Jerusalema le Tempele Tse Jesu a Neng a di Itse
KA BONAKONYANA fela morago ga go tsholwa ga ga Jesu, Josefa le Marea ba ne ba mo isa kwa motseng o Rraagwe wa selegodimo a neng a beile leina la Gagwe gone—kwa Jerusalema. (Luk 2:22-39) Fa Jesu a ne a na le dingwaga di le 12, o ne a le koo gape, go keteka Tlolaganyo. O ne a gakgamatsa barutisi fa a le kwa tempeleng, ka ntlha ya tsela e a neng a tlhaloganya dilo ka yone. (Luk 2:41-51) Tiro e e neng ya dirwa mo kagong eo ya tempele, e e neng e le nngwe ya ditiro tsa go aga tsa ga Herode yo Mogolo, e tsere lobaka lo lo fetang ‘dingwaga di le masome a manè le borataro.’—Joh 2:20.
Ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu, o ne a nna teng kwa meketeng e e neng e tshwarelwa kwa Jerusalema, koo gantsi a neng a ruta boidiidi jwa batho gone. Gabedi o ne a leleka baananyi ba madi le babapatsi mo lolwapeng lwa tempele.—Mat 21:12; Joh 2:13-16.
Kafa bokone jwa tempele, kwa mogobeng wa Bethesatha, Jesu o ne a fodisa monna yo o neng a ile a lwala dingwaga di le 38. Gape Morwa Modimo o ne a foufolola matlho a monna mongwe yo o neng a foufetse, a mmolelela gore a ye go tlhapa kwa mogobeng wa Siloame o o kafa borwa jwa motse ono.—Joh 5:1-15; 9:1, 7, 11.
Gantsi Jesu o ne a na le go etela ditsala tsa gagwe e bong Lasaro, Marea, le Maratha kwa Bethani, “mo e ka nnang dikilomitara di le tharo” ka kwa botlhaba jwa Jerusalema. (Joh 11:1, 18, ntlhanyana e e kwa tlase mo NW; 12:1-11; Luk 10:38-42; 19:29; bona “Lefelo la Jerusalema,” mo go tsebe 18.) Malatsi a sekae pele Jesu a swa o ne a tsena Jerusalema kafa Thabeng ya Lotlhware. Mo akanye a ema go leba motse ono kafa bophirima a bo a o lelela. (Luk 19:37-44) Se a se bonang se tshwanetse sa bo se ne se tshwana le se o se bonang mo godimo mo tsebeng e e latelang. Go tswa foo o ne a tsena mo Jerusalema a pagame eselana ngwana wa esele, gongwe a tsena ka nngwe ya dikgoro tse di kafa botlhaba tsa motse ono. Boidiidi bo ne jwa mo amogela jaaka Kgosi ya Iseraele ya mo isagweng.—Mat 21:9-12.
Ditiragalo dingwe tse di botlhokwa tse di diragetseng pelenyana fela ga loso lwa ga Jesu di diragetse mo mafelong a a mo Jerusalema kgotsa a a gaufi le yone: tshimo ya Gethesemane, kwa Jesu a neng a rapela gone; holo ya Sanehederine; ntlo ya ga Kaiafase; ntlo ya segosi ya ga Mmusi Pilato mme kgabagare, Gologotha.—Mar 14:32, 14:53–15:1, 16, 22; Joh 18:1, 13, 24, 28.
Fa Jesu a sena go tsoga mo baswing, o ne a bonala mo Jerusalema le mo mafelong a a gaufi le yone. (Luk 24:1-49) Go tswa foo o ne a tlhatlogela kwa legodimong a le mo Thabeng ya Lotlhware.—Dit 1:6-12.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Jerusalema/Tempele ya ga Solomone
Dikarolo Tsa Tempele
1. Boitshepo Jwa Maitshepo
2. Boitshepo
3. Sebeso sa Tshupelo e e Fisiwang
4. Lewatle le le Thetsweng
5. Lolwapa Lwa Baperesiti
6. Lolwapa Lwa Iseraele
7. Lolwapa Lwa Basadi
8. Lolwapa Lwa Baditšhaba
9. Legora (Soreg)
10. Leobo la Segosi
11. Leobo la ga Solomone
TEMPELE
Kgoro
Lolwapa Lwa Baperesiti
Kgoro
Boitshepo Sebeso sa
Jwa Maitshepo Boitshepo Tshupelo Lolwapa Lwa Lolwapa Lwa
e e Fisiwang Iseraele Basadi
Lewatle le
le Thetsweng
Kgoro Leobo la ga
Legora (Soreg) Solomone
Lolwapa Lwa Baditšhaba
Kgoro
Leobo la Segosi
Kgoro
Tora ya ga Antonia
Borogo
Holo ya Sanehederine?
MOKGATŠHA WA TYROPOEON
Mogobe wa Siloame
Mosele wa Metsi
Ntlo ya ga Kaiafase?
Ntlo ya Segosi ya Molaodi
Gologotha?
Gologotha?
Mogobe wa Bethesatha
Tshimo ya Gethesemane?
THABA YA LOTLHWARE
MOKGATŠHAWA KIDERONA
Motswedi wa Gihone
Ene-rogele
MOKGATŠHA WA HINOMA (GEHENA)
[Ditshwantsho mo go tsebe 30]
Go leba Jerusalema wa gompieno o lebile ntlheng ya botlhaba: (A) lefelo la tempele, (B) tshimo ya Gethesemane, (C) Thaba ya Lotlhware, (D) naga ya Juda, (E) Lewatle le le Suleng
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Go e lebela ntlheng ya bophirima o le mo Thabeng ya Lotlhware mo motlheng wa ga Jesu