LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • cf kgao. 15 ts. 150-160
  • “A Tlhotlheletsega go Tlhomoga Pelo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “A Tlhotlheletsega go Tlhomoga Pelo”
  • ‘Tla o Nne Molatedi wa Me’
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Akanyetsa Maikutlo a Batho ba Bangwe
  • Go Tsaya Kgato Pele go Thusa ba Bangwe
  • Kutlwelobotlhoko E ne Ya mo Tlhotlheletsa go Rera
  • A o Tlhotlheletsega go Etsa Jesu?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Jehofa—Rraarona Yo O Pelotlhomogi le Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go “Itse Lorato Lwa ga Keresete”
    Atamalana le Jehofa
  • Jehofa o Busa ka Boutlwelobotlhoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
‘Tla o Nne Molatedi wa Me’
cf kgao. 15 ts. 150-160

KGAOLO 15

“A Tlhotlheletsega go Tlhomoga Pelo”

Setshwantsho mo go tsebe 151

“Morena, a matlho a rona a bulege”

1-3. (a) Jesu o tsiboga jang fa bakopi ba babedi ba ba foufetseng ba mo kopa thuso? (b) Mafoko a a reng “a tlhotlheletsega go tlhomoga pelo” a kaya eng? (Bona mokwalo o o kwa tlase.)

BANNA ba babedi ba difofu ba dutse fa thoko ga tsela gaufi le motse wa Jeriko. Ba tla foo letsatsi le letsatsi go senka lefelo le boidiidi jwa batho bo ka fetang fa go lone gore ba kope batho madi. Le fa go ntse jalo, mo letsatsing leno, ba tlile go diragalelwa ke sengwe se se tla fetolang botshelo jwa bone gotlhelele.

2 Ka tshoganyetso bakopi bano ba utlwa modumo o mogolo. E re ka ba sa kgone go bona se se diregang, mongwe wa bone o botsa batho gore modumo oo ke wa eng, mme o bolelelwa jaana: “Jesu Monasaretha o a feta!” Jesu o mo loetong lwa gagwe lwa bofelo go ya kwa Jerusalema. Mme ga a tsamaye a le nosi; boidiidi jo bogolo jwa batho bo mo setse morago. Fa bakopi bano ba utlwa gore ke mang yo o fetang, ba tsosa modumo o mogolo le go feta ba tlhaeletsa jaana: “Morena, re utlwele botlhoko, Morwa Dafide!” Boidiidi bo tenwa ke seno mme bo laela bakopi bano gore ba didimale, le fa go ntse jalo, ba batla thuso. Ba gana go didimala.

3 Jesu o utlwa go tlhaeletsa ga bone mo gare ga modumo wa boidiidi. O tla dira eng? Go na le dilo di le dintsi tse a akantseng ka tsone le tse a amegileng thata ka tsone. O tloga a tsena mo bekeng ya bofelo ya botshelo jwa gagwe mo lefatsheng. O a itse gore o letetswe ke go bogisiwa le go bolawa setlhogo kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, ga a itlhokomolose go tlhaeletsa ga bone ba sa kgaotse. O a ema a bo a kopa gore batho ba ba mo tlhaeletsang ba tlisiwe kwa go ene. Ba ikuela jaana: “Morena, a matlho a rona a bulege.” E re ka Jesu “a tlhotlheletsega go tlhomoga pelo,” o ba ama matlho mme ba kgona go bona.a Kwantle ga go diega ba sala Jesu morago.—Luke 18:35-43; Mathaio 20:29-34.

4. Jesu o ne a diragatsa jang boporofeti jwa gore o ne a tla ‘utlwela motho wa maemo a a kwa tlase botlhoko’?

4 Jesu ga a ka a bontsha bopelotlhomogi mo lekgetlong leno fela. Ka makgetlo a le mantsi le mo maemong a a farologaneng, o ile a tlhotlheletsega go tlhomogela batho pelo. Boporofeti jwa Baebele bo ne jwa bolelela pele gore o ne a tla ‘utlwela motho wa maemo a a kwa tlase botlhoko.’ (Pesalema 72:13) Fela jaaka mafoko ao a ne a kaile, Jesu o ne a akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe tota. O ne a tsaya kgato pele go thusa batho ba bangwe. Mo tirong ya gagwe ya go rera o ne a tlhotlhelediwa ke go utlwela batho botlhoko. Mma re sekaseke kafa Diefangele di bontshang tsela e bopelotlhomogi jwa lorato bo neng bo tlhotlheletsa mafoko le ditiro tsa ga Jesu ka teng re bo re bone kafa re ka bontshang kutlwelobotlhoko e e tshwanang.

Go Akanyetsa Maikutlo a Batho ba Bangwe

5, 6. Ke dikai dife tse di bontshang gore Jesu e ne e le monna yo o kutlwelobotlhoko?

5 Jesu e ne e le motho yo o nang le bopelotlhomogi jo bogolo. O ne a tlhaloganya e bile a tlhomolwa pelo ke maikutlo a batho ba ba neng ba boga. Tota le fa a ne a sa diragalelwe ke dilo tsotlhe tse di neng di ba diragalela, ruri o ne a utlwa botlhoko jo ba neng ba bo utlwa. (Bahebera 4:15) Fa a ne a fodisa mosadi yo o neng a na le dingwaga tse 12 a tshwenngwa ke kelelo ya madi, o ile a tlhalosa bolwetse jono jwa gagwe a re ke, ‘pobolo e e hutsafatsang,’ ka go bua jalo a bontsha gore o a lemoga gore bo ne bo mo ngomotse pelo le go mmogisa thata. (Mareko 5:25-34) Fa a ne a bona Marea le batho ba ba neng ba na le ene ba lela ka ntlha ya loso lwa ga Lasaro, o ne a amiwa maikutlo thata ke kutlobotlhoko ya bone mo a neng a tshwenyega mo moyeng. Le mororo Jesu a ne a itse gore o tla tloga a tsosa Lasaro mo baswing, o ne a amega maikutlo thata mo a ileng a gelela dikeledi.—Johane 11:33, 35.

6 Nako nngwe molepero o ne a atamela Jesu mme a ikuela jaana: “Fa fela o batla, o ka nntlafatsa.” Jesu, yo o neng a itekanetse e bile a ise a ko a tsamaye a lwale, o ile a tsiboga jang? O ne a utlwela molepero yono botlhoko. Ee ruri, o ne “a tlhomoga pelo.” (Mareko 1:40-42) Go tswa foo o ne a dira sengwe se se sa tlwaelegang. O ne a itse sentle gore go ya ka Molao, balepero ba ne ba itshekologile mme ba sa tshwanela go tswakana le batho ba bangwe. (Lefitiko 13:45, 46) Ruri Jesu o ne a ka kgona go fodisa monna yono kwantle ga gore a mo ame. (Mathaio 8:5-13) Le fa go ntse jalo, o ne a tlhopha go ama molepero yono, a re: “Ke a batla. Ntlafala.” Ka yone nako eo lepero la nyelela. A kutlwelobotlhoko e kgolo ruri!

Setshwantsho mo go tsebe 154

Bontsha “go utlwela ba bangwe botlhoko”

7. Ke eng se se ka re thusang go nna kutlwelobotlhoko, mme re ka bontsha kutlwelobotlhoko jang?

7 Rona Bakeresete re kgothalediwa go etsa sekao sa ga Jesu sa go nna kutlwelobotlhoko. Baebele e re kgothaletsa “go utlwela ba bangwe botlhoko.”b (1 Petere 3:8) Go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go tlhaloganya ka botlalo botlhoko jo bo utlwiwang ke batho ba ba lwalang bolwetse jo bo masisi kgotsa bolwetse jwa go ngomoga thata mo maikutlong—segolobogolo fa re ise re ko re tshwarwe ke bolwetse jo bo ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, gopola gore ga o tlhoke gore o bo o le mo seemong se se tshwanang le sa mongwe gore o kgone go mo utlwela botlhoko. Jesu o ne a utlwela balwetse botlhoko le mororo ene a ne a ise a ko a tsamaye a lwale. Ka gone, re ka dira jang gore re nne kutlwelobotlhoko? Ka go reetsa ka bopelotelele fa batho ba ba bogang ba re tshololela maikutlo a bone. Re ka ipotsa jaana, ‘Fa nkabo ke le mo seemong sa bone, ke ne ke tla ikutlwa jang?’ (1 Bakorintha 12:26) Fa re lwela go akanyetsa maikutlo a ba bangwe, re tla kgona go ‘bua ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo.’ (1 Bathesalonika 5:14) Ka dinako tse dingwe, motho a ka bontsha go utlwela ba bangwe botlhoko e seng fela ka mafoko mme gape le ka dikeledi. Baroma 12:15 ya re: “Lelang le batho ba ba lelang.”

8, 9. Jesu o ne a bontsha jang gore o akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe?

8 Jesu o ne a akanyetsa batho ba bangwe, e bile o ne a dira dilo ka tsela e e bontshang go akanyetsa maikutlo a bone. Gopola nako ele ya fa monna yo o susu e bile a sa kgone go bua sentle, a ne a tlisiwa kwa go Jesu. Gongwe ka gonne Jesu a ne a lemoga gore monna yono o tlhabiwa ke ditlhong, o ne a dira sengwe se a neng a se ke a se dira fa a fodisa batho: “[O ne] a tlosa [monna yono] mo boidiiding.” Fa a sena go mo tseela kwa thoko jalo a sa tlhole a lebilwe ke boidiidi jwa batho, o ne a mo fodisa.—Mareko 7:31-35.

9 Jesu o ne a bontsha go akanyetsa ba bangwe jalo le fa batho ba ne ba tlisa monna yo o foufetseng kwa go ene ba mo kopa gore a mo fodise. O ne a “tshwara monna yo o foufetseng yono ka seatla” mme “a mo ntshetsa ka kwa ntle ga motsana.” Go tswa foo a fodisa monna yono kgato ka kgato. Gongwe o ne a dira jalo go letla gore boboko le matlho a monna yono a tlwaele lesedi le le bogale le go phatshima ga letsatsi ka bonya ka bonya. (Mareko 8:22-26) A bo Jesu a ile a bontsha go akanyetsa monna yono thata jang ne!

10. Re ka bontsha ka ditsela dife gore re akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe?

10 Go nna balatedi ba ga Jesu go re tlhoka gore re bontshe go akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe. Ka gone, re ela tlhoko se re se buang ka go itse gore go bua re sa akanyetse go ka gobatsa maikutlo a ba bangwe fela thata. (Diane 12:18; 18:21) Mafoko a a tlhabang, a a kgobang le go sotla ba bangwe ka puo ga go amogelege mo Bakereseteng, ka gonne ba leka ka natla go akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe. (Baefeso 4:31) Bagolwane, lo ka bontsha jang gore lo akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe? Fa lo ba neela kgakololo, nolofatsang mafoko a lona ka go nna pelonomi, lo sa amoge motho yo o lo reeditseng seriti sa gagwe. (Bagalatia 6:1) Batsadi, lo ka bontsha jang gore lo akanyetsa maikutlo a bana ba lona? Fa lo ba otlhaya, lekang go dira jalo ka ditsela tse di se kitlang di ba tlhabisa ditlhong go sa tlhokege.—Bakolosa 3:21.

Go Tsaya Kgato Pele go Thusa ba Bangwe

11, 12. Ke dipego dife tsa Baebele tse di bontshang gore Jesu o ne a sa letele gore a kopiwe pele, pele ga a bontsha ba bangwe kutlwelobotlhoko?

11 Jesu o ne a sa letele gore a kopiwe pele, pele ga a ka bontsha go utlwela batho botlhoko. Tota e bile, kutlwelobotlhoko ke nonofo e e tlhotlheletsang motho go dira sengwe go thusa motho yo mongwe. Ka gone, ga go gakgamatse go bo bopelotlhomogi jwa lorato bo ile jwa tlhotlheletsa Jesu go tsaya kgato pele go thusa batho ba bangwe. Ka sekai, fa bodiidi jo bogolo jwa batho bo ne bo feditse malatsi a le mararo bo na le ene bo se na dijo, ga go a ka ga tlhokega gore mongwe a gopotse Jesu gore batho bano ba ne ba tshwerwe ke tlala kana gore a dire sengwe ka gone. Pego eo ya re: “Jesu a biletsa barutwa ba gagwe kwa go ene a re: ‘Ke utlwa ke tlhomogela boidiidi jono pelo, ka gonne e setse e le malatsi a le mararo ba ntse le nna mme ga ba na se ba ka se jang; ga ke batle go ba naya tsela ba sa ja sepe. Gongwe ba ka felelwa ke thata mo tseleng.’” Go tswa foo, o ne a fepa boidiidi joo ka kgakgamatso ka boene fela a sa kopiwa ke ope.—Mathaio 15:32-38.

12 Akanya ka pego e nngwe. Ka 31 C.E., fa Jesu a ne a atamela motse wa Naina, o ne a kopana le tiragalo e e utlwisang botlhoko. Mokoloko wa phitlho o ne o tswa mo motseng, gongwe o lebile kwa mabitleng a kwa thoteng e e fa gaufi, go ya go fitlha “morwa yo o tsetsweng a le esi wa . . . motlholagadi.” Akanya fela ka kutlobotlhoko ya mmè yono. O ne a tla tloga a fitlha morwawe yo o esi mme gape o ne a se na monna yo o ka gomotsanang le ene. Mo bathong botlhe ba ba neng ba le mo mokolokong oo, Jesu o ne ‘a tshogana a bona,’ motlholagadi yono yo jaanong a se nang ngwana. Se o neng a se bona se ne sa mo ama—ee o ne a “tlhotlheletsega go mo tlhomogela pelo.” Ga go ope yo o neng a tshwanelwa ke go mo kopa gore a thuse. Go tlhomoga pelo goo go ne ga mo tlhotlheletsa go tsaya kgato. Ka jalo o ne a “atamela a ama setsholo,” go tswa foo a tsosa lekawana leo mo baswing. Go ne ga direga eng morago ga moo? Jesu o ne a se ka a kopa lekawana leo go tsamaya le ene le boidiidi joo jo bo neng bo tsere mosepele le ene. Go na le moo, o ne “a mo naya mmaagwe,” a dira gore ba boe ba nne lelapa gape le go tlhomamisa gore motlholagadi yono o nna le mongwe yo a mo tlhokomelang.—Luke 7:11-15.

Setshwantsho mo go tsebe 157

Tsaya kgato pele go thusa ba ba tlhokang

13. Re ka etsa Jesu jang ka go tsaya dikgato tse di tshwanetseng go thusa batho ba ba tlhokang thuso?

13 Re ka etsa sekao sa ga Jesu jang? Ke boammaaruri gore re ka se kgone go naya batho dijo ka kgakgamatso kgotsa go tsosa baswi. Le fa go ntse jalo, re ka kgona go etsa Jesu ka go tsaya kgato pele go thusa batho ba ba tlhokang thuso. Modumedi ka rona a ka tswa a na le mathata a a masisi a tsa madi kgotsa a latlhegetswe ke tiro. (1 Johane 3:17) Legae la motlholagadi le ka tswa le tlhoka go baakanngwa ka potlako. (Jakobe 1:27) Re ka tswa re itse lelapa lengwe le le tlhokafaletsweng le le tlhokang go gomodiwa kana go thusiwa ka tsela nngwe. (1 Bathesalonika 5:11) Fa batho ba tlhoka thuso ya rona tota ga re a tshwanela go leta pele gore re kopiwe thuso e bo e le gone re ba thusang. (Diane 3:27) Kutlwelobotlhoko e tla re tlhotlheletsa go tsaya dikgato tse di tshwanetseng go thusa ba bangwe go ya kafa maemo a rona a letlang ka teng. Le ka motlha o se lebale gore go direla ba bangwe bopelonomi kgotsa go bua le bone mafoko a kgomotso a a tswang pelong e ka nna tsela e e maatla ya go bontsha kutlwelobotlhoko.—Bakolosa 3:12.

Kutlwelobotlhoko E ne Ya mo Tlhotlheletsa go Rera

14. Ke eng fa Jesu a ile a dira gore tiro ya go rera dikgang tse di molemo e nne yone e tlang pele?

14 Jaaka fa re bone mo Karolong ya 2 ya buka eno, Jesu o re tlhometse sekao se se molemo tota sa go rera dikgang tse di molemo. O ile a re: “Ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.” (Luke 4:43) Ke eng fa a ile a dira gore tiro eno e nne yone e tlang pele mo botshelong jwa gagwe? O ne a dira jalo segolobogolo ka ntlha ya go rata Modimo. Mme go na le lebaka le lengwe gape: Go utlwela batho botlhoko go tswa pelong go ne ga mo tlhotlheletsa go tsibogela dilo tsa semoya tse batho ba bangwe ba neng ba di tlhoka. Mo ditseleng tsotlhe tse a neng a bontsha kutlwelobotlhoko ka tsone, ga go na epe e e neng e le botlhokwa go gaisa go namola batho mo tlaleng ya dijo tsa semoya. A re sekaseke ditiragalo tse pedi tse di bontshang kafa Jesu a neng a leba batho ba a neng a ba rerela ka teng. Seo se ka re thusa go itlhatlhoba ka borona gore ke eng se se re tlhotlheletsang go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa.

15, 16. Tlhalosa ditiragalo tse pedi tse di bontshang kafa Jesu a neng a leba batho ba a neng a ba rerela ka teng.

15 Ka 31 C.E., morago ga gore Jesu a fetse dingwaga di ka nna pedi a dira ka natla mo bodireding, o ne a oketsa seabe sa gagwe ka go tswa letsholo la go “etela metse yotlhe le metsana” ya Galalea. Se a se boneng se ne sa mo ama pelo. Moaposetoloi Mathaio o bega jaana: “Fa a bona boidiidi a utlwa a ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Mathaio 9:35, 36) Jesu o ne a tlhomogela batho pelo. O ne a lemoga maemo a semoya a a utlwisang botlhoko a ba neng ba le mo go one. O ne a itse gore ba ne ba tshwarwa makgwakgwa le go tlhokomologiwa setlhogo ke batho ba e neng e tshwanetse go nna badisa ba bone—baeteledipele ba bodumedi. E re ka Jesu a ne a tlhotlhelediwa ke go utlwela batho botlhoko, o ne a dira ka natla go fitlhelela batho ka molaetsa wa tsholofelo. Selo se ba neng ba se tlhoka thata e ne e le dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo.

16 Go ne ga direga sengwe se se tshwanang le seo dikgwedi di se kae moragonyana, ka nako ya fa Tlolaganyo e ne e atametse ka 32 C.E. Ka nako eo, Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tsaya mokoro mme ba kgabaganya Lewatle la Galalea ba batlana le lefelo la go ikhutsa le le didimetseng. Le fa go ntse jalo boidiidi jwa batho bo ne jwa tabogela pele go iphaphatha le lobopo mme jwa goroga ka kwa ga lewatle pele ga mokoro. Jesu o ne a tsibogela seo jang? “Ya re a tswa, a bona boidiidi jo bogolo, mme a tlhotlheletsega go ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba tshwana le dinku tse di se nang modisa. Mme a simolola go ba ruta dilo di le dintsi.” (Mareko 6:31-34) Le fano Jesu o ne a ‘tlhotlheletsega go tlhomogela batho pelo’ ka ntlha ya go sotlega ga bone semoyeng. Jaaka “dinku tse di se nang modisa,” ba ne ba bolawa ke tlala ya semoya mme ba tshwanelwa ke go itlamela ka bobone semoyeng. Jesu o ne a tlhotlheletsega go ba rerela ka gonne a ne a ba tlhomogela pelo e seng fela ka gonne a ne a ikutlwa a patelesega.

Setshwantsho mo go tsebe 159

Rera o na le kutlwelobotlhoko

17, 18. (a) Ke eng se se re tlhotlheletsang go nna le seabe mo bodireding? (b) Ke eng se se ka re thusang go nna le kutlwelobotlhoko?

17 Rona balatedi ba ga Jesu, ke eng se se re tlhotlheletsang go nna le seabe mo bodireding? Jaaka fa re bone mo go Kgaolo 9 ya buka eno, re na le kabelo, boikarabelo jwa go rera le go dira batho barutwa. (Mathaio 28:19, 20; 1 Bakorintha 9:16) Mme selo se se re tlhotlheletsang go nna le seabe mo tirong eno ga ya tshwanela go nna fela ka gonne e le boikarabelo jwa rona. Selo sa botlhokwa go feta ke gore lorato lo re ratang Jehofa ka lone ke lone lo lo re tlhotlheletsang go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa gagwe. Gape re dira tiro eno ya go rera ka gonne re tlhotlhelediwa ke go utlwela botlhoko batho ba e seng badumedi ka rona. (Mareko 12:28-31) Ke eng se se ka re thusang go nna le kutlwelobotlhoko e e ntseng jalo?

18 Re tshwanetse go leba batho go ya kafa Jesu a neng a ba leba ka teng—“ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” Akanya fela o fitlhela kwanyana e e latlhegileng. Kwanyana eno e e tlhomolang pelo e tshwerwe ke tlala e bile e nyorilwe ka gonne e se na modisa yo o e isang kwa mafulong a matala le kwa metsing. A o ne o ka se tlhomogele kwanyana eno pelo? A o ne o ka se dire bojotlhe go e tlamela ka dijo le metsi? Kwanyana eno e tshwana le batho ba le bantsi ba ba iseng ba itse dikgang tse di molemo. Batho bano ba bolawa ke tlala le lenyora la semoya e bile ga ba na tsholofelo epe ka isagwe ka gonne ba tlhokomologilwe ke badisa ba bone ba bodumedi ba maaka. Re na le se ba se tlhokang: dijo tse di otlang tsa semoya le metsi a a lapolosang a boammaaruri jo bo fitlhelwang mo Lefokong la Modimo. (Isaia 55:1, 2) Fa re akanya ka dilo tsa semoya tse batho ba re tshelang le bone ba di tlhokang, re ikutlwa re ba tlhomogela pelo. Fa jaaka Jesu re utlwela batho botlhoko, re tla dira sotlhe se re ka se kgonang go ba itsise tsholofelo ya Bogosi.

19. Re ka dira eng go kgothatsa moithuti wa Baebele yo o tshwanelegang go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa?

19 Re ka thusa batho ba bangwe jang go latela sekao sa ga Jesu? A re re o batla go kgothatsa motho yo o ithutang Baebele yo o tshwanelegang go simolola go nna le seabe mo tirong ya bodiredi jwa phatlalatsa. Kgotsa gongwe o batla go thusa motho yo o tsidifetseng go boa a nna le seabe ka botlalo mo bodireding. Re ka thusa batho ba ba ntseng jalo jang? Re tshwanetse go leka go ba ama dipelo. Gakologelwa gore Jesu o ne a tlhotlhelediwa pele ke ‘go tlhomogela batho pelo’ e bo e le gone a ba rutang. (Mareko 6:34) Ka jalo fa re ka ba thusa go ithuta go nna le kutlwelobotlhoko, go ka direga thata gore dipelo tsa bone di ba tlhotlheletse go tshwana le Jesu mme ba nne le seabe mo go boleleleng ba bangwe dikgang tse di molemo. Re ka nna ra ba botsa jaana: “Go amogela molaetsa wa Bogosi go tokafaditse botshelo jwa gago jang? Go tweng ka batho ba ba iseng ba utlwe molaetsa ono—a le bone ga ba tlhoke dikgang tse di molemo? O ka dira eng go ba thusa?” Ke boammaaruri gore selo se segolo se se re tlhotlheletsang go nna le seabe mo bodireding ke go rata Modimo le go batla go mo direla.

20. (a) Go nna molatedi wa ga Jesu go akaretsa eng? (b) Go tla sekasekwa eng mo kgaolong e e latelang?

20 Go nna molatedi wa ga Jesu ga go akaretse fela go bolelela ba bangwe dilo tse a di buileng le go dira dilo tse a di dirileng. Re tshwanetse go nna le ‘boikutlo jwa mogopolo’ jo bo tshwanang le jo a neng a na le jone. (Bafilipi 2:5) Ka gone, a bo re leboga jang ne go bo Baebele e re senolela megopolo le maikutlo a re a lemogang mo mafokong le mo ditirong tsa ga Jesu! Fa re tlwaelana le “mogopolo wa ga Keresete,” re tla kgona go ithuta go akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe le go ba utlwela botlhoko mme ka go dira jalo re ba tshwara ka tsela e Jesu a neng a tshwara batho ka yone. (1 Bakorintha 2:16) Mo kgaolong e e latelang, re tla sekaseka ditsela tse di farologaneng tse Jesu a neng a bontsha go rata balatedi ba gagwe ka tsone.

a Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “a tlhotlheletsega go tlhomoga pelo” le ile la tlhalosiwa e le lengwe la mafoko a a nonofileng go gaisa otlhe mo Segerikeng le le tlhalosang maikutlo a go nna kutlwelobotlhoko. Buka nngwe e bolela gore lefoko leno ga le bolele fela “go utlwisiwa botlhoko ke go bona motho yo mongwe a boga, go na le moo, le bolela le go nna le keletso e kgolo ya go namola le go tlosa pogo eo.”

b Letlhaodi la Segerika le le ranotsweng e le “go utlwela ba bangwe botlhoko” totatota le kaya “go utlwa botlhoko jo ba bangwe ba bo utlwang.”

O ka Latela Jesu Jang?

  • Jesu o ne a bontsha go nna kutlwelobotlhoko jang mo tseleng e a neng a dirisa taolo ka yone, mme re ka mo etsa ka tsela efe?—Mathaio 11:28-30.

  • Ke eng fa go le botlhokwa gore re etse sekao sa ga Jesu sa go bontsha batho ba bangwe bopelotlhomogi?—Mathaio 9:9-13; 23:23.

  • Jesu o ne a bontsha ka ditiro dife gore o tlhaloganya maikutlo a batho ba bangwe, mme re ka dira eng go etsa sekao sa gagwe?—Luke 7:36-50.

  • Setshwantsho sa Mosamarea yo o molemo se bontsha jang gore kutlwelobotlhoko ke nonofo e e molemo, mme re ka dirisa jang thuto e e botlhokwa e setshwantsho seno se re rutang yone?—Luke 10:29-37.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela