya jalo o dirisa polelwana kgotsa seele se se feletseng se se bontshang kafa dintlha tseo di amanang ka gone. Mo dipuong di le dintsi, go ka dirisiwa maamanyi a a motlhofo fela kgotsa dipolelwana go bontsha kafa ntlha e ntšha e amanang le e e fetileng ka gone.
Go dirisa dintlha tse di tshwanelang fela o bo o di rulaganya sentle ka tsela e e utlwalang go tla go thusa go fitlhelela mokgele wa gago.