Jehofa—Rraarona Yo O Pelotlhomogi le Lorato
“Jehofa o tletse lorato e bile o pelotlhomogi.”—JAKOBE 5:11, mokwalo o o kwa tlase go NW.
1. Ke eng fa batho ba ba ikokobeditseng ba kgatlhegela Jehofa Modimo?
LOBOPO lo logolo mo e leng gore baithutadinaledi ga ba kgone go bala masagaripa a lone otlhe. Losagaripa lwa rona, Lesomo la Molala wa Tladi, le legolo mo e leng gore ga go na motho ope yo a ka kgonang go bala dinaledi tsa lone tsotlhe. Dinaledi dingwe, tse di tshwanang le Antares, di feta letsatsi ka bogolo le ka go phatsima go menagane ka makgetlho a le diketekete. A bo Mmopi yo Mogolo wa dinaledi tsotlhe tse di mo lobopong a tshwanetse a bo a le maatla jang ne! Eleruri, ke “yo o bolotsang lesomosomo la tsone ka palo; o di bitsa tsotlhe ka maina.” (Isaia 40:26) Lefa go ntse jalo, Modimo ono o o boifisang gape o “tletse lorato e bile o pelotlhomogi.” Kitso e e ntseng jalo e lapolosa batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikokobeditseng, bogolo jang ba ba bogisiwang, ba ba lwalang, ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong kana ba ba nang le mathata a mangwe fela!
2. Gantsi batho ba lefatshe leno ba leba maikutlo a a neneketsang jang?
2 Batho ba le bantsi ba akanya gore maikutlo a a neneketsang, a a tshwanang le “mautlwelobotlhoko a manana le mapelotlhomogi” a ga Keresete, a supa bokoa. (Bafilipi 2:1) E re ka ba tlhotlhelediwa ke megopolo ya gore ba itlhageletse fela, ba kgothaletsa batho gore ba batle go nna kwa pele lefa seo se ka utlwisa ba bangwe botlhoko. Bagaka ba bantsi ba tsa boitlosobodutu le metshameko ke badipa ba ba se kang ba rothisa dikeledi kana go supa lorato lo lo neneketsang. Babusi bangwe ba dipolotiki ba dira fela jalo. Rafilosofi wa Mo-Stoic ebong Seneca, yo o neng a ruta mmusimogolo yo o setlhogo Nero, o ne a gatelela gore “go utlwela botlhoko go supa gore o bokoa.” Cyclopædia ya ga M’Clintock le Strong e bolela jaana: “Dithuto tsa Bo-Stoic . . . di santse di tlhotlheletsa megopolo ya batho le gompieno.”
3. Jehofa o ne a itlhalosetsa Moshe jang?
3 Go farologana le seo, botho jwa Mmopi wa batho bo a nametsa. O ne a itlhalosetsa Moshe ka mafoko ano: “Jehofa, Jehofa, Modimo o o tletseng bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la boutlwelo botlhoko le boammaaruri, . . . o o itshwarelang tshiamololo, le tlolo, le boleo; le o o se ketlang o golola yo o molato gope.” (Ekesodo 34:6, 7) Ke boammaaruri, Jehofa o ne a wetsa tlhaloso eno ka go gatelela gore o rata tshiamiso. Ga a kitla a lesa baleofi ba ba leofang ka boomo a sa ba otlhae. Lefa go ntse jalo, o itlhalosa la ntlha e le Modimo o o pelotlhomogi.
4. Lefoko la Sehebera le gantsi le ranolwang jaaka “kutlwelobotlhoko” le kaya eng se se itumedisang?
4 Ka dinako tse dingwe lefoko “kutlwelobotlhoko” le akanngwa fela gore le kaya go sa otlhaye motho yo o lebanweng ke kotlhao kwa kgotleng mme e se go mmontsha lorato. Lefa go ntse jalo, fa go bapisiwa dithanolo tsa Baebele go fitlhelwa gore letlhaodi la Sehebera le le tswang mo lediring ra·chamʹ le kaya sengwe se segolo tota. Bakanoki bangwe ba re totatota le kaya “go nna boleta.” Buka ya Synonyms of the Old Testament e tlhalosa gore “racham, e kaya boikutlo jo bo kwa teng le jwa bopelotlhomogi le lorato, jo re bo utlwang fa re bona batho ba re ba ratang kana ba ba tlhokang thuso ya rona ba le bokoa kana ba tshwenyegile.” Ditsela tse dingwe tse di itumedisang tse nonofo eno e e eletsegang e tlhalosiwang ka tsone di ka bonwa go Insight on the Scriptures, Bolumo 2, ditsebe 375-9.
5. Molao wa ga Moshe o ne o supa kutlwelobotlhoko jang?
5 Bopelotlhomogi le lorato lwa Modimo di bonala sentle mo Molaong o a neng a o naya morafe wa Iseraele. Batho ba ba sotlegang, ba ba tshwanang le batlholagadi, masiela le bahumanegi, ba ne ba tshwanetse go bontshiwa bopelotlhomogi. (Ekesodo 22:22-27; Lefitiko 19:9, 10; Duteronome 15:7-11) Batho botlhe, go akaretsa batlhanka le diphologolo, ba ne ba tshwanetse go itumelela Sabata ya beke le beke ya go ikhutsa. (Ekesodo 20:10) Mo godimo ga moo, Modimo o ne o ela tlhoko batho ba ba neng ba tshwara batho ba ba kwa tlase ka go ba pepetletsa. Diane 19:17 e bolela jaana: “Yo o tlhomogelang bahumanegi pelo o adima Jehofa, mme o tlaa ba a mo duelela tiro ya gagwe e e molemo.”
Fa Bopelotlhomogi jwa Modimo bo Emang Teng
6. Ke eng fa Jehofa a ne a romela baperofeti le barongwa kwa bathong ba gagwe?
6 Baiseraele ba ne ba bidiwa ka leina la Modimo e bile ba ne ba obamela kwa tempeleng e e kwa Jerusalema, e e neng e le ‘ntlo ya leina la ga Jehofa.’ (2 Ditirafalo 2:4; 6:33) Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, ba ne ba simolola go letla boitsholo jo bo sa siamang, go obamela medimo ya disetwa, le go bolaya, ka go dira jalo ba dira gore leina la ga Jehofa le kgobiwe thata. Go dumalana le botho jwa gagwe jwa go nna pelotlhomogi, Modimo o ne wa nna pelotelele mme wa leka go baakanya boemo jo bo maswe jono kwantle ga go tlisa masetlapelo mo morafeng otlhe. O ne wa “roma kwa go bone ka barongwa ba gagwe, a phakela a ba roma; gonne a utlwela batho ba gagwe botlhoko, le felo ga boago jwa gagwe; mme ba sotla barongwa ba Modimo, ba nyatsa mafoko a gagwe, ba tshega baperofeti ba gagwe, ga tsamaya bogale jwa ga Jehofa jwa tsogela batho ba gagwe, ga tsamaya phodiso ya tlhokafalela ruri.”—2 Ditirafalo 36:15, 16.
7. Fa bopelotlhomogi jwa ga Jehofa bo ne bo fitlha fa bo emang teng, go ne ga diragala eng ka bogosi jwa Juta?
7 Lefa Jehofa a le pelotlhomogi e bile a le bonya go galefa, fa go tlhokega o galefa ka tsela e e siameng. Bogologolo ka nako eo, bopelotlhomogi jwa Modimo bo ne bo fitlhile fa bo felelang teng. Re bala matswela a gone jaana: “Ke gone ka moo [Jehofa] o lerileng mo go bone kgosi ya Bagalatea, ya bolaela makau a bone ka tšhaka mo ntlong ya felo ga boitshepo ga bone, ya se ka ya utlwela lekau le fa e le morweetsana, motsofe le fa e le motho wa bogologolo botlhoko; wa ba neela botlhe mo seatleng sa yone.” (2 Ditirafalo 36:17) Ka jalo Jerusalema le tempele ya yone di ne tsa senngwa, mme morafe o ne wa isiwa botshwarwa kwa Babilone.
Go Tlhomogela Leina la Gagwe Pelo
8, 9. (a) Ke eng fa Jehofa a ne a bolela gore o ne a tla tlhomogela leina la gagwe pelo? (b) Baba ba ga Jehofa ba ne ba tswalwa melomo jang?
8 Merafe e e neng e le gaufi le foo e ne ya itumelela masetlapelo ano. Ba ne ba bolela jaana ba sotla: “Bao ke batho ba ga Jehofa, mme ba dule mo lefatsheng la gagwe.” Jehofa o ne a bolela jaana e re ka a ne a amiwa ke go kgalwa jalo: “Ka tlhomogela leina la me le le boitshepo pelo . . . Ke tlaa itshepisa leina la me le legolo, . . . mme merafe e tlaa itse fa ke le Jehofa.”—Esekiele 36:20-23.
9 Fa morafe wa gagwe o sena go nna kwa botshwarwa dingwaga di le 70, Jehofa, Modimo o o pelotlhomogi, o ne wa o golola wa ba wa o letla gore o boe o age tempele e e kwa Jerusalema sesha. Seno se ne sa tswala merafe e e fa gaufi melomo, mme ya sala e lebile fela e akabetse. (Esekiele 36:35, 36) Lefa go ntse jalo, ka maswabi, morafe wa Iseraele o ne wa boa wa dira ditiro tse di bosula gape. Nehemia, Mojuta yo o ikanyegang, o ne a thusa go baakanya seemo. O ne a rapela phatlalatsa a bolela bopelotlhomogi jo Modimo a neng a dirisana le morafe oo ka jone, a re:
10. Nehemia o ne a supa jang gore Jehofa o pelotlhomogi?
10 “E rile mo motlheng wa patikego ya bone, ka ba goela kwa go wena, wa utlwa o le mo legodimong; mme ka mautlwelobotlhoko a gago a le mantsi, wa ba naya bagolodi, ba ba ba golotseng mo seatleng sa baba ba bone. E ne e tle e re ba sena go bona boikhutso, ba be ba dire bosula fa pele ga gago gape: ke gone ka moo o ne wa ba tlogela mo seatleng sa baba ba bone, mme ba dira le taolo mo go bone. Le fa go ntse jalo, e ne e re ba boa, ba go lelela, o ba utlwe o le mo legodimong; wa ba golola gantsi ka fa mautlwelongbotlhoko a gago. . . . Wa iphapaanya nabo ka dinyaga di le dintsi.”—Nehemia 9:26-30; bona gape le Isaia 63:9, 10.
11. Jehofa o farologana jang le medimo ya batho?
11 Kgabagare, fa morafe wa Bajuta o sena go gana Morwa wa Modimo yo o rategang, o ne wa latlhegelwa ruri ke boemo jwa one jwa go ratiwa. Modimo o ne o ile wa dirisana le bone ka boikanyegi ka dingwaga tse di fetang 1 500. Seo ke bosupi jo bo nnetseng ruri jwa gore Jehofa eleruri ke Modimo o o kutlwelobotlhoko. A bo a farologane thata jang ne le medimo e e setlhogo le e e senang kutlwelobotlhoko e e dirilweng ke batho ba ba tletseng boleo!—Bona tsebe 8.
Bopelotlhomogi Jo Bogolo Thata Jo Bo Supilweng
12. Modimo o ne wa supa bopelotlhomogi jwa one jang ka tsela e kgolo go gaisa tsotlhe?
12 Modimo o ne wa supa bopelotlhomogi jo bogolo thata ka go romela Morwawe yo o rategang mo lefatsheng. Ke boammaaruri, botshelo jwa ga Jesu jwa bothokgami bo ne jwa itumedisa Jehofa thata jwa dira gore a kgone go araba maiphako a ga Diabolo a maaka ka botlalo. (Diane 27:11) Lefa go ntse jalo, go bona Morwawe yo a mo ratang a swa loso lo lo setlhogo lwa matlhabisaditlhong go tshwanetse ga bo go ile ga utlwisa Jehofa botlhoko jo bogolo go feta jo motsadi ope wa motho a kileng a bo utlwa. E ne e le setlhabelo se se dirwang ka lorato tota, se se neng se bulela batho tsela ya gore ba bolokwe. (Johane 3:16) Fela jaaka Sekaria, rraagwe Johane Mokolobetsi a boleletse pele, go ne go tlotlomatsa “boutlwelobotlhoko jo bonana jwa Modimo wa rona.”—Luke 1:77, 78.
