LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • fg thuto 11 potso 1-4
  • Melao ya Modimo e re Solegela Molemo Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Melao ya Modimo e re Solegela Molemo Jang?
  • Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kaela Dikgato Tsa Gago ka Melaometheo ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Go Lemoga Molaomotheo go Supa go Gola mo Semoyeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Gakologelwang Melao-Metheo ya Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Melaometheo ya Bomodimo E ka Go Solegela Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
fg thuto 11 potso 1-4

THUTO 11

Melao ya Modimo e re Solegela Molemo Jang?

1. Ke ka ntlha yang fa re tlhoka kaelo?

Go dirisa melao ya Modimo: Mmè o bofa ngwana ka lebante le le itshireletsang; rre le morwa ba rwele dihelemete tsa dibaesekele; mme yo o moimana, modiri yo o amegileng ka tshireletsego

Melao e e mo Baebeleng e ka re thusa jang gore re itshireletse?—PESALEMA 36:9.

Mmopi wa rona o botlhale go re feta. E re ka e le Rre yo o lorato, o amega ka rona. O ne a sa re bopela gore re itaole. (Jeremia 10:23) Ka jalo, fela jaaka ngwana a tlhoka kaelo ya batsadi, le rona re tlhoka kaelo ya Modimo. (Isaia 48:17, 18) Melao e e mo Baebeleng e re naya kaelo, mme kaelo eo ke mpho e e tswang kwa Modimong.—Bala 2 Timotheo 3:16.

Melao ya ga Jehofa e re ruta tsela e e molemolemo ya go tshela gone jaanong, mme e re bontsha kafa mo isagweng re ka bonang ka gone masego a a nnelang ruri. E re ka Jehofa e le ene a re bopileng, go a utlwala go bo a re naya melao mme re tshwanetse go itumelela melao eo.—Bala Pesalema 19:7, 11; Tshenolo 4:11.

2. Melao e e mo Baebeleng e re kaela jang?

Dithuto dingwe tsa motheo mo Baebeleng di re bontsha se Modimo a batlang re se dira fa re lebana le maemo a a farologaneng. Mme melao e mengwe e dira mo maemong a a rileng fela. (Duteronome 22:8) Re tshwanetse go dirisa bokgoni jwa rona jwa go akanya go tlhaloganya se molao o o mo Baebeleng o re bolelelang sone. (Diane 2:10-12) Ka sekai, Baebele e ruta gore botshelo ke mpho e e tswang kwa Modimong. Molao oo wa motheo o ka re kaela.—Bala Ditiro 17:28.

3. Ke ditaelo dife tse pedi tse di botlhokwa thata?

Jesu o ile a bua ka ditaelo tse pedi tse di leng botlhokwa thata. Ya ntlha e tlhalosa lebaka la go bo batho ba tshela—gore ba itse Modimo, ba mo rate le go mo direla ka boikanyegi. Re tshwanetse go nna re akantse ka taelo eno ka metlha fa re dira ditshwetso. (Diane 3:6) Batho ba ba dirisang taelo eno mo matshelong a bone ba tla nna le botsala le Modimo, ba bone boitumelo jwa mmatota le botshelo jo bo sa khutleng.—Bala Mathaio 22:36-38.

Taelo ya bobedi e re thusa gore re dirisane ka kagiso le ba bangwe. (1 Bakorintha 13:4-7) Go dirisa taelo eno ya bobedi go akaretsa go etsa tsela e Modimo a dirisanang le batho ka yone.—Bala Mathaio 7:12; 22:39, 40.

4. Melao ya Modimo e re solegela molemo jang?

Lelapa le le itumetseng

Melao ya Modimo e ruta malapa kafa a ka kopanngwang ka gone ke lorato. (Bakolosa 3:12-14) Gape Lefoko la Modimo le sireletsa malapa ka go a ruta molao o mongwe o o ka ba kaelang—gore lenyalo le tshwanetse go nnela ruri.—Bala Genesise 2:24.

Go latela melao e e mo Baebeleng go ka re thusa go tswelela re na le se re itshedisang ka sone ga ba ga re sireletsa le mo maikutlong. Ka sekai, gantsi bathapi ba rata badiri ba ba ikanyegang ba ba tshelang ka melao ya Baebele e bile ba dira ka natla. (Diane 10:4, 26; Bahebera 13:18) Gape Lefoko la Modimo le re ruta gore re kgotsofalele dilo tsa botlhokwa tse re nang le tsone mme re tseye botsala jwa rona le Modimo bo le botlhokwa thata go feta dithoto.—Bala Mathaio 6:24, 25, 33; 1 Timotheo 6:8-10.

Go tshela ka melao ya Modimo go ka sireletsa botsogo jwa rona. (Diane 14:30; 22:24, 25) Ka sekai, go latela molao wa Modimo wa gore re tile botagwa go re sireletsa mo malwetseng a a bolayang le mo dikotsing. (Diane 23:20) Jehofa ga a re thibele go nwa bojalwa mme gone ga re a tshwanela go bo nwa ka tsela e e feteletseng. (Pesalema 104:15; 1 Bakorintha 6:10) Melao ya Modimo e re solegela molemo ka gonne e re ruta gore re tile ditiro le dikakanyo tse di sa siamang. (Pesalema 119:97-100) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ga ba tlotle melao ya Modimo fela ka gonne ba batla go solegelwa molemo. Ba dira jalo ka gonne ba tlotla Jehofa.—Bala Mathaio 5:14-16.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala kgaolo 12 le 13 ya buka ya, Baebele e re Ruta Eng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela