LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • od ts. 170-192
  • Karolo 1: Dithuto Tsa Bokeresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Karolo 1: Dithuto Tsa Bokeresete
  • Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Molaetsa o re Tshwanetseng go o Bolelela ba Bangwe
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Malatsi a Kobamelo ya ga Satane a Badilwe
    Tsogang!—1994
  • Thapelo
    Go Fetolana ka Dikwalo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
od ts. 170-192

DIPOTSO TSA BA BA BATLANG GO KOLOBEDIWA

Karolo 1: Dithuto Tsa Bokeresete

Go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa go go thusitse gore o itse boammaaruri. Ga go pelaelo gore se o se ithutileng se dirile gore o nne le kamano e e molemo le Modimo le gore o nne le tsholofelo ya gore mo nakong e e tlang o tla bona botshelo le masego mo lefatsheng la paradaise mo Bogosing Jwa Modimo. Tumelo ya gago mo Lefokong la Modimo e ile ya nonofa, mme ka go kopanela le phuthego ya Bokeresete, o setse o nnile le masego a le mantsi. O kgonne go tlhaloganya kafa Jehofa a dirisanang le batho ba gagwe ka gone gompieno.—Seka. 8:23.

Fa o ntse o ipaakanyetsa go kolobediwa, o tla solegelwa molemo ke go tlotla le bagolwane ba phuthego, fa lo ntse lo sekaseka dilo tse bakeresete ba di dumelang. (Baheb. 6:1-3) E kete Jehofa a ka tswelela a segofatsa maiteko a o a dirang gore o nne le kitso ka ene, mme e kete a ka go abela tuelo e a e solofeditseng.—Joh. 17:3.

1. Goreng o batla go kolobediwa?

2. Jehofa ke mang?

• “Jehofa ke Modimo wa boammaaruri kwa magodimong kwa godimo le mo lefatsheng fa tlase. Ga go na yo mongwe.”—Dute. 4:39.

• “Wena, yo leina la gago e leng Jehovah, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.”—Pes. 83:18

3. Goreng go le botlhokwa gore o dirise leina la Modimo?

• “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno: ‘Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.’”—Math. 6:9.

• “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.”—Bar. 10:13.

4. Ke mafoko afe a a dirisitsweng mo Baebeleng go tlhalosa Jehofa?

• “Jehofa, Mmopi wa dintlha tsa lefatshe, ke Modimo ka bosakhutleng.”—Isa. 40:28.

• “Rraarona yo o kwa magodimong.”—Math. 6:9.

• “Modimo ke lorato.”—1 Joh. 4:8.

5. O ka naya Jehofa Modimo eng?

• “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.”—Mar. 12:30.

• “Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.”—Luke 4:8.

6. Goreng o batla go ikanyega mo go Jehofa?

• “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.”—Dia. 27:11.

7. O rapela mang, gape o rapela o dirisa leina la ga mang?

• “Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya [nna Jesu], fa lo kopa sengwe mo go Rara o tla se lo naya ka leina la me.”—Joh. 16:23.

8. Ke dilo dife tse o ka di rapelelang?

• “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno: ‘Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong. Re fe gompieno senkgwe sa rona sa letsatsi leno; mme o re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwaretse ba ba molato le rona. Mme o se ka wa re tsenya mo thaelong, o re golole mo go yo o boikepo.’”—Math. 6:9-13.

• “Mme eno ke tshepo e re nang le yone mo go ene, gore, go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa.”—1 Joh. 5:14.

9. Fa motho a rapela, ke eng se se ka dirang gore Jehofa a se ka a reetsa thapelo ya gagwe?

• “Ba tla ikuela kwa go Jehofa gore a ba thuse, mme ga a na go ba araba . . .  go ya ka fa ba dirileng bosula ka teng mo ditirong tsa bone.”—Mika 3:4.

• “Gonne matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya mekokotlelo ya bone; mme sefatlhego sa ga Jehofa se kgatlhanong le ba ba dirang dilo tse di bosula.”—1 Pet. 3:12.

10. Jesu Keresete ke mang?

• “Fa Simone Petere a araba a re: ‘O Keresete, Morwa Modimo yo o tshedileng.’”—Math. 16:16.

11. Goreng Jesu a ile a tla mo lefatshe?

• “Morwa motho a ne a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.”—Math. 20:28.

• “Le kwa metseng e mengwe ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.”—Luke 4:43.

12. O ka bontsha jang gore o lebogela setlhabelo sa ga Jesu?

• “O ne a swela botlhe gore ba ba tshelang ba tle ba se ka ba tlhola ba itshelela, mme ba tshelele ene yo o neng a ba swela a ba a tsosiwa.”—2 Bakor. 5:15.

13. Jesu o na le taolo efe?

• “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.”—Math. 28:18.

• “Modimo o ne a mo godisetsa kwa boemong jo bo kwa godimo mme ka bopelonomi a mo naya leina le le kwa godimo ga leina lengwe le lengwe le sele.”—Bafil. 2:9.

14. A o dumela gore Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” yo o tlhomilweng ke Jesu?

• “Tota motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang yo mong wa gagwe a neng a mo tlhoma gore a okamele ba ntlo ya gagwe, go ba naya dijo tsa bone ka nako e e tshwanetseng?”—Math. 24:45.

15. A moya o o boitshepo ke motho?

• “Fa moengele a araba a mo raya a re: ‘Moya o o boitshepo o tla tla mo go wena, le maatla a Mogodimodimo a tla go okama. Ka lebaka leo le se se tsalwang se tla bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.’”—Luke 1:35.

• “Jalo, fa lona, le mororo lo le boikepo, lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rara yo o kwa legodimong bogolo jang a tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!”—Luke 11:13.

16. Jehofa o ile a dirisa jang moya wa gagwe o o boitshepo?

• “Magodimo a dirilwe ka lefoko la ga Jehofa, Le lesomo lotlhe la one ka moya wa molomo wa gagwe.”—Pes. 33:6.

• “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o goroga mo go lona, mme lo tla nna basupi ba me . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”—Dit. 1:8.

• “Ga go boporofeti bope jwa Lokwalo jo bo tswang mo phuthololong epe ya motho ka boene. Gonne ga go ka nako epe boporofeti bo neng jwa tlisiwa ka thato ya motho, mme batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.”—2 Pet. 1:20, 21.

17. Bogosi Jwa Modimo ke eng?

• “Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.”—Dan. 2:44.

18. Bogosi Jwa Modimo bo tla go thusa jang?

• “O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshen. 21:4.

19. O itse jang gore go ise go ye kae Bogosi Jwa Modimo bo tla re tlisetsa masego?

• “Ya re a ntse mo Thabeng ya Lotlhware, barutwa ba mo atamela kwa thoko, ba re: ‘Re bolelele, Dilo tseno di tla nna leng, mme sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?’ Fa Jesu a araba a ba raya a re: ‘. . . Setšhaba se tla tsogologela setšhaba le bogosi bo tsogologele bogosi, mme go tla nna le ditlhaelo tsa dijo le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana. Mme dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.’”—Math. 24:3, 4, 7, 14.

• “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo, ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.”—2 Tim. 3:1-5.

20. O ka bontsha jang gore Bogosi Jwa Modimo bo botlhokwa mo go wena?

• “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe“—Math. 6:33

• “Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: ‘Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso mme a ntshale morago a sa kgaotse.’”—Math. 16:24.

21. Satane le madimona ke bomang?

• “Lo tswa mo go rraalona Diabolo . . . Ene yoo e ne e le mmolai fa a ne a simologa.”—Joh. 8:44.

• “Kgogela e kgolo ya piriganyediwa kwa tlase, noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane, yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni; ya piriganyediwa kwa tlase kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase le yone.”—Tshen. 12:9.

22. Satane o ile a latofatsa Jehofa le batho ba gagwe ka eng?

• “Mosadi a raya noga a re: ‘Re ka ja leungo la ditlhare tsa tshingwana. Mme fa e le go ja leungo la setlhare se se fa gare ga tshingwana, Modimo o rile, “Lo se ka lwa ja mo go sone, nnyaa, lo se ka lwa se ama gore lo se ka lwa swa.”’ Foo noga ya raya mosadi ya re: ‘Ruri ga lo kitla lo swa. Gonne Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang mo go sone ka lone ruri matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.’”—Gen. 3:2-5.

• “Mme Satane a araba Jehofa a re: ‘Letlalo mo boemong jwa letlalo, mme sengwe le sengwe se monna a nang le sone o tla se ntsha mo boemong jwa moya wa gagwe.’”—Jobe 2:4.

23. O ka bontsha jang gore se Satane a ileng a se bua ke maaka?

• “[Direla Modimo] ka pelo e e feletseng”—1 Ditir. 28:9.

• “Nka se tlose bothokgami jwa me mo go nna go fitlha ke swa!”—Jobe 27:5.

24. Goreng batho ba swa?

• “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—Bar. 5:12.

25. Go diragalang ka batho ba ba suleng?

• “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.”—Mor. 9:5.

26. Batho ba ba suleng ba na le tsholofelo efe?

• “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”—Dit. 24:15.

27. Ke batho ba ba kae ba ba yang kwa legodimong go ya go busa le Jesu?

• “Mme, bona! Kwana e eme mo Thabeng ya Siona, mme a na le ba ba dikete di le lekgolo masome a manè le bonè ba kwadilwe leina la gagwe le leina la ga Rraagwe mo diphatleng tsa bone.”—Tshen. 14:1.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela