Gakologelwang Melao-Metheo ya Bokeresete
FA NGWANA a simolola go tsena sekolo, dingwe tsa dilo tsa ntlha tseo a di ithutang ke go bala le go kwala. Dithuto tseno tsa botlhokwa di mmaakanyetsa dithuto tse di kwa godingwana, jaaka thuto-loago, boitseanape, le dipuo. Fa ngwana a retelelwa ke go itse go bala le go kwala sentle, go ama thutego yotlhe ya gagwe ya isagwe fela thata.
Go ithuta go obamela Modimo go tshwana le seo ka tsela nngwe. Fa re ithuta Bibela, re fitlhela gore go na le boammaaruri jwa motheo, kana melao-metheo e le mmalwa, eo e tshwanetseng go itsiwe sentle. Fela fa re sena go e tlhaloganya, re ka fetela mo dikgannyeng tse di kwa teng. Lefa go ntse jalo, fa re sa tlhaloganye ka botlalo le go dumela melao-metheo eno ya ntlha, kobamelo ya rona e tla nna phoso. Ga re kitla re kgona go dira ditshwetso tse di utlwalang, mme tumelo ya rona e tla reketla motlhofo fela.
Melao-metheo e megolo ya Bibela ga e thata go tlhaloganngwa. (Bona Tšhate.) Lefa go ntse jalo, le gone ga se melawana fela e e sa utlwaleng kana dikgang tse di tlhalefisang. Ke boammaaruri jo bo tshelang, jwa botlhokwa, mme Bakeresete ba ba botlhale ba ithuta go e rata. Jehofa are: “Tlhōkōmèla mahoko a me; sekègèla dipolèlō tsa me tsèbè. A di se tloge mo matlhoñ a gago; u di bolokèlè mo sekwaleloñ sa pelo ea gago. Gonne di botshelō mo go ba ba di bōnañ, di bile di le phodishō hèla mo nameñ eotlhe ea bōnè.”—Diane 4:20-22; Esekiele 18:19, 20, 23.
Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege botlhokwa jwa melao-metheo eno, Jesu o ne a tlhagisa ka gore ke ba se kae fela bao ba neng ba tla e utlwisisa ba bo ba tshela go ya ka yone. o ne are: “Kgōrō e pitlaganye, tsela le eōna e e isañ botsheloñ e tshesane, me ba ba e bōnañ ga ba bantsi.” (Mathaio 7:14) Se no ga se ka go bo melao-metheo eno e fitlhegile ka tsela nngwe. Jehofa o batla gore banna le basadi ba tshele tumalanong le yone mme ka gone ba rue botshelo. (2 Petere 3:9) o dirile gore botlhale, kitso, le tlhaloganyo di kwalwe mo Bibeleng, eo bathà botlhe fela ba ka kgonang go nna nayo. Mme Basupi ba gagwe ba kgothaletsa baagelani ba bone go senka boikitsiso jono jo ho nayang botshelo. Ka tsela eno, “botlhale o kuèla godimo mo mmileñ,” tota-tota. (Diane 1:20; 2:1-9) Mme go na le matsholo a mangwe ao a leng mo tirong.
Satane o foufaditse matlho a bontsi jwa batho malebana le melao-metheo ya boammaaruri. (2 Bakorintha 4:4) Mo godimo ga moo, boikutlo jwa motho jwa boitaolo bo mo dira gore a bone go le botoka go dira ka tsela ya gagwe go na le go leba go Mmusi yo Mogolo go bona kaelo. Mo motlheng wa ga moaposetoloi Paulo, le eleng bao ba neng ba ithutile melao-metheo ya konokono e ne ya ba latlhegela. Ka gone, o ne a kwala jaana: “Mme lo bile lo sa nntse lo tlhōka gore bañwe ba lo rutè ditlhaka tsa tshimologō tsa mahoko a Modimo.”—Bahebera 5:12.
Mo godimo ga moo, Jesu o ne a tlhagisa jaana: “E tla re mo letsatsiñ yeuō batho ba le bantsi ba tla nthaea, ba re, Morèna, Morèna, a ga rea ka ra rèra mo ineñ ya gago, ra ba ra kgoromeletsa ntlè badimo ka leina ya gago, ra ba ra diha ditihō di le dintsi tse di nonohileñ ka leina ya gago? Me ediha gōna ke tla ba ipolèlèlañ, ke re, Ga ke e se nke ke lo itse gopè; tlogañ ha [go] nna, lona ba lo dihañ tshiamololō.” (Mathaio 7:22, 23) Ke ka ntlhayang fa batho bao ba akanyang gore ba direla Jesu ba iphitlhela ba ganwa? Ka gonne ‘ditiro tse di nonofileng’ tsa bone ga di a theiwa mo melao-metheong ya Bibela. Go ntse jaaka ekete ba ne ba leka go ithuta hisitori kana boitseanape ba sa ithuta go bala pele. Ditiro tsa bone di na le phoso, ga di a thaiwa mo boammaaruring. Ka jalo, ke ba ba “dihañ tshiamololō.”
A Kobamelo ya Gago e a Amogelesega?
A re ka tlhomamisega gore letsatsi lengwe Jesu ga a kitla a re raya are, ‘Tloga fa go nna, wena yo o dirang tshiamololo’? Ee, fa e le gore kobamelo ya rona e thailwe ka botlalo mo melao-metheong ya Bibela. E ka nna jalo fa ka kelotlhoko re tlhatlhobisa Bibela, segolo-bogolo mafoko a ga Jesu. Jesu o ne a tsamaya mo tseleng e e pitlaganyeng, e tshesane, ya botshelo—ebile tota, o ne a le “tsela, le boamarure, le botshelo.” (Yohane 14:6) Fa re dirisa mafoko a gagwe re bo re latela dikgato tsa gagwe ka kelotlhoko, re tla bo re le mo tseleng yone eo.—Yohane 6:68; 1 Petere 2:21.
Balatedi ba ga Jesu ba pele le bone ba ne ba tsamaya mo tseleng eo e tshesane, e e pitlaganeng ya botshelo. Ka jalo, fa Jesu a ne a tlhokafala o ne a ba sikarisa tiro ya go ruta ba bangwe go obamela Modimo. Gape o ne a tlhagisa gore o ne a tla bowa le gore o ne a tla lebelela gore ba ikarabelele malebana le kafa ba neng ba ntse ba itshwara ka teng fa a ne a ntse a seo.—Mathaio 24:46; 25:14-23; 28:19, 20.
Kgabagare, palo ya batho bao ba neng ba iphaka fa ba latela Keresete e ne ya gola go nna dimilione tse di makgolokgolo. Mme mo mabakeng a le mantsi, kobamelo ya bontsi jwa diphuthego tseno e ne e sa thaiwa mo melao-metheong ya Bibela. Ka gone, fa Jesu a ne a tlhomiwa jaaka Kgosi ya selegodimo ka 1914 a ba a ‘goroga’ go tla go ikarabedisa bao ba neng ba iphaka fa e le balatedi ba gagwe, o ne a fitlhela eng? Dimilione-milione tsa batho bao ba neng ba iphaka fa ba le Bakeresete ba ne ba tseneletse mo ntweng e e setlhogo go di feta tsotlhe mo ditiragalong tsa batho go tla go fitlha nakong eo.
Ee, bontsi-ntsi jwa “Bakeresete” ba ne ba itshwara phapaanong le melao-metheo ya Bibela ya motheo gotlhelele. Lefa go ntse jalo, go ne go na le setlhopha sa Bakeresete ba mmatota bao ba neng ba leka ka natla go latela melao-metheo ya bomodimo mme gape ba e ruta bape fela bao ba neng ba reetsa mo lefatsheng leo le neng le tsentshiwa ke ntwa. Batho bano ba ne ba phuthega mmogo mme morago ga nako ba ne ba patiwa ke boidiidi jo bogolo jwa batho ba ba neng ba tshwana le bone ka mogopolo. (Mathaio 24:31; Tshenolō 7:4, 9, 10) Ba santse ba latela melao-metheo eno e e nayang botshelo, ba bolelela ba bangwe ka maikaelelo a magolo a Modimo, ba kopanela mmogo jaaka letsomane le le lengwe fela, ba bile ba leka ka natla go dumalana le “go rata ga Modimo.”—Baroma 12:2.
Molao-Motheo wa Botlhokwa wa Dikwalo
Seno ga se a ka sa nna motlhofo. Ntlha ke gore, Bakeresete bano ba boammaaruri ba ne ba tshwanelwa ke go lwantshana le popego ya bone ya bosaitekanelang, ya boleo. Mme ba tshwanelwa ke go tshela mo lefatsheng leo le kgatlhanong gotlhelele le melemo le melao-metheo eo ba lekang go tshela tumalanong le yone. Ebile tota, moaposetoloi Johane o ne a re: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (1 Yohane 5:19) Ke ka lebaka leo, baobamedi ba boammaaruri ba Modimo gompieno ba tshwanetseng go nna ba gakologetswe ka botlalo molao-motheo wa botlhokwatlhokwa o o neng wa tlhalosiwa ke Jesu o o reng: “Bōnè [Bakeresete] ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.”—Yohane 17:16.
Jehofa ga a pateletse batho gore ba mo direle, mme bao ba kgethang go dira jalo ba tshwanetse go dira diphetso dingwe tse di masisi. Ka.sekai, ba tshwanetse go dumalana le lebaka la gore ga ba kitla ba ratega mo lefatsheng leno. (Mathaio 24:9) Morutwa Jakobe o ne a tlhagisa ka go re: “Eo o ratañ go nna tsala ea lehatshe, o itiha mmaba oa Modimo.” (Yakobe 4:4) Mme moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Tshiamō e na le bolekane bohe le tshiamololō?” le gore “Eo o dumèlañ o na le kabèlō ehe le eo o sa dumeleñ?” Go tswa foo a bo a tsopola mafoko a ga Jehofa ka sebele a a reng: “Cwañ mo gare ga bōnè, lo lomologanè, . . . me lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ.”—2 Bakorintha 6:14-17; Baefesia 5:11.
Re ka ‘itomologanya’ jang? Legale, e ka seka ya nna ka gore re tswe mo lefatsheng leno. Mme re ka tila go ‘pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng.’ Re ka tila go ‘itsalanya le ba ba bosula, bao ba ka bodisang mekgwa e mentle.’ (1 Bakorintha 15:33) Gape re ka itomologanya le maya wa lefatshe leno, eleng moya wa go iitumedisa, wa go sa ikanyege, wa go rata dilo tse di bonalang, le wa go rata dikgatlhego ka bohatlha. (2 Timotheo 3:1-5) Tlhomamisetso e e omosang pelo e neelwa bao ka baka leo ba itomologanyang le dikgatlhego tsa lefatshe leno: “Eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.”—1 Yohane 2:15-17.
Bao Ba Latelang Melao-metheo ya Konokono
A gompieno go ka kgonega go latela melao-metheo ya Bibela le go tsamaya mo tseleng e tshesane e e isang kwa botshelong? Ee, le eleng bana ba ka dira jalo. Ka sekai, bana bangwe ba babedi ba babotlana kwa Brazil ba ne ba itshwara sentle kwa sekolong mo eleng gore morutabana wa bone o ne a kopa mmaabone go tla go tlhalosa lebaka la go bo ba ne ba itshwara jalo. Mmè yoo o ne a tlhalosa gore e ne le ka lebaka la go bo ba ne ba latela melao-metheo ya Bibela malebana le go utlwa batsadi ba bone le batho ba bangwe bao ba laolang. (Baefesia 6:1-3) Kwa bokhutlong jwa paka ya sekolo, ba ne ba neelwa sebaka sa go tlhalosetsa tlelase yotlhe mesola eo e bonwang ka go tsamaya mo tseleng eo ya bomodimo.
Jesu o ne a bolela molao-motheo ana: “Botshelō yoa motho ga boa èma mo letlotloñ ya dithoto tse o nañ nacō.” (Luke 12:15) Ngaka nngwe eo e neng e atlega mo Japane e ne ya ithuta seno mme, seo se neng sa gakgamatsa balekane ba gagwe, a o dirisa. O ne a tlogela maemo a gagwe a a kwa godimo mme a fudugela kwa toropong e potlana koo a neng a ka kgona go thusa batho ba toropo eo semoyeng. Go tlogela dilo tse di bonalang moo go ne ga seka ga mo amoga boitumelo. Go na le moo, ene le mosadi wa gagwe ka bobedi jaanong ba bona boitumelo jo bogolwane mo go isetseng ba bangwe Lefoko la botshelo.
Bibela ea re: “Motagwi le eo o tlabuèlañ diyō ba tla humanèga.” (Diane 23:21) Seno ke tlhagiso e e phepafetseng kgatlhanong le go tshwakgolwa ke dilo. Gape re tlhagisiwa mo go sa diriseng diokobatsi sentle: “Ditiro tsa nama ke . . . kobamelo ya medimo ya disetwa, tirisabadimo [phar·ma·kiʹa, “go tshwakgolwa ke diokobatsi” go ya ka Segerika sa ntlhaJ.” (Bagalatia 5:19, 20, NW) Mo godimo ga moo, moaposetoloi Paulo o kgothatsa jaana: “A re itshekiseñ mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea.”—2 Bakorintha 7:1.
Go goga motsoko le go dirisa diokobatsi tse dingwe tse di tshwakgolang ka phepafalo go kgatlhanong le melao-metheo eno ya Bibela mme ka gone ke “tshiamololō.” (Mathaio 7:23) Batlhanka bape fela ba Modimo bao ba ikgotlelang ka dilo tseno ba tla fitlhela gore kobamelo ya bone ga e amogelesege go Modimo. Ka jalo, batho ba le diketekete tse di makgolo ba tsere kgato ya go tlogela go dirisa diokobatsi tseno, mme ka baka leo, ba nnile le melemo ya semoya gammogo le ya senama. Legale, gantsi ga go motlhofo go kgaogana le ditlwaelo tseno tse di seng phepa.
Lekawana lengwe mo Michigañ, U.S.A., o ne a ithuta kaga Modimo le melao-metheo ya gagwe mo badiheding bao ba neng ba mo etela kwa ntlong ya gagwe. O ne a rata seo a neng a se utlwa mme a lemoga gore mokgwa wa gagwe wa go goga marijuana le motsoko o ne o sa tsamaisane le kobamelo ya ga Jehofa. A re: “Ke ne ka se ka ka nna le bothata bope mo go tlogeleng diokobatsi, tseo ke neng ke ntse ke di ipelela thata. Mme go ne ga ntsaya bobotlana dikgwedi tse thataro go tlogela go goga motsoko.” O ne a thusiwa ke Bakeresete-ka-ene le ke go rapela. Jaanong, ka a tshela botshelo jo bo phepa go ya ka melao-metheo ya Bibela o ipelela segakolodi se se phepa, botsalano le Modimo, le botsalano jwa Bokeresete. Ebile tota, o bolela gore pele ga a nna Mokeresete, o ne a sa itse gore fa go twe tsala go tewa eng.
Go latela melao-metheo ya tshiamo eleruri ke tsela e e botlhale. Mme botlhale bo botlhokwa go gaisa le eleng gouda e e phepa. Tsaya tsela eno ka bowena, mme e tla leretse Jehofa pako ebile e tla go naya lesego la bosakhutleng.—Pesalema 19:7, 10; Diane 16:16.
[Lebokoso mo go tsebe 27]
Melao-metheo ke boammaarqri jwa konokono kana melao ya popota eo boammaaruri jo bongwe kana melao e tsewang mo go yone” E e latelang ke dikai dingwe tsa yone:
◻ “U ratè Yelwfa Moclimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le ka tlhaloganyō eotlhe ea gago.”—Mathaio 22:37.
◻ “Ke gōna, cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo.”—Mathaio 7:12.
◻ “Botsalanō yoa lehatshe [ke] bobaba mo Modimoñ.”—Yakobe 4:4.
◻ “Leha lo ya, leha lo nwa, leha e ka bo e le eñ se lo se dihañ, cotlhe hèla lo di dihèlè kgalaleco ea Modimo.”—1 Bakorintha 10:31.
◻ “Me yana rona ba re leñ thata, re chwanetse go pepetletsa dithetelèlō tsa ba ba bokōa, me e señ go ikgatlha hèla.”—Baroma 15:1.
◻ “A re nneñ re isetsè Modimo chupèlō ea pakō ka èna ka metlha eotlhe, eboñ louñō loa melomo e e ipolèlañ leina ya gagwè.”—Bahebera 13:15.
◻ “A re gopolaneñ re tlhotlheletsanyeñ mo loratoñ le mo ditihoñ tse di molemō; Re se ka ra bakèla go phuthèga ga rona.”—Bahebera 10:24, 25.
◻ “Motho ga a tshele ka senkgwè se le shosi, ha e se ka lehoko leñwe le leñwe ye le cwañ mo molomuñ oa Modimo.”—Mathaio 4:4.