LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ypq potso 10 ts. 30-31
  • Baebele e ka Nthusa Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baebele e ka Nthusa Jang?
  • Dipotso Tse 10 Tse Basha ba di Botsang
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgang E e Re Amang Rotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2024
  • O Leba Baebele Jang?
    O Leba Baebele Jang?
  • Kwa Malapa a ka Bonang Thuso Gone
    Tsogang!—2018
  • Tshedimosetso e Nngwe Gape E e Ka Thusang Batsadi
    Tsogang!—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse 10 Tse Basha ba di Botsang
ypq potso 10 ts. 30-31
Mosimane o ntse kwa ntle o bala Baebele

POTSO 10

Baebele e ka Nthusa Jang?

BOTLHOKWA JWA SENO

Baebele ya re: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.” (2 Timotheo 3:16) Fa e le gore seno ke boammaaruri, go raya gore Baebele e ka go kaela.

WENA O NE O TLA DIRA ENG?

Akanya ka boemo jono: David o kgweetsa mo lefelong le a sa le tlwaelang gotlhelele. Matshwao a tsela le tikologo di mmontsha gore o mo lefelong le a sa tshwanelang go ka bo a le mo go lone. O lemoga gore o timetse. A ka tswa a ile a tsaya tsela e sele fa a ntse a le mo loetong.

Wena o ne o tla dira eng fa o ne o le David?

EMA MME O AKANYE!

O ka tlhopha go tsaya nngwe ya dikgato tseno:

  1. Kopa mongwe gore a go bontshe tsela.

  2. Leba mmapa kgotsa dirisa GPS.

  3. Tswelela ka loeto ka tsholofelo ya gore o tla bona tsela e e siameng.

Ga go na pelaelo gore Kgato C ga e kitla e go thusa go le kalo.

Kgato B e botoka go na le ya ntlha. Ka gonne o tla tswelela o na le mmapa le GPS mo loetong lwa gago, go go thusa go bona tsela.

Baebele e ka go thusa ka tsela e e tshwanang!

Buka eno e e anamisiwang go gaisa e ka

  • go thusa gore o lepalepane le mathata a botshelo

  • go thusa gore o ikitse sentle le gore o nne motho yo o botoka

  • go bontsha gore o ka tshela jang ka tsela e e molemo

GO ARABA DIPOTSO TSA BOTLHOKWA

Fela fa re simolola go bua, re botsa dipotso.

  • Bana ba tswa kae?

  • Modimo o nna kae?

Moragonyana, re simolola go botsa dipotso ka se se diregang mo tikologong ya rona.

  • Ke eng fa dilo tse di bosula di direga?

  • Ke eng fa batho ba swa?

Gotweng fa e le gore Baebele ga e bolo go nna le dikarabo tsa dipotso tseno?

Batho ba le bantsi ba re Baebele e tletse dinaane le ditlhamane, ke buka ya bogologolo e bile go thata go e tlhaloganya. Mme gone, a tota Baebele ke yone bothata kgotsa bothata ke se batho ba se utlwileng ka yone? A ba ka tswa ba boleletswe tshedimosetso e e phoso?

Ka sekai, batho ba akanya gore Baebele ya re Modimo ke ene a laolang lefatshe. A mme gone go ntse jalo? Lefatshe leno le tlhakatlhakane! Le tletse kutlobotlhoko le pogo, bolwetse le loso, khumanego le masetlapelo. A Modimo yo o lorato a ka baka dilo tseno tse di bosula?

A o ka rata go itse karabo ya potso eno? Se Baebele e se buang kaga gore ke mang yo o laolang lefatshe se ka nna sa go gakgamatsa!

Gongwe o lemogile gore kgakololo e e mo boroutšhareng jono e theilwe mo Baebeleng. Basupi ba ga Jehofa ba tlhatswegile pelo gore Baebele ke motswedi o o ka ikanngwang wa kgakololo. Seo ke ka gonne e ‘tlhotlheleditswe ke Modimo e bile e tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng le mo go tlhamalatseng dilo.’ (2 Timotheo 3:16, 17) O tla bo o itirela molemo fa o ka sekaseka buka eno ya bogologolo—mme gone e sa ntse e le mosola le gompieno!

TSE DINGWE!

Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele?

Leba bidio e e reng, Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele? mo www.jw.org/tn.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela