LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 10/15 ts. 28-30
  • Go Lemoga Molaomotheo go Supa go Gola mo Semoyeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Molaomotheo go Supa go Gola mo Semoyeng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Banna ba ba Tshegetsang Melaometheo ya Bomodimo
  • Melaometheo le Pelo
  • Sekaseka Molao
  • Kaela Dikgato Tsa Gago ka Melaometheo ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Melao ya Modimo e re Solegela Molemo Jang?
    Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • Gakologelwang Melao-Metheo ya Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Melaometheo ya Bomodimo E ka Go Solegela Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 10/15 ts. 28-30

Go Lemoga Molaomotheo go Supa go Gola mo Semoyeng

GO ITLWAELANYA le ba ba bosula go senya mekgwa e e nang le mosola. O tla roba se o se jetseng. (1 Bakorintha 15:33; Bagalatia 6:7) E ka tswa e le ka tsela ya mmatota kana ka tsela ya semoya, nngwe le nngwe ya dipolelo tseno ke sekai sa boammaaruri jwa konokono—molaomotheo—mme nngwe le nngwe e thaya motheo wa melao. Le fa go ntse jalo, melao e ka nna ya nakwana fela mme gantsi di lebisa mo selong se se rileng fela. Melaometheo yone ka fa letlhakoreng le lengwe, e a akaretsa mme e ka nnela ruri. Ka jalo, Lefoko la Modimo le re kgothaletsa go nna re akantse ka melaometheo fa go ka kgonega.

Webster’s Third New International Dictionary e tlhalosa molaomotheo e le “boammaaruri jo bo akaretsang kana jwa konokono: molao o o akaretsang dilo di le dintsi le wa motheo, thuto, kana tumelo e dilo tse dingwe di theilweng mo go yone kana e dilo tse dingwe di tswang mo go yone.” Ka sekai, motho a ka naya ngwana molao wa gore “O se ka wa ama setofo.” Mme mo mothong yo o godileng, go bolela fela gore “Setofo se mogote” go lekane. Ela tlhoko gore polelo ya bobedi e akaretsa dilo di le dintsi. Ka gonne e laola se motho a tla se dirang—gongwe go apaya, go baka, kana go tima setofo—ka tsela nngwe e nna molaomotheo.

Mme gone, melaometheo ya konokono mo botshelong, ke ya semoya; e laola tsela e re obamelang Modimo ka yone le boitumelo jwa rona. Le fa go ntse jalo, bangwe ga ba batle go tsaya matsapa a a tlhokegang go akanya ka melaometheo. Ba batla fela gore ba beelwe molao fa ba lebane le go dira tshwetso. Seno ga se botlhale e bile se thulana le sekao se se tlhomilweng ke banna ba ba ikanyegang ba bogologolo ba metlha ya Baebele.—Baroma 15:4.

Banna ba ba Tshegetsang Melaometheo ya Bomodimo

Gareng ga banna ba ba sa itekanelang, Abele a ka tsewa e le monna wa ntlha yo o neng a tshegetsa molaomotheo wa bomodimo. Gongwe o ne a akanya thata ka tsholofetso e e malebana le “losika” mme a lemoga gore go gololwa mo boleong go tla akaretsa setlhabelo sa madi. (Genesise 3:15) Ka jalo o ne a ntshetsa Modimo “maitibolo a letsomane la gagwe.” Polelwana e e reng “a na le mahura a lone” e supa gore Abele o ne a naya Jehofa se se molemolemo. Le fa go ntse jalo, e ne e tla nna morago ga dingwaga di le dikete di le pedi morago ga loso lwa ga Abele fa Modimo a ne a tla tlhalosa ka lekgetlho la ntlha sengwe le sengwe se se batlegang malebana le ditlhabelo. Go farologana le monna yo o boifang Modimo yo o dirang dilo go ya ka molaomotheo Abele, morwarraagwe e bong Kaine o ne a ikgolola fela a ntshetsa Modimo setlhabelo. Mme boikutlo jwa gagwe bo ne bo sa kgotsofatse, go ne go na le sengwe mo setlhabelong sa gagwe se se neng se supa gore pelo ya gagwe ga e dire dilo go ya ka molaomotheo.—Genesise 4:3-5.

Noa le ene e ne e le monna yo o tshegetsang molaomotheo wa bomodimo. Le fa pego ya Baebele e supa gore Modimo o ne a mo naya ditaolo ka tlhamalalo gore a age araka, ga re bale gope ka taelo ya gore o ne a tshwanetse go rerela ba bangwe. Le fa go ntse jalo, Noa o bidiwa “moreri wa tshiamo.” (2 Petere 2:5) Tota le fa gongwe Modimo a ile a laela gore Noa a rere, ga go na pelaelo gore go akanya ka molaomotheo le go rata ga gagwe baagelani le gone go ile ga mo tlhotlheletsa gore a dire jalo. E re ka re tshela mo nakong e e tshwanang le ya ga Noa, mma re etseng boikutlo jwa gagwe jo bo molemo le sekao sa gagwe.

Go farologana le baruti ba motlha wa gagwe, Jesu o ne a ruta batho go akanya ka melaometheo. Thero ya gagwe ya kwa Thabeng ke sekai sa seno. Tsela ya yone yotlhe e ne e le go buelela melaometheo. (Mathaio, dikgaolo 5-7) Jesu o ne a ruta ka tsela eno ka gonne, fela jaaka Abele le Noa ba ba neng ba tla pele ga gagwe, o ne a itse Modimo tota. Tota le fa a ne a sale mosimane, o ne a tlotla boammaaruri jono jwa konokono: “Motho [ga a] tshele ka dijo di le tsosi, . . . motho o tshela ka sengwe le sengwe se se tswang mo molomong wa ga Jehofa.” (Duteronome 8:3; Luke 2:41-47) Ee, tsela ya go nna motho yo o tshegetsang molaomotheo wa bomodimo tota ke go itse Jehofa, dilo tse a di ratang, tse a sa di rateng le maikaelelo a gagwe. Fa dilo tseno tsa motheo kaga Modimo di laola matshelo a rona, di tla nna melaometheo e e mosola.—Jeremia 22:16; Bahebera 4:12.

Melaometheo le Pelo

Go a kgonega gore motho a ikobele molao ka go ikgoga, gongwe e le ka ntlha ya go boifa go otlhaelwa go sa utlwe. Le fa go ntse jalo, go dira dilo go ya ka melaometheo, go tlosa boikutlo jo bo ntseng jalo, ka gonne tota go laolwa ke melaometheo go dira gore motho a e ikobele go tswa mo pelong. Akanya ka Josefa, yo jaaka Abele le Noa, a neng a tshela pele ga kgolagano ya Molao wa ga Moshe e tlhomiwa. Fa mosadi wa ga Potifaro a ne a leka go mo raela, Josefa o ne a arabela jaana: “Bosula jo bogolo jo ke ka bo dira jang, ke leofela Modimo?” Ee, Josefa o ne a itse molaomotheo wa gore monna le mosadi ke “nama e le nngwe fela.”—Genesise 2:24; 39:9.

Gompieno lefatshe ga le na melaometheo e e siameng. Le tletse ka thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang. Bodiphatsa jwa gone ke gore Mokeresete a ka nna a raelesega gore a tle a tlopora ka go ikutswa mo go dingwe tsa dilo tseno tse di sa siamang—dibaesekopo, dibidio kana dibuka. A bo e ka nna selo se se molemo jang ne, fa fela jaaka Josefa, re ka gana dilo tse di bosula ka ntlha ya go ikobela melaometheo, re gakologelwa gore Modimo o tla boloka fela ba ba ikanyegang ka nitamo mo ‘sepitleng se segolo’ se se tlang. (Mathaio 24:21) Ee, se re leng sone mo sephiring, ke sone se se senolang se tota re leng sone, e seng se re se dirang re bonwa ke batho.—Pesalema 11:4; Diane 15:3.

Ka jalo, fa re kaelwa ke melaometheo ya Baebele, re ka se ka ra senka mo re ka bonang diphoso teng mo molaong wa Modimo; e bile re ka se ka ra leka go bona gore re ka ya bokgakaleng jo bo kana kang kwantle ga gore re tlole molao ope. Go akanya go go ntseng jalo go a senya; go ka re utlwisa botlhoko kwa bofelong.

Sekaseka Molao

Ke boammaaruri gore, melao e botlhokwa thata mo botshelong jwa Mokeresete. E ntse jaaka batlhokomedi ba ba re sireletsang mme e thailwe mo melaometheong e mentsi e e botlhokwa. Go palelwa ke go tlhaloganya melaometheo eno go ka nna ga dira gore re se ka ra tlhola re rata melao. Setšhaba sa bogologolo sa Iseraele se ne sa supa seno.

Modimo o ne a naya Iseraele Melao e e Lesome, e ya ntlha mo go yone e neng e ba iletsa go obamela modimo ope kwantle ga Jehofa. Boammaaruri jwa konokono mo molaong ono ke gore Jehofa o bopile dilo tsotlhe. (Ekesodo 20:3-5) A mme setšhaba seo se ne sa tshela go ya ka molaomotheo ono? Jehofa ka boene o araba jaana: “‘O rre’ [Baiseraele ba ne ba rialo] ba raya logong mme [ba bitsa] lentswe ba re ‘Mmè.’ Mme mo go nna [Jehofa] ba mphile mekotla ya bone mme ba retotse difatlhego tsa bone mo go nna.” (Jeremia 2:27, The New English Bible) A bo e le botlhogoethata le boeleele jwa go itlhokomolosa melaometheo jang ne! Mme a bo go ne ga utlwisa pelo ya ga Jehofa botlhoko jang ne!—Pesalema 78:40, 41; Isaia 63:9, 10.

Bakeresete le bone ba na le melao e e tswang kwa Modimong. Ka sekai, ba tshwanetse gore ba tile kobamelo ya medimo ya disetwa, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le go sa dirise madi sentle. (Ditiro 15:28, 29) Fa o akanya ka gone, re ka kgona go bona melaometheo e e theilweng mo go yone, e e jaaka: Modimo o tshwanelwa ke gore re obamele ene fela; re tshwanetse gore re ikanyege mo molekaneng wa rona; mme Jehofa ke Moneibotshelo wa rona. (Genesise 2:24; Ekesodo 20:5; Pesalema 36:9) Fa re tlhaloganya le go anaanela melaometheo e e amanang le tseno, re bona gore ke e e tla re solegelang molemo. (Isaia 48:17) Mo go rona “ditaolo tsa [Modimo] ga di imele.”—1 Johane 5:3.

Le mororo Baiseraele ka nako nngwe ba ne ba itlhokomolosa ditaelo tsa Modimo, mo motlheng wa ga Jesu “dingaka tsa bone tsa molao,” e leng bakwadi, ba ne ba feteletsa dilo. Ba ne ba tlhomile melao e mentsi le dingwao tse di neng di kgoreletsa kobamelo e e itshekileng e bile di dira gore melaometheo ya bomodimo e se ke ya tlhaloganyesega. (Mathaio 23:2, NEB) Batho ba ne ba ikutlwa ba paletswe, ba se na tsholofelo, kana e le baitimokanyi. (Mathaio 15:3-9) Mme bontsi jwa melao e e tlhomilweng ke batho e ne e le setlhogo. Fa Jesu a tla tloga a fodisa monna mongwe yo o omeletseng letsogo, o ne a botsa Bafarasai ba ba neng ba le teng foo jaana: “A go kafa molaong go dira tiro e e molemo?” Go didimala ga bone go ne go supa gore ga ba akanye jalo, ba dira gore Jesu a ikutlwe “a hutsafaditswe thatathata ke go kgwaralala ga dipelo tsa bone.” (Mareko 3:1-6) Bafarasai ba ne ba ka thusa phologolo e e timetseng kana e e gobetseng (lotseno lwa madi) ka Sabata mme le ka motlha ba ka se thuse monna kana mosadi—kwantle ga fa e ne e le kgang ya loso le botshelo. Eleruri ba ne ba tshwenyegile thata ka melao ya batho le ditlhalosonyana mo e leng gore jaaka ditshoswane tse di sailang mo godimo ga setshwantsho se se takilweng ba palelwa ke go bona dilo sentle—melaometheo ya Modimo.—Mathaio 23:23, 24.

Le fa go ntse jalo, tota le basha, fa dipelo tsa bone di tlhoafetse tota, ba ka tlisetsa Jehofa tlotlo ka go anaanela melaometheo ya Baebele. Morutabana wa ga Rebecca wa dingwaga di le 13 o ne a botsa tlelase gore ke bomang ba ba neng ba ka betšha. Ba le bantsi ba ile ba re ba ka se ka ba dira jalo. Le fa go ntse jalo, fa go ne go umakiwa maemo a a farologaneng, botlhe ba ile ba dumela gore ba tla betšha ka tsela nngwe, kwantle fela ga Rebecca. Morutabana o ne a botsa Rebecca gore a o ne a tla reka thekete ya rafole ya disente di le 90 e e neng e direla tiro nngwe e e molemo. Rebecca o ne a re a ka se ka a dira jalo mme a neela mabaka a Dikwalo go tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa seo e tla bo e le tsela nngwe ya go betšha. Morago ga foo morutabana wa gagwe o ne a bolelela tlelase yotlhe jaana: ‘Go ya ka nna, Rebecca ke ene fela mono yo o nang le se ke se bitsang “melaometheo” tota.’ Ee, Rebecca o ne a ka bo a ile a araba fela ka gore, “Go kgatlhanong le bodumedi jwa me,” go na le moo o ne a akanyetsa kwa teng go feta seo; o ne a kgona go tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa go betšha go le phoso le gore ke ka ntlha yang fa a ne a gana go nna le seabe.

Dikai tsa ga Abele, Noa, Josefa le Jesu di re bontsha kafa re ka solegelang molemo ka teng fa re dirisa “tlhaloganyo” ya rona le “maatla a [rona] a go akanya” fa re obamela Modimo. (Diane 2:11; Baroma 12:1) Bagolwane ba Bakeresete ba dira sentle fa ba etsa Jesu fa ba ntse ba ‘disa letsomane la Modimo le le mo tlhokomelong ya bone.’ (1 Petere 5:2) Jaaka sekao sa ga Jesu se supile, batho ba ba ratang melaometheo ya bomodimo ke bone ba ba segofalang kafa tlase ga bolaodi jwa ga Jehofa.—Isaia 65:14.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela