Sekao se se Molemo—Motlholagadi wa Mohumanegi
Jesu o lebile bahumi ba latlhela meneelo mo letloleng la tempele la madi. Fa a ntse a lebile boidiidi joo, o bona motlholagadi yo o humanegileng a ntsha moneelo wa “madinyana a tshipi a mabedi a tlhwatlhwa e nnye fela thata.” (Luke 21:2) Jesu o ne a mo akgolela bopelotshweu jwa gagwe. Ka ntlha yang? Ka gonne ba bangwe bone ba ne ba latlhetse “se se tswang mo go se se setseng sa bone, mme ene, go tswa mo letlhokong la gagwe, o latlhetse gotlhe mo a neng a na le gone, gotlhe mo a tshelang ka gone.”—Mareko 12:44.
A le wena o dira gore dilo tsa botlhokwa e nne tsone di tlang pele jaaka mosadi yono? A o iketleeleditse go dirisa nako le madi a gago mo tirong ya Modimo? Jaaka mosadi yono wa mohumanegi, o ka ntsha moneelo wa go tlhokomela mafelo a kobamelo. Gape o ka dirisa nako le madi a gago go thusa ba bangwe go ithuta ka Jehofa Modimo. Jehofa o ne a bona madinyana a motlholagadi a a ntsheditseng tiro ya gagwe a ba a a itumelela. Le wena Modimo o tla go itumelela le go go thusa fa go dira thato ya gagwe go tla pele mo botshelong jwa gago.—Mathaio 6:33.