13. Jesu o ile a supa botho jwa ga Rraagwe ka tsela efe ya botlhokwa?
13 Gape batho ba ne ba kgona go itse botho jwa ga Jehofa botoka fa Morwa Modimo a ne a romelwa mo lefatsheng. Ka tsela efe? Ka gonne Jesu o ne a supa botho jwa ga Rraagwe ka tsela e e feletseng, segolobogolo ka tsela e a neng a tshwara batho ba maemo a a kwa tlase ka yone ka go ba tlhomogela pelo ka lorato! (Johane 1:14; 14:9) Mo ntlheng eno, bakwadi ba bararo ba Efangele ebong Mathaio, Mareko, le Luke ba dirisa lediri la Segerika, splag·khniʹzo·mai, le le tswang mo lefokong la Segerika le le kayang “mala.” Mokanoki wa Baebele, William Barclay, o tlhalosa jaana: “Go kgonwa go lemogiwa ka modi o le tswang mo go one gore le tlhalosa sengwe se se fetang go utlwela botlhoko kana bopelotlhomogi fela jo bo tlwaelegileng, mme ke boikutlo jo bo tlhotlheletsang motho go dira se a se utlwang kwa teng. Ke lone lefoko le le nonofileng go feta a mangwe otlhe mo Segerikeng le le dirisediwang bopelotlhomogi.” Ka ditsela tse dingwe le ranolwa jaaka “go tlhomogela pelo” kana “go tlhotlhelediwa ke go tlhomoga pelo.”—Mareko 6:34; 8:2, bapisa NW.
Fa Jesu A Ne A Tlhomoga Pelo
14, 15. Jesu o utlwela mongwe botlhoko jang kwa motseng wa Galilea, mme seno se kaya eng?
14 Seno se diragala kwa motseng wa Galilea. Monna mongwe “yo o tletseng lepero” o tla kwa go Jesu a sa mo tlhagise kafa go tlwaelegileng ka gone. (Luke 5:12) A Jesu o mo kgalema ka bogale ka gonne a sa tlhaeletsa a re, “Itshekologo! Itshekologo!” jaaka Molao wa Modimo o ne o mo laela? (Lefitiko 13:45) Nnyaa. Go na le moo, Jesu o reetsa kopo eno ya monna yono yo o tlaletsweng: “Fa o rata o na le thata ya go mphepafatsa.” “Ya re ka a tlhomoga pelo,” Jesu a ntsha letsogo mme a ama molepero a re: “Ke a rata, phepafadiwa.” Monna o ne a itekanela gape ka ponyo ya leitlho. Jesu o ne a bontsha jalo gore Modimo ga o a mo naya fela maatla a go dira dikgakgamatso mme gape o na le lorato le le mo tlhotlheletsang gore a dirise nonofo e e ntseng jalo.—Mareko 1:40-42.
15 A batho ba tshwanetse go ya kwa go Jesu pele a ka ba tlhomogela pelo? Nnyaa. Nako nngwe moragonyana ga foo o kopana le mokoloko wa batho ba ya phitlhong ba tswa kwa motseng wa Naine. Kwantle ga pelaelo, Jesu o ne a kile a bona diphitlho tse dintsi, mme eno e ne e utlwisa botlhoko thata. Moswi e ne e le morwa yo o esi wa mosadi wa motlholagadi. “A mo tlhomogela pelo,” ke fa Jesu a mo atamela a re: “Se lele.” Morago ga foo a dira kgakgamatso e e tlhomologileng thata ya go tsosa morwawe gore a tshele gape.—Luke 7:11-15.
16. Ke eng fa Jesu a utlwela boidiidi jo bo mo setseng morago botlhoko?
16 Thuto e e kgatlhang thata e e neng ya ithutiwa mo ditiragalong tse di fa godimo ke gore fa Jesu a ‘tlhomoga pelo,’ o dira sengwe se se mosola go thusa. Mo tiragalong nngwe gape moragonyana, Jesu o leba boidiidi jo bogolo jwa batho jo bo ntseng bo mo setse morago. Mathaio o bega gore “a ba tlhomogela pelo, ka ba patikegile ba gasagasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Mathaio 9:36) Bafarisai ga ba dire sepe se se kalo go naya batho ba maemo a a kwa tlase dijo tsa semoya. Go na le moo, ba imetsa batho ka melawana e mentsi e e sa tlhokegeng. (Mathaio 12:1, 2; 15:1-9; 23:4, 23) Tsela e ba lebang batho ba maemo a a kwa tlase ka yone e ne ya bonala fa ba ne ba bolela jaana ka batho ba ba neng ba reetsa Jesu: “Batho ba ba bantsi ba ba sa itseng molao, ba hutsegile.”—Johane 7:49.
17. Kutlwelobotlhoko ya ga Jesu e mo tlhotlheletsa go direla boidiidi jwa batho eng, mme ka go dira jalo o ba neela kaelo efe e e ba amang thata?
17 Go farologana le seo, Jesu o ne a amega tota ka boemo jo bo maswe jwa semoya jwa boidiidi joo. Mme lefa go ntse jalo, batho ba ba kgatlhegang ba bantsi thata gore a ka kgona go ba tlamela ka bongwe ka bongwe. Ka jalo o bolelela barutwa ba gagwe gore ba rapele gore go nne le badiri ba ba oketsegileng. (Mathaio 9:35-38) Go dumalana le dithapelo tseo, Jesu o roma baaposetoloi go ya go bolela molaetsa ono: “Bogosi jwa legodimo bo atametse.” Dikaelo tse a neng a di ba naya ka nako eo di ile tsa kaela Bakeresete sentle go tla go fitlha gompieno. Ga go belaetse gore, bopelotlhomogi jwa ga Jesu bo mo tlhotlheletsa go naya batho dijo tsa semoya.—Mathaio 10:5-7.
18. Jesu o dira eng fa boidiidi bo ya kwa go ene a ikhuditse, mme re ithuta eng mo go seno?
18 Mo lekgetlhong le lengwe, Jesu o ne a amega thata gape ka dilo tsa semoya tse boidiidi bo neng bo di tlhoka. Ka nako eno, ene le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba lapile ba tswa mo loetong ba tswa go rera, e bile ba batla fa ba ka ikhutsang teng. Mme batho ba ne ba ba bona ka bonako. Go na le gore Jesu a galefele go bo ba ba tshwentse jaana, Mareko o bega gore o ne a “ba tlhomogela pelo.” Mme ke eng fa Jesu a ne a ikutlwa jalo? “Ka ba ntse jaaka dinku tse di se nang modisa.” Jesu o dira gape go ya kafa a ikutlwang ka teng a bo a simolola go ruta boidiidi jono “ka ga bogosi jwa Modimo.” Ee, o ne a amega thata ka ntlha ya tlala e e neng e ba tshwere ya semoya mo a neng a tlogela go ikhutsa le fa a ne a lapile mme a ba ruta.—Mareko 6:34; Luke 9:11.
19. Jesu o ne a supa jang gore ga a amege fela ka dilo tse boidiidi jwa batho bo di tlhokang semoyeng?
19 Lefa a ne a tshwenyegile thata ka dilo tse batho ba di tlhokang semoyeng, le ka motlha Jesu o ne a sa tlhokomologe dilo tse ba neng ba di tlhoka tsa senama. Mo go lone lekgetlho leo o ne a “fodisa ba ba tlhokang phodiso.” (Luke 9:11) Moragonyana gape, boidiidi bo ne bo na le lobaka bo ntse bo na nae, e bile ba ne ba le kgakala le magae a bone. E re ka a ne a lemoga gore ba tlhoka sengwe sa senama, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke tlhomogela batho ba bantsi ba pelo, ka jaana ba setse ba tlhotse le nna malatsi a le mararo, mme ba se na se ba se jang; ga ke rate go ba phatlalatsa ka tlala, e se re gongwe ba dimelela mo tseleng.” (Mathaio 15:32) Jaanong Jesu o dira sengwe go thibela gore ba se ka ba boga. O fepa banna ba le dikete, le basadi le bana ka kgakgamatso ka dinkgwe di supa le ditlhapi di sekae tse dinnye.
20. Ke eng se re se ithutang mo lekgetlhong la bofelo le Jesu a bolelwang gore o ne a tlhomogela mongwe pelo mo go lone?
20 Lekgetlho la bofelo le le kwadilweng le Jesu a neng a tlhomoga pelo mo go lone ke mo loetong lwa gagwe lwa bofelo fa a ya kwa Jerusalema. Boidiidi jo bogolo bo tsamaya le ene go ya go keteka Tlolaganyo. Mo tseleng gaufi le Jeriko go utlwala bakopi ba babedi ba ba foufetseng ba tlhaeletsa jaana: “Morena . . . re utlwele botlhoko.” Boidiidi jwa batho bo leka go ba didimatsa, mme Jesu o a ba bitsa a bo a ba botsa gore ba batla a ba direla eng. “Morena, ra re ‘A matlho a rona a foufololwe,’” ba kopa jalo. “Ka a tlhomoga pelo,” o ama matlho a bone mme ba simolola go bona. (Mathaio 20:29-34) A bo re ithuta thuto e e botlhokwa jang ne go tswa mo go seno! Jesu o setse a tla simolola beke ya bofelo ya bodihedi jwa gagwe jwa mo lefatsheng. Go na le tiro e ntsi e a tshwanetseng go e dira pele a bolawa setlhogo ke badiredi ba ga Satane. Lefa go ntse jalo, ga a letle matshwenyego a nako e e botlhoko eno go mo dira gore a se ka a tlhomogela batho pelo.
Ditshwantsho Tse Di Tlhalosang Bopelotlhomogi
21. Ke eng se se tshwantshiwang ke fa mong a phimola molato o mogolo wa motlhanka wa gagwe?
21 Lediri la Segerika splag·khniʹzo·mai, le le dirisitsweng mo dipegong tseno tsa botshelo jwa ga Jesu gape le dirisiwa mo ditshwantshong tse tharo tsa ga Jesu. Mo kgannyeng nngwe, motlhanka o kopa gore a newe nako gore a kgone go duela molato wa gagwe o mogolo. Mong wa gagwe, o phimola molato wa gagwe “ka a mo tlhomogela pelo.” Seno se tshwantsha gore Jehofa Modimo o supile bopelotlhomogi jo bogolo ka go phimola molato o mogolo wa boleo wa Mokeresete mongwe le mongwe yo o dumelang mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu.—Mathaio 18:27; 20:28.
22. Setshwantsho sa morwa sesinyi se tshwantshetsa eng?
22 Gape go na le kgang ya morwa sesinyi. Gakologelwa se se diragalang fa morwa yo wa seganana a boela gae. “Ya re a sa ntse a le kgakala, rraagwe a [mmona], mme a tlhomolwa ke pelo, a taboga, a ya a wela mo thamong ya gagwe, a mo atla.” (Luke 15:20) Seno se supa gore fa Mokeresete yo a neng a dule mo tseleng a ikwatlhaya ka mmatota, Jehofa o tla mo itshwarela mme a mo amogele gape ka lorato. Ka jalo, Jesu o bontsha ka ditshwantsho tse pedi tseno gore Rraagwe, Jehofa, “o tletse lorato le bopelotlhomogi.”—Jakobe 5:11, ntlhanyana e e kwa tlase go NW.
23. Ke eng se re se ithutang mo setshwantshong sa ga Jesu sa Mosamaria yo o botsalano?
23 Tsela ya boraro e splag·khniʹzo·mai e dirisiwang ka yone mo setshwantshong ke mo kgannyeng ya Mosamaria yo o pelotlhomogi yoo a neng a ‘tlhomoga pelo’ fa a bona Mojuta yo a neng a thukhuthilwe ke dinokwane e bile di mo tlogetse a setse a tla swa. (Luke 10:33) Mosamaria o ne a dira fela jaaka a ne a ikutlwa mme a dira bojotlhe go thusa motho yo a sa mo itseng yono. Seno se supa gore Jehofa le Jesu ba lebeletse gore Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba latele sekao sa bone mo go supeng lorato le bopelotlhomogi. Dingwe tsa ditsela tse re ka dirang seno ka tsone di tlile go tlhalosiwa mo setlhogong se se latelang.
Dipotso tsa Poeletso
◻ Go nna pelotlhomogi go kaya eng?
◻ Jehofa o ne a supa jang gore o tlhomogela leina la gagwe pelo?
◻ Bopelotlhomogi jo bogolo thata bo ile jwa supiwa jang?
◻ Jesu o supa botho jwa ga Rraagwe ka tsela efe e e tlhomologileng?
◻ Ditiro tsa ga Jesu tsa bopelotlhomogi le ditshwantsho tsa gagwe di re ruta eng?
[Lebokoso mo go tsebe 12, 13]
LEREO LE LE TLHALOSANG “TLHOKOMELO E E NENEKETSANG E E LORATO”
“MALA a me we, mala a me we!” moperofeti Jeremia o ne a tlhaeletsa jalo. A o ne a lela ka ntlha ya botlhoko jwa mala jo bo dirwang ke sengwe se a neng a se jele? Nnyaa. Jeremia o ne a dirisa tshwantshiso ya Sehebera go tlhalosa kafa a neng a amegile thata ka teng ka masetlapelo a a neng a tlela bogosi jwa Juta.—Jeremia 4:19.
E re ka Jehofa Modimo a na le maikutlo a a boteng, lefoko la Sehebera le le kayang “mala” (me·ʽimʹ), gape le dirisiwa go tlhalosa maikutlo a gagwe a a neneketsang. Ka sekai, masomesome a dingwaga pele ga metlha ya ga Jeremia, bogosi jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele bo ne jwa thopiwa ke kgosi ya Asiria. Jehofa o ne a letla gore ba otlhaiwe ka tsela eno gonne ba ne ba sa ikanyege. Mme a Modimo o ne wa ba lebala fa ba le kwa botshwarwa jalo? Nnyaa. O ne a santse a ba rata thata jaaka bangwe ba batho ba kgolagano ya gagwe. Jehofa o ne a botsa jaana a ba bitsa ka leina la morafe o mogolo wa Eferaime: “A Eferaime ke morwaake yo o rategang? A ke ngwana yo o kgatlhang? Gonne jaaka ke ntse ke mo nyatsa ke be ke ntse ke mo gakologetswe ka thata; ke gone ka moo mala a me a ba a ntse a mo huduegela; ruri ke tlaa mo utlwela botlhoko.”—Jeremia 31:20.
Fa Jehofa a re “mala a me a ba a ntse a mo huduegela,” o ne a bua puo ya tshwantshetso go tlhalosa maikutlo a a boteng a lorato lo lo neneketsang lo a ratang batho ba gagwe ba ba kwa botshwarwa ka lone. Fa a ne a akgela ka temana eno, E. Henderson, mokanoki wa Baebele wa lekgolo la bo19 la dingwaga, o ne a kwala jaana: “Ga go na sepe se se ka gaisang maikutlo a a neneketsang a motsadi a a bontshang fa a amogela morwawe wa seganana fa a boa, a a supiwang ke Jehofa fano. . . . Le mororo a ne a buile jalo kgatlhanong le [Baeferaime ba ba neng ba obamela medimo ya disetwa] e bile a ba otlhaile . . . , o ne a se ka a ba lebala, mme, go fapaana le seo, o ne a itumelela go ba bona ba fodile gape.”
Lefoko la Segerika le le dirisediwang “mala,” le dirisiwa ka tsela e e tshwanang mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika. Fa le sa dirisiwe jaaka le ntse, jaaka mo go Ditiro 1:18, le kaya maikutlo a lorato a a neneketsang kana bopelotlhomogi. (Filemone 12) Ka dinako tse dingwe lefoko leno le golaganngwa le lefoko la Segerika le le kayang “molemo.” Moaposetoloi Paulo le Petere ba ne ba dirisa lefoko leno le kopane le a mangwe fa ba ne ba kgothaletsa Bakeresete gore ba “nne pelonomi . . . le pelonamagadi,” totatota ba “utlwele ba bangwe botlhoko.” (Baefesia 4:32; 1 Petere 3:8) Lefoko la Segerika le le kayang “mala” gape le ka kopanngwa le lefoko la Segerika pol·yʹ. Fa a kopane jaana a kaya “go nna le mala a mantsi” fa a tsewa fela jaaka a ntse. Lereo le le sa tlwaelegang leno la Segerika le dirisiwa gangwe fela mo Baebeleng, mme le bua fela ka Jehofa Modimo. New World Translation e baya seno jaana: “Jehofa o na le lorato lo logolo lo lo neneketsang.”—Jakobe 5:11.
A bo re tshwanetse go leboga jang ne go bo Jehofa Modimo, yo o maatla go gaisa botlhe mo lobopong a bo a farologane thata jaana le medimo e e setlhogo e e itlhametsweng ke batho ba ba senang bopelotlhomogi! Bakeresete ba boammaaruri ba tlhotlheletsega go dira ka tsela e e tshwanang fa ba dirisana le ba bangwe ba etsa Modimo wa bone o o “pelotlhomogi le lorato.”—Baefesia 5:1.
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Fa bopelotlhomogi jwa Modimo bo ne bo fitlha fa bo emang teng, Jehofa o ne a letla Bababilone go thopa batho ba gagwe ba diganana
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Jehofa Modimo o tshwanetse a bo a ne a utlwa botlhoko jo go seng motho ope yo o kileng a bo utlwa fa a ne a lebile Morwawe a swa
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Jesu o ne a supa botho jwa ga Rraagwe jwa go tlhomogela batho pelo ka tsela e e feletseng