THUTO 33
Go Dirisa Botlhale Mme o Nitame
GO DIRISA botlhale ke bokgoni jwa go dirisana le batho ba bangwe o sa ba kgopise go sa tlhokege. Go akaretsa go itse gore o tshwanetse go bua jang le gore o bue leng. Seno ga se bolele go tlogela go dira se se siameng kgotsa go se bue dilo jaaka fa di ntse. Go dirisa botlhale ga go a tshwanelwa ga kopakopanngwa le go boifa motho.—Dia. 29:25.
Maungo a moya a re naya motheo o o molemo thata wa go dirisa botlhale. Ka jalo, motho yo o tlhotlhelediwang ke lorato ga a batle go tshwenya ba bangwe; o batla go ba thusa. Motho yo o pelonomi le yo o bonolo o dira dilo ka bonolo. Motho yo o ratang kagiso o batla ditsela tsa go dirisana sentle le ba bangwe. Tota le fa batho ba le bogale, motho yo o pelotelele o nna fela a ritibetse.—Bagal. 5:22, 23.
Le fa go ntse jalo, le fa molaetsa wa Baebele o ka neelwa ka tsela efe, batho bangwe ga ba na go o rata. Ka ntlha ya gore bontsi jwa Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le pelo e e boikepo, Jesu Keresete o ne a nna “leje le le kgopang le lefika la kgopiso” mo go bone. (1 Pet. 2:7, 8) Jesu o ne a bolela jaana ka tiro ya gagwe ya go bolela ka Bogosi: “Ke tlile go gotsa molelo mo lefatsheng.” (Luke 12:49) Mme e bile molaetsa wa Bogosi jwa ga Jehofa, o o akaretsang gore batho ba tshwanetse go lemoga bolaodi jwa Mmopi wa bone, e sa ntse e le kgang e e potlakileng e batho ba lebaneng le yone. Batho ba le bantsi ga ba rate molaetsa wa gore Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo tlosa tsamaiso e e boikepo eno ya dilo. Le fa go ntse jalo, re tswelela pele fela re o rera ka gonne re ikobela Modimo. Mme fa re ntse re dira jalo, re nna re akantse ka kgakololo ya Baebele e e reng: “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.”—Bar. 12:18.
Go Dirisa Botlhale fa o Neela Bosupi. Go na le maemo a le mantsi a re buang le batho ka tumelo ya rona mo go one. Ke boammaaruri gore re bua le bone fa re le mo bodireding jwa tshimo, mme gape re batla tshono e e tshwanetseng ya go dira jalo fa re na le ba losika, badiri ka rona le ba re tsenang sekolo le bone. Mo maemong ano otlhe, re tlhoka go dira dilo ka botlhale.
Fa re bolelela batho molaetsa wa Bogosi ka tsela e e dirang gore ba ikutlwe e kete re a ba rerela, ba ka nna ba se ka ba o amogela. Fa ba sa kopa thuso e bile gongwe ba sa akanye gore ba a e tlhoka, ba ka nna ba se ka ba rata fa ba lemoga gore e kete o raya gore ba tlhoka go tlhamalatswa ka tsela nngwe. Re ka dira jang gore re se ka ra naya batho mogopolo o o sa siamang? Re ka thusiwa ke go ithuta bokgoni jwa go bua ka tsela e e botsalano.
Leka go simolola motlotlo ka go dirisa kgang e motho yo o buang le ene a e kgatlhegelang. Fa e le gore motho yoo o amana le wena ka losika, ke modiri ka wena kgotsa o tsena sekolo le ene, o ka tswa o setse o itse gore ke eng se a se kgatlhegelang. Tota le fa o ise o ke o kopane le motho yo o buang le ene, o ka nna wa umaka sengwe se o se utlwileng mo dikgannyeng kgotsa se o se badileng mo lokwalodikgannyeng. Gantsi dikgang tse di ntseng jalo di bontsha se se mo megopolong ya batho ba le bantsi. Nna kelotlhoko fa o bereka ka ntlo le ntlo. Mekgabiso ya mo ntlong, ditshamekisa bana mo jarateng, dilo tsa bodumedi, le dipampiri tse di matarisitsweng mo bampareng ya koloi e e mo jarateng di ka dira gore re bone gore ke dilo dife tse mong wa ntlo a amegileng ka tsone. Fa mong wa ntlo a tla go go bulela mojako, mo reetse fa a bua. Se a se buang se tla dira gore o bone gore a tshwetso ya gago ka se a ka tswang a amegile ka sone e boammaaruri kgotsa se tla dira gore o fetole tshwetso ya gago ka se a amegileng ka sone le tsela e a ikutlwang ka yone mme se tla go bontsha gore ke eng se sengwe se o tlhokang go akanya ka sone gore o mo neele bosupi.
Fa lo ntse lo tlotla, bua ka dintlha tse di mo Baebeleng le mo dikgatisong tse di theilweng mo Baebeleng tse di buang ka kgang e lo e tshwereng. Mme o se ka wa bua o le nosi. (Mor. 3:7) Kopanyeletsa mong wa ntlo mo motlotlong fa e le gore o kgatlhegela go tlotla. Mmontshe gore o kgatlhegela maikutlo a gagwe le dilo tse a di akanyang. Seno se ka nna sa go naya se o se tlhokang gore o kgone go bua ka botlhale.
Pele o bua, akanya gore se o se buang se tla utlwala jang mo mothong yo o buang le ene. Diane 12:8 e akgola ‘molomo o o botlhale.’ Lefoko la Sehebera le le dirisitsweng fano le amana le mafoko a a rayang temogo le botlhale. Ka jalo, botlhale bo akaretsa go ithiba ka kelotlhoko ka gonne o batla go akanyetsa kgang sentle gore o tle o dire ka botlhale. Temana ya bo18 ya yone kgaolo eo ya Diane e re tlhagisa kgatlhanong le ‘go bua re sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka.’ Re ka kgona go bua boammaaruri jwa Baebele re sa kgopise ope.
Go dirisa temogo fa o tlhopha mafoko a o a dirisang go ka go thusa gore o se ka wa baka bothata go sa tlhokege. Fa e le gore go dirisa lefoko “Baebele” go dira gore motho a se ka a reetsa, o ka nna wa dirisa lefoko le le jaaka “dikwalo tse di boitshepo” kgotsa “buka e jaanong e gatisiwang ka dipuo tse di fetang 2 000.” Fa o isa motho kwa Baebeleng, o ka nna wa mmotsa gore o ikutlwa jang ka yone mme o gakologelwe mafoko a gagwe fa lo ntse lo tlotla.
Go bua ka botlhale gantsi go akaretsa go bona gore a ke nako e e siameng ya go bua sengwe. (Dia. 25:11) O ka nna wa bo o sa dumalane le dilo tsotlhe tse motho yoo a di buang, mme ga go tlhokege go ganetsa sengwe le sengwe se a se buang se se sa dumalaneng le dikwalo. O se ka wa leka go bolelela mong wa ntlo sengwe le sengwe ka nako e le nngwe fela. Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Ke na le dilo di le dintsi tse ke sa ntseng ke tshwanetse go di bua le lona, mme ga lo kgone go di sikara mo nakong eno.”—Joh. 16:12.
Fa go kgonega, akgola ba o buang le bone ka pelo yotlhe. Tota le fa mong wa ntlo a le manganga, o sa ntse o ka kgona go mo akgolela go bo a dumela ntlha nngwe. Moaposetoloi Paulo o ne a dira jalo fa a ne a bua le borafilosofi bangwe kwa Areopago kwa Athena. Borafilosofi bano ba ne ba “tlotla le ene ka go mo ganetsa.” O ne a ka bua le bone jang a sa ba kgopise? Pelenyana ga moo, o ne a ile a bona dibeso tsa bone tse ba neng ba di diretse medimo ya bone. Go na le gore a kgale Baathena ka ntlha ya kobamelo ya bone ya medingwana, o ne a ba akgola ka botlhale a ba akgolela go bo ba tlhoafetse thata jaana mo bodumeding. O ne a re: “Ke a bona gore mo dilong tsotlhe lo bonala lo boifa medimo thata go feta ba bangwe.” Go bua le bone ka tsela eno go ne ga mmulela sebaka sa gore a ba bolelele molaetsa ka Modimo wa boammaaruri. Ka ntlha ya moo, bangwe ba ne ba nna badumedi.—Dit. 17:18, 22, 34.
O se ka wa galefa fa o ganediwa. Ritibala. Leba seno jaaka ditshono tsa go lemoga tsela e motho yono a akanyang ka yone. O ka nna wa mo lebogela go tlhalosa maikutlo a gagwe. Go tweng fa a ka go tsena ganong fela a re: “Ke na le bodumedi jwa me”? O ka nna wa mmotsa jaana ka botlhale: “A o ntse o le motho yo o ratang bodumedi botshelo jotlhe jwa gago?” Fa a sena go araba, o bo o oketsa jaana: “A o akanya gore batho ba tla tsamaya ba nna seoposengwe mo bodumeding bo le bongwe fela?” Seno se ka nna sa go thusa gore lo tswelele pele ka motlotlo wa lona.
Go iteba ka tsela e e tshwanetseng go ka re thusa go bua ka botlhale. Re tlhatswegile pelo tota gore ditsela tsa ga Jehofa di siame le gore Lefoko la gagwe le boammaaruri. Re bua ka dilo tseno re tlhatswegile pelo. Mme seno ga se lebaka la gore re ipone tshiamo go feta ba bangwe. (Mor. 7:15, 16) Re itumelela go itse boammaaruri le go ipelela masego a ga Jehofa, mme re itse sentle gore o re amogela ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang le ka gonne re dumela mo go Keresete, e seng ka ntlha ya tshiamo ya rona. (Baef. 2:8, 9) Re lemoga gore re tlhoka go ‘nna re leka gore a re mo tumelong, go nna re ipontsha se rona ka borona re leng sone.’ (2 Bakor. 13:5) Ka jalo, fa re bolelela batho gore ba tshwanetse go tshela ka melao ya Modimo, re dirisa kgakololo eo ya Baebele le mo go rona ka boikokobetso. Ga se ga rona go atlhola mong ka rona. Jehofa “o neetse Morwa go atlhola gotlhe,” e bile re tla arabela se re se dirang fa pele ga setulo sa gagwe sa katlholo.—Joh. 5:22; 2 Bakor. 5:10.
Mo go Ba Lelapa le Bakeresete ka Rona. Ga re a tshwanela go dira ka botlhale fa re le kwa bodireding jwa tshimo fela. E re ka go dira ka botlhale e le go bontsha maungo a moya wa Modimo, gape re tshwanetse go dira ka botlhale kwa gae fa re dirisana le maloko a lelapa. Lorato lo tla dira gore re amege ka maikutlo a ba bangwe. Monna wa ga Mohumagadi Esethere e ne e se moobamedi wa ga Jehofa, mme Esethere o ne a mo tlotla e bile a dirisa temogo e e seng kana ka sepe fa a ne a bua le ene ka dikgang tse di amang batlhanka ba ga Jehofa. (Esethere, dikg. 3-8) Ka dinako tse dingwe, go dira ka botlhale fa re dirisana le maloko a lelapa a e seng Basupi go ka nna ga batla gore re dire gore boitshwaro jwa rona, e seng go tlhalosa ga rona bodumedi jwa rona, e nne jone bo ba bontshang boammaaruri.—1 Pet. 3:1, 2.
Ka tsela e e tshwanang, lebaka la go bo re itse maloko a phuthego sentle ga le bolele gore re ka nna ra bua le bone fela re sa akanye kgotsa ka go tlhoka bopelonomi. Ga re a tshwanela go ipolelela gore e re ka e le batho ba ba godileng, ba tshwanetse ba kgona go tlhaloganya. E bile ga re a tshwanela go ipata ka go re: “Ke tsela e ke leng ka yone.” Fa re fitlhela gore tsela e re buang ka yone e kgopisa ba bangwe, re tshwanetse go ikemisetsa go fetoga. Go ‘ratana ka lorato lo logolo’ go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re ‘dire se se molemo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.’—1 Pet. 4:8, 15; Bagal. 6:10.
Fa o Bua le Bareetsi. Ba ba buang ba le mo seraleng le bone ba tshwanetse go bua ka botlhale. Mo bareetsing, go nna le batho ba ba lebang dilo ka ditsela tse di sa tshwaneng e bile ba tswa mo maemong a a farologaneng a botshelo. Kgolo ya bone ya semoya ga e tshwane. Bangwe e ka tswa e le la ntlha ba tla mo Holong ya Bogosi. Ba bangwe ba ka tswa ba na le mathata a magolo thata a sebui se sa a itseng. Ke eng se se ka thusang sebui gore se se ka sa kgopisa bareetsi ba sone?
Tumalanong le kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo fa a ne a kwalela Tito, go dire mokgele wa gago gore o se ‘bue ope ka go mo utlwisa botlhoko, o nne tekatekano, o bontsha bonolo jotlhe mo bathong botlhe.’ (Tito 3:2) O se ka wa etsa lefatshe ka go dirisa ga lone mafoko a a nyatsang batho ba ditso tse dingwe, ba puo e nngwe, kgotsa ba setšhaba se sengwe. (Tshen. 7:9, 10) Tlotla ka tshosologo gore ke eng se Jehofa a batlang re se dira, mme o bontshe gore go botlhale go le kana kang go se dira; mme o se ka wa bua ba ba iseng ba tsamaye ka botlalo mo ditseleng tsa ga Jehofa ka go ba nyatsa. Go na le moo, kgothaletsa botlhe go lemoga se thato ya Modimo e leng sone le go dira se se mo itumedisang. Fa o gakolola motho, nolofatsa mafoko a gago ka go mo akgola ka lorato le go tswa pelong. Ka tsela e o buang ka yone le tsela e lentswe la gago le utlwalang ka yone, bontsha lorato lwa bokaulengwe lo rotlhe re tshwanetseng go lo bontshana.—1 Bathes. 4:1-12; 1 Pet. 3:8.