Barenabase—“Morwa Kgomotso”
KE LENG la bofelo o neng wa gomodiwa ke tsala nngwe? A o gakologelwa la bofelo fa o ne o gomotsa mongwe? Gangwe le gape, rotlhe re tlhoka go kgothadiwa, mme a bo re anaanela jang ne ba ba re kgothatsang ka lorato! Go gomotsa go kaya go ipha nako ya go reetsa, go tlhaloganya le go thusa. A o ka dira seo?
Motho mongwe yo o neng a bontsha moya oo ka go rata ka mokgwa o o tlhomang sekao e ne e le Barenabase, o “ne a le monna yo o molemo e bile a tletse moya o o boitshepo le tumelo.” (Ditiro 11:24) Ke ka ntlha yang fa seo se ka buiwa ka Barenabase? Ke eng se a neng a se dira gore a bo a ka tlhalosiwa ka tsela eno?
Mothusi yo o Pelotshweu
Leina la gagwe tota e ne e le Josefa, mme baaposetoloi ba ne ba mo okeletsa leina ka leina le le mo tlhalosang le le neng le tsamaelana thata le botho jwa gagwe—Barenabase, se se kayang “Morwa Kgomotso.”a (Ditiro 4:36) Phuthego ya Bokeresete e ne e sa tswa go tlhomiwa bosheng. Ba bangwe ba akanya gore Barenabase o ne a kile a nna mongwe wa barutwa ba ga Jesu pelenyana. (Luke 10:1, 2) E ka tswa seo se ne se ntse jalo kana se ne se sa nna jalo, monna yono o ne a itiretse leina le lentle.
Ka bonako fela morago ga Pentekosete ya 33 C.E., Barenabase, yo e neng e le Molefi yo o tswang kwa Kupero, o ne a rekisa naga nngwe ka go rata a bo a neela baaposetoloi madi a yone. Ke ka ntlha yang fa a ne a dira jalo? Pego e e mo go Ditiro e re bolelela gore mo Bakereseteng kwa Jerusalema ka nako eo, go ne go tle “go abelwe mongwe le mongwe, go ya fela kafa a tlhokang ka gone.” Go bonala Barenabase a ne a bona go tlhokega, mme o ne a dira sengwe ka gone ka go rata. (Ditiro 4:34-37) A ka tswa a ne a humile, mme o ne a se ka a etsaetsega go neelana ka dithoto tsa gagwe mmogo le ene a ithaopa e le go tsweledisa pele dilo tse di direlwang Bogosi.b Mokanoki mongwe e bong F. F. Bruce o bolela jaana: “Gongwe le gongwe kwa Barenabase a neng a fitlhela batho gone kana a bona maemo a a tlhokang gore a kgothatse, o ne a kgothatsa thata ka mo a neng a ka kgona ka teng.” Seno se bonala sentle mo tiragalong ya bobedi e a neng a tlhagelela mo go yone.
Mo e ka nnang ka 36 C.E., Saulo wa Tareso (yo a neng a tla nna moaposetoloi Paulo), yo jaanong e neng e le Mokeresete, o ne a leka go ikopanya le phuthego ya Jerusalema, “mme botlhe ba ne ba mo tshaba, ka gonne ba ne ba sa dumele gore o ne a le morutwa.” O ne a ka tlhatswa phuthego eno pelo jang gore o ne a sokologile ka tsela ya mmatota mme e se leano la go e senyetsa kwa pele? “Barenabase a mo tla thuso mme a mo isa kwa baaposetoloing.”—Ditiro 9:26, 27; Bagalatia 1:13, 18, 19.
Ga go a bolelwa lebaka le le dirileng gore Barenabase a tshepe Saulo. Mme legale, “Morwa Kgomotso” o ne a dira fela jaaka leina la gagwe le bolela ka go reetsa Saulo le go mo thusa gore a tswe mo bothateng jo a neng a sa itse gore a ka bo fenya jang. Le fa gone Saulo morago ga moo a ne a boela kwa motseng wa gagabo wa Tareso, banna bano ba babedi e ne e setse e le ditsala. Mo dingwageng tse di neng tsa latela, seo se ne se tla tlisa diphelelo tse di botlhokwa.—Ditiro 9:30.
Kwa Antioka
Mo e ka nnang ka 45 C.E., dikgang di ne tsa fitlha kwa Jerusalema tsa dilo tse di sa tlwaelegang tse di neng di direga kwa Antioka wa Siria—baagi ba le bantsi ba ba buang Segerika ba motse oo ba ne ba nna badumedi. Phuthego e ne ya romela Barenabase go ya go tlhotlhomisa le go rulaganya tiro koo. Ba ne ba tlhophile motho yo o tshwanetseng tota. Luke o bolela jaana: “E rile a goroga mme a bona bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo, a ipela mme a simolola go ba kgothatsa botlhe gore ba tswelele mo Moreneng ka boikaelelo jwa pelo yotlhe; gonne o ne a le monna yo o molemo e bile a tletse moya o o boitshepo le tumelo. Mme boidiidi jo bogolo bo ne jwa okediwa mo Moreneng.”—Ditiro 11:22-24.
Seo ga se sone fela se a neng a se dira. Go ya ka mokanoki Giuseppe Ricciotti, “Barenabase e ne e le monna yo o botlhokwa, mme o ne a tlhaloganya ka bonako gore o tshwanetse go tsaya kgato e le go tlhomamisa gore go ungwa mo go nang le matswela go latelwe ke thobo e kgolo. Ka gone, go ne go tlhokega barobi ba bantsi.” E re ka Barenabase a ne a tswa kwa Kupero, gongwe o ne a setse a tlwaetse go dirisana le Baditšhaba. O ka tswa a ne a ikutlwa a tshwanelega tota go rerela baheitane. Mme o ne a ipaakanyeditse go akaretsa ba bangwe mo tirong eno e e kgatlhang le e e kgothatsang.
Barenabase o ne a akantse ka Saulo. Gongwe Barenabase o ne a itse ka se se neng sa senolelwa Ananiase ka boporofeti ka nako ya fa Saulo a ne a sokologa, gore yo pele e neng e le mmogisi e ne e tla nna ‘sejana se se kgethilweng, gore a sikarele leina la ga Jesu kwa merafeng.’ (Ditiro 9:15) Ka jalo Barenabase o ne a ya kwa Tareso—loeto lwa dikilometara di le 200 go ya fela—a ya go batla Saulo. Ka bobedi jwa bone e ne ya nna badirimmogo sebaka sa ngwaga otlhe, mme ‘la ntlha e ne e le kwa Antioka’ mo nakong eno, “barutwa ba neng ba bidiwa Bakeresete . . . gone ka kaelo ya bomodimo.”—Ditiro 11:25, 26.
Ka puso ya ga Kalaudio, leuba le legolo le ne la tlhasela dikarolo tse di farologaneng tsa Mmusomogolo wa Roma. Go ya ka mokwalahisitori wa Mojuda e bong Josephus, kwa Jerusalema “batho ba le bantsi ba ne ba swa ka ntlha ya go se nang se ba neng ba se tlhoka gore ba bone dijo.” Ka gone, barutwa kwa Antioka “ba ne ba swetsa, mongwe le mongwe wa bone go ya fela kafa lefa e le mang a neng a ka kgona ka gone, go romela thuso ya go namola kwa bakaulengweng ba ba nnang mo Judea; mme ba ne ba dira seno, ba e romela kwa banneng ba bagolwane ka seatla sa ga Barenabase le Saulo.” Fa ba sena go dira thomo eo ka botlalo, ka bobedi jwa bone ba ne ba boela kwa Antioka ba na le Johane Mareko, koo ba neng ba akarediwa mo palong ya baporofeti le barutisi ba phuthego.—Ditiro 11:29, 30; 12:25; 13:1.
Kabelo e e Kgethegileng ya Borongwa
Morago ga moo go ne ga diragala sengwe se se neng se sa tlwaelega. “Fa ba ne ba direla Jehofa phatlalatsa e bile ba itima dijo, moya o o boitshepo wa re: ‘Mo bathong botlhe ntomololelang Barenabase le Saulo gore ba dire tiro e ke ba e bileditseng.’” Akanya fela! Moya wa ga Jehofa o ne wa laela gore bano ba babedi ba neelwe kabelo e e kgethegileng. “Jalo banna bano, ka ba rometswe ke moya o o boitshepo, ba fologela kwa Seleukia, mme go tswa koo ba tloga ka mokoro ba ya Kupero.” Barenabase le ene o ne a ka tshwanelwa ke go bidiwa moaposetoloi, kana morongwa.—Ditiro 13:2, 4; 14:14.
Fa ba sena go ya kwa Kupero le go sokolola Seregio Paulose, molaodi wa kgaolo ya setlhaketlhake sengwe wa Roma, ba ne ba ya kwa Perega, ka fa borwa jwa lotshitshi lwa Asia Minor, koo Johane Mareko a neng a kgaogana le bone gone mme a boela kwa Jerusalema. (Ditiro 13:13) Go bonala gore go fitlhela ka nako eo Barenabase o ne a ntse a eteletse pele, gongwe e le modiri le ene yo o nang le boitemogelo thata. Go tloga ka nako eno, ke Saulo (yo jaanong a bidiwang Paulo) yo o etelelang pele. (Bapisa Ditiro 13:7, 13, 16; 15:2.) A Barenabase o ne a utlwisiwa botlhoko ke diphetogo tseno? Nnyaa, e ne e le Mokeresete yo o godileng yo o neng a lemoga ka boikokobetso gore Jehofa gape o ne a dirisa modiri le ene ka tsela e e tlhomologileng. Jehofa o ne a sa ntse a batla gore ditshimo tse dingwe le tsone di utlwe dikgang tse di molemo ka bone.
Tota e bile, pele ba babedi bano ba latlhelwa kwa ntle ga Antioka kwa Pisidia, kgaolo yotlhe e ne e utlwile lefoko la Modimo ka Paulo le Barenabase, mme ba le mmalwa ba ne ba amogela molaetsa. (Ditiro 13:43, 48-52) Kwa Ikonio, “letshutitshuti le legolo la Bajuda le Bagerika le ne la nna badumedi.” Seno se ne sa tlhotlheletsa Paulo le Barenabase gore ba nne nako e teletsana koo, ‘ba bua ka sebete ka taolo ya ga Jehofa, yo o neng a letla gore ditshupo le dikgakgamatso tse di bolelelang pele isagwe di diragale ka diatla tsa bone.’ Fa ba utlwa gore go rerilwe gore ba kgobotlediwe ka maje, ba babedi bano ba ne ba tshaba ka botlhale mme ba ya go tsweledisa tiro ya bone kwa Likaonia, Lisetera le Derebe. Le mororo go ne go na le ditiragalo tse di neng di tsenya matshelo a bone mo kotsing kwa Lisetera, Barenabase mmogo le Paulo ba ne ba tswelela pele “ba nonotsha meya ya barutwa, ba ba kgothaletsa gore ba nnele ruri mo tumelong ba re: ‘Re tshwanetse go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.’”—Ditiro 14:1-7, 19-22.
Bareri bano ba babedi ba ba matlhagatlhaga ba ne ba ka se ka ba iteseletsa gore ba tshosediwe. Go na le moo, ba ne ba boela kwa mafelong a ba neng ba kile ba bogisiwa setlhogo kwa go one go ya go aga Bakeresete ba basha gone, gongwe ba ne ba ya go thusa banna ba ba tshwanelegang go etelela pele mo diphuthegong tse disha.
Kgang ya go Rupa
Dingwaga di ka nna 16 morago ga Pentekosete ya 33 C.E., Barenabase o ne a le mo kgangkgolong e e malebana le go rupa. “Banna bangwe ba tla [Antioka wa Siria] ba tswa Judea mme ba simolola go ruta bakaulengwe ba re: ‘Fa lo sa rupe kafa mokgweng wa ga Moshe, ga lo ka ke lwa bolokwa.’” Barenabase le Paulo ba ne ba itse go tswa go se se diragetseng gore seno se ne se sa nna jalo, mme ba ne ba ganetsa ntlha eno. Mo boemong jwa gore ba dirise taolo ya bone, ba ne ba lemoga gore seno e ne e le kgang e e neng e ka rarabololwa gore e solegele bokopano jotlhe jwa bakaulengwe molemo. Ka jalo ba ne ba isa kgang eno kwa setlhopheng se se laolang kwa Jerusalema, koo dipego tsa bone di neng tsa thusa go rarabolola kgang eno. Morago ga moo, Paulo le Barenabase, ba ba neng ba tlhalosiwa e le “baratiwa ba rona . . . ba ba ntshitseng meya ya bone ka ntlha ya leina la Morena wa rona Jesu Keresete,” ba ne ba akarediwa mo go bangwe ba ba neng ba abetswe go bolelela bakaulengwe kwa Antioka tshwetso eno. Fa lekwalo le le tswang kwa setlhopheng se se laolang le ne le balwa mme dipolelo di ne di bewa, phuthego e ne ya “ipela ka ntlha ya kgothatso eno” gape e ne ya ‘nonotshiwa.’—Ditiro 15:1, 2, 4, 25-32.
“Kgalefelano e e Botlhoko”
Morago ga gore a bolelwe gantsi jaana ka tsela e e molemo, re ka nna ra akanya gore re ka se kgone go etsa sekao sa ga Barenabase. Le fa go ntse jalo, “Morwa Kgomotso” o ne a sa itekanela fela jaaka mongwe le mongwe wa rona. Fa ene le Paulo ba ne ba rulaganya loeto lwa bobedi lwa borongwa go ya go etela diphuthego dingwe, go ne ga tsoga go se dumalane. Barenabase o ne a ikemiseditse go tsamaya le ntsalae Johane Mareko, mme Paulo o ne a sa bone go tshwanetse, ka gonne Johane Mareko a ne a ba tlogela mo loetong lwa ntlha lwa borongwa. Go ne ga tsoga “kgalefelano e e botlhoko, mo e leng gore ba ne ba kgaogana; mme Barenabase a tsamaya le Mareko ka mokoro ba ya Kupero,” fa “Paulo [a ne] a tlhopha Silase mme a tswa a tsamaya” ka tsela e nngwe.—Ditiro 15:36-40.
A bo go ne go utlwisa botlhoko jang ne! Le fa go le jalo, tiragalo eno e re bolelela sengwe ka botho jwa ga Barenabase. Mokanoki mongwe o bolela jaana: “Seno se bontsha fela ka tsela eo Barenabase a neng a le molemo ka teng ka metlha yotlhe, mo e leng gore o ne a iketleeditse go naya Mareko sebaka se sengwe gape, e bile a mo tshepa.” Jaaka mokwadi yono a bontsha, e ka tswa e le gore “tsela e Barenabase a neng a mo tshepa ka yone e ne ya mo thusa gore a boe a itshepe le ene mme ya mo tlhotlheletsa go tswelela ka tiro ya gagwe.” Kgabagare, go mo tshepa gono go ne ga itshupa go le molemo tota, ka gonne letsatsi le ne la fitlha la gore Paulo a lemoge gore Mareko o ne a le botlhokwa mo tirelong ya Bokeresete.—2 Timotheo 4:11; bapisa Bakolosa 4:10.
Sekao sa ga Barenabase se ka re tlhotlheletsa gore re iphe nako ya go reetsa, go tlhaloganya le go kgothatsa batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong le go ba thusa ka tsela e e mosola fa re bona go tlhokega. Rekoto ya go rata ga gagwe go direla bakaulengwe ba gagwe ka boingotlo le ka bopelokgale, mmogo le diphelelo tse di molemo tse di nnileng gone ka ntlha ya seno, e a kgothatsa ka boyone. A bo e le lesego jang ne go nna le batho ba ba jaaka Barenabase mo diphuthegong tsa rona gompieno!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bitsa mongwe “morwa wa” nonofo nngwe e e rileng go ne go gatelela botho jo bo tlhomologileng jwa gagwe. (Bona Duteronome 3:18, ntlhanyana e e kwa tlase go NW.) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne go tlwaelegile go dirisa maina a a okeditsweng e le go tlhomolola dinonofo dingwe tsa motho. (Bapisa Mareko 3:17.) E ne e le mokgwa o batho ba neng ba ka itse motho ka one.
b Fa go sekasekiwa se se neng se tlhomilwe mo Molaong wa ga Moshe, bangwe ba ne ba botsa gore go tlile jang gore Barenabase wa Molefi, a nne le naga. (Dipalo 18:20) Le fa go ntse jalo, go tshwanetse ga lemogiwa gore ga go itsiwe gore a setsha seno se ne se le kwa Palesetine kana kwa Kupero. Mo godimo ga moo, go ka direga gore seno e ne e le setsha fela sa mabitla se Barenabase a neng a na le sone mo kgaolong ya Jerusalema. Go sa kgathalesege gore seemo ke sefe, Barenabase o ne a rekisa setsha sa gagwe gore a thuse ba bangwe.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Barenabase “o ne a le monna yo o molemo e bile a tletse moya o o boitshepo le tumelo”