THUTO 29
Modumo wa Lentswe
BATHO ba tlhotlhelediwa thata e seng fela ke se se buiwang mme gape le gore se buiwa jang. Fa motho yo o buang le wena a na le lentswe le le monate, le le botsalano e bile le le bonolo, a ga se boammaaruri gore o tla rata go mo reetsa go na le fa lentswe la gagwe le se botsalano kgotsa le le makgwakgwa?
Go nna le lentswe le le ntseng jalo le le rategang ga go tlhoke gore o ye go kheneka lentswe la gago. Go ka tswa gape go amana le botho jwa gago. Fa motho a ntse a gatelapele mo kitsong ya boammaaruri jwa Baebele le go e dirisa, go simolola go bonala diphetogo mo tseleng e a buang ka yone. Dinonofo tsa bomodimo tse di jaaka lorato, boipelo, le bopelonomi di utlwala mo lentsweng la gagwe. (Bagal. 5:22, 23) Fa a amega ka ba bangwe ka tsela ya mmatota, seno se a utlwala mo lentsweng la gagwe. Fa a tlogela moya wa go tlhola a ngongoregetse ruri mme a simolola go nna motho yo o itumetseng ka metlha, mafoko a a a buang le modumo wa lentswe la gagwe di supa seo. (Dikhu. 3:39-42; 1 Tim. 1:12; Jude 16) Tota le fa o sa tlhaloganye puo e e buiwang, fa motho a utlwala a le boikgodiso, a sa kgone go itshoka, a rata go tshwayatshwaya diphoso e bile a le bogale mme motho yo mongwe ene a utlwala a le boikokobetso, a le pelotelele, a le pelonomi e bile a le lorato, o kgona go utlwa pharologanyo eo ka bonako.
Ka dinako tse dingwe, modumo o o seng monate wa lentswe o ka tswa o bakilwe ke bolwetse jo bo sentseng kgokgotso ya motho kgotsa o bakilwe ke bogole bongwe jo a tsetsweng ka jone. Maemo a a ntseng jalo a ka tswa e le a a maswe thata mo e leng gore ga a ka ke a baakanngwa gotlhelele mo tsamaisong eno ya dilo. Le fa go ntse jalo, gantsi go ithuta go dirisa dirwe tsa puo sentle go ka felela ka gore o tokafatse.
Sa ntlha, go botlhokwa go lemoga gore batho ga ba na modumo o o tshwanang wa lentswe. Mokgele wa gago ga e a tshwanela go batla go nna le lentswe le le tshwanang le la mongwe o sele. Go na le moo, godisa bokgoni jwa lentswe la gago, ka dinonofo tsa lone tse di tlhomologileng. Ke eng se se ka go thusang go dira jalo? Go na le dilo di le pedi tse di botlhokwa thata.
Laola Tsela e o Hemang ka Yone Sentle. Gore lentswe la gago le tswe sentle, o tlhoka go gopa moya o o lekaneng le go laola tsela e o o ntshang ka yone. Fa o sa dire jalo, lentswe la gago le ka nna la utlwala le le bokoa e bile o ka nna wa bua o tla o kgonya fa o neetse puo.
Karolo e kgolo ya makgwafo ga e fa godimo ga sehuba; karolo eno e lebega e le kgolo ka ntlha ya marapo a magetla. Go na le moo, karolo e kgolwanyane ya makgwafo ke e e fela fa godimo ga setshwabu. Setshwabu se tshwaragane le dikgopo tse di kwa tlase, se kgaoganya sehuba le mpa.
Fa o tlatsa karolo e e kwa godimo fela ya makgwafo ka moya, moya oo o tla go felela ka bonako. Lentswe la gago ga le kitla le nonofa mme o tla lapa ka bonako. Gore o kgone go hema sentle, o tshwanetse go nna kgotsa go ema o tlhamaletse o isitse magetla kwa morago. Fa o hemela mo teng gore o bue, ela tlhoko thata gore o se ka wa tlatsa karolo e e kwa godimo fela ya sehuba sa gago ka moya. Tlatsa pele karolo e e kwa tlase ya makgwafo ka moya. Fa karolo eno e tlala, karolo e e kwa tlase ya dikgopo tsa gago e tla atologela kwa matlhakoreng. Fa seo se diragala, setshwabu se tla ya kwa tlase, se sutisa mogodu le mala ka iketlo gore o bo o utlwe lebanta kgotsa diaparo tse dingwe di go bofile mo mpeng. Mme makgwafo ga a kwa tlase koo; a mo teng ga dikgopo. Go leka seno, baya seatla ka fa letlhakoreng lengwe le lengwe la karolo e e ka fa tlase ga dikgopo. Jaanong hemela mo teng thata. Fa o hema sentle, ga o kitla o gonyetsa mpa ya gago o bo o tsholetsa magetla. Go na le moo, o tla utlwa dikgopo di ya kwa godimo e bile di tswela kwantle go sekae.
Morago ga moo, leka go ntshetsa moya oo kwa ntle. O se ka wa dira gore moya oo o tswe ka bonako. O ntshe ka iketlo. O se ka wa leka go o laola ka go tswala mometso. Seno se tla dira gore lentswe la gago le tswe ka bothata kgotsa gore le nne kwa godimo ka tsela e e sa tlwaelegang. Go gagamala ga mesifa ya mpa le mesifa e e fa gare ga dikgopo ke gone go go dirang gore moya o tswe, mme setshwabu sone se laola gore o tswe ka lobelo lo lo kana kang.
Fela jaaka setabogi se ikatisetsa kgaisano, sebui le sone se ka kgona go nna le tsela e e tshwanetseng ya go laola tsela e se hemang ka yone ka go ikatisa. Ema o tlhamaletse o isitse magetla kwa morago, hema ka tsela e e tla dirang gore go tlale karolo e e kwa tlase ya makgwafo o bo o ntshetsa moya kwa ntle ka iketlo o bala go fitlha kwa nomorong e e kwa godimo kafa o ka kgonang ka gone go fitlha moya oo o fela. Morago ga moo, ikatisetse go balela kwa godimo o hema ka yone tsela eo.
Repisa Mesifa e e Gagametseng. Selo se sengwe se se botlhokwa se se tla go thusang go nna le modumo o o utlwalang sentle wa lentswe ke seno—repa! Ruri go a gakgamatsa go bona kafa o ka tokafatsang ka gone ka go ithuta go repa fa o bua. Mogopolo wa gago le mmele wa gago di tshwanetse go repa, ka gonne fa o sa repa mo mogopolong, seno se dira gore mesifa ya gago e se ka ya repa.
Repisa mogopolo wa gago ka go nna le maikutlo a a siameng ka bareetsi ba gago. Fa e le gore ke batho ba o kopanang le bone mo tirelong ya tshimo, gakologelwa gore le fa o ithutile Baebele dikgwedi di le mmalwa fela, o itse dilo tse di molemo ka boikaelelo jwa ga Jehofa tse o ka di ba tlotlelang. Mme o ba etetse ka gonne ba tlhoka thuso, e ka tswa ba lemoga seno kgotsa ba sa lemoge. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa o bua o le mo Holong ya Bogosi, bontsi jwa bareetsi ba gago ke batho ba ga Jehofa. Ke ditsala tsa gago, e bile ba batla gore o atlege. Ga go na batho bape mo lefatsheng ba ba buang le bareetsi ba ba botsalano e bile ba le lorato jalo ka metlha.
Repisa mesifa ya kgokgotso ka go tlhoma mogopolo mo go yone mesifa ka kelotlhoko o bo o e repisa. Gakologelwa gore dikodu tsa gago di simolola go tshikinyega fa moya o feta fa go tsone. Modumo wa lentswe o a fetoga fa mesifa ya kgokgotso e gagamala kgotsa e repa, fela jaaka modumo wa katara kgotsa wa baeyolene o fetoga fa mogala wa yone o gagamadiwa kgotsa o repisiwa. Fa o repisa dikodu, modumo wa lentswe o ya kwa tlase. Go repisa mesifa ya kgokgotso gape go thusa mesele ya dinko go nna e bulegile, mme seno se tla ama modumo wa lentswe la gago fela thata.
Repisa mmele otlhe wa gago—mangole, diatla, magetla le molala. Seno se tla dira gore lentswe la gago le kgone go nna le maatla mo le utlwalang le kgakala tota. Lentswe le a nonofa fa mmele otlhe wa gago o dira jaaka selo se se ntshang modumo, mme fa mmele o sa repa ga le na go nonofa jalo. Modumo wa lentswe, o o tswang mo kgokgotsong, ga o utlwale mo meseleng ya dinko fela mme gape o utlwala mo marapong a sehuba, mo menong, mo magalapeng le mo mafarong a mangwe. Tsotlhe tseno di ka dira gore lentswe la gago le nonofe sentle. Fa o baya sengwe se se boima mo godimo ga karolo e e ntshang modumo ya katara, modumo wa yone ga o ye go utlwala sentle; karolo eo e e ntshang modumo e tshwanetse ya bo e se na sepe gore modumo wa yone o utlwale sentle. Go ntse fela jalo le ka dikarolo tsa mmele wa rona tse di nang le marapo a a kopantsweng mmogo ke mesifa. Fa lentswe la gago le nonofile sentle, o tla kgona go nna o fetofetola modumo wa lone sentle le go le ntsha ka maikutlo a a tshwanetseng. O tla kgona go bua le bareetsi ba le bantsi kwantle ga go gagamatsa lentswe.