LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • si ts. 261-263
  • Buka ya Bibela ya bo 65—Yude

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka ya Bibela ya bo 65—Yude
  • “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SEO SE LENG MO GO YUDE
  • LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
  • ‘Tlhabanang Tlhabano ka Thata lo Tlhabanela Tumelo’!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Re Tshwanetse go Lwela go Nna mo Boammaaruring
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Ikeleng Tlhoko mo Bateneging!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ikeleng Tlhoko Mo go Ba ba Rutang Maaka!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
“Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
si ts. 261-263

Buka ya Bibela ya bo 65—Yude

Mokwadi: Yude

Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Palasetina (?)

Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 65 C.E.

1. Jude o ne a fitlhela go tlhokafala gore a kwalele bakaulengwe ba gagwe lokwalo lo lo gagametseng ka ntlha ya maemo afe a a neng a le mo teng ga phuthego?

BAKAULENGWE ba Bakeresete mo Juda ba ne ba le mo kotsing! Mo lobakeng lwa morago ga go swa ga ga Keresete Jesu le go tsosiwa ga gagwe, dilo dingwe tse di tswang ka kwantle ga phuthego ya Bokeresete di ne tsa tsenelela mo teng ga yone ka bokukuntshwane. Baba ba ne ba kukunetse mo teng ba na le maikaelelo a go koafatsa tumelo ya bone, fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a tlhagisitse ka gone dingwaga tse di ka nnang 14 tse di fetileng. (2 Bathes. 2:3) Bakaulengwe ba ne ba tshwanetse go tlhagisiwa jang gore ba tle ba eme ba itisitse kgatlhanong le kotsi eno? Lokwalo lwa Yude lo lo neng lo tshotse mafoko a a gagametseng le a a tlhamaletseng, lo ne lwa fa karabo. Jude ka boene o ne a tlhalosa boemo jwa gagwe sentle mo ditemaneng 3 le 4: ‘Ka patelelwa ke pelo go lo kwalela go lo laya, gonne go na le batho bangwe ba ba kukunetseng mo teng, batho ba ba sa reng Modimo sepe, ba ba fetolang tshegofatso ya Modimo wa rona bopepe.’ Metheo e e nonofileng ya thuto ya motheo le boitsholo tse di siameng e ne e tshosediwa. Jude o ne a ikutlwa gore go a tlhokafala gore a lwele bakaulengwe ba gagwe, gore le bone, ba tle ba lwele tumelo ba nonofile sentle.

2. (a) Jude e ne e le mang? (b) Ke kamano efe e Jude a neng a na le yone le Jesu eo a neng a e tseela kwa godimo thata?

2 Mme Jude tota e ne e le mang? Mafoko a a mo tshimologong a re bolelela gore lokwalo lono lo ne lwa kwalwa ke “Yudasa, motlhanka oa ga Yesu Keresete, le monna Yakobe, ke kwalèla ba ba bidicweñ.” A Jude, kana Judase, e ne e le moaposetoloi, ereka baaposetoloi ba babedi mo go ba ba 12 ba ga Jesu le bone ba ne ba bidiwa ka leina la Judase? (Luke 6:16) Jude ga a ipitse moaposetoloi, mme go na le moo, o itlhaola mo baaposetoloing ka go bua a re “ba,” mme ka jalo a intsha mo go bone. (Yude 17, 18) Mme gape, o ipitsa a re ke “monna Yakobe,” a raya mokwadi wa lokwalo lwa Yakobe, yo e neng e le morwarraa Jesu ka mmè. (Tem. 1) Jaaka mongwe wa “maotwana” a phuthego e e neng e le mo Jerusalema, Jakobe yono o ne a itsege fela thata, mme ka jalo Jude o bolela bolosika jwa gagwe le ene. Seno se re kaela gore Jude le ene e ne e le morwarraa Jesu ka mmè, mme ebile o balelwa jalo. (Bagal. 1:19; 2:9; Math. 13:55; Mar. 6:3) Lefa go ntse jalo, Jude o ne a se ka a tlotlomatsa bolosika jwa gagwe jwa kafa nameng le Jesu, mme ka boikokobetso fela o ne a gatelela kafa a amanang ka gone le ene ka tsela ya semoya a ikaya jaaka “motlhanka oa ga Yesu Keresete.”—1 Bakor. 7:22; 2 Bakor. 5:16; Math. 20:27.

3. Ke eng seo se neng se supa gore lokwalo lwa Yude le boammaaruri?

3 Bosupi jwa gore buka eno ya Bibela e boammaaruri bo tshegediwa ke go umakiwa ga yone mo go Muratorian Fragment, ya lekgolo la dingwaga la bobedi C.E. Mme se sengwe gape ke gore, Clement wa Alexandria (wa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E.) o ne a e tsaya jaaka karolo ya Dikwalo. Origen o ne a e tlhalosa jaaka buka e e nang le “diele di se kae fela, mme le fa go le jalo e tletse ka mafoko a a itekanetseng a tshegofatso ya selegodimo.”a Tertullian le ene o ne a e tsaya gore ke ya boammaaruri. Ga go na pelaelo epe gore le yone ke bontlhanngwe jwa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng.

4. Yude ke lokwalo lwa mofuta mang, go bonala lo ne lwa kwalelwa kae, mme ke eng se se akantshang gore le ka ne le kwadilwe mo letlheng lefe?

4 Jude o kwaletse “ba ba bidicweñ,” a sa itebaganye le phuthego nngwe e e kgethegileng kana motho mongwe, jalo lokwalo lwa gagwe e ne e le lo lo akaretsang lo lo neng lo tshwanetse go tsamaisiwa mo Bakereseteng botlhe. Lemororo go sa tlhalosiwa jalo, lefelo le go bonalang sentle gore ke lone leo buka eno e kwaletsweng kwa go lone ke Palasetina. Selo se sengwe se se thata ke go bolela letlha le buka eno e kwadilweng ka lone ka tlhomamo. Lefa go ntse jalo, e ka nna ya bo e kwadilwe morago thata ga phuthego ya Bokeresete e sena go nonofa, ka go bo Jude gape o gopotsa “mahoko a a builweñ galè ke baaposetoloi ba Morèna oa rona Yesu Keresete” mme go bonala a tsopola 2 Petere 3:3. (Yude 17, 18) Mme se sengwe gape ke tsela eo Yude e tshwanang thata ka gone le kgaolo ya bobedi ya Petere wa Bobedi. Seno se supa gore o ne a kwala lokwalo lono ka nako e le nngwe fela le Petere, ka go bo boobabedi ba ne ba amegile thatathata kaga kotsi e e neng e lebanye le phuthego ka nako eo. Ka jalo, go akantshiwa fa 65 C.E. e ka nna letlha le le ka tshwanelang. Letlha leno gape le tshegediwa ke lebaka la go bo Jude a sa umake sepe ka tlhaselo ya ga Cestius Gallus go ya go kgaupetsa botsuolodi jwa Bajuda ka 66 C.E., mme ebile ga a umake sepe kaga go senngwa ga Jerusalema ka 70 C.E. Jude mo lokwalong lwa gagwe o bua ka dikatlholo tsa Modimo tse di tlhomameng tse di tliseditsweng baleofi, mme go a utlwala go bolela gore fa e le gore Jerusalema o ne a setse a sentswe ka nako eo, o ka bo a ile a tshegetsa mafoko a gagwe ka go umaka tiragatso ya katlholo eno, segolobogolo ka go bo Jesu a ne a ile a bolelela pele kaga tiragalo eno.—Yude 5-7; Luke 19:41-44.

SEO SE LENG MO GO YUDE

5. (a) Ke ka ntlhayang fa Jude a fitlhetse fa go le botlhokwa gore a kwalele ba ba biditsweng gore ba nne “tlhōahalō go ganèlèla tumèlō”? (b) Ke dikao dife tse di fang tlhagiso tseo Jude a di umakang?

5 Ditlhagiso kgatlhanong le boaka le go kgala batlotlegi (ditem. 1-16). Morago ga a sena go romela ditumediso tsa gagwe go “ba ba bidicweñ,” Jude o bolela gore o ne a ikaeletse go ba kwalela kaga “polokō e re e tlhakanetseñ,” mme jaanong o bonye fa go le botoka gore a ba kwalele gore ba “nnè tlhōahalō go ganèlèla tumèlō.” Ka ntlhayang? Ka go bo batho bangwe ba ba boikepo ba kukunetse mo teng, ba fetola bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo go nna seipato sa boitshwaro jo bo sa siamang. Batho bano, go ya kafa Jude a tlhalosang ka teng, “ba itatola eo e leñ èna Muñ oa rona le Morèna oa rona eo o esi, eboñ Yesu Keresete.” (Ditem. 1, 3, 4) O ba gakolola gore lemororo Jehofa a ne a falotsa batho bangwe kwa Egepeto, moragonyana O ne a “senya ba ba se kañ ba dumèla.” Mme gape, Jehofa “o letisitse letsatsi ye legolo ya tshèkō” baengele ba ba se kang ba boloka maemo a a tshwanetseng a bone. Ka tsela e e tshwanang, kotlhao e e sa khutleng e e neng ya tlela Sodoma le Gomora le metse e e neng e le mo tikologong ke sekao se se fang tlhagiso kaga seo se tla diragalelang botlhe ba ba ‘ineelang mo kgokafalong e e feteletseng ka go latela mokgwa wa nama e sele.’—Ditem. 5-7.

6. Ke eng seo batho ba ba sa reng Modimo sepe ba tseneletseng mo go sone, mme Jude o tshwantshetsa jang kafa boitshwaro jwa bone bo leng phoso ka gone le seo se tla diragalang ka ntlha ya jone?

6 Mme jaanong, ka tsela fela e e tshwanang le eo, batho ba ba sa reng Modimo sepe “ba leshwèhatsa nama, ba nyatsa pushō, ba kgala batlotlegi.” Ebu, le ene Mikaele moengele yo mogolo ga a a ka a gobolola Diabolo fa a ne a ganetsana le ene kaga mmele wa ga Moshe, mme o ne a bua fela a re: “A Morèna a gu kgalemèlè.” Lefa go le jalo, batho bano ba nnela go bua mafoko a a tlhapatso mme ba nnela go itshenya fela jaaka diphologolo tse di senang tlhaloganyo. Ba tsamaile mo ditseleng tsa ga Kaine, Balaame, le tsa ga Kora wa motsuolodi. Ba tshwana fela le mafika a a fitlhegileng kafa tlase ga metsi, ba tshwana fela le maru a a senang metsi, le jaaka ditlhare tse di senang maungo tse di suleng gabedi le go khumolwa, ba ntse fela jaaka makhubu a a tlolakang, ba phoka mahulo a ditlhong tsa bone, le jaaka dinaledi tse di kailang fela. Mme bano ‘ba beetswe bontsho jwa lefifi ka bosakhutleng.’ (Ditem. 8, 9, 13) Enoke o ne a bolelela pele gore Jehofa o tla tlisa katlholo mo bathong bano ba ba boikepo. Ke babalabadi le bangongoregi, mme ba tlhaola batho bangwe jaaka ba ba botoka gore ba tle ba bone thuso.

7. (a) Baaposetoloi ba ne tlhagisa jang ka basotli? (b) Ka ntlha ya tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng, ke eng seo “ba ba ratègañ” ba tshwanetseng go se itirela le go se direla ba bangwe?

7 Kgakololo kaga go nnela ruri mo loratong lwa Modimo (ditem. 17-25). Jude o gakolola bakaulengwe kafa baaposetoloi ba Morena Jesu Keresete ba neng ba e tle ba ba tlhagise ka gone gore “mo motlheñ oa bohèlō go tla tla bashotli, ba ba tla tsamaeañ kaha dithatoñ tsa bōnè tsa boikèpō.” Batho bano ba ba tshwenyang ke ‘ba ba maikutlo a senama, ba ba senang bomoya.’ Jalo “ba ba ratègañ,” ba tshwanetse go inonotsha mo tumelong mme ba ipoloke mo loratong lwa Modimo, fa ba ntse ba tsweletse ka go lebelela kutlwelobotlhoko ya ga Keresete le go ‘lebelela botshelo jo bo sa khutleng.’ Mme le bone, ba tshwanetse go bontsha kutlwelobotlhoko le go thusa bao ba reketlang. Jude o digela ka go kaya gore kgalalelo e nne le ‘Modimo Mmoloki wa rona’ ka Morena Jesu Keresete, Ene yo o ka ba dibelang mo go kgopiweng ke sepe.—Ditem. 18-21, 25.

LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA

8. Jude o ne a dirisa jang Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng le ‘buka ya tlholego’ fa a ne a kgothatsa bakaulengwe?

8 Jude ka boene o ne a fitlhela gore Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di na le mosola o mogolo wa go fa tlhagiso, wa go rotloetsa, go kgothatsa, wa go laya, le wa go gakolola “baratwa.” Fa a ne a senola boleo jo bo masisi jwa dikebekwa tse di boikepo, o ne a dirisa ditshwantsho tse di nonofileng go tswa mo Dikwalong tsa Sehebera, jaaka a ile a kaisa ka Baiseraele ba ba neng ba tsaya tsela e e phoso, ka baengele ba ba neng ba leofa, le ka baagi ba Sodoma le Gomora, a bontsha gore botlhe ba ba dirang bosula jo bo ntseng jalo ba tla bona kotlhao e e tshwanang le eo. O ne a tshwantsha batho ba ba bodileng le diphologolo tse di senang tlhaloganyo, a bo a re ba ne ba tsamaya mo ditseleng tsa ga Kaine, ba itlhaganelela mo phosong ya ga Balaame, mme ba nyelela jaaka Kora ka ntlha ya puo ya bone ya botsuolodi. O ne a dirisa le ditshwantsho tse di bonwang mo ‘bukeng ya tlholego’ ka tsela e e phepafetseng. Lokwalo lo lo opang kgomo lonaka lwa ga Jude ka bolone lo ne lwa nna bontlhanngwe jwa “lokwalō loñwe le loñwe,” lo lo tshwanetseng go ithutiwa le Dikwalo tse dingwe, tse di kgothaletsang boitshwaro jo bo siameng mo “motlheñ oa bohèlō.”—Yude 17, 18, 5-7, 11-13; Dipa. 14:35-37; Gen. 6:4; 18:20, 21; 19:4, 5, 24, 25; 4:4, 5, 8; Dipa. 22:2-7, 21; 31:8; 16:1-7, 31-35.

9. Ke ka ntlhayang fa tlhagiso ya ga Jude e santse e tlhokafala le mo nakong eno, mme Bakeresete ba tshwanetse go tswelela ba ntse ba inonotsha mo dikarolong dife?

9 Dikganetso tse di neng di tswa ka kwantle le diteko di ne di paletswe ke go kgoreletsa kgolo ya Bokeresete, mme jaanong bakaulengwe ba ne ba le mo kotsing ya go ka bodisiwa ke dilo tse di mo teng ga yone. Mafika a a neng a iphitlhile kafa teng a ne a le kotsi e kgolo ya go thubaganya phuthego yotlhe. Ka go lemoga gore kotsi eno ruri e ne e ka nna kgolo thata, Jude o ne a ntsha kgothatso e e nonofileng ya gore ‘go ganelelwe tumelo.’ Lokwalo lwa gagwe ke lo lo fang thuso le gone gompieno fela jaaka go ne go ntse ka nako e e fetileng eo. Tlhagiso e e tshwanang le eo e santse e ntse e tlhokafala le gompieno. Go santse go ntse go tlhokafala gore tumelo e babalelwe le go tlhabanelwa, gore boitsholo jo bo sa siamang bo tlosiwe, gore botlhe ba ba belaelang ba thusiwe ka kutlwelobotlhoko le go ‘swatolwa mo molelong,’ fa e le gore seo se ka kgonega. Ka go gagamalela gore go nne le boitsholo jo bo tlhamaletseng, botswelelo pele jwa semoya, le kobamelo ya boammaaruri, Bakeresete gompieno ba tshwanetse go tswelela ba ntse ba ikaga mo tumelong e e itshepileng thata. Ba tshwanetse go emela melaometheo ya tshiamo mme ba atamele Modimo ka thapelo. Ba tshwanetse gape ba nna le maitseo mo ‘pusong,’ ba tlotla taolo e e tswang mo Modimong e e mo phuthegong ya Bokeresete.—Yude 3, 23, 8.

10. (a) Phuthego e tshwanetse go dirisanya jang le batho ba ba nang le maikutlo a senama, mme seno se tla felela ka eng? (b) Ke tuelo efe e e tla tlelang baruaboswa ba Bogosi botlhe, mme bano ba kopanela le Jude mo go eng?

10 ‘Batho ba ba maikutlo a senama, ba ba senang moya,’ ga ba kitla ba tsena mo Bogosing jwa Modimo mme sa bone ke go nna kotsi fela mo go bao ba leng mo tseleng ya go ya botshelong jo bo sa khutleng. (Yude 19; Bagal. 5:19-21) Phuthego e tshwanetse go tlhagisiwa kgatlhanong le bone, mme e tshwanetse go ba tlosa! Ka jalo, ‘kutlwelobotlhoko le kagiso le lorato’ di tla oketsega mo go botlhe ba ba rategang, mme ba tla ipoloka mo loratong lwa Modimo, ‘fa ba ntse ba lebeletse kutlwelobotlhoko ya Morena wa bone Jesu Keresete le botshelo jo bo sa khutleng.’ Modimo Mmoloki o tla dira gore baruaboswa ba Bogosi ‘ba nne ba sena bogole, ba le mo kgalalelong le mo boitumelong jo bogolo thata.’ Ruri bano ba ikopanya le Jude mo go boleleng gore ‘kgalalelo, borena, puso, le thata’ ke tsa Gagwe ka Jesu Keresete.—Yude 2, 21, 24, 25.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a The Canon of the New Testament, 1987, ka B. M. Metzger, tsebe 138.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela