LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • od kgao. 16 ts. 150-168
  • Bakaulengwe ba ba Seoposengwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bakaulengwe ba ba Seoposengwe
  • Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BA FETOTSE TSELA E BA AKANYANG KA YONE
  • GO TSWELELA RE UTLWANA MO LEFATSHENG LOTLHE
  • GO AMEGA KA BAKAULENGWE BA RONA
  • RE TLHAOLETSWE GO DIRA THATO YA GA JEHOFA
  • A O Leba Ba Bangwe Jaaka Jehofa A Ba Leba?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Motheo Wa Lefatshe Le Lesha O A Thaiwa Gone Jaanong
    A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • Direlang Jehofa Ka Bongwefela Jwa Pelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • “Batho Botlhe ba Tla Itse Ha lo le Barutwa ba Me ka mo”
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
od kgao. 16 ts. 150-168

KGAOLO 16

Bakaulengwe ba ba Seoposengwe

JEHOFA MODIMO o feditse dingwaga di ka nna 1 500 a ntse a dirisana le setšhaba sa Iseraele e le batho ba leina la gagwe. Morago ga moo, o ne a ‘lebisa tlhokomelo ya gagwe kwa ditšhabeng gore a ntshe batho ba leina la gagwe mo go tsone.’ (Dit. 15:14) Batho ba leina la ga Jehofa e ne e tla nna basupi ba gagwe, ba ba mo direlang ba le seoposengwe mo tseleng e ba akanyang ka yone le e ba dirang dilo ka yone, go sa kgathalesege gore ba nna kae mo lefatsheng. Go kopanya batho ba ba bidiwang ka leina la Modimo gore ba nne seoposengwe, go ne go tla direga ka ntlha ya taelo eno e Jesu a ileng a e naya balatedi ba gagwe: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditshaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”—Math. 28:19, 20.

Mme jaanong o karolo ya bakaulengwe ba ba Bakeresete ba ba seoposengwe mo lefatsheng lotlhe, ba ba sa letleng gore go farologana ga bone ka dinaga, morafe kgotsa itsholelo go ba kgaoganye

2 Fa o ne o ineela mo go Jehofa le go kolobediwa, o ne wa nna morutwa wa ga Jesu Keresete. Mme jaanong o karolo ya bakaulengwe ba Bakeresete ba ba seoposengwe mo lefatsheng lotlhe, ba ba sa letleng gore go farologana ga bone ka dinaga, morafe kgotsa itsholelo go ba kgaoganye. (Pes. 133:1) Ka ntlha ya seo, o rata bakaulengwe ba gago ba ba mo phuthegong e bile o a ba tlotla. Bangwe ba bone e ka nna ya bo e le batho ba pele o neng o ka se itsalanye le bone ka ntlha ya go bo setšhaba sa bone, setso, thutego kgotsa maemo a bone a itsholelo a farologane le a gago. O rata bakaulengwe ba gago ka lorato lo logolo lo lo dirang gore lo nne le kamano e e nonofileng go gaisa kamano epe fela, e ka ne e le ya loago, ya bodumedi kgotsa ya lelapa.—Mar. 10:29, 30; Bakol. 3:14; 1 Pet. 1:22.

BA FETOTSE TSELA E BA AKANYANG KA YONE

3 Fa batho bangwe ba palelwa ke go tlogela letlhoo le le bakiwang ke bomorafe, dipolotiki, loago kgotsa ba palelwa ke go tlogela mefuta e mengwe ya letlhoo e e nweleletseng mo megopolong ya bone, ba ka nna ba akanya ka Bakeresete ba pele ba Bajuda ba ba neng ba tshwanelwa ke go tlogela go tlhoa batho ba ditšhaba tse dingwe ba ba neng ba se mo bodumeding jwa Sejuda. Fa Petere a ne a laelwa go ya kwa legaeng la mookamedi wa sesole wa Moroma e bong Korenelio, Jehofa ka bopelonomi o ne a thusa Petere go ipaakanyetsa kabelo eo.—Ditiro, kgao. 10.

4 Mo ponatshegelong, Petere o ne a laelwa gore a tlhabe a bo a je diphologolo dingwe tse Bajuda ba neng ba tsaya gore di itshekologile. Fa Petere a gana, go ne ga tswa lentswe kwa legodimong mme la mo raya la re: “Tlogela go bitsa dilo tse Modimo a di ntlafaditseng o re di leswafetse.” (Dit. 10:15) Kgato eno e Modimo a neng a e tsaya e ne e tlhokega gore Petere a kgone go fetola mogopolo wa gagwe go ipaakanyetsa kabelo e a neng a tloga a e newa, ya gore a etele monna wa setšhaba se sengwe. Ka nako ya fa Petere a ne a ikobela kaelo ya ga Jehofa o ne a bolelela batho ba ba neng ba phuthegile jaana: “Lo itse sentle kafa go seng kafa molaong ka gone gore Mojuda a ikopanye kgotsa a atamele motho wa lotso lo longwe; mme le fa go ntse jalo Modimo o mpontshitse gore ke se ka ka bitsa motho ope ke re o leswafetse kgotsa ga a phepa. Ke gone ka moo ke tlileng, e bile ke sa gana, fa go ne go romilwe gore ke bidiwe.” (Dit. 10:28, 29) Morago ga moo, Petere o ne a bona bosupi jwa gore Jehofa o ne a amogela Korenelio le ba lelapa la gagwe.

5 Saulo wa Tareso, yo e neng e le Mofarasai yo o rutegileng thata, o ne a tshwanelwa ke go ikokobetsa le go itsalanya le batho ba pele a neng a tsaya gore ga a tshwanela go itsalanya le bone. O ile a ba a tshwanelwa ke go amogela kaelo go tswa mo go bone. (Dit. 4:13; Bagal. 1:13-20; Bafil. 3:4-11) Akanya fela ka diphetogo tse batho ba ba jaaka Seregio Paulose, Dionisio, Damarise, Filemone, Onesimo le ba bangwe ba neng ba tshwanelwa ke go di dira mo tseleng e ba neng ba akanya ka yone, fa ba sena go amogela dikgang tse di molemo le go nna barutwa ba ga Jesu Keresete.—Dit. 13:6-12; 17:22, 33, 34; File. 8-20.

GO TSWELELA RE UTLWANA MO LEFATSHENG LOTLHE

6 Ga go pelaelo gore lorato lwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya lona lo dirile gore o rate Jehofa le phuthego ya gagwe. O ne wa bona letshwao le le bonalang sentle la lorato, le le tlhaolang barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu Keresete, le a ileng a le tlhalosa jaana: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane. Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Joh. 13:34, 35) Mme gape o ne wa simolola go anaanela Jehofa le phuthego ya gagwe fela thata fa o lemoga gore lorato lo o lo bonang mo phuthegong ya lona ke maoko fela a lorato lo logolo lo batho ba ga Jehofa ba ratanang ka lone mo lefatsheng lotlhe. O bona go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele jo bo malebana le go phuthiwa ga batho mo metlheng eno ya bofelo gore ba tle go obamela Jehofa ka kagiso le kutlwano.—Mik. 4:1-5.

7 Fa re akanya ka dilo tse dintsi tse di kgaoganyang batho gompieno, batho ba le bantsi ba ne ba ka akanya gore ga go kgonege gore batho ‘ba ba tswang mo merafeng yotlhe le ditso le ditshaba le diteme’ ba ka nna seoposengwe. (Tshen. 7:9) Akanya fela ka pharologano e e leng gone gareng ga batho ba ba tshelang botshelo jwa go dirisa thekenoloji ya maemo a a kwa godimo le batho ba ba kgomaretseng dingwao tsa setso tsa bogologolo. Akanya fela ka go tlhoana ga batho ba bodumedi mme e le ba lotso le ba setšhaba se le sengwe. E re ka moya wa boratanaga o ntse o anama, go tlhoka kutlwano ga batho ka ntlha ya dipolotiki go oketsega go feta le fa e le leng pele. Mme gape, fa o akanya ka pharologano e kgolo mo go tsa itsholelo le dilo tse dingwe tse dintsintsi tse di kgaoganyang batho, ruri go kopanya batho ba ditshaba tsotlhe, dipuo, ditlhopha le maemo gore ba nne le lorato lo logolo le kagiso, ke kgakgamatso e Modimo Mothatayotlhe e leng ene fela a ka kgonang go e dira.—Seka. 4:6.

8 Kutlwano e e ntseng jalo ke selo sa mmatota mme fa o ne o nna Mosupi wa ga Jehofa yo o ineetseng le go kolobediwa, o ne wa nna karolo ya yone. E re ka jaanong o solegelwa molemo ke kutlwano eno, o na le boikarabelo jwa go dira gore e tswelele e le gone. O ka dira seno ka go sekegela tsebe mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo a a fitlhelwang mo go Bagalatia 6:10: “Fa fela re sa ntse re na le nako e e go dumelelang, a re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.” Gape re latela kgakololo eno: “Lo sa dire sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga lona, lo tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang lona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.” (Bafil. 2:3, 4) Fa fela re ithuta go leba bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone, e seng go ya kafa ba lebegang ka teng ka fa ntle, re tla tswelela re itumelela go nna le kamano e e molemo le e e itumedisang le bone.—Baef. 4:23, 24.

GO AMEGA KA BAKAULENGWE BA RONA

9 Jaaka fa moaposetoloi Paulo a ile a re tshwantshetsa, phuthego ga e a kgaogana, go na le moo, batho botlhe ba ba mo go yone ba a kgathalelana. (1 Bakor. 12:14-26) Le fa re ka tswa re nna kgakala thata le bangwe ba bakaulengwe ba rona ba ba kwa dinageng tse dingwe, re sa ntse re amega ka bone. Fa bangwe ba bakaulengwe ba rona ba bogisiwa, seo se re utlwisa botlhoko rotlhe. Fa bangwe ba bone ba tlhoka dilo tse ba itshedisang ka tsone kgotsa ba amiwa ke masetlapelo, dintwa kgotsa dikgotlhang tsa selegae, rotlhe re dira sotlhe se re ka se kgonang go batla ditsela tsa go ba thusa ka dithoto le go ba thusa gore ba tswelele ba ikanya Jehofa.—2 Bakor. 1:8-11.

10 Rotlhe re tshwanetse go rapelela bakaulengwe ba rona letsatsi le letsatsi. Bangwe ba bone ba lebana le dithaelo tsa go dira dilo tse di bosula. Re ka tswa re itse ka dipogo tse bangwe ba bakaulengwe ba rona ba lebanang le tsone. Mme gape bangwe ba bone ba ka tswa ba ganediwa kwa tirong e bile ba lebana le mathata mangwe a re ka tswang re sa a itse mo malapeng a bone a a kgaoganeng ka bodumedi. (Math. 10:35, 36; 1 Bathes. 2:14) Seno se re ama rotlhe ka gonne re bakaulengwe ba lefatshe lotlhe. (1 Pet. 5:9) Mo gare ga rona go na le ba ba dirang ka natla mo tirelong ya ga Jehofa, ba etelela pele mo tirong ya go rera le mo diphuthegong. Gape go na le ba ba neilweng boikarabelo jwa go okamela tiro ya lefatshe lotlhe. Botlhe ba tlhoka gore re ba rapelele, e le go bontsha gore re a ba kgatlhegela e bile re a ba rata, tota le fa go ka tswa go se na sepe se sengwe se re ka se dirang go ba thusa.—Baef. 1:16; 1 Bathes. 1:2, 3; 5:25.

11 Ka ntlha ya tlhakatlhakano e e leng gone mo lefatsheng mo metlheng eno ya bofelo, batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go ipaakanyetsa go thusana. Ka dinako tse dingwe, masetlapelo a a jaaka dithoromo tsa lefatshe le merwalela, a tlhoka gore go rulaganngwe matsholo a magolo a namolo le gore go dirwe dithulaganyo tsa gore go nne le dithoto di le dintsi tse di tla abelwang batho ba ba tlhokang thuso. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba re tlhometse sekao se se molemo mo kgannyeng eno. Barutwa ba kwa Antioka ba ne ba itumelela go romelela bakaulengwe ba kwa Judea dimpho. (Dit. 11:27-30; 20:35) Moragonyana, moaposetoloi Paulo o ile a kgothaletsa Bakeresete ba kwa Korintha gore ba eme nokeng matsholo a namolo a a neng a dirwa ka thulaganyo. (2 Bakor. 9:1-15) Mo metlheng ya gompieno, fa bakaulengwe ba rona ba tlhagelwa ke masetlapelo mme ba tlhoka thuso ya namolo, phuthego ya Modimo le Bakeresete ka bongwe ba nna bonako go tsibogela seo le go ba tlamela ka se ba se tlhokang.

RE TLHAOLETSWE GO DIRA THATO YA GA JEHOFA

12 Re rulaganyeditswe go dira thato ya ga Jehofa re le bakaulengwe ba lefatshe lotlhe ba ba seoposengwe. Mo nakong eno, thato ya gagwe ke gore dikgang tse di molemo tsa Bogosi di rerwe mo lefatsheng lotlhe go nna bosupi mo bathong ba ditshaba tsotlhe. (Math. 24:14) Fa re ntse re dira tiro eno, Jehofa o batla gore ka metlha re itshware ka tsela e e dumalanang le melao ya gagwe ya boitsholo ya maemo a a kwa godimo. (1 Pet. 1:14-16) Re tshwanetse go ikobelana le go dira ka natla gore tiro ya go rera dikgang tse di molemo e tswelele. (Baef. 5:21) Eno ga se nako ya go gagamalela dilo tse re di ratang, go na le moo, ke nako ya go dira ka natla gore dilo tsa Bogosi Jwa Modimo e nne tsone di tlang pele mo botshelong jwa rona go feta le fa e le leng pele. (Math. 6:33) Go nna re gopotse seno le go dira mmogo ka kutlwano ka ntlha ya dikgang tse di molemo, go re leretse boipelo le kgotsofalo gone jaanong mme gape go tla dira gore re nne le masego a a nnelang ruri.

13 Rona Basupi ba ga Jehofa re farologane thata le batho ba bangwe, re batho ba ba phepa, ba ba dirang ka tlhagafalo mo tirong ya Modimo wa rona. (Tito 2:14) Re farologane le ba bangwe ka gonne re obamela Jehofa. Ga se fela gore re dira mmogo re le seoposengwe le bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe, mme gape re bua puo e le nngwe ya boammaaruri e bile re tshela tumalanong le boammaaruri jo re bo buang. Jehofa o ne a bolelela pele seno fa a ne a bua jaana a dirisa moporofeti Sefania: “Ke tla fetolela ditšhaba mo puong e e itshekileng, gore botlhe ba bitse leina la ga Jehofa, e le gore ba mo direle ba le seoposengwe.”—Sefa. 3:9.

14 Morago ga moo Jehofa o ne a tlhotlheletsa Sefania go bua jaana a tlhalosa bakaulengwe ba lefatshe lotlhe ba ba seoposengwe, ba re ba bonang gompieno: “Fa e le ba ba setseng ba Iseraele bone, ga ba ne ba dira tshiamololo epe, le fa e le go bua maaka, le gone ga go ne go fitlhelwa loleme lwa tsietso mo melomong ya bone; gonne bone ba tla ja ba bo ba robala ba namaletse, mme ga go na ope yo o tla ba boifisang.” (Sefa. 3:13) E re ka re tlhaloganya Lefoko la ga Jehofa la boammaaruri e bile re fetotse tsela ya rona ya go akanya le go dumalanya botshelo jwa rona le melao ya ga Jehofa, re kgona go dira mmogo ka kutlwano. Re kgona go fitlhelela se go bonalang se sa kgonege go ya kafa batho ba lebang dilo ka gone. Eleruri, re batho ba ba farologaneng le ba bangwe, re batho ba Modimo, ba ba mo tlotlomatsang mo lefatsheng lotlhe.—Mik. 2:12.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela