Kgaolo Ya Ntlha
Go Utlwana mo Kobamelong mo Motlheng wa Rona—Go Kaya Eng?
1, 2. (a) Batho ba thologela kae ka tsela e e kgatlhang mo motlheng wa rona? (b) Batho ba ba dipelo di ikanyegang ba na le tsholofelo efe e e gakgamatsang?
MO LEFATSHENG lotlhe batho ba ntse ba thologela ka tsela e e kgatlhang kwa kobamelong e e utlwanang. E kopanya dimilione tsa batho ba ditšhaba, ditso le dipuo tsotlhe. Ngwaga le ngwaga go phuthiwa ba bangwe ba bantsintsi. Bano mo Baebeleng ba bidiwa “basupi” ba ga Jehofa gape ba bidiwa “boidiidi jo bogolo.” Ba ‘direla Modimo tirelo e e boitshepo bosigo le motshegare.’ (Isaia 43:10-12; Tshenolo 7:9-15) Ke eng fa ba dira jalo? Ka gonne ba setse ba itse fa Jehofa e le ene fela Modimo wa boammaaruri. Seno se ba rotloetsa gore ba tshele go dumalana le ditekanyetso tsa gagwe tsa tshiamo. Gape ba ithutile gore re tshela mo “metlheng ya bofelo” ya lefatshe le le boikepo leno, gore go ise go ye kae Modimo o tla le senya, le gore mo boemong jwa lone, o tla tlisa lefatshe la gagwe le lesha la paradaise.—2 Timotheo 3:1-5, 13; 2 Petere 3:10-13.
2 Lefoko la Modimo le solofetsa jaana: “Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng . . . Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:10, 11) “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) “[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:4.
3. Go utlwana ka boammaaruri mo kobamelong go fitlhelelwa jang?
3 Batho ba jaanong ba utlwanang mo kobamelong ya boammaaruri ke bone banni ba ntlha ba lefatshe le lesha leo. Ba ithutile se thato ya Modimo e leng sone mme ba leka go e dira ka bojotlhe jwa bone. Jesu o ne a bontsha kafa seno se leng botlhokwa ka teng fa a ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:17.
Se Tota go se Kayang
4. (a) Go phuthiwa ga batho ba bantsi jaana mo motlheng wa rona gore ba tle go utlwana mo kobamelong tota go kaya eng? (b) Baebele e tlhalosa go phuthiwa gono jang?
4 Go phuthiwa ga batho ba bantsi jaana mo motlheng wa rona gore ba tle go utlwana mo kobamelong tota go kaya eng? Ke bosupi jo bo phepafetseng jwa gore re gaufi thata le bokhutlo jwa lefatshe leno le le boikepo, mme lefatshe la Modimo le lesha le tla simologa morago fela ga moo. Re kgona go iponela ka matlho go diragadiwa ga dipolelelopele tsa Baebele tse di ileng tsa bolelela pele ka go phuthiwa mono mo gogolo thata. Polelelopele nngwe e e ntseng jalo ya re: “Go tla diragala go ela kwa bokhutlong jwa metlha [metlha eno ya bofelo] gore thaba ya ntlo ya ga Jehofa [kobamelo ya gagwe ya boammaaruri e e tlotlometseng] e tla tlhomamisiwa thata kwa godimo ga ditlhoa tsa dithaba [kwa godimo ga mofuta ope o sele wa kobamelo], . . . mme ditšhaba di tla ologela kwa go yone. Mme ditšhaba di le dintsi di tla ya mme di re: ‘Tlang, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa le kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; mme o tla re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tla tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe.’”—Mika 4:1, 2; Pesalema 37:34.
5, 6. (a) Re ka bua jang re re ditšhaba di retologela kwa go Jehofa? (b) Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife?
5 Le fa go sa tle ditšhaba tse di feletseng mo ntlong ya ga Jehofa ya semoya ya kobamelo, go tla batho ba le dimilionemilione ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe. Fa ba ntse ba ithuta ka boikaelelo jo bo lorato le botho jo bo itumedisang jwa ga Jehofa Modimo, seno se ama dipelo tsa bone fela thata. Ba batla ka boikokobetso go itse gore Modimo o batla ba dirang. Ba rapela fela jaaka mopesalema a ne a rapela a re: “Nthuta go dira thato ya gago, gonne o Modimo wa me.”—Pesalema 143:10.
6 A o ipona o le mongwe wa boidiidi jo bogolo jwa batho ba Jehofa jaanong a ba phuthang go tla ba utlwana mo kobamelong? A tsela e o arabelang ka yone mo thutong e o e ithutileng mo Lefokong la gagwe e bontsha gore ruri o lemoga gore Jehofa ke Motswedi wa thuto eo? O tla “tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe” go ya bokgakaleng bofe?
Kafa go Diregang ka Teng
7. (a) Kgabagare go utlwana mo kobamelong go tla fitlha bokgakaleng bofe? (b) Ke eng fa go potlakile go nna moobamedi wa ga Jehofa gone jaanong, mme re ka thusa ba bangwe jang gore ba dire jalo?
7 Boikaelelo jwa ga Jehofa ke gore dibopiwa tsotlhe tse di botlhale di utlwane mo kobamelong ya boammaaruri. A bo re tlhoafaletse jang ne letsatsi le ka lone botlhe ba ba tshelang ba tla obamelang Modimo yo o esi wa boammaaruri! (Pesalema 103:19-22) Mme pele seo se direga, Jehofa o tshwanetse a fedisa botlhe ba ba ganang go dira thato ya gagwe e e siameng. Ka bopelotlhomogi o itsise batho se a tla se dirang go sa le nako, gore batho gongwe le gongwe ba nne le sebaka sa go fetola mekgwa ya bone. (Isaia 55:6, 7) Ka jalo, mo motlheng wa rona “mo setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho,” go dirwa boikuelo jono jo bo potlakileng: “Boifang Modimo lo bo lo mo neye kgalalelo, ka gonne nako ya gagwe ya go atlhola e gorogile, mme jalo obamelang Ene yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le metswedi ya metsi.” (Tshenolo 14:6, 7) A o amogetse taletso eo? Fa go ntse jalo, o na le tshiamelo ya go laletsa ba bangwe le bone gore ba itse Modimo wa boammaaruri le go mo obamela.
8. Fa re sena go ithuta dithuto tsa motheo tsa Baebele, ke kgatelopele efe e nngwe e re tshwanetseng ra leka ka tlhoafalo go e dira?
8 Jehofa ga a batle go obamelwa ke batho ba ba reng ba dumela mo go ene mme ba bo ba tswelela pele ka dilo tse bone ba di ratang. Modimo o batla gore batho ba nne le “kitso ya boammaaruri ya thato ya gagwe” mme matshelo a bone a bontshe gore ba na le yone. (Bakolosa 1:9, 10) Ka gone, batho ba ba anaanelang ba ba ithutang dilo tsa konokono tse Baebele e di rutang ba batla go gagamalela kwa go goleng sentle ga Bokeresete. Ba eletsa go itse Jehofa sentle mme ba oketse le go atolosa tsela e ba tlhaloganyang Lefoko la gagwe ka yone, ba bo ba le dirise ka botlalo thata mo matshelong a bone. Ba batla go bontsha dinonofo tsa ga Rraarona wa selegodimo le go leba dilo jaaka ene a di leba. Seno se ba tlhotlheletsa go batla ditsela tse ba ka nnang le seabe ka tsone mo tirong e e bolokang matshelo e a dirang gore e dirwe mo lefatsheng mo motlheng wa rona. A le wena o eletsa seo?—Mareko 13:10; Bahebera 5:12–6:3.
9. Kutlwano ya boammaaruri e kgonega ka ditsela dife gone jaanong?
9 Baebele e bontsha gore batho ba ba direlang Jehofa e tshwanetse ya nna batho ba ba utlwanang. (Baefeso 4:1-3) Kutlwano eno e tshwanetse ya nna teng gone jaanong, le mororo re tshela mo lefatsheng le le makgaoganyane e bile re sa ntse re goga bokete ka ntlha ya go sa itekanelang ga rona. Jesu o ne a rapela ka tlhoafalo gore barutwa ba gagwe botlhe ba nne seoposengwe, ba nne le kutlwano ya boammaaruri. Seno se ne se tla kaya eng? Sa ntlha, gore ba ne ba tla nna le kamano e e molemo le Jehofa le Morwawe. Sa bobedi, gore ba ne ba tla utlwana bone ka bobone. (Johane 17:20, 21) Gore seo se diragale, phuthego ya Bokeresete e direla jaaka mokgatlho o Jehofa a rutang batho ba gagwe ka one.
Ke Mabaka Afe a a Thusang Gore go Nne le Kutlwano?
10. (a) Re nna le eng fa rona ka borona re dirisa Baebele gore re bone dikarabo tsa dipotso tse di re amang? (b) Tlhalosa dilo tse di thusang gore go nne le kutlwano ya Bokeresete ka go araba dipotso tse di thathamisitsweng mo serapeng seno.
10 Dintlha tse supa tsa konokono tse di thusang gore go nne le kutlwano mo kobamelong di kwadilwe fa tlase fano. Fa o ntse o araba dipotso tse di latelang, akanyetsa kafa ntlha nngwe le nngwe e amang kamano ya gago le Jehofa le Bakeresete ka wena ka teng. Go akanya ka dintlha tseno le go leba ditemana tse di umakilweng mme di sa nopolwa go tla go thusa thata gore o nne le botlhale jwa bomodimo, go kgona go akanya le temogo—dinonofo tse rotlhe re di tlhokang. (Diane 5:1, 2; Bafilipi 1:9-11) Tlhatlhoba dintlha tseno ka bongwe ka bongwe.
(1) Re dumela fa Jehofa a na le tshwanelo ya go baya ditekanyetso tsa se se molemo le se se bosula. “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”—Diane 3:5, 6.
Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra batla kgakololo le kaelo ya ga Jehofa fa re dira ditshwetso? (Pesalema 146:3-5; Isaia 48:17)
(2) Lefoko la Modimo le a re kaela. “E rile lo amogela lefoko la Modimo, le lo neng lwa le utlwa mo go rona, lwa le amogela, e seng jaaka lefoko la batho, mme, fela jaaka ruri le ntse, jaaka lefoko la Modimo, le gape le dirang mo go lona badumedi.”—1 Bathesalonika 2:13.
Kotsi ya go dira fela se rona re “akanyang” gore se siame ke efe? (Diane 14:12; Jeremia 10:23, 24; 17:9)
Fa re sa itse gore Baebele e naya kgakololo efe ka kgang nngwe, re tshwanetse go dira eng? (Diane 2:3-5; 2 Timotheo 3:16, 17)
(3) Rotlhe re solegelwa molemo ke thulaganyo e e tshwanang ya go iphepa semoyeng. “Bomorwao botlhe e tla nna batho ba ba rutiwang ke Jehofa.” (Isaia 54:13) “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka lo bona letsatsi [la tshenyego] le atamela.”—Bahebera 10:24, 25.
Batho ba ba dirisang dithulaganyo tsa ga Jehofa tsa go iphepa semoyeng ka botlalo ba solegelwa molemo jang? (Isaia 65:13, 14)
(4) Jesu Keresete ke ene Moeteledipele wa rona, e seng motho ope. “Lo se ka lwa bidiwa Rabi, gonne moruti wa lona o mongwe, mme lona lotlhe lo bakaulengwe. Mo godimo ga moo, lo se ka lwa bitsa ope rraalona mo lefatsheng, gonne Rraalona o mongwe, Wa selegodimo. Le gone lo se ka lwa bidiwa ‘baeteledipele,’ gonne Moeteledipele wa lona o mongwe, e bong Keresete.”—Mathaio 23:8-10.
A go na le ope wa rona yo o tshwanetseng a akanya gore o mo maemong a a kwa godimo ga a ba bangwe? (Baroma 3:23, 24; 12:3)
(5) Re leba kwa pusong ya Bogosi jwa Modimo e le yone fela tsholofelo ya batho. “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno: ‘Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.’ Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe.”—Mathaio 6:9, 10, 33.
Go ‘batla pele bogosi’ go thusa go dibela kutlwano ya rona jang? (Mika 4:3; 1 Johane 3:10-12)
(6) Moya o o boitshepo o dira gore baobamedi ba ga Jehofa ba nne le dinonofo tse di botlhokwa mo kutlwanong ya Bokeresete. “Maungo a moya ke lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.”—Bagalatia 5:22, 23.
Re tshwanetse ra dira eng gore moya wa Modimo o ungwe maungo a one mo go rona? (Ditiro 5:32)
Go nna le moya wa Modimo go tlhotlheletsa jang kamano e re nang le yone le Bakeresete ka rona? (Johane 13:35; 1 Johane 4:8, 20, 21)
(7) Baobamedi botlhe ba Modimo ba boammaaruri ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa gagwe. “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:14.
Ke eng se se tshwanetseng sa re rotloetsa go batla go nna le seabe se se feletseng mo tirong eno ya go rera? (Mathaio 22:37-39; Baroma 10:10)
11. Fa re dirisa boammaaruri jwa Baebele mo matshelong a rona, matswela e nna afe?
11 Go obamela Jehofa ka kutlwano go re atametsa gaufi le ene e bile go dira gore re kgone go itumelela botsalano jo bo lapolosang le badumedikarona. Pesalema 133:1 ya re: “Bona! Abo go le molemo jang e bile go itumedisa jang ne fa barwarramotho ba nna mmogo ka kutlwano!” A bo go lapolosa jang ne go tswa mo lefatsheng le bopelotshetlha jotlhe jwa lone, boitsholo jo bo sa siamang le thubakanyo re bo re kopanela le bao ba ratang Jehofa tota e bile ba utlwa melao ya gagwe!
Tila Dilo Tse di Tlhotlheletsang Dikgaogano
12. Ke eng fa re tshwanetse go tila moya wa go itaola?
12 Gore re se ka ra senya kutlwano e e rategang e re nang le yone mo lefatsheng lotlhe, re tshwanetse ra tila dilo tse di tlhotlheletsang dikgaogano. Sengwe sa tsone ke moya wa go sa batle go laolwa ke Modimo le melao ya gagwe. Jehofa o re thusa go o tila ka go senola mosimolodi wa one, Satane Diabolo. (2 Bakorintha 4:4; Tshenolo 12:9) Satane ke ene yo o neng a tlhotlheletsa Adame le Efa gore ba tlhokomologe se Modimo a neng a se buile mme ba dire ditshwetso tse di sa tsamaisaneng le thato ya Modimo. Go ile ga felela ka masetlapelo mo go bone le mo go rona. (Genesise 3:1-6, 17-19) Lefatshe leno le tletse ka moya wa go sa batle go laolwa ke Modimo le melao ya gagwe. Ka jalo re tshwanetse ra lwantsha moya oo mo go rona.
13. Ke eng se se tla bontshang gore tota re ipaakanyetsa go tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo la tshiamo?
13 Ka sekai, ela tlhoko tsholofetso e e itumedisang ya ga Jehofa ya gore mo boemong jwa lefatshe leno le le boikepo o tla tlisa magodimo a masha le lefatshe le lesha ‘tse go tla nnang tshiamo mo go tsone.’ (2 Petere 3:13) A seo ga se a tshwanela go re tlhotlheletsa gore re simolole go ipaakanyetsa go tshela ka nako eo e ka yone go tla bong go rena tshiamo? Seno se raya go utlwa kgakololo ya Baebele e e utlwalang sentle: “Lo se ka lwa bo lo rata lefatshe le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa ga Rara ga lo yo mo go ene.” (1 Johane 2:15) Ka gone, re gana moya wa lefatshe leno—boikutlo jwa lone jwa go rata go itaola, moya wa lone o o feteletseng wa boithati, boitsholo jwa lone jo bo sa siamang le thubakanyo. Re itlwaetsa go reetsa Jehofa le go mo utlwa go tswa pelong, le fa bosaitekanelang jwa rona bo ka re tlhotlheletsa ka tsela e sele. Tsela ya rona yotlhe ya botshelo e fa bosupi jwa gore go akanya ga rona le maitlhomo a rona a sekametse mo go direng thato ya Modimo.—Pesalema 40:8.
14. (a) Ke eng fa go le botlhokwa go sola sebaka sa gone jaanong molemo go ithuta ditsela tsa ga Jehofa le go di latela mo matshelong a rona? (b) Ditemana tse di mo serapeng di raya eng mo go rona ka namana?
14 Fa nako e e tlhomilweng e tla ya gore Jehofa a senye tsamaiso eno e e boikepo ya dilo le batho botlhe ba ba ratang ditsela tsa lone, ga a kitla a diega. Ga a tle go busetsa nako eo kwa morago kgotsa go fetola ditekanyetso tsa gagwe gore di tshwanele ba ba sa ntseng ba leka go ngaparela lefatshe mme ba ithuta thato ya Modimo le go e dira ba ikgoga fela. Jaanong ke nako ya go tsaya kgato! (Luke 13:23, 24; 17:32; 21:34-36) Ka jalo, a bo go nametsa jang ne go bona boidiidi jo bogolo bo sola sebaka seno se se tlhwatlhwakgolo molemo, bo batla ka tlhoafalo go rutiwa ke Jehofa ka Lefoko la gagwe le phuthego ya gagwe e bile bo tsamaya ka kutlwano mo ditselaneng tsa gagwe go ya kwa lefatsheng le lesha! Mme fa re ntse re ithuta go ya pele ka Jehofa, seo se tla dira gore re mo rate thata le gore re batle go mo direla.
Motlotlo wa Poeletso
• Boikaelelo jwa ga Jehofa ke eng malebana le kobamelo?
• Fa re sena go ithuta dithuto tsa motheo tsa Baebele, re tshwanetse go leka ka pelo yotlhe go dira kgatelopele efe e nngwe?
• Ke eng se mongwe le mongwe wa rona a ka se dirang gore a utlwane le baobamedi ba bangwe ba ga Jehofa?
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
‘Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, mme ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso’