LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 35 ts. 206-ts. 208 ser. 3
  • Go Gatelela Dintlha Ka go Di Boaboeletsa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Gatelela Dintlha Ka go Di Boaboeletsa
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dirilwe Gore Dintlha Tsa Konokono di Tlhomologe
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tlhomolola Dintlha Tsa Botlhokwa
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Konelo e e Nang le Matswela
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Dira Aotlelaene
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 35 ts. 206-ts. 208 ser. 3

THUTO 35

Go Gatelela Dintlha Ka go Di Boaboeletsa

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Umaka gangwe le gape dintlha tse o batlang bareetsi ba gago ba di gakologelwa.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Mo godimo ga gore go boaboeletsa dintlha go thuse bareetsi go di gakologelwa, go ka dirisiwa ka tsela e e molemo go tlhomolola dintlha tsa konokono le go thusa bareetsi gore ba di tlhaloganye ka phepafalo.

GO RUTA ka tsela e e nang le matswela go kopanyeletsa go boaboeletsa dintlha. Fa ntlha e e botlhokwa e umakiwa makgetlo a le mmalwa, go ka direga thata gore bareetsi ba e gakologelwe. Fa ntlha eo e boelediwa gape ka tsela e e farologaneng go sekae, ba ka nna ba e tlhaloganya ka tsela e e botokanyana le go feta.

Fa bareetsi ba gago ba sa gakologelwe se o se buang, mafoko a gago ga a kitla a tlhotlheletsa se ba se dumelang kgotsa kafa ba tshelang ka gone. Go ka direga gore ba tla tswelela ba akanya ka dintlha tse o di gatelelang ka tsela e e kgethegileng.

Jehofa, e bong Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo o re tlhomela sekao sa go boaboeletsa dintlha. O ne a naya setšhaba sa Iseraele Melao e e Lesome. O ne a dira gore setšhaba seno se utlwe melao eo kwa Thabeng ya Sinai a dirisa moengele jaaka mmueledi. Moragonyana o ne a e naya Moshe e kwadilwe. (Ekes. 20:1-17; 31:18; Dute. 5:22) Jehofa o ne a laela Moshe go bolelela setšhaba melao eo gape pele se tsena mo Nageng e e Solofeditsweng, mme ka moya o o boitshepo, Moshe o ne a e kwala jaaka e fitlhelwa mo go Duteronome 5:6-21. Mengwe ya melao e e neetsweng Iseraele e ne e le gore ba rate Jehofa ka pelo, moya le maatla otlhe a bone ba bo ba mo direle. Seno le sone se ne sa nna sa boelediwa gangwe le gape. (Dute. 6:5; 10:12; 11:13; 30:6) Ka ntlha yang? Ka gonne jaaka Jesu a ile a bolela, e ne e le “taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha.” (Math. 22:34-38) Jehofa o ne a dirisa moporofeti Jeremia go gakolola batho ba Juda makgetlo a feta 20 ka bomasisi jwa go mo ikobela mo dilong tsotlhe tse a di ba laetseng. (Jer. 7:23; 11:4; 12:17; 19:15) Mme a dirisa Esekiele, Modimo o ne a tlhalosa makgetlo a feta 60 gore ditšhaba ‘di tla itse gore ke nna Jehofa.’—Esek. 6:10; 38:23.

Re bona tsela e ntle ya go boaboeletsa dintlha le mo pegong ya bodiredi jwa ga Jesu. Ka sekai, go na le Diefangele di le nnè—nngwe le nngwe ya tsone e tlotla ka ditiragalo tse di botlhokwa tse di begwang mo go e le nngwe kana go feta ya Diefangele mme e tlhalosa tiragalo ka tsela e e farologaneng go sekae. Fa Jesu a ne a ruta, o ne a bua ka ntlha e le nngwe a e boaboeletsa ka ditsela tse di farologaneng makgetlo a le mmalwa. (Mar. 9:34-37; 10:35-45; Joh. 13:2-17) Mme fa Jesu a ne a le mo Thabeng ya Lotlhware malatsi a le mmalwa pele ga loso lwa gagwe, o ne a gatelela kgakololo e e botlhokwa eno ka go e boaboeletsa: “Nnang lo disitse . . . ka gonne ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka letsatsi lefe.”—Math. 24:42; 25:13.

Mo Bodireding Jwa Tshimo. Fa o neela batho bosupi, o solofela gore ba tla gakologelwa se o se buang. Go boaboeletsa dintlha ka tsela e e molemo go ka go thusa go fitlhelela mokgele oo.

Go boaboeletsa dintlha ka nako ya fa kgang e tlotlwa go ka thusa gore e tsene mo mogopolong wa motho yo o buang le ene. Ka jalo, morago ga go bala temana, o ka nna wa e gatelela ka go tlhoma mogopolo mo karolong ya yone ya konokono o bo o botsa jaana: “A o etse tlhoko mafoko a temana eno?”

Diele tsa bofelo mo motlotlong le tsone di ka dirisiwa ka tsela e e molemo. Ka sekai, o ka nna wa re: “Ntlha ya konokono e ke solofelang gore o tla e gakologelwa ya motlotlo wa rona ke . . . ” Morago ga moo o bo o e boeletsa gape ka tsela e e motlhofo. Gongwe e ka nna ya nna jaana: “Boikaelelo jwa Modimo ke gore lefatshe le fetolwe go nna paradaise. Boikaelelo joo ruri bo tlile go diragadiwa.” Kgotsa gongwe o ka re: “Baebele e bontsha ka phepafalo gore re tshela mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo. Gore re falole bokhutlo jwa yone, re tshwanetse go ithuta gore ke eng se Modimo a batlang re se dira.” Kgotsa o ka nna wa re: “Jaaka re bone, Baebele e re naya kgakololo e e mosola ya kafa re ka lebanang le mathata a botshelo jwa lelapa ka gone.” Ka dinako tse dingwe, o ka nna wa boeletsa fela temana e o e nopolang mo Baebeleng gore bareetsi ba e gakologelwe. Ke boammaaruri gore go dira jalo ka tsela e e nang le matswela go batla gore o akanyetse dilo go sa le gale.

Fa o le mo maetong a go boela, le mo dithutong tsa Baebele, go boaboeletsa dintlha ga gago go ka akaretsa go dirisa dipotso tsa poeletso.

Fa motho a go fitlhela go le thata go tlhaloganya kgakololo nngwe ya Baebele kgotsa go e dirisa, o ka nna wa tshwanelwa ke go tlotla le ene ka kgang eo makgetlo a le mmalwa. Leka go e tlotla ka ditsela tse di farologaneng. Metlotlo ya teng ga e tlhoke go nna meleele mme e tshwanetse go nna e e kgothatsang moithuti gore a nne a akanye ka yone. Gakologelwa gore Jesu o ne a dirisa mokgwa ono wa go boaboeletsa dintlha go thusa barutwa ba gagwe go fenya keletso ya go batla go nna ba ntlha.—Math. 18:1-6; 20:20-28; Luke 22:24-27.

Fa o Neela Dipuo. Fa o neela dipuo mo seraleng, mokgele wa gago ga se fela go neela tshedimosetso. O batla gore bareetsi ba e tlhaloganye, ba e gakologelwe le go e dirisa. Gore o kgone go fitlhelela mokgele oo, boaboeletsa dintlha tsa gago ka tsela e e molemo.

Le fa go ntse jalo, fa o boaboeletsa dintlha tsa konokono gangwe le gape thata, bareetsi ba gago ba ka nna ba se ka ba go reetsa. Tlhopha ka kelotlhoko dintlha tse di batlang go gatelelwa ka tsela e e kgethegileng. Gantsi tseno ke dintlha tsa konokono tse puo ya gago e theilweng mo go tsone, mme di ka nna tsa akaretsa dintlha tse dingwe gape tse di ka solegelang bareetsi ba gago molemo ka tsela e e kgethegileng.

Gore o kgone go boaboeletsa dintlha, o ka nna wa batla go tlhalosa dintlha tsa gago tsa konokono ka tatelano mo matsenong a gago. Dira jalo o dirisa dipolelo tse dikhutshwane tse di bolelelang bareetsi kgang e o tlileng go tlotla ka yone, o dirisa dipotso kgotsa dikai tse dikhutshwane tse di bontshang mathata a a tshwanetseng go rarabololwa. O ka nna wa batla go tlhalosa gore go na le dintlha di le kae tsa konokono o bo o di tlhalosa ka tatelano. Morago ga moo, tlhalosa nngwe le nngwe ya dintlha tseo mo mmeleng wa puo ya gago. Dintlha di ka gatelelwa thata mo mmeleng wa puo ya gago ka go boeletsa ntlha nngwe le nngwe ya konokono pele o fetela kwa go e e latelang. Kgotsa o ka di gatelela jalo ka go dirisa sekai se se amanang le go dirisa ntlha ya konokono. O ka gatelela dintlha tsa konokono gape ka go di boeletsa fa o konela puo, o di tlhomolola ka go tlhalosa dintlha tse di ganetsanang le tsone, ka go araba dipotso tse o neng wa di botsa, kgotsa ka go tlhalosa ka bokhutshwane tharabololo ya bothata jo o neng wa bo umaka.

Mo godimo ga go dirisa dintlha tse di tlhalositsweng fa godimo, sebui se se nang le maitemogelo se leba bareetsi ba sone ka kelotlhoko. Fa go se motlhofo gore bangwe ba bone ba tlhaloganye ntlha nngwe, sebui se lemoga seno. Fa ntlha e le botlhokwa, se e boeletsa gape. Le fa go ntse jalo, go boeletsa dintlha a dirisa mafoko a a tshwanang fela go ka nna ga dira gore a se ka a fitlhelela mokgele wa gagwe. Go ruta go akaretsa se se fetang seo fela. O tshwanetse go fetofetoga le maemo. A ka nna a batla go tsenya dintlha dingwe mo puong ya gagwe tse a neng a sa di rulaganyetsa fa a ne a baakanyetsa. Go ithuta go lemoga se bareetsi ba se tlhokang ka tsela eno go tla go thusa gore o nne morutisi yo o molemo yo o nang le matswela.

NAKO YA GO BOABOELETSA DINTLHA

  • Ka bonako fela fa o sena go tlhalosa ntlha e e botlhokwa kgotsa fa o sena go tlhalosa ntlha ya konokono ka botlalo.

  • Fa o konela motlotlo wa gago le mongwe kgotsa o konela puo ya gago.

  • Fa o lemoga gore ga go motlhofo gore bareetsi ba gago ba tlhaloganye ntlha nngwe ya konokono.

  • Makgetlo a le mmalwa, gongwe morago ga malatsi kgotsa dibeke di le mmalwa fa o dira maeto a go boela le dithuto tsa Baebele.

IKATISO: (1) Fa o wetsa motlotlo wa gago le mongwe yo o kopaneng le ene lekgetlo la ntlha mo bodireding jwa tshimo, boeletsa ntlha e le nngwe fela e e botlhokwa e o e tlotlileng le ene e o batlang gore a e gakologelwe. (2) Fa o konela loeto lwa go boela, boeletsa ntlha e le nngwe kgotsa tse pedi tsa konokono tsa motlotlo wa lona gore motho yo o kgatlhegang a di gakologelwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela