LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 4/15 ts. 31
  • Ikeleng Tlhoko mo Bateneging!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ikeleng Tlhoko mo Bateneging!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Tlhabanang ka Thata’
  • Re Boleletswe Ditlhagiso
  • Nnang lo Ganane
  • Buka ya Bibela ya bo 65—Yude
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • ‘Tlhabanang Tlhabano ka Thata lo Tlhabanela Tumelo’!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a ga Johane Le la Ga Jude
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Re Tshwanetse go Lwela go Nna mo Boammaaruring
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 4/15 ts. 31

Ikeleng Tlhoko mo Bateneging!

Dintlhakgolo tsa Lokwalo lwa Yude

BATLHANKA ba ga Jehofa ba tshwanetse go “[ila] se se boshula” mme ba “[ngaparela] se se molemō.” (Baroma 12:9) Mokwadi wa Bibela Yude o ne a thusa ba bangwe go dira seno mo lokwalong lo a neng a lo kwaletse kwa Palasetina mo gongwe e ka nnang ka 65 C.E.

Jude o ne a ipitsa “motlhanka oa ga Yesu Keresete, le monna Yakobe.” Go bonala fa Jakobe yono e ne e le monnaa Jesu Keresete yo o itsegeng. (Mareko 6:3; Ditihō 15:13-21; Bagalatia 1:19) Ka gone Jude ka boene o ne a le monnaa Jesu ka mmaagwe. Lefa go ntse jalo, o ka nna a bo a ile a akanya gore e ne e tla bo e se selo se sentle go umaka kamano eno ya senama, ereka ka nako eo Keresete a ne a le motho wa semoya yo o galaleditsweng kwa legodimong. Lokwalo lwa ga Jude lo ne lo fa kgakololo e e tlhamaletseng fela thata eo e ka re thusang go “[ngaparela] se se molemō” le go ikelatlhoko mo bateneging.

‘Tlhabanang ka Thata’

Lemororo Jude a ne a ikaeletse go kwala ka poloko e Bakeresete botlhe ba neng ba na nayo, o ne a bona go le botlhokwa go rotloetsa batho ba ba balang lokwalo lwa gagwe gore ba ‘tlhabanele tumelo ka thata.’ (Ditemana 1-4) Ka ntlha yang? Ka gonne banna ba ba boikepo ba ne ba kukunetse mo phuthegong mme ba ne ba ‘fetola bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo seipato sa boitshwaro jo bo repileng.’ Ba ne ba akanya ka tsela e e phoso gore ba ne ba ka roba melao ya Modimo lefa go le jalo ba nna ba nna gareng ga batho ba gagwe. Ekete le ka motlha re ka seka ra ineela mo go akanyeng mo go ntseng jalo ga boikepo mme ka metlha re dire se se siameng, re lebogela go bo Modimo o re tlhatswitse maleo a rona ka madi a ga Jesu.—1 Bakorintha 6:9-11; 1 Yohane 1:7.

Re Boleletswe Ditlhagiso

Go botlhokwa gore re itise kgatlhanong le maikutlo a a rileng, boitshwaro, le batho. (Ditemana 5-16) Ka gonne Baiseraele bangwe bao ba neng ba falotswa kwa Egepeto ba ne ba sena tumelo, ba ne ba senngwa. Baengele bao ba neng ba tlogela boemo jwa bone jo bo ba tshwanetseng ba “[letisitswe] letsatsi ye legolo ya tshèkō, ba le mo dikgolegoñ tse di sa hunololweñ ka bosakhutleñ, ba le kwa tlhatse ga lehihi.” Boitsholo jo bo sa siamang jo bo maswemaswe bo ne jwa dira gore Sodoma le Gomora ‘e bediwe ka molelo o o sa khutleng.’ Ka jalo he, a ka metlha re itumediseng Modimo mme re seka ra tlogela “tsela ea botshelō.”—Pesalema 16:11.

Ka go sa tshwane le moengele yo mogolo Mikaele, yo a neng a seka a atlhola le eleng Diabolo yo o neng a mo tlhapatsa, banna ba ba boikepo ba ne ba kgala “batlotlegi,” bao go bonalang e ne e le ba ba neng ba filwe tlotlo nngwe ke Modimo le Keresete jaaka bagolwane ba ba tloditsweng. A re seka ra bontsha tlontlololo go batho bangwe ba ba filweng bolaodi ke Modimo!

Dikao tse di maswe tsa bo Kaine, Balaame, le Kora di ne tsa latelwa ke banna ba ba boikepo. Ba ne ba itshupa fa ba le matshosetsi semoyeng ka tsela e e tshwanang le maje a a fitlhegileng kafa tlase ga metsi mme ba ne ba ntse jaaka maru a a senang metsi le ditlhare tse di suleng, tse di kumotsweng tse di sa ungweng sepe se se nang le mosola. Batenegi bao gape e ne e le bangongoregi, bagaladi, le ‘bao ba neng ba tlhaola batho ka go solofela thuso.’

Nnang lo Ganane

Morago ga moo Jude o ne a neela kgakololo malebana le go ganana le ditlhotlheletso tse di maswe. (Ditemana 17-25) Go ne go tla nna le basotli mo “motlheñ oa bohèlō,” mme Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go ba itshokela le mafoko a bone a a kgobang gompieno. Go ganana le ditlhotlheletso tse di ntseng jalo tse di maswe, re tshwanetse go ikaga mo ‘tumelong ya rona e e itshekileng segolo,’ re rapele ka moya o o boitshepo, mme re nne mo loratong lwa Modimo, fa re santse re letetse go bontshiwa kutlwelobotlhoko ya ga Jesu.

Go lebega banna ba ba boikepo jaaka barutisi ba maaka, ba ile ba dira gore batho bangwe ba nne le dipelaelo. (Bapisa 2 Petere 2:1-3.) Mme babelaedi ba ne ba tlhoka eng? Ebu, ba ne ba tlhoka thuso ya semoya gore ba tle ba swatolwe mo “moleloñ,” eleng tshenyego ya bosakhutleng! (Mathaio 18:8, 9) Mme batho ba ba tshiamo ga ba tlhoke go boifa phelelo eo, ka gonne Jehofa o tla ba sireletsa gore ba seka ba ‘kgopegela’ mo boleong le mo tshenyegong e e emetseng batenegi.

[Lebokoso mo go tsebe 31]

Maje a a Fitlhegileng: Jude o ne a tlhagisa Bakeresete ka ene ka ‘maje a a fitlhegileng kafa tlase ga metsi mo medirong ya bone ya dithato.’ (Yude 12) Ka go itira ba ba ratang badumedi, batenegi bao ba ne ba tshwana le maje a a ditšheka a a kafa tlase ga metsi ao a neng a ka thubaganya dikepe kana a gagoganya a ba a bolaya batho ba ba thumang. Mediro ya dithato e ka nna ya bo e ne e le meletlo ya dijo eo Bakeresete ba ba humileng dilo tse di bonalang ba neng ba laleletsa badumedi ka bone ba ba humanegileng kwa go yone. Rara wa Kereke Chrysostom (347?–407 C.E.) o ne a re: “Botlhe ba ne ba kopana kwa moletlong wa batho botlhe: bahumi ba ne ba tlisa mefago e e tla jewang, mme bahumanegi le bao ba neng ba sena sepe bone ba laleditswe, botlhe ba ne ba ja moletlo mmogo.” Lefa e ka tswa moletlo wa pele wa dithato e ne e le eng, tlhagiso ya ga Jude e ne ya thusa ba ba ikanyegang gore ba ikeletlhoko mo ‘majeng a a fitlhegileng’ a eleng batenegi bao ba neng ba ka ba bolaya semoyeng. Lemororo Bakeresete ba ne ba sa laolwa gore ba nne le meletlo ya dithato, mme ebile e sa tshwarwe gompieno, batho ba ga Jehofa ba thusana ka dilo tse di bonalang ka dinako tsa letlhoko mme ebile ba na le botsalano jo bo itumedisang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela