‘Tlhabanang Tlhabano ka Thata lo Tlhabanela Tumelo’!
“Tlhabana tlhabano ka thata lo tlhabanela tumelo e e neng ya newa baitshepi gangwe felafela.”—JUDE 3.
1. Bakeresete ba boammaaruri ba mo tlhabanong ka tsela efe gompieno?
MASOLE a a mo ntweng a nna a tshela botshelo jo bo boima. Akanya o apere diaparo tsa ntwa tsotlhe mme o gwanta dikilometara tse dintsi kafa tlase ga maemo a bosa a mefuta yotlhe, o thapisiwa boima go dirisa dibetsa, kana o tshwanela gore o iphemele mo matshosetsing a a ka go bolayang kana a a ka go gobatsang. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri, ga ba nne le seabe mo dintweng tsa ditšhaba. (Isaia 2:2-4; Johane 17:14) Le fa go ntse jalo, le ka motlha ga re a tshwanela go lebala gore rotlhe re mo ntweng ka tsela nngwe. Satane o ila Jesu Keresete le balatedi ba gagwe ba ba mo lefatsheng thata. (Tshenolo 12:17) Botlhe ba ba swetsang go direla Jehofa Modimo, totatota ba ikwadisa jaaka masole a a tlhabanang ntwa ya semoya.—2 Bakorintha 10:4.
2. Jude o tlhalosa tlhabano ya Bakeresete jang, mme lekwalo la gagwe le ka re thusa jang go itshoka mo go yone?
2 Ka mo go tshwanelang, monnawe Jesu ka mmaagwe, e bong Jude o kwala jaana: “Baratwa, lefa ke ne ke dira boiteko jotlhe go lo kwalela kaga poloko e rotlhe re nang le yone, ke bone go tlhokega gore ke lo kwalele go lo rotloetsa go tlhabana tlhabano ka thata lo tlhabanela tumelo e e neng ya newa baitshepi gangwe felafela.” (Jude 3) Fa Jude a kgothaletsa Bakeresete go “tlhabana tlhabano ka thata,” o dirisa lefoko le le amanang le lefoko “botlhoko.” Ee, tlhabano eno e ka nna boima, tota le go nna botlhoko! A ka dinako tse dingwe o go fitlhela go le thata gore o itshokele ntwa eno? Lekwalo la ga Jude le lekhutshwane mme le le maatla le ka re thusa. Le re kgothaletsa gore re ganane le boitsholo jo bo sa siamang, re tlotle taolo e e tlhomilweng ke Modimo, le go ipoloka re le mo loratong lwa Modimo. A re bone gore re ka dirisa kgakololo eno jang.
Ganana le Boitsholo Jo bo Sa Siamang
3. Bakeresete ba motlha wa ga Jude ba ne ba lebana le boemo bofe jo bo sa lebelelwang?
3 Jude o ne a kgona go bona gore ga se Bakeresetekaene botlhe ba ba fenyang ntwa eno kgatlhanong le Satane. Letsomane le ne le lebane le boemo jo bo sa lebelelwang. Banna bangwe ba ba bosula ba ne ba “kukunetse mo teng,” Jude o kwala jalo. Banna bano ba ne ba rotloetsa boitsholo jo bo sa siamang ka boferefere. Mme ba ne ba emela ditiro tsa bone ka botlhale, ba “[fetola] bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo wa rona seipato sa boitshwaro jo bo repileng.” (Jude 4) Gongwe, jaaka Bakenosetiki bangwe ba bogologolo, ba ne ba akanya gore fa ba leofa thata, ba tla amogela kutlwelobotlhoko ya Modimo thata—ka jalo, tota go ne go le botoka go leofa thata! Kana gongwe ba ne ba akanya gore Modimo yo o pelonomi a ka se ka a ba otlhaya. Le fa go ntse jalo, ba ne ba le phoso.—1 Bakorintha 3:19.
4. Jude o umaka dikai dife tse tharo tsa Dikwalo tsa dikatlholo tsa ga Jehofa tsa nako e e fetileng?
4 Jude o ganetsa dikakanyo tsa bone tse di bosula ka go umaka dikai di le tharo tsa katlholo ya ga Jehofa mo nakong e e fetileng: kgatlhanong le Baiseraele ba ba neng ba sa ‘bontshe tumelo’; kgatlhanong le “baengele ba ba . . . [latlhileng] lefelo la bone la bonno le le tshwanetseng” gore ba tle ba leofe le basadi; le kgatlhanong le baagi ba Sodoma le Gomora, ba ba neng ba “dira kgokafalo mo go feteletseng [mme] ba sala nama morago gore ba e dirise ka tsela e e seng ya tlholego.” (Jude 5-7; Genesise 6:2-4; 19:4-25; Dipalo 14:35) Mo kgannyeng nngwe le nngwe, Jehofa o ne a tlisa katlholo e kgolo mo baleofing bao.
5. Jude o nopola go tswa mo moporofeting ofe wa bogologolo, mme boporofeti joo bo ile jwa tlhalosa jang go tlhomama ga go diragadiwa ga jone?
5 Moragonyana, Jude o bua ka katlholo e kgolo thata e e tlileng go tla. O nopola boporofeti jwa ga Enoke—temana e e sa fitlhelweng gope gape mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng.a (Jude 14, 15) Enoke o ne a bolelela pele ka nako e Jehofa a tla atlholang botlhe ba ba boikepo le ditiro tsa bone tse di boikepo. Ka mo go kgatlhisang, Enoke o ne a bua ka paka e e fetileng, ka gonne dikatlholo tsa Modimo di ne di tlhomame thata jaaka e kete di setse di diragetse. Batho ba ka tswa ba ne ba sotla ka Enoke mme moragonyana ka Noa, mme basotli botlhe ba ba ntseng jalo ba ne ba nwela mo Morwaleleng wa lefatshe lotlhe.
6. (a) Bakeresete ba mo motlheng wa ga Jude ba ne ba tlhoka go gakololwa ka eng? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tsaya dikgakololo tsa ga Jude tsia?
6 Ke ka ntlha yang fa Jude a ne a kwala ka dikatlholo tseno tsa Modimo? Ka gonne o ne a itse gore bangwe ba bao ba neng ba le mo diphuthegong tsa Bokeresete tsa motlha wa gagwe ba ne ba dira boleo jo bo maswemaswe mme ba ne ba tshwanelwa ke katlholo fela jaaka ba ba neng ba dira gore go nne le dikatlholo tsa nako e e fetileng. Ka jalo, Jude o kwala gore diphuthego di tlhoka go gakololwa ka boammaaruri bongwe jwa konokono jwa semoya. (Jude 5) Go bonala fa ba ne ba lebetse gore Jehofa Modimo o ne a bona se ba se dirang. Ee, fa batlhanka ba gagwe ba tlola melao ya gagwe ka boomo, ba itshekologa e bile ba itshekolola ba bangwe, o a bona. (Diane 15:3) Ditiro tse di ntseng jalo di mo utlwisa botlhoko thata. (Genesise 6:6; Pesalema 78:40) Ke kgopolo e e tshosang thata ya gore rona bathonyana fela re ka ama maikutlo a Morena Molaodimogolo wa lobopo. O re lebile letsatsi le letsatsi, mme fa re dira gotlhe mo re ka go kgonang go latela dikgato tsa Morwawe, Jesu Keresete, boitshwaro jwa rona bo itumedisa pelo ya gagwe. Ka jalo, a le ka motlha re se ka ra gana dikgakololo tse di tshwanang le tse Jude a di neelang go na le moo a re di tseye tsia.—Diane 27:11; 1 Petere 2:21.
7. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore ba ba dirileng phoso e e masisi ba batle thuso ka bonako? (b) Rotlhe re ka tila jang boitsholo jo bo sa siamang?
7 Jehofa ga a bone fela mme gape o tsaya kgato. Jaaka Modimo wa tshiamiso, o atlhola badirabosula—ka nako ya gagwe. (1 Timotheo 5:24) Ba ba akanyang gore dikatlholo tsa gagwe ke hisitori ya bogologolo fela le gore ga a amege ka bosula jo ba bo dirang ba iphora fela. A bo go le botlhokwa jang ne mo go ope fela gompieno yo o itshwarang ka tsela e e sa siamang gore a batle thuso ka bonako mo bagolwaneng ba Bakeresete! (Jakobe 5:14, 15) Rotlhe re ka tsibosiwa ke matshosetsi a boitsholo jo bo sa siamang a a ka nnang teng mo tlhabanong ya rona ya semoya. Ngwaga le ngwaga go na le ba ba welang mo kotsing eno—batho ba ba kobiwang mo gare ga rona, bontsi jwa bone ka ntlha ya go dira ditiro tse di sa siamang tse ba sa di ikwatlhaeleng. Re tshwanetse go ititaya sehuba re sa fetoge go ganana le dithaelo dipe tse di simololang go re gogela mo tseleng e e ntseng jalo.—Bapisa Mathaio 26:41.
Tlotla Taolo e e Beilweng ke Modimo
8. “Ba ba galalelang” ba ba umakiwang mo go Jude 8 e ne e le bomang?
8 Bothata jo bongwe jo Jude a buang ka jone ke go sa tlotle taolo e e beilweng ke Modimo. Ka sekai, mo temaneng ya 8 o latofatsa bone banna bao ba ba bosula ka go “bua ba ba galalelang ka tsela ya go kgoba.” “Ba ba galalelang” bano e ne e le bomang? E ne e le banna ba ba sa itekanelang, mme ba ne ba neetswe boikarabelo ke moya o o boitshepo wa ga Jehofa. Ka sekai, diphuthego di ne di na le bagolwane, ba ba neng ba tshwanetse go disa letsomane la Modimo. (1 Petere 5:2) Gape go na le balebedi ba ba etang, ba ba jaaka moaposetoloi Paulo. Mme setlhopha sa bagolwane kwa Jerusalema se ne se dira jaaka setlhopha se se laolang, ba dira ditshwetso tse di amang phuthego ya Bokeresete yotlhe. (Ditiro 15:6) Jude o ne a amegile thata gore bangwe ba ba mo diphuthegong ba ne ba bua ka tsela ya go kgoba kana go tlhapatsa banna ba ba ntseng jalo.
9. Jude o umaka dikai dife tse di malebana le go sa tlotle taolo?
9 Go kgala puo e e ntseng jalo e e tlontlololang, mo temaneng ya 11 Jude o umaka dikai di le tharo e le dikgakololo: Kaine, Balaame le Kora. Kaine o ne a itlhokomolosa kgakololo e e lorato ya ga Jehofa mme ka boomo a latela tsela ya gagwe ya letlhoo le le bolayang. (Genesise 4:4-8) Balaame o filwe ditlhagiso gangwe le gape tse kwantle ga pelaelo di neng di tswa mo motsweding o e seng wa tlholego—tota le eselana ya gagwe e ne ya bua le ene! Mme le fa go ntse jalo ka bopelotshetlha Balaame o ne a tswelela ka leano la gagwe kgatlhanong le batho ba Modimo. (Dipalo 22:28, 32-34; Duteronome 23:5) Kora o ne a na le boemo jwa gagwe jwa boikarabelo, mme go ne go sa lekana. O ne a tlhotlheletsa botsuolodi kgatlhanong le monna yo o boikokobetso thata mo lefatsheng e bong Moshe.—Dipalo 12:3; 16:1-3, 32.
10. Bangwe ba ka wela jang mo serung sa go “bua ba ba galalelang ka tsela ya go kgoba,” mme ke ka ntlha yang fa puo e e ntseng jalo e tshwanetse go tilwa?
10 A bo dikai tseno di re ruta ka tsela e e phepafetseng jang ne gore re reetse kgakololo le go tlotla bao Jehofa a ba dirisang mo maemong a boikarabelo! (Bahebera 13:17) Go motlhofo thata go bona phoso ka bagolwane ba ba tlhomilweng, ka gonne ga ba itekanela fela jaaka le rona re sa itekanela. Mme fa re tlhoma mogopolo mo diphosong tsa bone mme re sa ba tlotle a re a bo re “bua ba ba galalelang ka tsela ya go kgoba”? Mo temaneng ya 10, Jude o umaka ba ba “bua[ng] dilo tsotlhe tse tota ba sa di itseng ka tsela ya go kgoba.” Bangwe, ka dinako tse dingwe, ba tla tshwaya phoso tshwetso e e dirilweng ke setlhopha sa bagolwane kana ke komiti ya katlholelo. Le fa go ntse jalo, ga ba na mabaka otlhe a bagolwane ba neng ba tshwanetse go a sekaseka gore ba fitlhelele tshwetso eo. Ka jalo ke ka ntlha yang fa ba bua ka tsela ya go kgoba ka dilo tse tota ba sa di itseng? (Diane 18:13) Ba ba nnelang go bua dilo tse di sa siamang ba ka dira gore go nne le dikgaogano mo phuthegong mme gongwe ba ka tshwantshiwa le “mafika a a fitlhegileng kwa tlase ga metsi” a a kotsi kwa dikokoanong tsa badumedikabone. (Jude 12, 16, 19) Le ka motlha ga re batle go dira gore bomoya jwa ba bangwe bo nne mo kotsing. Go na le moo, a mongwe le mongwe a ititeye sehuba gore a anaanele banna ba ba nang le boikarabelo ka ntlha ya tiro ya bone e ba e dirang ka natla le ka boineelo ka ntlha ya letsomane la Modimo.—1 Timotheo 5:17.
11. Ke ka ntlha yang fa Mikaele a ile a se ka a atlhola Satane ka go mo kgala?
11 Jude o umaka sekao sa mongwe yo o neng a tlotla taolo e e tlhomilweng ka tshwanelo. O kwala jaana: “E rile Mikaele tlhogo ya baengele a fapaana le Diabolo e bile a nganga kaga mmele wa ga Moshe, o ne a se ka a nna pelokgale go mo tlisetsa katlholo ka mafoko a go kgoba, mme o ne a re: ‘E kete Jehofa a ka go kgala ka bogale.’” (Jude 9) Pego e e kgatlhang eno, e e kwadilweng ke Jude fela mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng, e ruta dithuto tse pedi tse di tlhomologileng. Mo letlhakoreng le lengwe, e re ruta go tlogela Jehofa gore e nne ene a atlholang. Go bonala fa Satane a ne a batla go dirisa mmele wa monna yo o ikanyegang Moshe ka tsela e e sa tshwanelang gore a rotloetse kobamelo ya maaka. A bo seo se le boikepo jang ne! Le fa go ntse jalo, ka boikokobetso Mikaele o ne a ithiba mo go mo atlholeng, ka gonne ke Jehofa fela yo o nang le thata eo. A bo rona re tshwanetse go ithiba go le kanakang go atlhola banna ba ba ikanyegang ba ba lekang go direla Jehofa.
12. Ba ba leng mo boemong jwa boikarabelo mo phuthegong ya Bokeresete ba ka ithuta eng mo sekaong sa ga Mikaele?
12 Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ba nang le taolo e e rileng mo phuthegong le bone ba ka ithuta sengwe mo go Mikaele. Le fa Mikaele e ne e le “tlhogo ya baengele” e le kgosana ya baengele botlhe, ga a ka a dirisa boemo jwa gagwe jwa taolo ka tsela e e sa tshwanelang tota le fa a ne a gakadiwa. Bagolwane ba ba ikanyegang ba latela sekao seo thata, ba lemoga gore fa ba sa dirise taolo ya bone ka tsela e e tshwanetseng ba tla bo ba sa tlotle bolaodi jwa ga Jehofa. Lekwalo la ga Jude le ne le bua thata ka banna ba ba neng ba na le maemo a a tlotlegang mo diphuthegong mme ba simolotse go dirisa thata ya bone ka tsela e e sa tshwanelang. Ka sekai, mo ditemaneng 12 go ya go 14, Jude o ne a kwala ka go kgalwa ka tsela e e botlhoko ga “badisa ba ba iphepang kwantle ga poifo.” (Bapisa Esekiele 34:7-10.) Ka mantswe a mangwe, se ba neng ba se kgatlhegela thata e ne e le gore ba solegelwe molemo bone ka bobone, e seng letsomane la ga Jehofa. Bagolwane gompieno ba ka ithuta mo gontsi mo dikaong tse di ntseng jalo tse di sa siamang. Eleruri, mafoko a ga Jude fano a tlhalosa ka phepafalo se re sa batleng go nna sone. Fa re ineela mo bopelotshetlheng, re ka se ka ra nna masole a ga Keresete; re tshwaregile thata ka go kgaratlhela melemo ya rona ka namana. Go na le moo, a rotlhe re tshele ka mafoko ano a ga Jesu: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.
“Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
13. Ke ka ntlha yang fa rotlhe re tshwanetse go eletsa thata go nna mo loratong lwa Modimo?
13 Go ya kwa bofelong jwa lekwalo la gagwe, Jude o neela kgakololo e e lorato eno: “Ipolokeng mo loratong lwa Modimo.” (Jude 21) Ga go na sepe se se ka re thusang go tlhabana tlhabano eno ya Bokeresete go gaisa selo se le sengwe seno, go ratwa ke Jehofa Modimo. E bile tota, lorato ke nonofo e kgolo thata ya ga Jehofa. (1 Johane 4:8) Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Roma jaana: “Gonne ke tlhatswegile pelo gore lefa e le loso kgotsa botshelo kgotsa baengele kgotsa dipuso kgotsa dilo tse jaanong di leng fano kgotsa dilo tse di tla tlang kgotsa maatla kgotsa bogodimo kgotsa boteng kgotsa setlhodiwa lefa e le sefe se sengwe ga di ka ke tsa kgona go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.” (Baroma 8:38, 39) Le fa go ntse jalo, re nna jang re le mo loratong leo? Ela tlhoko dilo tse tharo tse re tshwanetseng go di dira, go ya ka Jude.
14, 15. (a) Go raya eng go ikaga mo “tumelong ya rona e e boitshepotshepo”? (b) Re ka sekaseka jang boemo jwa diaparo tsa rona tsa semoya tsa tlhabano?
14 Sa ntlha, Jude o re bolelela gore re tswelele pele re ikaga mo ‘tumelong e e boitshepotshepo.’ (Jude 20) Jaaka fa re bone mo setlhogong se se fetileng, seno ke selo se se tswelelang. Re ntse jaaka dikago tse di tlhokang go nonotshiwa gangwe le gape kgatlhanong le tlhaselo e e nnang maswe le go feta ya maemo a a farologaneng a bosa. (Bapisa Mathaio 7:24, 25.) Ka jalo a le ka motlha re se ka ra itshepa thata. Go na le moo, a re bone gore re ka ikaga kae mo motheong wa tumelo ya rona, re nne masole a a nonofileng, a a ikanyegang le go feta a ga Keresete. Ka sekai, re ka nna ra sekaseka dikarolo tsa diaparo tsa tlhabano tsa semoya tse di tlhalosiwang mo go Baefeso 6:11-18.
15 Boemo jwa diaparo tsa rona tsa tlhabano tsa semoya bo ntse jang? A “thebe e kgolo ya tumelo” ya rona e nonofile ka tsela e e tshwanetseng go nna ka yone? Fa re akanya ka dingwaga tse di fetileng, a re bona matshwao mangwe a go ngodiega, jaaka go sa nne teng ka metlha kwa dipokanong, go se tlhoafalele bodiredi, kana go se tlhoafalele go ithuta ka namana? Matshwao a a ntseng jalo a masisi! Re tshwanetse go tsaya kgato gone jaanong go ikaga le go inonotsha mo boammaaruring.—1 Timotheo 4:15; 2 Timotheo 4:2; Bahebera 10:24, 25.
16. Go raya eng go rapela ka moya o o boitshepo, mme selo se le sengwe se re tshwanetseng go se kopa Jehofa ka metlha ke eng?
16 Tsela ya bobedi ya go nna mo loratong lwa Modimo ke go tswelela pele re “rapela ka moya o o boitshepo.” (Jude 20) Seo se raya go rapela ka tlhotlheletso ya moya wa ga Jehofa le go ya ka Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng ka moya. Thapelo ke tsela e e molemolemo ya go atamela ka namana mo go Jehofa le go tlhalosa boineelo jwa rona mo go ene. Le ka motlha ga re a tshwanela go itlhokomolosa tshiamelo e e itumedisang eno! Mme fa re rapela, re ka nna ra kopa—tota e bile re tswelela pele go kopa—moya o o boitshepo. (Luke 11:13) Ke maatla a a nonofileng le go feta a re ka nnang le one. Ka thuso e e ntseng jalo, re ka nna mo loratong lwa Modimo ka metlha mme re itshoke jaaka masole a ga Keresete.
17. (a) Ke ka ntlha yang fa sekao sa ga Jude mo kgannyeng ya kutlwelobotlhoko se kgatlha jaana? (b) Mongwe le mongwe wa rona a ka tswelela jang a bontsha kutlwelobotlhoko?
17 Sa boraro, Jude o re kgothaletsa go tswelela re supa kutlwelobotlhoko. (Jude 22) Sekao sa gagwe mo kgannyeng eno se a kgatlha. Gone mme, o ne a tshwanetse go tshwenyega ka bosula, boitsholo jo bo sa siamang le botlhanogi jo bo neng bo kukunela mo phuthegong ya Bokeresete. Le fa go ntse jalo, ga a ka a ineela mo letshogong, a nna le boikutlo jwa gore motlha oo o ne o le kotsi thata go nna le nonofo e e “bonolo” jaaka kutlwelobotlhoko. Nnyaa, o ne a kgothaletsa bakaulengwe ba gagwe go tswelela ba supa kutlwelobotlhoko nako nngwe le nngwe fa ba ne ba kgona, a buisana ka bopelonomi le ba ba nang le dipelaelo mme e bile a ‘swatola mo molelong’ ba ba leng gaufi le go fapogela mo boleong jo bo masisi. (Jude 23; Bagalatia 6:1) A bo e le kgothatso e e molemo jang ne mo bagolwaneng mo metlheng e e boima eno! Le bone ba leka go supa kutlwelobotlhoko fa go na le lebaka la go dira jalo, ka nako e e tshwanang ba tlhomama fa go tlhokega. Le rona rotlhe re batla go bontshana kutlwelobotlhoko. Ka sekai, go na le go boloka sekgopi ka ntlha ya dilo tse di sa reng sepe, re ka nna ra itshwarela ba bangwe ka bopelotshweu.—Bakolosa 3:13.
18. Re ka tlhomamisega jang gore re tla fenya tlhabano ya rona ya semoya?
18 Tlhabano e re e tlhabanang ga e motlhofo. Jaaka Jude a bolela, ke “tlhabano e e thata.” (Jude 3) Baba ba rona ba maatla. Ga se Satane fela mme le lefatshe la gagwe le le boikepo le go sa itekanelang ga rona, tsotlhe di tlhabana le rona. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega re tlhatswegile pelo gore re tla fenya! Ka ntlha yang? Ka gonne re mo letlhakoreng la ga Jehofa. Jude o konela lekwalo la gagwe ka kgakololo ya gore Jehofa o tshwanelwa ke go neelwa “kgalalelo, tlotlomalo, thata le taolo ka bosafeleng jotlhe jo bo fetileng le jaanong le go ya bosafeleng jotlhe.” (Jude 25) A ga se kgopolo e e tshosang? Ka jalo, a go na le pelaelo epe ya gore ene Modimo ono, ‘o kgona go go disa gore o se ka wa kgotšwa’? (Jude 24) Eleruri nnyaa! A mongwe le mongwe wa rona a ititeye sehuba go tswelela a ganana le boitsholo jo bo sa siamang, go tlotla taolo e e tlhomilweng ke Modimo, le go ipoloka re le mo loratong lwa Modimo. Ka tsela eo, re tla nna le phenyo e e galalelang mmogo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Babatlisisi bangwe ba bolela gore Jude o nopola go tswa mo go Book of Enoch e go sa tlhomamisiweng sentle ka yone. Le fa go ntse jalo, R. C. H. Lenski o akgela jaana: “Re ipotsa jaana: ‘Buka eno e e buang ka dilo tse dintsintsi ya Book of Enoch e tswa kae tota?’ Buka eno e ile ya okediwa ka dilo di le dintsi, mme ga go na ope yo o tlhomamisegang ka matlha a dikarolo tsa yone tse di farologaneng . . . ; ga go na ope yo o ka tlhomamisang gore a gongwe mangwe a mafoko a yone ga a tsewa mo go Jude ka boene.”
Dipotso Tsa Poeletso
◻ Lekwalo la ga Jude le re ruta jang go ganana le boitsholo jo bo sa siamang?
◻ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa jaana go tlotla taolo e e tlhomilweng ke Modimo?
◻ Ke eng se se leng masisi thata jaana ka go sa dirise taolo sentle mo phuthegong?
◻ Re ka dira jang gore re nne mo loratong lwa Modimo?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Go farologana le masole a Roma, Bakeresete ba tlhabana ntwa ya semoya
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Badisa ba Bakeresete ba dira, e seng ka ntlha ya bopelotshetlha, mme ka ntlha ya lorato