LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w07 4/1 ts. 31
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Buka ya Bibela ya bo 54—1 Timotheo
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Motlholagadi wa Kwa Sarepate O ne A Duelwa ka Ntlha ya Tumelo ya Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Morwa wa Motlholagadi o a Tshela
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Timotheo—“Ngwana wa Mmatota mo Tumelong”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
w07 4/1 ts. 31

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Re tshwanetse go tlhaloganya jang mafoko a ga Paulo a gore motlholagadi e tshwanetse ya nna “mosadi wa monna a le mongwe” gore a tshwanelegele go thusiwa ke phuthego ya Bokeresete?—1 Timotheo 5:9.

E re ka moaposetoloi Paulo a ne a bua ka motlholagadi, polelwana e e reng “mosadi wa monna a le mongwe” e tshwanetse ya bo e bua ka nako ya fa mosadi yono a ise a swelwe. A seo se ka tswa se bolela gore motlholagadi o ne a tshwanetse gore a bo a kile a nyalwa gangwe fela? A kgotsa mafoko a ga Paulo a ka tswa a bolela sengwe se sele?a

Bangwe ba ile ba akantsha gore Paulo o ne a bua ka batlholagadi ba ba neng ba kile ba nyalwa gangwe fela. Ke boammaaruri gore mo ditsong tse dintsi le mo ditšhabeng tse dintsi, motlholagadi yo o neng a nna a sa nyalwa o ne a lejwa a na le maitsholo a mantle tota. Mme pono e e ntseng jalo ga e dumalane le mafoko a ga Paulo a a mo ditemaneng tse dingwe. Ka sekai, fa a ne a kwalela Bakeresete ba Bakorintha, o ne a bontsha sentle gore le fa a dumela gore motlholagadi a ka itumela fa a ka nna a sa nyalwa, “o gololesegile go nyalwa ke yo o mmatlang, e le mo Moreneng fela.” (1 Bakorintha 7:39, 40; Baroma 7:2, 3) Mo godimo ga moo, fa Paulo a kwalela Timotheo, o ne a re: “Ke eletsa gore batlholagadi ba babotlana ba nyalwe.” (1 Timotheo 5:14) Ka jalo motlholagadi o ne a sa kgalwe fa a batla go nyalwa.

Mme re tshwanetse go tlhaloganya jang mafoko a Paulo a neng a a kwalela Timotheo? Polelwana e e reng “mosadi wa monna a le mongwe” e tlhaga mo temaneng eno fela. Se se kgatlhang ke gore, polelwana eno e tsamaisana le e Paulo a neng a e dirisa gangwe le gape mo dibukeng tsa gagwe e leng, “monna wa mosadi a le mongwe.” (1 Timotheo 3:2, 12; Tito 1:6) Paulo o ne a dirisa polelwana eno ya bobedi fa a thathamisa ditshwanelego tsa balebedi le batlhanka ba bodiredi ba Bakeresete. Mo ditemaneng tseo, mafoko ao thatathata a kaya gore fa monna yo o nyetseng a batla go tshwanelegela maikarabelo mo phuthegong ya Bokeresete, o tshwanetse a ikanyega mo mosading wa gagwe e bile a bo a se na molato ope wa boitsholo.b Ka jalo, polelwana e e mo go 1 Timotheo 5:9 e ka lebisa mo ntlheng e e tshwanang: Fa motlholagadi a batla go tshwanelegela gore a thusiwe ke phuthego, o tshwanetse gore a bo a ne a ineetse e bile a ikanyega mo monneng wa gagwe fa a sa ntse a tshela mme a sa nna le maitsholo ape a a sa siamang. Ditshwanelego tse dingwe tse di thathamisitsweng ke Paulo tsotlhe di bua ka motho yo o ntseng jalo fela.—1 Timotheo 5:10.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mokgwa wa gore mosadi a le mongwe a nne le banna ba le bantsi ka nako e le nngwe, o ne o sa amogelwe mo pusong ya Bagerika le Baroma ya motlha wa ga moaposetoloi Paulo. Ka gone, ga go lebege Paulo a ne a kwalela Timotheo ka ga seo kgotsa a kgalemela ope yo o neng a go dira.

b Fa o batla go bona tlhaloso ya ntlha eno, bona Tora ya Tebelo ya October 15, 1996, tsebe 17, le “Dipotso Tse di Tswang go Babadi” mo makasineng wa May 1, 1981, tsebe 30.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela