LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 4/15 ts. 3
  • Boduinedi jwa Maaka Bo Emela Mosadi wa Seaka

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boduinedi jwa Maaka Bo Emela Mosadi wa Seaka
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boaka jwa Semoya Bo Bile Bo Maswe go Gaisa
  • “Ke Tla Fedisa Ditiro Tsa Gago Tsa Boaka”
    Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
  • Ke Eng fa Bothata Jono bo Ntse bo Gola?
    Tsogang!—2003
  • Katlholo ya Seaka se se Tlhabisang Ditlhong
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • “Tlolomolao e e Feteletseng”
    Tsogang!—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 4/15 ts. 3

Boduinedi jwa Maaka Bo Emela Mosadi wa Seaka

1. Batho ba le bantsi ba He ba leba boaka jang?

BANGWE ba e bitsa tiro ya bogologolo—eleng yone ya seaka, moakafadi, kana sepepe. Jaaka a dirisiwa ka tlwaelo, mafoko ano otlhe a kaya selo se le sengwe, a kaya mosadi wa boitsholo jo bo sa siamang yo o rekisetsang banna mmele wa gagwe. Lefa go le jalo, go na le nako eo seno se neng se lejwa jaaka tiro e e tlotlegang ka yone!

2, 3. Tiro eo baperisiti ba sesadi ba neng ba e dira kwa Babelona wa bogologolo a ne a farologana jang le molao wa ga Jehofa mo Baiseraeleng mabapi le boaka jwa banna le basadi?

2 Fa a bua ka boperesiti jwa Babelona wa bogologolo, Moporofesa wa tsa thutamarope ya Bibela, S. H. Hooke o ne a tlhalosa jaana: “Boperesiti a ne a se jwa banna fela, mme karolo a kgolo ya bao ba neng ba direla mo ditempeleng tse dikgolo a ne a le basadi. Go nna mongwe wa baperisiti ba sesadi go ne go lejwa a le tlotla, re utlwa gape ka dikgosi di le mmalwa tseo di neng di neela barwadi ba tsone go nna baperesiti. . . . Tiro ya bone e kgolo a ne a le go nna diaka tse di boitshepo mo meletlong a megolo ya ngwaga. . . . Tempele ya ga Ishtar [modimo wa sesadi wa tsalo le ntwa], jaaka go ka lebelelwa, a ne a na le basadi ba bantsi.”

3 Seno se ne se farologane gotlhelele le kobamelo e e neng a tshwanetse go neelwa Jehofa Modimo ke morafe wa Iseraele. Molao o ne wa tlhalosa ka phepafalo jaana: “A go se nne seaka sepe sa bomorwadia Iseraela, le gona a go se nne mosodoma oa bomorwa Iseraela. U se ka ua isa madi a a thapilefi seaka, leha a le tuelelo ea nca, mo tlufi ea ga Yehofa Modimo oa gago: gonne dilo tseuo coo pedi di makgapha mo go Yehofa Modimo oa gago.” (Duteronome 23:17, 18) Ka jalo, tuelo ya seaka a ne a sa amogelwe jaaka sengwe se se ka ntshiwang moneelo mo tempeleng ya Modimo. Le eleng boaka fela jo bo sa amaneng ka gope le bodumedi a ne a le selo se se makgapha. Baiseraele ba ne ba laetswe jaana: “U se ka ua tlhapatsa morwadio go mo diha seaka; lehatshe le ka tla ya wela mo boakefi, me lehatshe ya tlala boikepo.” Melao e e neng e le kgatlhanong le boaka le bosodoma, joo bo neng bo tlhalosiwa jaaka “se se makgapha,” e ne a le e e sireletsang morafe, mo semoyeng le mo nameng.—Lefitiko 19:29; 20:13.

Boaka jwa Semoya Bo Bile Bo Maswe go Gaisa

4. Mofuta o o maswe go feta yotlhe wa boaka ke ofe?

4 Lefa go ntse jalo, mo ponong ya Modimo, go na le boaka jwa mofuta mongwe jo bo maswe fela thata—boaka jwa semoya, kana go iphaka go rapela Modimo wa boammaaruri fa totatota motho a obamela a bile a rata medimo a mengwe. Jerusalema wa bogologolo o ne a akafala le eleng go feta foo. O ne a naya merafe e e neng a gokafetse le ene mo semoyeng dimpho, a kgotlela kobamelo ya boammaaruri.—Esekiele 16:34.

5, 6. Ke bomang ba ba dirang boaka jwa semoya mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga, mme seno se tsosa dipotso dife?

5 Le eleng mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga, boaka jwa semoya bo tlwaelesegile mo tsamaisong ya lefatshe ya bodumedi. La-Bodumedi ke karolo a kgolo ya tsamaiso eotsamaiso eo Bibela e e bitsang “Babelona o Mogolo, mma diaka, le mma makgapha a lehatshe.”—Tshenolō 17:5.

6 Mme Babelona o Mogolo o tla felela kae? Mme phelelo ya gagwe a tla go ama jang le ba o ba ratang? Fa a le gore Modimo o ne o atlhola diaka kwa Iseraeleng wa bogologolo mo go botlhoko jalo, o tla dira eng ka boaka jwa segompieno jwa semoya? Ditlhogo tse di latelang di tla araba dipotso tseo le tse dingwe tse di tshwanang le tsone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela