LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 6/15 ts. 1-14
  • Batho ba ga Jehofa ba Nonotshiwa mo Tumelong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batho ba ga Jehofa ba Nonotshiwa mo Tumelong
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Barongwa ba Simolola Tiro
  • Ba Nonofile mo Tumelong Lemororo ba Bogisiwa
  • Bothata Bongwe jwa Botlhokwa bo a Rarabololwa
  • Loeto lwa Bobedi lwa Borongwa Lo A Simolola
  • Go Tswelela Pele ka Kagiso
  • Sekao Se Se Tlhotlheleditsweng sa Tiro ya Borongwa jwa Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • ‘Ba ne Ba Itumetse e Bile ba Tladiwa ka Moya o o Boitshepo’
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Barenabase—“Morwa Kgomotso”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • “Jehofa O ne A ba Naya Maatla a Gore ba Bue ba le Pelokgale”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 6/15 ts. 1-14

Batho ba ga Jehofa ba Nonotshiwa mo Tumelong

“Me diphuthègō tsa kgothala mo tumeloñ, me tsa ntsihala mo paloñ ka malatsi aotlhe.”—DITIHŌ 16:5.

1. Modimo o ne wa dirisa moaposetoloi Paulo jang?

JEHOFA MODIMO o ne a dirisa Saulo wa Tareso jaaka ‘sejana se se tlhaotsweng.’ O ne a ‘boga dipogo di le dintsi,’ jaaka moaposetoloi Paulo. Mme phuthego ya ga Jehofa e ne ya ipelela kutlwano le koketsego e kgolo, ka ntlha ya tiro ya gagwe le ya ba bangwe.—Ditihō 9:15, 16.

2. Ke ka ntlhayang fa go tla bo go le mosola go sekaseka Ditihō 13:1–16:5?

2 Baditšhaba ba ne ba fetoga Bakeresete ka dipalo tse dikgolo tse di oketsegang, mme pokano ya botlhokwa e e neng ya tshwarwa ke setlhopha se se laolang e ne ya thusa thata go goletsa kutlwano fa gare ga batho ba Modimo le go ba nonotsha mo tumelong. Go botlhokwa thata go sekaseka dilo tseno le ditiragalo tse dingwe tse di kwadilweng mo go Ditihō 13:1–16:5, ka go bo Basupi ba ga Jehofa jaanong ba itemogela koketsego e e tshwanang le masego a a tshwanang a semoya. (Isaia 60:22) (Re akantsha gore o bale ditemana tse di tswang mo bukeng eno tseo di supilweng ka mokwalo o mokima, fa o ipalela ditlhogo tse di buang ka buka ya Ditihō tse di mo tokololong eno ka bowena.)

Barongwa ba Simolola Tiro

3. Ke tiro efe e e neng ya dirwa ke “baperofeti le baruti” kwa Antioka?

3 Banna ba ba neng ba rometswe ke phuthego e e kwa Antioka, wa Siria, ba ne ba thusa badumedi go nonofa mo tumelong. (13:1-5) Go ne go na le “baperofeti le baruti” kwa Antioka ebong Barenabase, Simeone (Nigere), Lukio wa Kurene, le Manaene, le Saulo wa Tareso. Baperofeti bano ba ne ba tlhalosa Lefoko la Modimo mme ba bolelela ditiragalo dingwe pele, fa baruti bone ba ne ba ruta ka Dikwalo le botshelo jwa bomodimo. (1 Bakorintha 13:8; 14:4) Barenabase le Paulo ba ne ba amogela thomo e e kgethegileng. Ba ne ba tsaya ntsalaa Barenabase ebong Mareko mme ba ya kwa Kupero. (Bakolosa 4:10) Ba ne ba rera mo disinagogeng kwa boemelakepeng jo bo kafa botlhaba jwa Salamise, mme ga go begiwe sepe sa gore Bajuda ba ne ba arabela sentle. Ereka batho ba go nna jalo ba ne ba humile, ba ne ba ka tlhoka Mesia jang?

4. Go ne ga diragala eng fa barongwa ba ne ba tswelela go rera mo Kupero?

4 Modimo o ne wa segofatsa tiro e nngwe ya go neela bosupi kwa Kupero. (13:6-12) Barongwa bano ba ne ba kopana le moloi mongwe wa Mojuda Barajesu (Elemase) yo ebileng e ne e le moperofeti wa maaka kwa Pafosa. Fa a ne a leka go thibela Molaodi Seregio Paulo go utlwa lefoko la Modimo, Saulo o ne a tlala ka moya o o boitshepo mme a re: “Wèna eo u tletseñ boherehere yotlhe, le bolōtsana yotlhe, wèna ñwana oa diabolo, mmaba oa tshiamō eotlhe, a ga u nka u bakèla go shokamisa ditsela tse di siameñ tsa Morèna?” Ka yone nako eo, letsogo le le otlhayang la Modimo le ne la foufatsa Elemase ka nakwana, mme Seregio Paulo o ne a “dumèla, a gakgamadicwe ke thutō ea Morèna.”

5, 6. (a) Ke eng seo Paulo a neng a se bolela ka Jesu fa a ne a bua mo sinagogeng kwa Antioka wa Pisidia? (b) Puo ya ga Paulo e ne ya nna le matswela afe?

5 Setlhopha seo se ne sa tsamaya ka sekepe go tswa kwa Kupero go ya kwa motseng wa Perega kwa Asia Minor. Paulo le Barenabase ba ne ba leba kwa bokone ba tsamaya ka ditsela tse di ralalang dithaba, gongwe ‘ba le mo kotsing ya dinoka le dinokwane,’ ba ya kwa Antioka, kwa Pisidia. (2 Bakorintha 11:25, 26) Fa Paulo a le koo o ne a bua mo sinagogeng. (13:13-41) O ne a boeletsa ditirisano tsa Modimo le Iseraele mme a supa gore Jesu setlogolwana sa ga Dafide e ne e le ene Mogolodi. Lemororo babusi ba Bajuda ba ne ba gatelela gore Jesu a bolawe, tsholofetso e e dirilweng le borraabo e ne ya diragadiwa fa Modimo o ne o mo tsosa. (Pesalema 2:7; 16:10; Isaia 55:3) Paulo o ne a tlhagisa bareetsi ba gagwe gore ba se ka ba sotla ka mpho ya Modimo ya poloko ka Keresete.—Habakuke 1:5.

6 Puo ya ga Paulo e ne ya tsosa kgatlhego fela jaaka dipolelo tsa phatlalatsa tsa Basupi ba ga Jehofa di dira gompieno. (13:42-52) Mo e ka nnang motse otlhe o ne wa phuthega go tla go reetsa mo Sabateng e e latelang, mme seno se ne sa tlatsa Bajuda lefufa. Ka go bo mo bekeng e le nngwe fela go lebega barongwa bao ba ne ba sokolotse Baditšhaba ba bantsi go gaisa ba Bajuda bao ba neng ba ba sokolotse mo botshelong jotlhe jwa bone! Ereka Bajuda ba ne ba ganetsa Paulo ka go mo tlhapatsa, e ne e le nako ya gore lesedi la semoya le phatsimele go sele, mme ba ne ba bolelelwa jaana: ‘Ereka lo kgoromeletsa lehoko la Modimo kgakala le lona mme lo ikatlhola lo sa tshwanela botshelo jo bo sa khutleng, bonang re sokologela kwa go Baditšhaba.’—Isaia 49:6.

7. Paulo le Barenabase ba ne ba itshwara jang fa ba bogisiwa?

7 Baditšhaba ba ne ba simolola go itumela, mme botlhe ba ba neng ba tshwanelwa ke botshelo jo bo sa khutleng ba ne ba dumela. Lefa go ntse jalo, fa lefoko la ga Jehofa le tsamaisiwa go ralala naga eo yotlhe, Bajuda ba ne ba tlhotlheletsa basadi ba ba tseelwang kwa godimo (gongwe e le gore ba gatelele banna ba bone kana bangwe) le banna ba maemo a a kwa godimo go bogisa Paulo le Barenabase le go ba latlhela ka kwantle ga melelwane ya bone. Mme seo ga se a ka sa emisa barongwa. Ba ne ba ‘tlhotlhora lorole lo lo mo dinaong tsa bone’ mme ba ya kwa Ikonio (Konya wa segompieno), motse o mogolo kwa Roma mo kgaolong ya Galatia. (Luke 9:5; 10:11) Mme, go tweng ka barutwa ba ba tlogetsweng kwa Antioka wa kwa Pisidia? Ba ne ba “tlala boitumèlō le Mōea o o Boitshèpō” ka ba ne ba nonotshitswe mo tumelong. Seno se re thusa go bona gore pogiso ga e a tshwanela go thibela go tswelela pele mo semoyeng.

Ba Nonofile mo Tumelong Lemororo ba Bogisiwa

8. Ke eng seo se neng sa diragala kwa Ikonio ka ntlha ya go neela bosupi ka katlego?

8 Paulo le Barenabase ka bobone ba ne ba itshupa ba nonofile mo tumelong lemororo ba ne ba bogisiwa. (14:1-7) Bajuda ba le bantsi le Bagerika ba ne ba dumela ka ntlha ya go rera ga bone kwa sinagogeng ya kwa Ikonio. Fa Bajuda ba ba sa dumeleng ba ne ba tlhotlheletsa Baditšhaba go tsogologela badumedi ba basha, badiri ba babedi bano ba ne ba bua ka bopelokgale ka nonofo ya Modimo, mme o ne wa supa fa o dumalana le seo ka go ba naya nonofo ya go dira dikgakgamatso. Seno se ne sa thuba segopa seno ka bogare, bangwe ba ema le Bajuda bangwe le baaposetoloi (ba ba romilweng). Lemororo baaposetoloi e ne e se magatlapa, fa ba ne ba utlwela ka leano la go ba kgobotletsa ka maje, ba ne ka botlhale ba tsamaya go ya go rera kwa Lukaonia, kgaolo nngwe ya Asia Minor kwa borwa jwa Galatia. Le rona re ka nna re le tlhaga mo bodiheding lemororo pogiso e le gone, ka go nna kelotlhoko.—Mathaio 10:23.

9, 10. (a) Baagi ba Lusetera ba ne ba itshwara jang fa monna wa segole a ne a fodisiwa? (b) Paulo le Barenabase ba ne ba itshwara jang kwa Lusetera?

9 Morago go ne ga rerwa kwa motseng wa Lusetera kwa Lukaonia. (14:8-18) Ke gone koo Paulo a neng a fodisa monna yo a nneng a sale a tshotswe e le segole gone. Bontsintsi joo jwa batho bo ne jwa tlhaeletsa jaana ka bo ne bo sa itse gore Jehofa ke ene a dirang kgakgamatso eo: “Medimo e hologetse mo go rona ka sechwanō sa batho.” Barenabase le Paulo ba ne ba sa itse gore go diragala eng ka seno se ne se buiwa ka puo ya Selukaonia. Ereka Paulo a ne a eteletse pele mo go bueng, batho ba ne ba mo tsaya jaaka Merekurio (“Hermes,” NW) (morongwa wa medimo yo o setswerere mo puong) mme ba ne ba akanya gore Barenabase ke Jupitere (“Zeus,” NW), modimo o mogolo wa Bagerika.

10 Moperesiti wa Jupitere o ne a lere le eleng dipoo le dithunya gore ba direle Paulo le Barenabase ditlhabelo. Baeng bano ba ne ba tlhalosa ka bonako gongwe ba bua Segerika ka se ne se tlhaloganngwa ke botlhe kana ba dirisa moranodi, gore le bone e ne e le batho fela ba ba nang le makoa le gore ba ne ba bua mafoko a a molemo gore batho ba tlogele “dilō tse tsa boithamakō” (medimo e e sa tsheleng, kana ya ditshwantsho) mme ba sokologele kwa Modimong o o tshelang. (1 Dikgosi 16:13; Pesalema 115:3-9; 146:6) Ee Modimo pele o ne o tlogetse baditšhaba (mme eseng Bahebera) go itsamaela ka tsela ya bone, lemororo a se kile a nna fela a sa ba bontshe bosupi jwa gore o gone le gore o molemo ‘ka go ba naya dipula le maungo, a tlatsa dipelo tsa bone ka dijo le boitumelo.’ (Pesalema 147:8) Barenabase le Paulo ga ba a ka ba kgona go thibela boidiidi joo jwa batho go ba direla ditlhabelo, lemororo ba ne ba ba beela mabaka ka tsela e e ntseng jalo. Lefa go le jalo, barongwa bano ga ba a ka ba amogela go obamelwa jaaka medimo, kana gone go dirisa taolo eo go tlhoma Bokeresete mo lefelong leo. Seno ke sekai se se molemo, segolobogolo fa re eletsa go tlotlomadiwa thata ka seo Jehofa a re letlang go se fitlhelela mo tirelong ya gagwe!

11. Re ka ithuta eng go tswa mo polelong e e reng: “Re na le go tsèna mo bogosiñ yoa Modimo ka dipitlaganō di le dintsi”?

11 Pogiso e ne ya tsoga go ise go e kae. (14:19-28) Jang? Boidiidi joo jwa batho bo ne jwa konopa Paulo ka maje jwa mo gogela kwa ntle ga motse, jwa mo tlogela koo bo akanya gore o sule, ba dira jalo ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke Bajuda ba ba tswang kwa Antioka wa kwa Pisidia le kwa Ikonio. (2 Bakorintha 11:24, 25) Mme fa barutwa ba mo dikaganyetsa o ne a ema a tsena mo Lusetera a sa lemogiwe ka go ne go le lefifi. O ne a ya le Barenabase mo letsatsing le le latelang kwa Derebe, koo batho ba le mmalwa ba neng ba fetoga barutwa gone. Barongwa ba ne ba nonotsha barutwa, fa ba etela gape kwa Lusetera, Ikonio, le Antioka, mme ba ba kgothaletsa go nnela ruri mo tumelong, ka go ba raya ba re: “Re na le go tsèna mo bogosiñ yoa Modimo ka dipitlaganō di le dintsi.” (2 Timotheo 3:12) Bagolwane ba ne ba tlhophiwa ka yone nako eo mo diphuthegong tseo di neng tsa kwalelwa lokwalo lwa ga Paulo le le neng le ya kwa go Bagalatia.

12. Ke eng seo barongwa ba babedi bano ba neng ba se dira kwa bokhutlong jwa loeto lwa ntlha lwa ga Paulo lwa borongwa?

12 Paulo le Barenabase ba ne ba ralala Pisidia go ya go rera lefoko kwa Perega, motse o mogolo wa Pamfilia. Fa nako e ntse e tsamaya, ba ne ba boela kwa Antioka kwa Siria. Barongwa ba babedi bao ba ne ba begela phuthego “dilō cotlhe tse Modimo o di dihileñ nabō, le kaha o phunyeditseñ Badichaba kgōrō ea tumèlō ka gōna,” kwa bokhutlong jwa loeto lwa ga Paulo lwa ntlha. Ba ne ba nna lobakanyana le barutwa ba kwa Antioka, mme ga go belaetse gore seno se ne sa ba nonotsha mo tumelong. Maeto a balebedi ba ba etang gompieno a nna le matswela a a tshwanang a semoya.

Bothata Bongwe jwa Botlhokwa bo a Rarabololwa

13. Ke eng seo se neng se tlhokega gore Bokeresete bo seka jwa kgaogana ka makoko a Bahebera le a ba e seng Bajuda?

13 Go nitama mo tumelong go ne ga ba dira gore ba nne kgopolo nngwe fela. (1 Bakorintha 1:10) Setlhopha se se laolang se ne se tshwanetse go dira tshwetso ya gore a Baditšhaba ba ba neng ba tla ka bontsi mo phuthegong ya Modimo ba ne ba tshwanetse go tshegetsa Molao wa ga Moshe mme ba rupisiwe kana nnyaa, gore Bokeresete bo seka jwa kgaogana ka makoko a Bahebera le a ba e seng Bajuda. (15:1-5) Banna bangwe go tswa kwa Judea ba ne ba setse ba ile kwa Siria wa Antioka ba bile ba setse ba simolotse go ruta badumedi ba Baditšhaba ba ba koo gore ba ne ba se kitla ba bolokwa fa ba sa rupa. (Ekesodo 12:48) Ke gone ka moo, Paulo, Barenabase, le ba bangwe ba neng ba romelwa kwa baaposetoloing le kwa bagolwaneng kwa Jerusalema. 3Badumedi bangwe gone koo bao pele e neng e kile ya bo e le Bafarisai ba ba gagamaletseng molao ba ne ba gatelela gore Baditšhaba ba ne ba tshwanetse go rupisiwa mme ba obamele Molao.

14. (a) Ke sekai sefe se se molemo se se neng sa tlhongwa lemororo go ne ga nna le go tatalalana kwa pokanong e e kwa Jerusalema? (b) Moko wa mabaka a Paulo a neng a a bolela ka nako eo e ne e le eng?

14 Go ne ga tshwarwa kokoano go tlhomamisa gore go rata ga Modimo e ne e le eng. (15:6-11) Ee, go ne ga tatalalwa, mme ga seka ga nna le dikgogakgogano ereka banna ba ba neng ba bua ba ne ba tlhomamisegile ka dikgopolo tsa bone—sekai se se molemo sa bagolwane gompieno! Fa nako e ntse e tsamaya, Petere o ne a re: ‘Modimo o ne wa tlhopha gore Baditšhaba (jaaka Korenelio) ba utlwe Mafoko a a Molemo ka molomo wa me, mme ba dumele. O ne a supa ka go ba naya Moya o o Boitshepo mme wa seka wa re farologanya le bone. [Ditihō 10:44-47] Mme jaanong lo lekelang Modimo ka go rwesa barutwa jokwe [gore ba patelesega go tshegetsa Molao] mo thamong tsa bone eo rona lefa e le borraarona ba neng ba se ka ba e kgona? Rona [Bajuda kafa nameng] re solofela go bolokiwa ka tshegofatso ya Morena Jesu fela jaaka bone.’ Go amogela ga Modimo Baditšhaba ba ba sa rupang go ne go bontsha gore go ne go sa tlhokege gore ba rupe le go tshegetsa Molao gore ba tle ba bolokwe.—Bagalatia 5:1.

15. Jakobe o ne a umaka dintlha dife tsa motheo, mme o ne a akantsha gore Baditšhaba ba kwalelwe kaga eng?

15 Phuthego e ne ya didimala fela fa Petere a konela, mme go ne go tshwanetse ga buiwa go le gontsi. (15:12-21) Barenabase le Paulo ba ne ba bolela ditshupo tseo Modimo o neng wa di dira ka bone fa gare ga Baditšhaba. Morago Yakobe morwarraagwe Jesu yo e neng e le modulasetilo, o ne a re: “Simone [leina la ga Petere la Sehebera] o boletse kaha e rileñ pele Modimo oa lekola Badichaba, gore o tlhaolèlè leina ya ōna batho mo go bōnè.” Jakobe o ne a bontsha gore go tsosolosiwa ga “motlaagana oa ga Dafide” gape (go tlhomiwa gape ga bogosi mo losikeng lwa ga Dafide) go go boleletsweng pele go ne go diragadiwa ka go phuthiwa ga barutwa (baruaboswa ba Bogosi) go tswa mo Bajudeng le mo go Baditšhaba. (Amose 9:11, 12; Baroma 8:17) Barutwa ba ne ba tshwanetse go amogela seno ka e ne e le boikaelelo jwa Modimo. Jakobe o ne a ba naya kgakololo ya gore ba kwalele Bakeresete ba Baditšhaba gore ba ithibe (1) mo dilong tse di kgotletsweng ke medimo ya disetwa, (2) mo kgokafalong, (3) mo mading le mo dilong tse di betilweng. Dilo tse ba neng ba thibelwa mo go tsone tseno di ne di le gone mo dikwalong tsa ga Moshe tseo di neng di balwa Sabata mongwe le mongwe kwa Sinagogeng.—Genesise 9:3, 4; 12:15-17; 35:2, 4.

16. Lokwalo lwa setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga se naya kaelo mo dintlheng dife tse tharo e e santseng e dira le go fitlha gompieno?

16 Setlhopha se se laolang jaanong se ne sa romela lokwalo kwa Bakereseteng ba Baditšhaba ba ba kwa Antioka, Siria, le Kilikia. (15:22-35) Moya o o boitshepo le bakwadi ba lokwalo lono ba ne ba ba laela gore ba ithibe mo dilong tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo; mo mading (ao batho bangwe ba a nwang ka metlha); mo dilong tse di betilweng di sa tshololwa madi (baheitane ba bantsi ba leba nama e e ntseng jalo jaaka dijo tse di monate tota); le mo kgokafalong (ka Segerika por·neiʹa e e kayang tlhakanelodikobo e e maswe ya kwantle ga lenyalo le le letlelelwang ke Dikwalo). Ba ne ba tla tswelela pele mo semoyeng fa ba ne ba ka ithiba jalo, le eleng fela jaaka Basupi ba ga Jehofa jaanong ba dira jalo ka ba dira go ya ka “dilō tse di chwanetseñ.” Phuthego ya kwa Antioka e ne ya itumelela kgothatso e e mo lokwalong loo fa e lo amogela. Batho ba Modimo, ba kwa Antioka ka nako eo ba ne ba nonotshiwa mo tumelong ke mafoko a a kgothatsang a ga Paulo, Silase, Barenabase, le ba bangwe. A le rona ka metlha re senkeng ditsela tsa go kgothatsa le go agelela badumedi ka rona.

Loeto lwa Bobedi lwa Borongwa Lo A Simolola

17. (a) Go ne ga tsoga bothata bofe fa go ne go akantshiwa loeto lwa bobedi lwa borongwa? (b) Paulo le Barenabase ba ne ba dirisana le go tlhoka kutlwano ga bone jang?

17 Go ne ga tsoga bothata fa go ne go akantshiwa ka go tsewa ga loeto lwa bobedi lwa borongwa. (15:36-41) Paulo o ne a akantsha gore ene le Barenabase ba etele diphuthego tse di kwa Kupero le kwa Asia Minor gape. Barenabase o ne a dumela mme o ne a batla go tsamaya le ntsalae Mareko. Paulo o ne a sa dumalane nae ka Mareko a ne a kile a ba tlogela kwa Pamfilia. Go ne ga “coga kgañ e e botlhoko” ka nako eo. Mme ga go ope mo go Paulo le Barenabase yo a neng a batla go itlotlomatsa ka go leka go tsenya bagolwane ba bangwe kana setlhopha se se laolang mo dikgannyeng tsa bone tsa botho. A sekao se se molemo ruri!

18. Ke eng seo se neng sa direga fa Paulo le Barenabase ba ne ba kgaogana, mme re ka solegelwa molemo jang ke tiragalo eo?

18 Lefa go ntse jalo, go tlhoka kutlwano gono go ne ga dira gore ba kgaogane. Barenabase o ne a tsamaya le Mareko ba ya kwa Kupero. Paulo a na le Silase jaaka mopati wa gagwe ba ne ba ‘ralala Siria le Kilikia, ba ntse ba nitamisa diphuthego.’ Barenabase o tshwanetse a bo a ne a ile a tlhotlhelediwa ke dibofo tsa lelapa, mme o tshwanetse a bo a ile a lemoga boaposetoloi jwa ga Paulo le go tlhophiwa ga gagwe jaaka ‘sejana se se tlhaotsweng.’ (Ditihō 9:15) Mme go tweng ka rona? Tiragalo eno e tshwanetse ya otlelela mo go rona kafa go tlhokafalang ka gone gore re lemoge bolaodi jwa bolegodimo mme re dirisane mmogo ka botlalo le “motlhanka eo o boikañō le eo botlhale”!—Mathaio 24:45-47.

Go Tswelela Pele ka Kagiso

19. Ke sekao sefe seo basha ba gompieno ba Bakeresete ba se beetsweng ke Timotheo?

19 Ba ne ba seka ba letla go tlhoka kutlwano gono gore go ame kagiso ya phuthego. Batho ba Modimo ba ne ba tswelela go nonotshiwa mo tumelong. (16:1-5) Paulo le Silase ba ne ba ya kwa Derebe ba bo ba fetela kwa Lusetera. Ke koo go neng go nna Timotheo, morwa wa modumedi wa Mojuda, Eunike le monna wa gagwe yo o sa dumeleng wa Mogerika. Timotheo o ne a le monnye ka go bo o ne a bolelelwa jaana le eleng morago ga dingwaga tse di ka nnang 18 kana 20: “Opè a se ka a nyatsa bokau yoa gago.” (1 Timotheo 4:12) Ereka a ne a “bolèlwa ka molemō ke bakauleñwe ba ba mo Lusetera le [sekgala sa dikilometara di ka nna 29] mo Ikonio,” o ne a itsiwe thata ka bodihedi jwa gagwe jo bo molemo le dinonofo tsa bomodimo. Basha ba Bakeresete gompieno ba tshwanetse go kopa Jehofa gore a ba thuse gore ba nne le leina le lentle le le tshwanang le leo. Paulo o ne a rupisa Timotheo ka gonne ba ne ba tla bo ba ntse ba ya kwa magaeng le kwa disinagogeng tsa Bajuda bao ba neng ba itse gore rraagwe Timotheo e ne e le Moditšhaba, mme moaposetoloi o ne a sa batle gore sepe se mo thibele go fitlhelela banna le basadi ba Bajuda bao ba neng ba tlhoka go ithuta ka Mesia. Basupi ba ga Jehofa le bone gompieno ba dira seo ba ka se kgonang go dira gore mefuta yotlhe ya batho e amogele mafoko a a molemo, ba dira jalo ba sa tlole melaometheo ya Bibela.—1 Bakorintha 9:19-23.

20. Go dira go ya ka lokwalo lwa setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga go ne ga felela jang, mme o akanya gore seno se tshwanetse go re ama jang?

20 Paulo le Silase ba ne ba kgona go naya barutwa melawana ya setlhopha se se laolang e ba neng ba tshwanetse go e ikobela, ba thusiwa ke Timotheo. Mme go ne ga felela ka eng? Go lebega fa Luke a ne a lebisitse go Siria, Kilikia, le Galatia fa a ne a kwala jaana: “Diphuthègō tsa kgothala mo tumeloñ, me tsa ntsihala mo paloñ ka malatsi aotlhe.” Ee, go dira go ya kafa lokwalo lwa setlhopha se se laolang lo neng lo laela ka gone go ne ga felela ka kutlwano le go tswelela pele mo semoyeng. Abo seno e le sekao se se molemo jang ne mo metlheng eno ya rona e e nang le mathata, eo mo go yone batho ba ga Jehofa ba tshwanetseng go nna ka kutlwano ba tiile mo tumelong!

O Ne O Ka Araba ka go Reng?

◻ Paulo le Barenabase ba ne ba itshwara jang fa ba ne ba bogisiwa?

◻ Re ka ithuta eng mo polelong eno e e reng: “Re na le go tsèna mo bogosiñ yoa Modimo ka dipitlaganō di le dintsi”?

◻ Ke kgakololo efe e re e bonang mo dintlheng tse tharo tse di mo lokwalong lo lo neng lwa romelwa ke setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga?

◻ Dilo tseo di neng di nonotsha tumelo ya basupi ba lekgolo la ntlha la dingwaga di re ama jang gompieno?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela