Ikeleng Tlhoko Mo go Ba ba Rutang Maaka!
“Gape go tla nna le ba ba rutang maaka gareng ga lona.”—2 PETERE 2:1.
1. Jude o ne a ikaeletse go kwala ka eng, mme ke ka ntlha yang fa a ne a fetola kgang ya gagwe?
A BO e le selo se se tshosang jang ne! Batho ba ba rutang maaka mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga! (Mathaio 7:15; Ditiro 20:29, 30) Monnaawe Jesu ka mmaagwe, e bong Jude o ne a tlhokometse go nna gone ga bone. O ne a bolela gore o ne a batla go kwalela badumedikaene “kaga poloko e rotlhe re nang le yone,” mme o ne a tlhalosa jaana: “Ke bone go tlhokega gore ke lo kwalele go lo rotloetsa go tlhabana tlhabano ka thata lo tlhabanela tumelo.” Ke ka ntlha yang fa Jude a ne a fetola kgang ya gagwe? O ne a bolela gore ke ka gonne, “batho bangwe ba kukunetse mo teng [ga phuthego] . . . ba ba fetolang bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo wa rona seipato sa boitshwaro jo bo repileng.”—Jude 3, 4.
2. Ke ka ntlha yang fa 2 Petere kgaolo 2 le Jude di tshwana jaana?
2 Go bonala fa Jude a ile a kwala nakonyana fela morago ga gore Petere a kwale lekwalo la gagwe la bobedi. Kwantle ga pelaelo Jude o ne a tlwaelane le lekwalo leno. Eleruri, o ne a tlhalosa megopolo e e tshwanang mo lekwalong lwa gagwe le le nonofileng la kgothatso. Ka jalo, fa re sekaseka 2 Petere kgaolo 2, re tla tlhokomela ka fa e tshwanang le lekwalo la ga Jude ka teng.
Matswela a Dithuto Tsa Maaka
3. Ke eng se se diragetseng mo nakong e e fetileng se Petere a bolelang gore se ne se tla diragala gape?
3 Fa Petere a sena go kgothaletsa bakaulengwe ba gagwe gore ba ele boporofeti tlhoko, o bolela jaana: “Lefa go ntse jalo, gape go ne ga nna le baporofeti ba maaka [kwa Iseraeleng wa bogologolo] fela jaaka gape go tla nna le ba ba rutang maaka gareng ga lona.” (2 Petere 1:14–2:1) Batho ba Modimo ba metlha ya bogologolo ba ne ba amogela boporofeti jwa boammaaruri, mme gape ba ne ba tshwanetse go lebana le dithuto tse di senyegileng tsa baporofeti ba maaka. (Jeremia 6:13, 14; 28:1-3, 15) Jeremia o ne a kwala jaana: “Mo baperofeting ba Jerusalema ke bonye selo se se tsitlisang marapo; ba a akafala, ba sepela ka maaka.”—Jeremia 23:14.
4. Ke ka ntlha yang fa batho ba ba rutang maaka ba tshwanelwa ke go senngwa?
4 Fa a tlhalosa se batho ba ba rutang maaka ba ka se dirang mo phuthegong ya Bokeresete, Petere o bolela jaana: “Bone bano ka go kukunela ba tla tlisa mo teng makoko a a senyang gape ba tla itatola le eleng mong [Jesu Keresete] yo o ba rekileng, ba itlisetsa tshenyego e e bofefo.” (2 Petere 2:1; Jude 4) Matswela a bofelo a makoko a a ntseng jalo a lekgolo la ntlha la dingwaga ke Labokeresete jaaka re e itse gompieno. Petere o bontsha gore ke ka ntlha yang fa batho ba ba rutang maaka ba tshwanelwa ke tshenyego gotlhelele: “Bantsi ba tla latela ditiro tsa bone tsa boitshwaro jo bo repileng, mme ka ntlha ya bano tsela ya boammaaruri e tla buiwa ka go kgojwa.”—2 Petere 2:2.
5. Batho ba ba rutang maaka ba ne ba ikarabela ka eng?
5 A ko o akanye ka seno! Ka ntlha ya tlhotlheletso ya batho ba ba rutang maaka, ba bantsi mo phuthegong ba tla dira ditiro tsa boitshwaro jo bo repileng. Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore “boitshwaro jo bo repileng” le kaya go sa laolesege, go palelwa ke go ikgapa, matlhabisaditlhong, botlhodi. Petere o ne a bolela pelenyana gore Bakeresete ba ne ba “falotse mo go boleng mo go mo lefatsheng mo go bakwang ke keletso e e fekeetsang.” (2 Petere 1:4) Mme ba bangwe ba ne ba tla boela mo go boleng gone goo, mme ba ba rutang maaka mo phuthegong ba ne ba tla bo ba ikarabela thata mo go seno! Ka jalo tsela ya boammaaruri e ne e tla nyadiwa. A bo go hutsafatsa jang ne! Eleruri, eno ke kgang e Basupi botlhe ba ga Jehofa ba tshwanetseng go e ela tlhoko thata gompieno. Le ka motlha ga re a tshwanela go lebala gore, go ikaegile ka gore re itshwara jang, re ka nna ra tlisetsa Jehofa Modimo le batho ba gagwe pako kana ra ba tlisetsa kgobo.—Diane 27:11; Baroma 2:24.
Go Rotloetsa Dithuto Tsa Maaka
6. Batho ba ba rutang maaka ba tlhotlhelediwa ke eng, mme ba dira jang go bona se ba se batlang?
6 Ka botlhale re ela tlhoko ka fa batho ba ba rutang maaka ba rotloetsang megopolo ya bone e e bosula ka teng. Petere o bolela pele gore ba go dira ka go kukunela, kana ka tsela e e sa bonaleng e e sa lemotshegeng. O oketsa jaana: “Ka keletso ya bopelotshetlha ba tla lo ja ntsoma ka mafoko a tsietso.” Dikeletso tsa bopelotshetlha di tlhotlheletsa batho ba ba rutang maaka, jaaka go gatelelwa ke thanolo e e mo go The Jerusalem Bible: “Ba tla leka ka bojotlhe go lo ithekela ka dipuo tse di tsietsang.” Ka mo go tshwanang, thanolo ya ga James Moffatt e bolela jaana fano: “Ka keletso ya bone ba tla lo ja ntsoma ka dikganetsano tse di boferefere.” (2 Petere 2:1, 3) Mafoko a batho ba ba rutang maaka a ka nna a bonala a utlwala mo mothong yo o sa tsogang mo semoyeng, mme mafoko a bone a rulagantswe ka kelotlhoko go “reka” batho ba ba tsietsang gore ba direle dikeletso tsa bopelotshetlha tsa batsietsi.
7. Ke mogopolo ofe o o neng wa tuma mo lekgolong la ntlha la dingwaga?
7 Ga go na pelaelo epe gore batho ba ba neng ba ruta maaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhotlhelediwa ke tsela ya go akanya ya lefatshe e e neng e le gone ka nako eo. Ka nako ya fa Petere a ne a kwala, filosofi nngwe e e neng e itsege e le Bokenosetiki e ne e simolola go tuma. Bakenosetiki ba ne ba dumela gore sengwe le sengwe se bosula mme ke fela se se amanang le moya se se siameng. Ka jalo, bangwe ba bone ba ne ba bolela gore se motho a se dirang ka mmele wa gagwe wa nama ga se tshwenye. Ba ne ba tlhalosa gore kwa bofelong motho o tla bo a se mo mmeleng ono. Ka jalo, ba ne ba swetsa ka gore, maleo a mmele—go akaretsa a tlhakanelodikobo—ga a tshwenye. Ka fa go bonalang ka teng, dikgopolo tse di ntseng jalo di ile tsa simolola go tlhotlheletsa bangwe ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete.
8, 9. (a) Ke megopolo efe e e sokameng e e neng ya ama Bakeresete ba bogologolo? (b) Go ya ka Jude, bangwe ba ne ba dirang mo phuthegong?
8 Mokanoki mongwe wa Baebele o ne a bolela gore, “go ne go na le bangwe mo Kerekeng ba ba neng ba sokamisa thuto ya matlhogonolo,” kana “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.” (Baefeso 1:5-7) Go ya ka ene, bangwe ba ne ba re: “A o raya gore [bopelonomi jo bo sa re tshwanelang] jwa Modimo bo bontsi mo bo ka bipang boleo bongwe le bongwe? . . . He a re tswelele pele re leofa, ka gonne [bopelonomi jo bo sa re tshwanelang] jwa Modimo bo tla tlosa boleo bongwe le bongwe. Tota e bile, fa re leofa thata, [bopelonomi jo bo sa re tshwanelang] jwa Modimo bo tla nna le sebaka se sentsi sa go dira.” A o kile wa utlwa tlhaloso e e sokameng thata go na le eo?
9 Moaposetoloi Paulo o ne a lwantshana le kgopolo e e sa siamang malebana le bopelotlhomogi jwa Modimo fa a ne a botsa jaana: “A re tla tswelela re le mo boleong, e le gore bopelonomi jo bo sa re tshwanelang bo tote?” O ne a botsa gape jaana: “A re tla dira boleo ka gonne re se tlase ga molao mme re le tlase ga bopelonomi jo bo sa re tshwanelang?” Go araba nngwe le nngwe ya dipotso tseo Paulo o ne a araba jaana ka go gatelela: “Le ka motlha e kete seo se ka se diragale!” (Baroma 6:1, 2, 15) Ka mo go phepafetseng, jaaka Jude a ne a bolela, bangwe ba ba rileng ba ne ba “[fetola] bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo wa rona seipato sa boitshwaro jo bo repileng.” Le fa go ntse jalo, Petere o bolela gore mo go ba ba ntseng jalo ‘tshenyego ga e otsele.’—Jude 4; 2 Petere 2:3.
Dikai Tse di Tlhagisang
10, 11. Petere o re neela dikai dife tse tharo tse di re tlhagisang?
10 Go gatelela kgang ya gore Modimo o tla tsaya kgato kgatlhanong le ba ba dirang bosula ka boomo, Petere o re neela dikai tse tharo tse di tlhagisang go tswa mo Dikwalong. Sa ntlha o kwala jaana: “Modimo [ga wa ka] wa ithiba go otlhaya baengele ba ba neng ba leofa.” Jude a re bano, ke “ba ba sa kang ba boloka boemo jwa bone jwa kwa tshimologong mme ba latlha lefelo la bone la bonno le le tshwanetseng” kwa legodimong. Ba ne ba tla mo lefatsheng pele ga Morwalela mme ba ikapesa mebele ya nama gore ba tlhakanele dikobo le bomorwadia batho. Kotlhao e ba neng ba e bona ka ntlha ya boitshwaro jwa bone jo bo sa tshwanelang jo e seng jwa tlholego, ba ne ba latlhelwa mo teng ga “Tatarase,” kana jaaka pego ya ga Jude e bolela, ba ne ba ‘beetswe katlholo ya letsatsi le legolo ka dikgole tsa bosafeleng mo lefifing le le kwenneng.’—2 Petere 2:4; Jude 6; Genesise 6:1-3.
11 Morago ga foo, Petere o bua ka batho ba motlha wa ga Noa. (Genesise 7:17-24) O bolela gore mo motlheng wa ga Noa Modimo “o ne wa se ka wa ithiba go otlhaya lefatshe la bogologolo tala . . . fa o ne o tlisa morwalela mo lefatsheng la batho ba e seng ba bomodimo.” La bofelo, Petere o kwala gore Modimo o ne a tlhomela “batho ba e seng ba bomodimo sekao sa dilo tse di tla tlang” ka go “dira metse ya Sodoma le Gomora melora fela.” Jude o neela tshedimosetso e e oketsegileng ya gore batho bao ba ne ba “dira kgokafalo mo go feteletseng . . . [ba ba ba] sala nama morago gore [ba] e dirise ka tsela e e seng ya tlholego.” (2 Petere 2:5, 6; Jude 7) Ga se fela gore banna ba ne ba nna le dikamano tse di sa tshwanelang tsa tlhakanelodikobo le basadi mme gape ba ne ba eletsa le nama ya banna ba bangwe, gongwe tota le nama ya diphologolo tse di setlhogo.—Genesise 19:4, 5; Lefitiko 18:22-25.
12. Go ya ka Petere, batho ba ba nang le boitsholo jo bo siameng ba duelwa jang?
12 Le fa go ntse jalo, ka nako e e tshwanang, Petere o bolela gore Jehofa ke moduedi wa ba ba mo direlang ka boikanyegi. Ka sekai, o tlhalosa ka fa Modimo a ileng a “boloka Noa, moreri wa tshiamo, a babalesegile le ba bangwe ba supa” ka teng fa A ne a lere Morwalela. O bolela gape ka fa Jehofa a neng a golola “Lote yo o siameng” mo motlheng wa Sodoma, a bo a konela jaana: “Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone, mme a beele batho ba ba sa siamang letsatsi la katlholo gore ba kgaolwe.”—2 Petere 2:5, 7-9.
Ditiro Tse di Tshwanelang Kotlhao
13. Ke bomang bao segolobogolo ba letisitsweng katlholo mme go bonala ba lora eng?
13 Petere o tlhaola ba segolobogolo ba beetsweng katlholo ya Modimo e bong, “ba ba tswelelang ba sala nama morago ka keletso ya go e leswafatsa le ba ba lebelang borena kwa tlase.” Re ka kgona go utlwa ka fa Petere a neng a galefile ka teng fa a bolela jaana: “Ka ba le pelokgale, ba rata gore go dirwe ka tsela ya bone fela, ga ba roromisiwe ke ba ba galalelang mme ba bua ka tsela ya go kgoba.” Jude o kwala ka gore “batho bano . . . ka go ineela mo ditorong, ba leswafatsa nama . . . e bile ba bua ba ba galalelang ka tsela ya go kgoba.” (2 Petere 2:10; Jude 8) Ditoro tsa bone di ka nna tsa bo di akaretsa dikeletso tse di sa siamang tsa tlhakanelodikobo tse di ba kgothaletsang go tswelela pele ba kgotsofatsa keletso ya boitsholo jo bo sa siamang. Le fa go ntse jalo, ke ka tsela efe ba “lebelang borena kwa tlase” e bile ka “ba ba galalelang ba bua ka tsela ya go kgoba”?
14. Ke ka tsela efe ba ba rutang maaka ba “lebelelang borena kwa tlase” mme ba bua ka “ba ba galalelang ka tsela ya go kgoba”?
14 Ba dira jalo ka go nyatsa taolo e e tlhomilweng ke Modimo. Bagolwane ba Bakeresete ba emela Jehofa Modimo yo o galalelang le Morwawe mme ka ntlha ya seo, ba filwe kgalalelo e e rileng. Ke boammaaruri gore, ba dira diphoso, fela jaaka Petere le ene a ne a dira, mme Dikwalo di kgothaletsa maloko a phuthego go ineela mo go ba ba galalelang bano. (Bahebera 13:17) Ditlhaelo tsa bone ga di re neele mabaka a go bua maswe ka bone. Petere a re baengele ga ba “latofatse [ba ba rutang maaka] ka mafoko a go kgoba,” le fa gone go ka ba tshwanela tota. Petere o tswelela pele jaana: “Mme banna bano, jaaka diphologolo tse di sa akanyeng tse ka tlholego di tsaletsweng go tshwarwa le go senngwa, mo dilong tse ba se nang kitso ka tsone e bile ba bua ka tsone ka go kgoba, ba tla bo ba senngwe.”—2 Petere 2:10-13.
“Fa ba Ntse ba ja Mekete . . . le Lona”
15. Ke mekgwa efe e ba ba rutang maaka ba e dirisang mme ba raela kae?
15 Le mororo banna ba ba bosula bano ba “tsaya botshelo jwa manobonobo mo nakong ya motshegare e le monate” mme “ke dilabe le ditshubaba,” gape ba a tsietsa. Ba a “kukunela,” ba dirisa “mafoko a tsietso,” jaaka Petere a ile a bolela pelenyana. (2 Petere 2:1, 3, 13) Ka jalo ga ba ganetse ka tsela e e bonalang maiteko a bagolwane a go tshegetsa ditekanyetso tsa Modimo tsa boitsholo kana go latelela dikeletso tsa bone tsa tlhakanelodikobo phatlalatsa. Go na le moo, Petere a re ba itlhapedisa “ka go ja monate kwantle ga boithibo mo dithutong tsa bone tse di tsietsang fa ba ntse baa ja mekete mmogo le lona.” Mme Jude o kwala jaana: “Bano ke mafika a a fitlhegileng kwa tlase ga metsi mo meketeng ya lona ya lorato.” (Jude 12) Ee, fela jaaka mafika a a makgawekgawe ka fa tlase ga metsi a ka gagola botlase jwa sekepe, a dira gore batsamai ba sekepe ba ba seng kelotlhoko ba nwele, batho ba ba rutang maaka ba ne ba faposa ba ba seng kelotlhoko ba ka boitimokanyi ba neng ba itshema fa ba ba rata ka dinako tsa “mekete ya lorato.”
16. (a) “Mekete ya lorato” e ne e le eng mme ke mo mafelong a a ntseng jang a a tshwanang a batho ba ba nang le boitsholo jo bo sa siamang ba dirang mo go one gompieno? (b) Ba ba rutang maaka ba tlhoma mogopolo mo go bomang, mme ba ba ntseng jalo ba tshwanetse go dira eng?
16 Go bonala fa “mekete [eno] ya lorato” e ne e le dinako tsa botsalano tse ka tsone Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba kopana go itumelela dijo le botsala. Basupi ba ga Jehofa le bone gompieno ba kopana mmogo ka dinako tse dingwe ka tsela ya botsalano, gongwe kwa meletlong ya manyalo, kwa dipikinikeng, kana kwa maitseboeng mangwe a botsalano. Batho ba ba bosula ba ka dirisa jang dinako tse di ntseng jalo go faposa batho ba ba batlang go ba tlhasela? Petere o kwala jaana: “Ba na le matlho a a tletseng boaka . . . , e bile ba hepisa meya e e sa nitamang.” ‘Dipelo tsa bone tse di thapisitsweng mo keletsong ya bopelotshetlha’ di lebile thata ba ba sa nitamang mo semoyeng ba ba paletsweng ke go dira gore boammaaruri e nne jwa bone. Ka jalo tsaya se se diragetseng mo motlheng wa ga Petere go nna tlhagiso mo go wena, mme o itise! Gana maiteko ape fela a a ka dirang gore o nne le boitshwaro jo bo sa siamang, mme o se ka wa tsiediwa ke bontle kana kgatlhego ya mmele ya motho yo o dirang maiteko a go dira gore o nne le seabe mo boitsholong jo bo sa siamang!—2 Petere 2:14.
“Tselana ya ga Balaame”
17. “Tselana ya ga Balaame” e ne e le eng mme e ne ya ama jang Baiseraele ba le 24 000?
17 Ba ba “hutsegileng” bano ba na le nakonyana ba itse boammaaruri. Ba ka tswa ba bonala ba sa ntse ba le matlhagatlhaga mo phuthegong. Mme Petere a re: “Ka go tlogela tselana e e tlhamaletseng, ba timeditswe. Ba latetse tselana ya ga Balaame, morwa Beore, yo o neng a rata maduo a go dira phoso.” (2 Petere 2:14, 15) Tselana ya moporofeti Balaame e ne e le go rotloetsa tsela ya go faposetsa batho mo boitsholong jo bo sa siamang go itsholegela molemo. O ne a bolelela Kgosi ya Moabe e bong Balake gore Modimo o ne a tla hutsa Iseraele fa batho ba ne ba ka faposiwa gore ba dire kgokafalo. Ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba Modimo ba ne ba faposiwa ke basadi ba Moabe mme ba le 24 000 ba ne ba bolawa ka ntlha ya boitsholo jwa bone jo bo sa siamang.—Dipalo 25:1-9; 31:15, 16; Tshenolo 2:14.
18. Balaame o ne a sa ineele go le kana kang, mme ditlamorago di kaya eng mo go ba ba rutang maaka?
18 Petere o bolela gore Balaame o ne a kgorelediwa fa pelesa ya gagwe e bua le ene mme Balaame o ne a “rata maduo a go dira phoso” thata mo e leng gore tota le fa seno se diragala, ga a ka a tlogela “tsela ya [gagwe] ya botsenwa.” (2 Petere 2:15, 16) A bo seo se le bosula jang ne! A bo go latlhega motho ope fela yo o tshwanang le Balaame yo o lekang go tsietsa batho ba Modimo ka go ba raela go dira boitsholo jo bo sa siamang! Balaame o ne a swa ka ntlha ya bosula jwa gagwe, ke ponelopele ya se se tla diragalelang botlhe ba ba latelang tsela ya gagwe.—Dipalo 31:8.
Tsela ya Bone ya go Faposa ya Bodiabolo
19, 20. (a) Batho ba ba tshwanang le Balaame ba tshwantshiwa le eng mme ka ntlha yang? (b) Ba faposa bomang e bile jang? (c) Ke ka ntlha yang fa re ka re dithaelo tsa bone ke tsa bodiabolo mme re ka sireletsa rona le ba bangwe jang?
19 Fa Petere a tlhalosa batho ba ba tshwanang le Balaame, o kwala jaana: “Bano ke didiba [kana, metswedi] tse di se nang metsi, le meuwane [kana, maru] e e kgweediwang ke phefo e e bogale ya matsubutsubu.” Mo motsamaing yo o nyorilweng mo sekakeng, go bona sediba se se omileng go ka nna ga raya loso. Ga go gakgamatse go bo ba ba emelang dilo tse di ntseng jalo ba “beetswe bontsho jwa lefifi”! Petere o tswelela pele jaana: “Gonne ba bua dipolelwana tsa boikgogomoso tse di se nang poelo, mme ka dikeletso tsa nama le ka mekgwa e e repileng ba hepisa ba ba sa tswang go falola mo bathong ba ba itshwarang ka phapogo.” Ba faposa batho ba ba se nang boitemogelo ka go ba “solofetsa kgololesego” Petere o bolela jalo, fa “bone ka bobone ba tshela jaaka batlhanka ba go bola.”—2 Petere 2:17-19; Bagalatia 5:13.
20 Dithaelo tsa baruti ba ba bosula bano ke tsa bodiabolo. Ka sekai, ba ka nna ba re: ‘Modimo o itse gore re bokoa le gore re fekeediwa ke maikutlo a tlhakanelodikobo. Ka jalo fa re ikgotsofatsa le go kgotsofatsa dikeletso tsa rona tsa tlhakanelodikobo, Modimo o tla re tlhomogela pelo. Fa re ipolela boleo jwa rona, o tla re itshwarela fela jaaka a dirile la ntlha fa re tsena mo boammaaruring.’ Gakologelwa gore Diabolo o ne a dirisa tsela e e tshwanang go bua le Efa, a mo solofetsa gore fa a leofa a ka se ka a otlhaiwa. Mo kgannyeng ya ga Efa, o ne a bolela gore go leofela Modimo go ne go tla dira gore a nne le botlhale le kgololesego. (Genesise 3:4, 5) Fa re ka kopana le motho yo o bosula jalo yo o kopanelang le phuthego, re na le boikarabelo jwa go sireletsa rona le bangwe ka go bolelela ba ba ikarabelang mo phuthegong ya Bokeresete ka motho yoo.—Lefitiko 5:1.
Go Sirelediwa ke Kitso e e Leng Yone
21-23. (a) Ditlamorago tsa go palelwa ke go dirisa kitso e e leng yone ke eng? (b) Ke bothata bofe jo bongwe jo Petere a buang ka jone jo bo tla sekasekiwang moragonyana?
21 Petere o konela karolo eno ya lekwalo la gagwe ka go tlhalosa ditlamorago tsa go palelwa ke go dirisa kitso e a neng a bolela pelenyana gore e botlhokwa mo ‘botshelong le mo boineelong jwa bomodimo.’ (2 Petere 1:2, 3, 8) O kwala jaana: “Eleruri fa, fa ba sena go falola mo diteswafatsing tsa lefatshe ka kitso e e leng yone ya Morena le Mmoloki Jesu Keresete, ba tsenelela gape mo go tsone dilo tseno mme ba fenngwa, maemo a bofelo a maswe mo go bone go feta a ntlha.” (2 Petere 2:20) A bo go hutsafatsa jang ne! Batho ba ba ntseng jalo mo motlheng wa ga Petere ba ne ba latlhegelwa ke tsholofelo e e botlhokwatlhokwa ya botshelo jwa bosasweng kwa legodimong ka ntlha ya go ikgotsofatsa ka nakwana ka tlhakanelodikobo.
22 Ka jalo Petere o bolela jaana: “Go ka bo go ba nnetse botoka gore ba bo ba se kile ba itse sentle tselana ya tshiamo go na le gore fa ba sena go e itse sentle ba hularele taolo e e boitshepo e ba neng ba e newa. Lefoko la seane se se boammaaruri le ba diragaletse le le reng: ‘Ntša e boetse matlhatseng a yone, le kolobe e namagadi e e neng e tlhapisitswe, e boetse kwa go bidikameng mo lorageng.’”—2 Petere 2:21, 22; Diane 26:11.
23 Bothata jo bongwe jo go neng go bonala fa bo ne bo setse bo ama Bakeresete ba bogologolo bo ne bo tshwana le jo bo amang bangwe gompieno. Ke go nna gone ga ga Keresete go go bonalang e kete go a diega. Mma re sekaseke kafa Petere a rarabololang kgang eno ka gone.
A o A Gakologelwa?
◻ Petere o umaka dikai dife tse tharo tse di tlhagisang?
◻ Ba ba rutang maaka ba ‘lebela borena kwa tlase’ jang?
◻ Tselana ya ga Balaame ke eng, mme ba ba e latelang ba ka leka go faposa jang ba bangwe?
◻ Ditlamorago tsa go palelwa ke go dirisa kitso e e leng yone ke dife?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Balaame ke sekai se se tlhagisang