LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 58 ts. 140-ts. 141 ser. 2
  • Jerusalema e a Senngwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jerusalema e a Senngwa
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boporofeti jo bo Buang ka Mesia—Setlhare se Segolo sa Mosedara
    Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
  • Go Direla mo “Bokhutlong Jwa Metlha”
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
  • Karolo 3—Babelona yo o Maatla—Mmuso o Mogolo wa Lefatshe wa Boraro
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Jehofa o Tla go Duela Go ya Ka Ditiro Tsa Gago
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 58 ts. 140-ts. 141 ser. 2
Jerusalema le tempele di fisiwa

THUTO 58

Jerusalema e a Senngwa

Batho ba kwa Juda ba ne ba tlhola ba tlogela Jehofa ba bo ba obamela medimo ya maaka. Go ne go fetile dingwaga di le dintsi Jehofa a leka go ba thusa. O ne a romela baporofeti ba le bantsi go ba bolelela ka kotsi e e tlang mme ba ne ba sa reetse. Go na le gore ba reetse, ba ne ba dira metlae ka baporofeti. Jehofa o ne a fedisa jang kobamelo ya bone ya medingwana?

Kgosi ya Babelona e bong Nebukadenesare o ne a fenya ditšhaba ka go latelana. Lekgetlho la ntlha fa a fenya Jerusalema o ne a tshwara Kgosi Jehoiakine, dikgosana, masole le babetli, a bo a ba isa kwa Babelona. O ne a tsaya dilo tsotlhe tse di tlhwatlhwakgolo tse di neng di le mo tempeleng ya ga Jehofa. Go tswa foo, Nebukadenesare o ne a tlhoma Sedekia go nna kgosi ya Juda.

Fa Sedekia a simolola go busa, o ne a reetsa Nebukadenesare. Mme gone, baporofeti ba maaka le batho ba ditšhaba tse di gaufi ba ne ba raya Sedekia ba re a fetogele Babelona. Jeremia o ne a mo tlhagisa jaana: ‘Fa o ka fetogela Bababelona, ba tlile go lo bolaya e bile go tla nna le tlala le bolwetse mo Juda.’

Morago ga dingwaga di le robedi Sedekia e le kgosi, o ne a fetogela Babelona. O ne a kopa masole a Egepeto gore a mo thuse. Nebukadenesare o ne a romela masole a gagwe gore a ye go tlhasela Jerusalema, mme a ne a tlhoma ditente go dikologa motse oo. Jeremia o ne a raya Sedekia a re: ‘Jehofa a re fa o ka ineela mo masoleng a Babelona, lo tla falola. Mme fa o sa ineele, Bababelona ba tla fisa Jerusalema ba bo ba go isa botshwarwa.’ Sedekia o ne a re: ‘Ga ke na go ineela!’

Morago ga ngwaga le dikgwedi tse thataro, masole a Babelona a ne a thuba dipota tsa Jerusalema a bo a e fisa ka molelo. Ba ne ba fisa tempele, ba bolaya batho ba le bantsi, ba bo ba isa batho bangwe kwa kgolegelong.

Sekedia o ne a tshaba kwa Jerusalema mme Bababelona ba ne ba mo lelekisa. Ba ne ba mo tshwara a le gaufi le Jeriko ba bo ba mo isa kwa go Nebukadenesare. Kgosi ya Babelona e ne ya dira gore Sekedia a bone fa bana ba gagwe ba basimane ba ntse ba bolawa. Go tswa foo, Nebukadenesare o ne a foufatsa Sedekia a bo a mo tsenya mo kgolegelong mme o ne a swela gone. Mme Jehofa o ne a tshepisa batho ba Juda a re: ‘Morago ga dingwaga di le 70, ke tla lo isa gae kwa Jerusalema.’

Go ne go tla diragalang ka basha ba ba neng ba isitswe kgolegelong kwa Babelona? A ba ne ba tla nna ba tshepega mo go Jehofa?

“Dikatlholo tsa gago di boammaaruri e bile di siame, wena Jehofa Modimo, Mothatayotlhe.”​—Tshenolo 16:7

Dipotso: Nebukadenesare e ne e le mang? O ne a dira eng kwa Jerusalema? Sekedia e ne e le mang?

2 Dikgosi 24:1, 2, 8-20; 25:1-24; 2 Ditiragalo 36:6-21; Jeremia 27:12-14; 29:10, 11; 38:14-23; 39:1-9; Esekiele 21:27

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela