LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • bm karolo 25 ts. 29
  • Kgakololo Malebana le Tumelo, Boitshwaro le Lorato

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgakololo Malebana le Tumelo, Boitshwaro le Lorato
  • Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Kwadile ka Jesu
    Ruta Bana ba Gago
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a ga Johane Le la Ga Jude
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • ‘Tlhabanang Tlhabano ka Thata lo Tlhabanela Tumelo’!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • A re Ngapareleng Tumelo ya Rona e e Botlhokwatlhokwa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
bm karolo 25 ts. 29
Mokwadi wa Baebele o kwala lekwalo

KAROLO 25

Kgakololo Malebana le Tumelo, Boitshwaro le Lorato

Jakobe, Petere, Johane le Jude ba kwala makwalo gore ba kgothatse Bakeresete ba bangwe

JAKOBE le Jude e ne e le bomorwarraagwe Jesu. Petere le Johane e ne e le bangwe ba baaposetoloi ba ba 12 ba ga Jesu. Banna bano ba le banè ba ne ba kwala makwalo a le supa a a fitlhelwang mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika. Lengwe le lengwe la makwalo ano le bidiwa ka leina la mokwadi wa lone. Kgakololo e e tlhotlheleditsweng e e mo makwalong ano e ne e kwaletswe go thusa Bakeresete gore ba nne ba ikanyega mo go Jehofa le go nna ba akantse ka Bogosi jwa Modimo.

Bakeresete ba tshwanetse go bontsha tumelo. Go bolela fela gore o na le tumelo ga go a lekana. Tumelo ya mmatota e bontshiwa ka ditiro. Jakobe a re: “Ruri . . . tumelo kwantle ga ditiro e sule.” (Jakobe 2:26) Go bontsha tumelo fa re lebane le diteko go dira gore re nne le boitshoko. Gore Mokeresete a atlege, o tshwanetse go kopa botlhale mo Modimong, a tlhomamisegile gore o tla bo mo naya. Boitshoko bo dira gore motho a amogelwe ke Modimo. (Jakobe 1:2-6, 12) Fa motho a bontsha tumelo ka go boloka bothokgami, Jehofa Modimo o tla mo ema nokeng. Jakobe a re: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jakobe 4:8.

Mokeresete o tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng gore a kgone go lwantsha thaelo le tlhotlheletso ya go dira boitsholo jo bo sa siamang. Lefelo le Jude a neng a nna mo go lone le le neng le tletse ka boitsholo jo bo maswe le ne la mo pateletsa gore a kgothaletse badumedi ka ene go “lwa ntwa ka thata [ba] lwela tumelo.”—Jude 3.

Bakeresete ba tshwanetse go itshwara sentle. Jehofa o lebeletse gore baobamedi ba gagwe ba nne boitshepo, ke gore ba nne phepa ka ditsela tsotlhe. Petere a re: “Le lona ka bolona nnang boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa lona, ka gonne go kwadilwe ga twe: ‘Lo nne boitshepo, ka gonne nna [Jehofa] ke boitshepo.’” (1 Petere 1:15, 16) Bakeresete ba na le sekao se se molemo se ba ka se etsang. Petere a re: “Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.” (1 Petere 2:21) Le fa Bakeresete ba ka boga ka go bo ba tshela ka melao ya Modimo, ba na le “segakolodi se se siameng.” (1 Petere 3:16, 17) Petere o kgothaletsa Bakeresete gore ba tote mo boitshwarong jo bo molemo le mo ditirong tse di bontshang boineelo jwa bomodimo fa ba ntse ba letetse letsatsi la Modimo la katlholo le lefatshe le lesha le le solofeditsweng le ‘go tla nnang tshiamo mo go lone.’—2 Petere 3:11-13.

“Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jakobe 4:8

Bakeresete ba tshwanetse go bontsha lorato. Johane a re: “Modimo ke lorato.” Moaposetoloi yono a re Modimo o bontshitse lorato lwa gagwe lo logolo ka go romela Jesu gore e nne “setlhabelo . . . sa maleo a rona.” Jaanong Bakeresete bone ba tshwanetse go dira eng? Johane o tlhalosa jaana: “Baratwa, fa e le gore Modimo o re ratile jaana, rona ka borona re patelesega go ratana.” (1 Johane 4:8-11) Tsela nngwe e re ka bontshang lorato loo ka yone ke go nna le moya wa go amogela badumedi ka rona mo magaeng a rona.—3 Johane 5-8.

Mme gone, baobamedi ba ga Jehofa ba ka bontsha jang gore ba a mo rata? Johane o araba ka go re: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.” (1 Johane 5:3; 2 Johane 6) Ka jalo, batho ba ba ikobelang Modimo ba tlhomamisegile gore Modimo o tla nna a ntse a ba rata, ba ntse ba na le ‘tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng.’—Jude 21.

—E tswa mo go Jakobe; 1 Petere; 2 Petere; 1 Johane; 2 Johane; 3 Johane; Jude.

  • Mokeresete a ka bontsha jang tumelo?

  • Modimo o lebeletse gore baobamedi ba gagwe ba itshware jang?

  • Motho o bontsha jang gore ruri o rata Modimo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela