KGAOLO 15
“Ke Tla Fedisa Ditiro Tsa Gago Tsa Boaka”
SE GO TLOTLIWANG KA SONE: Se re ka se ithutang mo tseleng e diaka tse go buiwang ka tsone mo bukeng ya Esekiele le ya Tshenolo di tlhalosiwang ka yone
1, 2. Ke mogwebakammele wa mofuta mang yo o ka se mo utlweleng botlhoko?
O IKUTLWA jang fa o bona motho yo o gwebang ka mmele? Ntle le pelaelo o utlwa botlhoko. O ka ipotsa gore ke eng se se dirileng gore a feleletse a tshela botshelo jono jo bo digang seriti. A o ne a simolola go gweba ka mmele a sa ntse a le mosha ka gonne a ne a sotliwa kwa gabone? A go humanega thata ke gone go dirileng gore a feleletse a tshela botshelo jono? Kgotsa a monna wa gagwe o ne a mo sotla? Mo lefatsheng leno le le bosula, go le gantsi batho ba diragalelwa ke dilo tseno tse di utlwisang botlhoko. Ke gone ka moo Jesu Keresete a ileng a bontsha basadi bangwe ba ba neng ba gweba ka mmele bopelonomi. O ile a tlhalosa gore fa ba ne ba ka ikwatlhaya ba bo ba fetola tsela e ba tshelang ka yone, ba ne ba tla tshela botoka.—Math. 21:28-32; Luke 7:36-50.
2 Mme gone, o ne o ka ikutlwa jang ka mosadi yo o itlhophetseng go gweba ka mmele? A re re mosadi yono o bona go se na sepe se se phoso ka se a se dirang. Go na le moo, o tsaya gore tiro eno e dira gore a nne le maemo. O itumelela madi a a a dirang le gore tiro eno e dira gore a nne le tlhotlheletso e e rileng mo bathong. Se se maswe le go feta, a re re mosadi yono o ne a na le monna yo o siameng, yo a mo ratang, a bo a phuaganya monna wa gagwe a itlhophela go nna mogwebakammele. O ne o ka se utlwele mosadi yo o ntseng jalo botlhoko, go na le moo, dilo tse a di dirang di ne di tla go ferosa sebete. Seno se dira gore re tlhaloganye gore ke eng fa Jehofa a dirisa sekai sa mogwebakammele fa a tlhalosa gore o ikutlwa jang ka bodumedi jwa maaka.
3. Re tla tlotla ka dipego dife mo kgaolong eno?
3 Mo bukeng ya Esekiele Jehofa o dirisa sekai sa mogwebakammele mo dipegong di le pedi go tlhalosa kafa Baiseraele le Bajuda ba neng ba sa ikanyege ka gone. (Esek., kgao. 16 le 23) Mme gone, pele ga re tlotla ka dipego tseo, mma re simolole pele ka go tlotla ka mogwebakammele mongwe wa tshwantshetso. Mogwebakammele yono ga a bolo go nna teng pele ga motlha wa ga Esekiele. O ne a ntse a le teng pele ga motlha wa Baiseraele e bile o sa ntse a le teng le gompieno. Go buiwa ka ene mo bukeng ya Tshenolo.
“Mmadiaka”
4, 5. “Babelona yo Mogolo” ke mang mme re itse jang? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong.)
4 Kwa bowelong jwa bo100 C.E., Jesu o ne a dira gore Johane a bone ponatshegelo. Mo ponatshegelong eo, Johane o ne a bona mosadi mongwe yo e leng seaka. Mosadi yono o bidiwa “seaka se segolo” le “Babelona yo Mogolo, mmadiaka.” (Tshen. 17:1, 5) Go fetile dingwaga di le dintsi baeteledipele ba bodumedi le batho ba ba ithutang Baebele ba sa itse gore tota mosadi yono o emela eng. Bangwe ba ne ba re o emela Babelona, ba bangwe ba re o emela Roma mme ba bangwe bone ba re o emela Kereke ya Roma Katoliki. Mme gone, go fetile dingwaga di le dintsi Basupi ba ga Jehofa ba itse gore tota seaka seno se emela eng. Se emela mmusomogolo wa bodumedi jwa maaka. Re itse jang?
5 Seaka seno se atlholelwa go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le “dikgosi tsa lefatshe,” kgotsa dipuso tsa lefatshe leno. Ka jalo, seno se raya gore seaka seno ga se emele dipuso tsa lefatshe. Mo godimo ga moo, buka ya Tshenolo e tlhalosa gore fa Babelona yo Mogolo a sena go senngwa, bagwebi ba a mo lelela e bile ba a mo hutsafalela. Seno se raya gore Babelona yo Mogolo ga a emele dikgwebo tse dikgolo tsa lefatshe leno. Ka jalo, seaka seno se emela eng? Go tlhalosiwa gore seaka seno se “dirisana le badimo,” se rotloetsa kobamelo ya medingwana e bile se a tsietsa. Dilo tseno, ke tse di dirwang ke madumedi a lefatshe leno a a bogagapa. Gape ela tlhoko gore go tlhalosiwa gore seaka seno se na le tlhotlheletso nngwe mo dipusong tsa lefatshe leno. Mo godimo ga moo, se bogisa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa Modimo. (Tshen. 17:2, 3; 18:11, 23, 24) Dilo tse di tlhalosiwang fano, ke tse bodumedi jwa maaka bo sa bolong go di dira, go tla go fitlha le mo motlheng ono wa rona.
Madumedi otlhe a maaka a ile a simologa kwa motseng wa bogologolo wa Babele o moragonyana o neng wa bidiwa Babelona (Bona serapa 6)
6. Ke eng fa Babelona yo Mogolo a bidiwa “mmadiaka”?
6 Mme gone, ke eng fa Babelona yo Mogolo a sa bidiwe fela go twe “seaka se segolo” mme gape a bidiwa go twe “mmadiaka”? Bodumedi jwa maaka bo na le makoko a a se nang palo a a dumelang dilo tse di sa tshwaneng. Fa Modimo a sena go tlhakatlhakanya puo ya batho ba kwa Babele kgotsa Babelona, batho bao ba ne ba ya kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. E re ka ba ne ba dumela dilo tse di farologaneng, madumedi a a sa tshwaneng a ne a simolola go nna gone. Madumedi a maaka a simologile kwa motseng wa bogologolo wa Babelona, ke gone ka moo a bidiwang “Babelona yo Mogolo.” (Gen. 11:1-9) Re ka re madumedi ano otlhe a a farologaneng, ke bana ba seaka se segolo. Go le gantsi Satane o dirisa madumedi ano go raela batho gore ba obamele medingwana, ba dirisane le badimo le gore ba dire dilo tse dingwe tse Modimo a di tlhoileng. Ke gone ka moo batho ba Modimo ba tlhagisiwang gore ba tsamaele kgakala le bodumedi jwa maaka. Ba tewa go twe: “Tswang mo go ene batho ba me, fa lo sa batle go tlhakanela le ene mo maleong a gagwe.”—Bala Tshenolo 18:4, 5.
7. Ke eng fa re ikobela taelo ya go re re ‘tswe’ mo go Babelona yo Mogolo?
7 A o ile wa ikobela taelo eno? O se ka wa lebala gore Jehofa ke ene a dirileng gore batho ba nne le keletso ya go obamela. (Math. 5:3) Mme gone, ba ka kgona go kgotsofatsa keletso eo fa fela ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. Batlhanka ba ga Jehofa ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba tsamaele kgakala le bodumedi jwa maaka. Mme Satane Diabolo o nna fela a leka go tsietsa batho ba Modimo gore ba nne le seabe mo bodumeding jwa maaka. O ile a atlega makgetlo a le mantsi mo nakong e e fetileng. Ka motlha wa ga Esekiele, batho ba Modimo ba ne ba na le nako e e telele ba nna fela ba wela mo seraing seno sa ga Satane. Mma re bone gore seo se ile sa direga jang. Go dira jalo go tla re ruta go le gontsi ka melao ya ga Jehofa e bile go tla re thusa go bona gore o rata tshiamiso e bile o kutlwelobotlhoko.
“O ne wa Nna Mogwebakammele”
8-10. Ke eng se Jehofa a se lebeletseng mo batlhankeng ba gagwe, se se re thusang go tlhaloganya gore ke eng fa a tlhoile kobamelo ya maaka? Tlhalosa.
8 Mo bukeng ya Esekiele, Jehofa o dirisa sekai sa mogwebakammele go tlhalosa gore o ile a ikutlwa jang fa Baiseraele ba ne ba sa ikanyege mo go ene. Esekiele o ile a kwala dipego tse pedi, tse di tlhalosang kafa Jehofa a ileng a utlwa botlhoko ka gone fa batho ba gagwe ba ne ba mo tlhanogela e bile ba itshwara ka tsela e e sa siamang. Goreng a ne a tshwantsha Baiseraele le bagwebakammele?
9 Gore re bone karabo, re tshwanetse go gopola sengwe se Jehofa a lebeletseng gore batlhanka ba gagwe ba se dire, se re ileng ra tlotla ka sone mo Kgaolo 5. Jehofa o ne a raya Baiseraele a re: “Ga o a tshwanela go nna le medimo epe e mengwe kwantle ga me [kgotsa, “kgatlhanong le sefatlhego sa me,” ntlh.]. . . . Nna Jehofa, Modimo wa gago, ke Modimo yo o batlang gore batho ba nkobamele ke le esi.” (Ekes. 20:3, 5) Moragonyana o ne a boa gape a boeletsa taelo eo a re: “Ga o a tshwanela go obama fa pele ga modimo yo mongwe ka gonne Jehofa ke Modimo yo o batlang gore batho ba mo obamele a le esi. Ruri ke Modimo yo o batlang go obamelwa a le esi.” (Ekes. 34:14) Jehofa o ile a tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle gore re ka mo obamela ka tsela e a e amogelang, fa fela re mo obamela a le esi.
10 Mma re dire sekai ka banyalani. Fa motho a nyetse kgotsa a nyetswe, o lebeletse gore molekane wa gagwe a ikanyege mo go ene. Fa molekane wa gagwe a ka ratana kgotsa a tlhakanela dikobo le mongwe o sele, ntle le pelaelo o tlile go utlwa botlhoko fela thata. (Bala Bahebera 13:4.) Ka tsela e e tshwanang, Jehofa le ene o utlwa botlhoko fa batho ba gagwe, ba ba neng ba solofeditse gore ba tla obamela ene fela, ba obamela medimo ya maaka. O tlhalosa tsela e batho ba gagwe ba ileng ba mo utlwisa botlhoko ka yone mo go Esekiele kgaolo 16.
11. Jehofa o ile a tlhalosa eng ka Jerusalema?
11 Mo go Esekiele Kgaolo 16, Jehofa o ile a bua nako e telele thata go feta ka fa a ileng a bua ka gone mo dikgaolong tse dingwe tsa buka eno. Gape se a ileng a se bua ke boporofeti jo boleele go feta boporofeti bope fela mo Dikwalong Tsa Sehebera. Jehofa o ile a bua ka motse wa Jerusalema, o o neng o emela Bajuda ba ba sa ikanyegeng. O ne a tshwantsha Jerusalema le ngwana yo a neng a latlhilwe, a sa tlhokomelwe e bile a utlwisa botlhoko. Gape o ile a tlhalosa kafa ngwana yoo a ileng a feleletsa a mo tlhanogetse ka gone. Batsadi ba gagwe e ne e le Bakanana ba baneng ba obamela medimo ya maaka. Seno se a utlwala ka gonne go ne ga feta nako e telele motse wa Jerusalema o laolwa ke Bajebuse, ba e neng e le Bakanana, go fitlha Dafide a ba fenya. Jehofa o ile a bona ngwana yoo yo o neng a latlhilwe a bo a mo utlwela botlhoko. O ne a mo tsaya, a mo tlhapisa a bo a simolola go mo tlhokomela. Fa nako e ntse e tsamaya, ngwana yoo o ne a gola mme o ne a nna jaaka mosadi wa ga Jehofa. Tota e bile, Baiseraele ba ba neng ba feleletsa ba nna mo motseng wa Jerusalema, ba ne ba dirile kgolagano le Jehofa ka nako ya ga Moshe, mme ba ne ba dirile jalo ba sa patelediwe. (Ekes. 24:7, 8) Fa Jerusalema e sena go nna motsemogolo, Jehofa o ne a e segofatsa, a dira gore e hume e bile o ne a e dira ntle, fela jaaka monna yo o humileng a ka kgabisa mosadi wa gagwe ka dilo tse dintle.—Esek. 16:1-14.
Solomone o ile a letla basadi ba gagwe ba mo tlhotlheletsa gore a leswafatse motse wa Jerusalema ka kobamelo ya medingwana (Bona serapa 12)
12. Go tlile jang gore batho ba Jerusalema ba feleletse ba tlhanogetse Jehofa?
12 Go ile ga direga eng morago ga moo? Jehofa o ne a re: “O ne wa simolola go ikanya bontle jwa gago, mme o ne wa nna mogwebakammele ka gonne o tumile. O ne wa dira boaka le monna mongwe le mongwe yo o fetang ka tsela, mme bontle jwa gago e ne ya nna jwa gagwe.” (Esek. 16:15) Ka motlha wa ga Solomone, Jehofa o ile a segofatsa a bo a humisa batho ba gagwe thata mo e leng gore motse wa Jerusalema o ne wa nna montle thata go feta metse e mengwe yotlhe ka nako eo. (1 Dikg. 10:23, 27) Mme ka bonya ka bonya, batho ba motse oo ba ne ba simolola go tlhanogela Jehofa. Solomone o ne a tlhotlheletsa batho gore ba simolole go obamela medimo ya maaka ka gonne o ne a batla go itumedisa basadi ba gagwe ba ditšhaba tse dingwe. (1 Dikg. 11:1-8) Mme batho ba ba ileng ba nna dikgosi morago ga gagwe ba ile ba dira se se maswe le go feta. Ba ile ba dira gore lefatshe leo lotlhe le tlale ka kobamelo ya medingwana. Jehofa o ile a ikutlwa jang fa batho ba gagwe ba ne ba mo tlhanogela ba bo ba simolola go obamela medimo ya maaka? O ne a re: “Dilo tse di ntseng jalo ga di a tshwanela go nna teng e bile ga di a tshwanela go direga le ka motlha.” (Esek. 16:16) Le fa go ntse jalo, batho ba gagwe ba ne ba tsena ka tlhogo le go feta mo kobamelong ya maaka.
Baiseraele bangwe ba ne ba ntshetsa medimo ya maaka e e jaaka Moleke ditlhabelo ka bana ba bone
13. Batho ba Modimo ba kwa Jerusalema ba ne ba dira dilo dife tse di bosula?
13 Akanya fela gore Jehofa o ne a utlwile botlhoko jang fa a ne a tlhalosa dilo tse di maswe tse batho ba gagwe ba neng ba di dira. O ne a re: “O ne wa tsaya bomorwao le bomorwadio ba o neng o ba ntsholetse, mme wa ntshetsa medingwana eo ditlhabelo ka bone. A ditiro tsa gago tsa boaka ga di a lekana? O ne wa bolaya bomorwaake setlhogo, e bile o ne wa ba ntsha ditlhabelo ka go ba fisa mo molelong.” (Esek. 16:20, 21) Dilo tse di tsitsibanyang mmele tse batho ba Jerusalema ba neng ba di dira, di bontsha gore Satane o bosula go le kana kang. O rata go raela batho ba ga Jehofa gore ba dire dilo tse di bosula, tse di ferosang sebete. Mme Jehofa o bona dilo tsotlhe. A ka kgona go baakanya dilo tsotlhe tse Satane a di sentseng, e bile o tla netefatsa gore batho ba gagwe ba direlwa tshiamiso.—Bala Jobe 34:24.
14. Bomorwadiarraagwe Jerusalema e ne e le bomang, mme mo go bone boobararo, ke mang yo o neng a dira dilo tse di maswe thata?
14 Jerusalema o ne a sa tlhabisiwe ditlhong ke dilo tse di maswe thata tse a neng a di dira. O ne a tswelela a gweba ka mmele. Jehofa o ne a re Jerusalema o tlhabisa ditlhong go feta basadi ba bangwe ba ba gwebang ka mmele ka gonne ene o duela batho gore ba dire boaka le ene. (Esek. 16:34) O ne a re Jerusalema o tshwana fela le “mmaagwe,” e leng ditšhaba tse di obamelang medimo ya maaka tse di kileng tsa bo di laola lefatshe leo. (Esek. 16:44, 45) Gape o ne a re Jerusalema o tshwana le morwadiarraagwe yo mogolo e bong Samarea, yo le ene a neng a gweba ka mmele. Mo godimo ga moo, Jehofa o ile a bua ka morwadiarraagwe Jerusalema yo mmotlana e bong Sodoma. Seno se ka tswa se ile sa dira gore batho ba akanye ka motse wa Sodoma, o o ileng wa senngwa ka gonne batho ba one ba ne ba dira dilo tse di bosula. Tota se Jehofa a neng a se tlhalosa e ne e le gore, Jerusalema e ne e dira dilo tse di maswe go feta Samarea le Sodoma. (Esek. 16:46-50) Le fa Modimo a ile a kgalemela batho ba gagwe gangwe le gape, ga ba a ka ba reetsa, go na le moo, ba ne ba tswelela ba dira dilo tse di maswe.
15. Ke eng fa Jehofa a ile a atlhola batho ba Jerusalema mme o ile a ba naya tsholofelo efe?
15 Jehofa o ne a tla dira eng? O ne a raya Jerusalema a re: “Ke phutha botlhe ba o ba ratang ba o neng o ba itumedisa” mme “ke tla go tsenya mo seatleng sa bone.” Batho bao ba ditšhaba tse dingwe ba ne ba tla tseela Jerusalema dilo tsa gagwe tse di ntle le tse di tlhwatlhwakgolo, go tswa foo, ba bo ba mo senya. Gape Jehofa o ne a re: “Ba tla go kgobotletsa ka maje e bile ba tla go bolaya ka ditšhaka tsa bone.” Ke eng fa Jehofa a ne a atlhola batho ba gagwe ka tsela eno? Boikaelelo jwa gagwe e ne e se go ba nyeletsa. Boikaelelo jwa gagwe e ne e le eng? O ne a re: “Ke tla fedisa ditiro tsa gago tsa boaka.” Gape o ne a re: “Ke tla kokobetsa bogale jo ke go galefetseng ka jone, e bile tšhakgalo ya me e tla fapoga mo go wena; mme ke tla ritibala e bile ga nkitla ke tswelela ke kgopisegile.” Jaaka re bone mo Kgaolo 9, boikaelelo jwa ga Jehofa e ne e le gore batho ba gagwe ba boele kwa nageng ya bone fa ba sena go gololwa kwa botshwarwa. Ka ntlha yang? O ne a re: “Ke tla gakologelwa kgolagano e ke neng ka e dira le wena mo malatsing a fa o ne o sa ntse o le mosha.” (Esek. 16:37-42, 60) Jehofa o ile a bontsha gore ga a tshwane le batho ba gagwe ka gonne ene o a ikanyega.—Bala Tshenolo 15:4.
16, 17. (a) Ke eng fa re sa tlhole re re Ohola le Oholiba ba emela Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete? (Bona lebokose le le reng “Bana ba Motho ba ba Gwebang ka Mmele.”) (b) Re ithuta eng mo go Esekiele kgaolo 16 le 23?
16 Se Jehofa a ileng a se bua mo go Esekiele kgaolo 16 le 23, se re ruta go le gontsi ka melao ya gagwe e e siameng. Gape se re ruta gore o rata tshiamiso e bile o kutlwelobotlhoko. Batho ba ga Jehofa gompieno ba ithuta go le gontsi mo go se se ileng sa diragalela Baiseraele. Re dira sotlhe se re ka se kgonang gore re se ka ra obamela medingwana ka gonne ga re batle go utlwisa Jehofa botlhoko. Re tshwanetse go tsamaela kgakala le kobamelo ya medingwana. Gape re leka ka natla gore re se ka ra nna pelotshetlha e bile re se ka ra rata dikhumo, ka gonne dilo tseno le tsone ke kobamelo ya medingwana. (Math. 6:24; Bakol. 3:5) Re itumelela gore Jehofa o ile a re utlwela botlhoko ka go re thusa gore re mo obamele ka tsela e e mo itumedisang mo metlheng eno ya bofelo. Gape re itumelela go itse gore ga a kitla a tlhola a letla gore kobamelo ya boammaaruri e kopanngwe le kobamelo ya maaka. O dirile “kgolagano e e nnelang ruri” le Iseraele wa Modimo. Kgolagano eno e tla tswelela e le gone ka gonne batho ba setšhaba seno ba tla tswelela ba ikanyega mo go ene e bile ga ba kitla ba mo tlhanogela. (Esek. 16:60) Ka jalo, re tshwanetse go lebogela mpho e re nang le yone, ya go nna karolo ya batho ba ga Jehofa ba ba mo obamelang ka tsela e e mo itumedisang.
17 Mme gone, se Jehofa a ileng a se bua ka bagwebakammele ba go buiwang ka bone mo bukeng ya Esekiele, se re ruta eng ka “seaka se segolo” e leng Babelona yo Mogolo? Mma re bone.
“Ga a Kitla a Tlhola a Bonwa Gape”
18, 19. Bagwebakammele ba go buiwang ka bone mo go Esekiele ba tshwana ka eng le seaka se go buiwang ka sone mo go Tshenolo?
18 Jehofa ga a fetoge. (Jak. 1:17) O sa ntse a tlhoile bodumedi jwa maaka fela jaaka a ne a bo tlhoile mo nakong e e fetileng. Ke gone ka moo tsela e a atlholang bagwebakammele ba go buiwang ka bone mo bukeng ya Esekiele, e tshwana le e a atlholang “seaka se segolo” se go buiwang ka sone mo bukeng ya Tshenolo.
19 Ka sekai, ela tlhoko gore bagwebakammele ba go buiwang ka bone mo boporofeting jwa ga Esekiele, ga ba otlhaiwe ke Jehofa ka tlhamalalo, go na le moo, ba otlhaiwa ke batho ba ditšhaba tse dingwe, ba ba neng ba obamela medimo ya maaka le bone. Ka tsela e e tshwanang, mmusomogolo wa bodumedi jwa maaka le one o atlholelwa go dira boitsholo jo bo sa siamang le “dikgosi tsa lefatshe.” Mme ke mang yo o tlileng go otlhaya mmusomogolo ono? Baebele ya re dipuso tsa lefatshe “di tla tlhoa seaka seo, di tla se senya di bo di se tlogela se sa apara, mme di tla ja nama ya sone di bo di se ja ka molelo.” Ke eng fa dipuso di tlile go tsaya kgato eno e e sa lebelelwang? Ka gonne Modimo o tla ‘tsenya seo mo dipelong tsa tsone gore di diragatse kakanyo ya gagwe.’—Tshen. 17:1-3, 15-17.
20. Re itse jang gore katlholo ya Babelona yo Mogolo e tla bo e le ya makgaolakgang?
20 Ka jalo, Jehofa o tlile go dirisa dipuso tsa lefatshe leno go atlhola madumedi otlhe a maaka, go akaretsa le madumedi a mantsintsi a a ipitsang a Bokeresete. Katlholo eno e tla bo e le ya makgaolakgang. Jehofa ga a kitla a itshwarela madumedi ano e bile ga a kitla a a naya tshono ya go fetoga. Buka ya Tshenolo ya re Babelona yo Mogolo “ga a kitla a tlhola a bonwa gape.” (Tshen. 18:21) Baebele ya re Baengele ba tlile go itumela tota fa seaka seno se sena go senngwa. Ba tla bo ba re: “Bakang Jah! Gonne mosi o o tswang mo go sone fa se ntse se sha o tswelela o tlhatloga ka bosakhutleng le go ya go ile.” (Tshen. 19:3) Katlholo eno ke ya bosakhutleng. Jehofa ga a kitla a tlhola a letla gore bodumedi jwa maaka bo nne teng le gore bo leswafatse kobamelo ya boammaaruri. Fa Babelona yo Mogolo a sena go atlholwa le go senngwa, o tla tswelela a kua mosi wa tshwantshetso ka bosakhutleng.
Ditšhaba tse Babelona yo Mogolo a sa bolong go dira boitsholo jo bo sa siamang le tsone, di tlile go mo tlhanogela di bo di mo fedisa (Bona serapa 19 le 20)
21. Fa bodumedi jwa maaka bo senngwa, seno e tla bo e le tshimologo ya eng, mme go tlile go felela jang?
21 Fa dipuso tsa lefatshe leno di tlhasela bodumedi jwa maaka, di tla bo di diragatsa katlholo ya ga Jehofa. Seno e tla bo e le tiragalo ya botlhokwa mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa gagwe. E tla bo e le tshimologo ya pitlagano e kgolo, nako ya mathata, e e iseng e tsamaye e nne teng. (Math. 24:21) Pitlagano eo e tla felela ka ntwa ya Aramagedona fa Jehofa a tla bo a a fedisa lefatshe leno le le bosula. (Tshen. 16:14, 16) Jaaka re tla bona mo dikgaolong tse di latelang, buka ya Esekiele e na le tshedimosetso e ntsi e e re thusang go itse gore pitlagano e kgolo e tlile go nna jang. Mme gone, re ka re re ithutile eng mo go Esekiele kgaolo 16 le 23 se re batlang go se dirisa?
Dipuso tsa lefatshe di tla diragatsa katlholo ya Modimo ka go tlhasela Babelona yo Mogolo (Bona serapa 21)
22, 23. Go ithuta ka bagwebakammele ba go buiwang ka bone mo bukeng ya Esekiele le ya Tshenolo go ka re tlhotlheletsa gore re dire eng?
22 Satane ga a batle go bona batho ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. A ka itumela tota fa a ka bona re tlhanogela Jehofa e bile re dira dilo tse di maswe tse di neng di dirwa ke bagwebakammele ba go buiwang ka bone mo bukeng ya Esekiele. Re tshwanetse go nna re gopotse gore Jehofa ga a batle re obamela modimo ope kwa ntle ga gagwe, o batla gore re ikanyege mo go ene. (Dipa. 25:11) Ka jalo, re tshwanetse go tsamaela kgakala le bodumedi jwa maaka e bile ga re a tshwanela go tshwara sepe se Modimo a se tsayang ‘se se phepa.’ (Isa. 52:11) Ga re tseye letlhakore mo dikgannyeng tsa dipolotiki tse di dirang gore batho ba se ka ba utlwana. (Joh. 15:19) Mo godimo ga moo,re a itse gore bosetšhaba le bodumedi jwa maaka, ke diyathoteng di bapile. Ka jalo, re ikela tlhoko gore re se ka ra rata setšhaba se re tsholetsweng mo go sone ka tsela e e feteletseng.
23 Sa botlhokwa le go feta, re tshwanetse go nna re gopotse gore go obamela Jehofa mo tempeleng ya gagwe ya tshwantshetso, ke tshiamelo e e seng kana ka sepe. E re ka re lebogela tshiamelo eno ya go obamela Jehofa, re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re tsamaele kgakala le bodumedi jwa maaka.