Pina 15
Popo e Senola Kgalalelo ya ga Jehofa
E e Gatisitsweng
1. Jehofa ruri ke lemogi le.
Gore wena o a galalela.
Motshegare go fitlha bosigo
Magodimo a re naya kitso.
Motshegare go fitlha bosigo
Magodimo a re naya kitso.
2. Ke wena o dirileng mawa tle.
Letsatsi le dinaledi tsotlhe.
Magodimo a baka Jehofa.
Tiro tsa ’gwe di a gakgamatsa.
Magodimo a baka Jehofa.
Tiro tsa ’gwe di a gakgamatsa.
3. Melao ya gago e siame.
Taelo tsa gago di molemo.
Di gaisa gauta e’itshekileng.
Re di boloke, ka metlha yotlhe.
Di gaisa gauta e itshekileng.
Re di boloke, ka metlha yotlhe.
(Bona le Pes. 12:6; 89:7; 144:3; Bar. 1:20.)