LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 98 ts. 228-ts. 229 ser. 1
  • Batho ba Ditšhaba Tse Dintsi e Nna Bakeresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batho ba Ditšhaba Tse Dintsi e Nna Bakeresete
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sekao Se Se Tlhotlheleditsweng sa Tiro ya Borongwa jwa Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Batho ba ga Jehofa ba Nonotshiwa mo Tumelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • ‘Ba ne Ba Itumetse e Bile ba Tladiwa ka Moya o o Boitshepo’
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • “Jehofa O ne A ba Naya Maatla a Gore ba Bue ba le Pelokgale”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 98 ts. 228-ts. 229 ser. 1
Moaposetoloi Paulo le Barenabase ba rerela mmusi wa kwa Kupero e bong Seregio Paulose

THUTO 98

Batho ba Ditšhaba Tse Dintsi e Nna Bakeresete

Baaposetoloi ba ile ba ikobela taelo ya ga Jesu ya gore ba rere dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe. Ka ngwaga wa 47, bakaulengwe ba kwa Antioka ba ne ba romela Paulo le Barenabase gore ba ye go rera kwa mafelong a mangwe. Paulo le Barenabase ba ne ba ya kwa mafelong a Asia Minor a a jaaka Derebe, Lisetera le Ikonio.

Paulo le Barenabase ba ne ba rerela batho botlhe, ba ba humileng le ba ba humanegileng, ba bannye le ba bagolo. Batho ba le bantsi e ile ya nna Bakeresete. Moloi mongwe o ne a leka go thibela Paulo le Barenabase gore ba se ka ba rerela mmusi wa kwa Kupero e bong Seregio Paulose. Paulo o ne a raya moloi yoo a re: ‘Jehofa o kgatlhanong le wena.’ Moloi yoo o ne a foufala ka yone nako eo. Seregio Paulose o ne a nna Mokeresete fa a sena go bona seo.

Paulo le Barenabase ba ne ba rera ka ntlo le ntlo, kwa dishopong, mo ditseleng le kwa mafelong a kobamelo. Nako nngwe fa ba sena go fodisa monna mongwe yo o golafetseng kwa Lisetera, batho ba koo ba ne ba akanya gore Paulo le Barenabase ke medimo, ka jalo, ba ne ba leka go ba obamela. Ba ile ba gana batho bao ba ba obamela mme ba ba raya ba re: ‘Obamelang Modimo fela! Re batho fela jaaka lona.’ Go ne ga tla Bajuda bangwe mme ba bua maaka ka Paulo le Barenabase. Batho ba ne ba ngata Paulo ka maje, ba mo gogela kwa ntle ga motse mme ba mo tlogela gore a swe. Mme Paulo ga a ka a swa. Bakaulengwe ba ile ba tla ka bonako mme ba mo thusa gore a boele mo motseng. Moragonyana Paulo o ne a boela kwa Antioka.

Gape Paulo o ne a ya go rera kwa mafelong a mangwe ka ngwaga wa 49. Fa a sena go kopana le bakaulengwe ba kwa mafelong a Asia Minor, o ne a ya go rera dikgang tse di molemo kwa Yuropa. O ne a ya kwa Athena, Efeso, Filipi, Thesalonika le kwa mafelong a mangwe. Paulo o ne a tsamaya le Silase, Luke le lekawana lengwe le le bidiwang Timotheo. Ba ne ba dira mmogo go tlhoma diphuthego le go nonotsha tumelo ya bakaulengwe. Paulo o ne a nna ngwaga le halofo kwa Korintha a thusa bakaulengwe. O ne a rera, a ruta le go kwalela diphuthego makwalo. Gape o ne a dira ditente. Fa nako e ntse e ya, o ne a boela kwa Antioka.

Moaposetoloi Paulo a rera mo marekisetsong

Ka ngwaga wa 52, o ne a ya go rera kwa mafelong a mangwe gape a kwa Asia Minor. O ne a ya kwa bokone jwa Filipi, a bo a ya kwa Korintha. Paulo o ne a fetsa dingwaga di le mmalwa kwa Efeso a ruta, a fodisa batho le go thusa phuthego. Gape o ne a ruta batho Baebele letsatsi le letsatsi kwa holong ya sekolo. Batho ba le bantsi ba ne ba mo reetsa mme ba tlogela mekgwa e e sa siamang. Fa Paulo a sena go rera dikgang tse di molemo kwa mafelong a mantsi, o ne a ya kwa Jerusalema.

“Ka jalo, yang kwa bathong ba ditšhaba tsotlhe mme lo ba dire barutwa.”​—Mathaio 28:19

Potso: Leba mmapa o o mo Baebeleng ya gago (Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha, Dintlha B13). A o kgona go bona mafelo a Paulo a neng a rera kwa go one?

Ditiro 13:1–23:35

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela