Sekao Se Se Tlhotlheleditsweng sa Tiro ya Borongwa jwa Bokeresete
“Nnañ baetsi ba me, yaka le nna ke le moetsi oa ga Keresete.”—1 BAKORINTHA 11:1.
1. Dingwe tsa ditsela tseo ka tsone Jesu a neng a tlhomela balatedi ba gagwe sekao se se tlhomologileng gore ba se latele ke dife? (Bafilipi 2:5-9)
ABO Jesu a ne a tlhomela barutwa ba gagwe sekao se se tlhomologileng jang ne! O ne a tlogela kgalalelo ya gagwe ya kwa legodimong ka boitumelo a tla mo lefatsheng go tla go tshela mo gare ga batho ba ba leofileng. O ne a iketleeditse gore a ka bogisega mo go botlhoko gore batho ba tle ba bolokwe, le gore leina la ga Rraagwe wa selegodimo le itshepisiwe, e leng sone selo sa botlhokwatlhokwa. (Yohane 3:16; 17:4) Fa a ne a sekisiwa a tloga a bolawa, Jesu o ne a bolela jaana ka bopelokgale: “Ke tsalecwe gōna mouō, me ke tletse gōna mouō mo lehatshiñ, gore ke shupè kaga boamarure.”—Yohane 18:37.
2. Ke ka ntlha yang fa Jesu yo o tsositsweng a ne a ka laela barutwa ba gagwe gore ba tsweledise tiro eo a neng a e simolotse?
2 Jesu o ne a thapisa barutwa ba gagwe sentle pele a swa gore ba tle ba kgone go tsweledisa tiro ya go supa ka boammaaruri jwa Bogosi. (Mathaio 10:5-23; Luke 10:1-16) Ka jalo, fa a sena go tsosiwa, Jesu o ne a kgona go ntsha taolo eno: “Tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.”—Mathaio 28:19, 20.
3. Tiro ya go dira barutwa e ne ya atologa jang, mme lefa go ntse jalo e ne e dirwa thata mo mafelong afe?
3 Mo dingwageng tse tharo le sephatlo tseo di ileng tsa latela, barutwa ba ga Jesu ba ne ba diragatsa taolo eno mme lefa go ntse jalo batho bao ba neng ba ba dira barutwa fela e ne e le Bajuda, batho ba ba sokologetseng mo Bojudeng, le Basamaria ba ba rupisitsweng. Go tswa foo, ka 36 C.E., Modimo o ne wa kaela gore Korenelio, monna mongwe yo o sa rupisiwang le ba lelapa la gagwe, ba rerelwe mafoko a a molemo. Mo dingwageng tse some tseo di ileng tsa latela, Baditšhaba ba bangwe ba ne ba tlisiwa mo phuthegong. Lefa go ntse jalo, go lebega bontsi jwa tiro bo ne bo dirwa mo dikarolong tse di kafa botlhaba jwa Mediterranean fela.—Ditihō 10:24, 44-48; 11:19-21.
4. Go ne ga direga tiragalo efe ya botlhokwa mo e ka nnang ka 47-48 C.E.?
4 Go ne go tlhokega sengwe gore se tlhotlheletse kana se dire gore Bakeresete ba kgone go dira barutwa ba Bajuda le ba Baditšhaba kwa mafelong a a kwa kgakajana. Ka jalo, mo e ka nnang ka 47-48 C.E., bagolwane ba phuthego ya Antioka o o kwa Siria ba ne ba amogela molaetsa ono o tswa kwa Modimong: “Ntomololèlañ Barenabase le Saulo, gore ba eè tihoñ e ke e ba bileditseñ.” (Ditihō 13:2) Ela tlhoko gore ka nako eo Paulo o ne a itsiwe ka leina la gagwe la ntlhantlha eleng Saulo. Gape, ela tlhoko gore Modimo o ne wa umaka Barenabase pele ga Paulo, gongwe e le ka gonne ka nako eo Barenabase e ne e le ene a lejwang a na le maemo go na le Paulo.
5. Ke ka ntlha yang fa rekoto ya loeto lwa borongwa lwa ga Paulo le Barenabase e le botlhokwa jaana mo Bakereseteng gompieno?
5 Pego e e tlhalosang ka botlalo loeto lwa borongwa lwa ga Paulo le Barenabase e kgothatsa Basupi ba ga Jehofa fela thata, segolobogolo barongwa le babulatsela bao ba fudugileng go tswa kwa magaeng a bone go ya go direla Modimo mo gare ga batho ba e seng ba ga bone. Mo godimo ga moo, go sekaseka Ditihō kgaolo 13 le kgaolo 14 eleruri go tla tlhotlheletsa ba ba oketsegileng gore ba etse Paulo le Barenabase mme ba oketse seabe se ba nnang le sone mo tirong ya botlhokwatlhokwa ya go dira barutwa.
Setlhaketlhake sa Kupero
6. Barongwa ba ne ba tlhoma sekao sefe kwa Kupero?
6 Barongwa ga ba a ka ba senya nako mme ba ne ba tsamaya ka sekepe go tloga mo boemakepeng jwa kwa Siria jwa Seleukia ba ya kwa setlhaketlhakeng sa Kupero. Fa ba sena go fitlha kwa Salamise, ga ba a ka ba dira sengwe se sele mme ba ne “ba bolèla lehoko ya Modimo mo matluñ a thutō a Bayuda.” Go latela sekao sa ga Keresete, ba ne ba sa kgotsofalele go nna mo toropong eo ba letela baagi ba setlhaketlhake gore ba tle kwa go bone. Go na le moo, ba ne ba dira “go ralala setlhake shotlhe.” Kwantle ga pelaelo seno se ne se tlhoka gore ba tsamaye sekgala se setelele ka dinao le gore ba fuduge gantsintsi, ka gonne Kupero ke setlhaketlhake se segolo, mme mo loetong lwa bone ba ne ba ralala karolo e kgolo ya lefelo leo.—Ditihō 13:5, 6.
7. (a) Go ne ga direga tiragalo efe e e tlhomologileng kwa Pafosa? (b) Rekoto eno e re kgothaletsa gore re nne le boikutlo bofe?
7 Kwa bokhutlong jwa loeto lwa bone, banna ba babedi bano ba ne ba duelwa ka boitemogelo jo bo molemolemo kwa motseng wa Pafosa. Molaodi wa setlhaketlhake seo ebong Seregio Paulo, o ne a reetsa molaetsa wa bone mme “a dumèla.” (Ditihō 13:7, 12) Moragonyana Paulo o ne a kwala jaana: “Ba ga echo, a lo ko lo lebeñ go bidiwa ga lona, yaka go se bantsi ba ba botlhale kaha nameñ, go se bantsi ba ba nonohileñ, go se bantsi ba ba tlotlègañ, ba ba bidicweñ.” (1 Bakorintha 1:26) Lefa go ntse jalo, mo bathong ba ba nonofileng bao ba ileng ba tsaya kgato go ne go na le Seregio Paulo. Boitemogelo jono bo tshwanetse go kgothatsa botlhe, segolobogolo barongwa, gore ba nne le pono e e siameng kaga go rerela batlhankedi ba puso, jaaka fa re kgothalediwa go dira jalo mo go 1 Timotheo 2:1-4. Ka dinako tse dingwe banna ba ba nang le thata ba ile ba thusa batlhanka ba Modimo fela thata.—Nehemia 2:4-8.
8. (a) Go bonala phetogo efe mo kamanong e e fa gare ga Barenabase le Paulo ba babedi go tloga fano go ya pele? (b) Barenabase o ne a nna sekao se se molemo jang?
8 Paulo o ne a tlhotlhelediwa ke moya wa ga Jehofa, mme a nna le seabe se segolo mo go sokololeng Seregio Paulo. (Ditihō 13:8-12) Gape, go bonala gore Paulo o ne a etelela pele go tloga ka nako yone e go ya pele. (Bapisa Ditihō 13:7 le Ditihō 13:15, 16, 43.) Seno se ne se dumalana le se Modimo o neng o romile Paulo gore a se dire ka nako ya fa a ne a sokologa. (Ditihō 9:15) Gongwe phetogo eo e ne e leka Barenabase gore o ikokobeditse go le kana kang. Lefa go ntse jalo, go na le go leba phetogo eno jaaka go nyadiwa, Barenabase o tshwanetse a bo a ile a diragatsa bokao jwa leina la gagwe, “Morwa Kgomotso,” mme a tshegetsa Paulo ka boikanyegi mo loetong lwa gagwe lwa borongwa le morago ga lone fa Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ne ba gwetlha lebaka la go bo ba ne ba ya go Baditšhaba ba ba sa rupang. (Ditihō 15:1, 2) Abo seno e le sekao se se molemo mo go rona rotlhe jang ne, go akaretsa le bao ba nnang mo magaeng a barongwa le a Bethele! Re tshwanetse gore ka dinako tsotlhe re bo re iketleeditse go amogela diphetogo tsa bolegodimo le go tshegetsa ka botlalo bao ba tlhomilweng go re etelela pele.—Bahebera 13:17.
Setlhaba sa Asia Minor
9. Re ithuta eng mo tseleng eo Paulo le Barenabase ba neng ba iketleeditse ka yone go ya kwa Antioka e e kwa Pisidia?
9 Fa ba tswa kwa Kupero, Paulo le Barenabase ba ne ba tsamaya ka sekepe go ya bokone kwa kontinenteng ya Asia. Ka ntlha ya lebaka lengwe le le sa bolelwang, barongwa bano ga ba a ka ba nna lobaka lo loleele mo lefelong leo le le mo lotshitshing mme ba ne ba tsaya loeto lo lotelele lo lo kotsi lwa mo e ka nnang dikilometara di le 180 ba ya kwa Antioka e e kwa Pisidia, e e mo setlhabeng se se fa gare sa Asia Minor. Loeto lono lo no lo akaretsa go palamela ka tselana nngwe e e mo thabeng ba bo ba fologelela mo lebaleng la bogodimo jwa dimetara tse 1 100 go feta bogodimo jwa lewatle. Moithuti wa Bibela ebong J. S. Howson o bolela jaana: “Mekgwa ya go sa reetse molao le go thukutha ya batho ba ba neng ba nna mo dithabeng tseo tse di fa gare ga setlhaba . . . le mabala a a mo lotshitshing lo lo kafa borwa, e ne e itsege kafa e leng bosula ka gone mo dikarolong tsotlhe tsa hisitori ya bogologolo.” Mo godimo ga moo, barongwa ba ne ba lebane le kotsi ya maemo a a sa itumediseng a dilo tsa tlhago. “Ga go na kgaolo epe kwa Asia Minor,” go oketsa jalo Howson, “e e tlhomologileng thata ka ‘merwalela ya yone ya metsi’ go feta lefelo le le dithabathaba la Pisidia, koo dinoka di phunyegang kafa tlase ga mafika a magolo, kana di phothoselang go elela le megorogoro e mesesane.” Dintlha tseno di re thusa gore re kgone go akanya kafa maeto ao barongwa ba neng ba iketleeditse go a tsaya a neng a ntse ka teng e le fela gore ba tle ba gase mafoko a a molemo. (2 Bakorintha 11:26) Fela jalo le gompieno, batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba ralala dikgoreletsi tsa mefuta yotlhe ka bopelokgale gore ba tle ba fitlhelele batho le go ba abela mafoko a a molemo.
10, 11. (a) Paulo o ne a dira jang gore go nne le fa a dumalanang teng le bareetsi ba gagwe? (b) Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba le bantsi ba ka tswa ba ile ba gakgamalela go utlwa kafa Mesia a ileng a boga ka gone? (c) Paulo o ne a solofetsa bareetsi ba gagwe poloko e e ntseng jang?
10 Ereka go ne go na le sinagoga ya Bajuda kwa Antioka e e kwa Pisidia, barongwa ba ne ba ya teng pele gore ba neele bao ba tlwaetseng Lefoko la Modimo thata sebaka sa gore ba amogele mafoko a a molemo. Erile fa Paulo a lalediwa gore a bue, o ne a ema ka dinao mme a neela puo ya phatlalatsa ka botswerere. Mo puong eno yotlhe, o ne a dira gore go nne le fa a dumalanang teng le Bajuda le batho bao ba neng ba sokologetse mo Bojudeng bao ba neng ba mo reeditse. (Ditihō 13:13-16, 26) Morago ga ketapele ya gagwe, Paulo o ne a tlotla ka hisitori e e galalelang ya Bajuda, a ba gakolola gore Jehofa o ne a tlhophile borraabonemogolo mme a ba golola mo Egepeto, le kafa a ileng a ba thusa go fenya baagi ba Lefatshe Le Le Solofeditsweng ka gone. Go tswa foo Paulo o ne a tlhalosa kafa Jehofa a neng a dirisana ka gone le Dafide. Tshedimosetso e e ntseng jalo e ne e ama Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ka gonne ba ne ba solofetse gore Modimo o dire setlogolwana sengwe sa ga Dafide mmoloki le mmusi wa bosakhutleng. Gone foo, Paulo o ne a itsise jaana ka bopelokgale: “Modimo o lereditse Iseraela Mmoloki; eboñ Yesu, a le oa losika loa monna eo [Dafide], kaha lehokuñ ya choloheco.”—Ditihō 13:17-23.
11 Lefa go ntse jalo, Bajuda ba le bantsi ba ne ba solofetse mmoloki yo e neng e tla bo e le mogaka wa sesole yo o neng a tla ba golola mo taolong ya Roma a bo a goletsa morafe wa Bajuda gore o nne kwa godimo go e feta yotlhe. Ka jalo, kwantle ga pelaelo ba ne ba jesiwa kgakge ke go utlwa Paulo a bolela gore baeteledipele ba bone ba bodumedi ke bone ba neng ba isitse Mesia gore a ye go bolawa. “Me Modimo oa mo cosa mo bashwiñ,” Paulo o ne a bolela jalo ka bopelokgale. Fa a tloga a ya kwa bokhutlong jwa puo ya gagwe, o ne a bontsha bareetsi ba gagwe gore ba ne ba ka kgona go bona poloko ya mofuta o o molemolemo. “A go itsiwè ke lona,” o ne a rialo, “ha lo bolèlèlwa boichwarèlō yoa dibe ka monna eo: Me moñwe le moñwe eo o dumèlañ, o siamisiwa ka èna kaga dilō cotlhe, tse lo no lo sa kake loa siamisiwa kaga cōna ka molaō oa ga Moshe.” Paulo o ne a konela puo ya gagwe ka go kgothatsa bareetsi ba gagwe gore ba se ka ba nna mo gare ga ba bantsi bao Modimo o neng wa bolelela pele gore ba ne ba tla tlhokomologa poloko eno e e molemolemo e ba e baakanyeditsweng.—Ditihō 13:30-41.
12. Puo ya ga Paulo e ne ya nna le matswela afe, mme seno se tshwanetse sa re kgothatsa jang?
12 A puo e e neilweng sentle e e theilweng mo Dikwalong ruri! Bareetsi ba ne ba arabela jang? “Bantsi ba Bayuda le ba ba inetseñ Seyudeñ ba ba rapèlañ Modimo, ba sala Paulo le Barenabase moragō.” (Ditihō 13:43) Abo seo se re kgothatsa jang ne gompieno! Ekete le rona re ka dira bojotlhe jo re ka bo kgonang go neela bosupi ka tsela e e nang le matswela, lefa e ka tswa e le mo bodiheding jwa rona jwa phatlalatsa kana e le mo dikakgelong le mo dipuong kwa dipokanong tsa rona tsa phuthego.—1 Timotheo 4:13-16.
13. Ke ka ntlha yang fa barongwa ba ne ba tshwanelwa ke go tswa mo Antioka e e kwa Pisidia, mme go tsoga dipotso dife malebana le barutwa ba basha?
13 Batho ba ba neng ba sa tswa go kgatlhega kwa Antioka e e kwa Pisidia ga ba a ka ba kgona go tshwara mafoko ano a a molemo ka tlhaa. Ka jalo, “ka sabata o moñwe, motse otlhe oa batla go phuthèga, ba tla go utlwa lehoko ya Modimo.” Mme e ne ya re go ise go ye kae molaetsa wa bo o anametse le ka kwantle ga motse. Ebile tota, “lehoko ya Morèna [le ne la] anamisediwa mo lehatshiñ yeotlhe yeuō.” (Ditihō 13:44, 49) Go na le go itumelela kgang eno, Bajuda ba ba lefufa ba ne ba atlega ka go dira gore barongwa ba kobelwe ka kwa ntle ga motse. (Ditihō 13:45, 50) Seno se ne sa ama barutwa ba basha jang? A ba ne ba kgobega marapo mme ba tlogela?
14. Ke ka ntlha yang fa baganetsi ba ile ba se ka ba kgona go emisa tiro e barongwa ba neng ba e simolotse, mme re ithuta eng mo go seno?
14 Nnyaa, ka gonne eno e ne e le tiro ya Modimo. Gape, barongwa ba ne ba theile motheo o o nonofileng wa tumelo mo go Morena Jesu Keresete yo o tsositsweng. Ka jalo, go bonala gore barutwa ba basha ba ne ba leba Keresete, eseng barongwa, jaaka Moeteledipele wa bone. Ka jalo, re bala gore ba ne “ba tlala boitumèlō le Mōea o o Boitshèpō.” (Ditihō 13:52) Abo seno se kgothatsa barongwa le batho ba bangwe ba ba dirang barutwa gompieno jang ne! Fa re dira karolo ya rona ka boikokobetso le ka tlhagafalo, Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba tla segofatsa bodihedi jwa rona.—1 Bakorintha 3:9.
Ikonio, Lusetera, le Derebe
15. Barongwa ba ne ba dira eng kwa Ikonio, mme seno se ne sa felela ka eng?
15 Paulo le Barenabase jaanong ba ne ba tsamaya sekgala sa dikilometara di ka nna 140 go ya borwabotlhaba ba ya kwa motseng o o latelang, kwa Ikonio. Ga ba a ka ba kgorelediwa ke go tshaba go bogisiwa gore ba se ka ba dira dilo tseo ba neng ba di dirile kwa Antioka. Ka jalo, Bibela ya re: “Ga dumèla bontsi yo bogolo yoa Bayuda le yoa Bagerika.” (Ditihō 14:1) Fano le gone Bajuda ba ba neng ba sa amogele mafoko a a molemo ba ne ba tsosa dikganetso. Mme lefa go ntse jalo barongwa ba ne ba itshoka mme ba senya nako e ntsi ba le kwa Ikonio ba thusa barutwa ba basha. Go tswa foo, fa Paulo le Barenabase ba sena go utlwa gore Bajuda ba ba ba ganetsang ba ne ba tloga ba ba kgobotletsa ka maje, ka botlhale ba ne ba tshabela kwa tshimong e e latelang, “Lusetera le Derebe, le kwa lehatshiñ mo tikologoñ ea metse euō.”—Ditihō 14:2-6.
16, 17. (a) Paulo o ne a diragalelwa ke eng kwa Lusetera? (b) Tsela e Modimo o neng o dirisana ka yone le moaposetoloi e ne ya ama lekawana lengwe la kwa Lusetera jang?
16 Ba ne “ba rèra Mahoko a a Molemō” ka bopelokgale mo tshimong eno e ntšha, eo e neng e le lantlha e dirwa. (Ditihō 14:7) Fa Bajuda ba kwa Antioka e e kwa Pisidia le Ikonio ba utlwalela seno, ba ne ba sepela sekgala se se kalokalo go ya kwa Lusetera mme ba kgothaletsa batho gore ba kgobotletse Paulo ka maje. Ereka Paulo a ne a sena nako ya gore a tshabe, o ne a kgobotlediwa ka maje, go fitlhela baganetsi ba gagwe ba gopola gore o sule. Ba ne ba mo gogela kwa ntle ga motse.—Ditihō 14:19.
17 A o kgona go bona ka leitlho la mogopolo kafa barutwa ba basha ba neng ba utlwa botlhoko ka gone? Mme lefa go ntse jalo go ne ga direga kgakgamatso e kgolo, fa ba kokoanela Paulo, o ne a ema ka dinao! Bibela ga e bolele gore a lekawana le go tweng Timotheo le ne le le mo setlhopheng sa barutwa bano ba basha. Kwantle ga pelaelo nako nngwe o ile a utlwalela ka ditirisano tsa Modimo le Paulo mme tsa tlhotlheletsa fela thata mogopolo wa gagwe o monana. Paulo o ne a kwala jaana mo lokwalong lwa gagwe lwa bobedi a lo kwalela Timotheo: “Wèna u latetse thutō ea me, le mokgwa, . . . dilō tse di nkwetseñ mo Antioka, le mo Ikonio, le mo Lusetera; eboñ dipogishō tse ke di bogileñ: me Morèna o nkgolotse mo go cōna cotlhe hèla.” (2 Timotheo 3:10, 11) Mo e ka nnang ngwaga kana tse pedi morago ga gore Paulo a kgobotlediwe ka maje, o ne a boela kwa Lusetera mme a fitlhela Timotheo yo mmotlana e le Mokeresete yo o tlhomang sekao se sentle, “a bolèlwa ka molemō ke bakauleñwe ba ba mo Lusetera le mo Ikonio.” (Ditihō 16:1, 2) Ka jalo Paulo o ne a mo tlhopha gore a tsamaye le ene mo loetong. Seno se ne sa thusa Timotheo gore a gole semoyeng, mme e ne ya re fa nako e ntse e ya o ne a tshwanelegela gore Paulo a mo romele gore a etele diphuthego tse di farologaneng. (Bafilipi 2:19, 20; 1 Timotheo 1:3) Gompieno le gone, batlhanka ba ba tlhagafetseng ba Modimo ba na le tlhotlheletso e e molemolemo mo basheng, bao bontsi jwa bone ba golang go fitlha e nna batlhanka ba ba botlhokwa ba Modimo, jaaka Timotheo.
18. (a) Barongwa ba ne ba diragalelwa ke eng kwa Derebe? (b) Jaanong ba ne ba bulegetswe ke tshono efe, mme lefa go ntse jalo ba ne ba tlhopha go tsaya tsela efe?
18 Mo mosong wa fa a sena go falola loso kwa Lusetera, Paulo o ne a ya Derebe a na le Barenabase. Mo loetong lono, ga ba a ka ba salwa morago ke baganetsi bape, mme Bibela e bolela gore ‘ba ne ba dira barutwa ba le bantsi.’ (Ditihō 14:20, 21) Fa ba sena go tlhoma phuthego kwa Derebe, Paulo le Barenabase ba ne ba tshwanelwa ke go dira tshwetso nngwe. Tsela e go neng go tsamaiwa ka yone thata e e neng e dirilwe ke Baroma e ne e tswelela pele go tswa mo Derebe e ya kwa Tareso. Go tswa foo go ne go tsaya loeto lo lokhutshwane go boela kwa Antioka e e kwa Siria. Gongwe eo e ne e le yone tsela e e botoka go gaisa ya gore ba boe ka yone, mme barongwa bao ba ne ba ka nna ba akanya gore jaanong ba ne ba tlhoka go ikhutsa. Lefa go ntse jalo ba etsa sekao sa Mong wa bone, Paulo le Barenabase ba ne ba utlwa go na le tlhokafalo e kgolwane.—Mareko 6:31-34.
Go Dira Tiro ya Modimo Ka Botlalo
19, 20. (a) Jehofa o ne a segofatsa barongwa jang ka ntlha ya go bo ba ne ba boetse kwa Lusetera, Ikonio, le Antioka? (b) Seno se ruta batho ba ga Jehofa eng gompieno?
19 Go na le go tsaya tsela e khutshwane go ya gae, barongwa ba ne ba nna pelokgale mme ba etela gape yone metse eo matshelo a bone a neng a tsena mo kotsing ba le kwa go yone. A Jehofa o ne a ba segofatsa ka ntlha ya go amega mo go kana kana ka dinku tse disha? Ee, eleruri, ka gonne pego e bolela gore ba ne ba atlega fa ba “nitamisa meōea ea barutwa, ba ba laea, gore ba nnèlè rure mo tumeloñ.” Ka mo go tshwanelang, ba ne ba bolelela barutwa bao ba basha jaana: “Re na le go tsèna mo bogosiñ yoa Modimo ka dipitlaganō di le dintsi.” (Ditihō 14:21, 22) Paulo le Barenabase gape ba ne ba ba gakolola ka pitso eo ba nang nayo ya go nna baruaboswa mmogo mo Bogosing jo bo tlang jwa Modimo. Gompieno, re tshwanetse go kgothatsa barutwa ba basha fela jalo. Re ka ba nonotsha gore ba itshokele diteko ka go ba neela tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng kafa tlase ga taolo ya Bogosi jwa Modimo jone jo Paulo le Barenabase ba neng ba rera kaga jone.
20 Pele ba tswa mo motseng mongwe le mongwe, Paulo le Barenabase ba ne ba thusa phuthego ya lefelo leo gore e rulaganye dilo botoka. Go bonala gore ba ne ba thapisa banna ba ba tshwanelegang ba bo ba ba tlhoma gore ba etelele pele. (Ditihō 14:23) Kwantle ga pelaelo seno se ne sa dira gore go nne le koketsego e kgolwane. Gompieno le gone, barongwa le batho ba bangwe, fa ba sena go thusa ba ba senang boitemogelo gore ba gatele pele go fitlha ba kgona go sikara boikarabelo, ka dinako tse dingwe ba fudugela kwa mafelong a mangwe ao a nang le tlhokafalo e kgolwane go ya go tsweledisa tiro ya bone e e molemo teng.
21, 22. (a) Go ne ga direga eng fa Paulo le Barenabase ba sena go wetsa mosepele wa bone wa borongwa? (b) Seno se tsosa dipotso dife?
21 Fa kgabagare barongwa ba ne ba boela kwa Antioka e e kwa Siria, ba ne ba ka ikutlwa ba kgotsofetse tota. Eleruri, pego ya Bibela e bolela gore ba ne ‘ba weditse’ tiro e Modimo a neng a ba e file. (Ditihō 14:26) Re ka tlhaloganya he gore, ka go bolela maitemogelo a bone ba ne “ba itumedisa bakauleñwe botlhe ka boitumèlō yo bogolo.” (Ditihō 15:3) Mme lefa go ntse jalo, go tweng ka isagwe? A jaanong ba ne ba tla iketla ba kgotsofaletse seo ba se fitlheletseng mme ba sa tswelele pele? Le eseng. Fa ba sena go etela setlhopha se se laolang kwa Jerusalema go ya go utlwa tshwetso e e dirilweng ka kgang ya go rupa, batho bano ba babedi ba ne ba tswelela gape le mesepele ya borongwa. Jaanong ba ne ba kgaogana ka ditsela. Barenabase o ne a tsaya Johane Mareko mme a ya kwa Kupero, fa Paulo a ne a bona mopati yo mosha eleng Silase, mme a ya a ralala Siria le Kilikia. (Ditihō 15:39-41) Fa a le mo loetong lono o ne a tlhopha Timotheo yo mmotlana mme a tsamaya nae.
22 Bibela ga e bolele matswela a loeto lwa ga Barenabase lwa bobedi. Fa e le ka Paulo, o ne a tswelela pele go ya tshimong e ntšha mme a tlhoma diphuthego mo metseng e ka nna metlhano—Filipi, Berea, Thesalonika, Korintha, le kwa Efeso. Paulo o ne a kgona jang gore a atlege thata jaana? A melaometheo eo a neng a e dirisa e dira gape le mo Bakereseteng ba ba dirang barutwa gompieno?
A O A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlha yang fa Jesu e le sekao se se tlhomologileng seo re ka se etsang?
◻ Barenabase e ne e le sekao ka tsela efe?
◻ Re ithuta eng mo puong ya ga Paulo ya kwa Antioka e e kwa Pisidia?
◻ Paulo le Barenabase ba ne ba diragatsa thomo ya bone ka botlalo jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Go itshokela pogiso ga ga moaposetoloi Paulo go ne ga tlhotlheletsa lekawana Timotheo ka tsela e e nnelang ruri