LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lmd thuto 10
  • Ikemisetse go Dira Barutwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ikemisetse go Dira Barutwa
  • Rata Batho—Dira Barutwa
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Jesu a Ileng a se Dira
  • Re Ithuta Eng mo go Jesu?
  • Etsa Jesu
  • Ithute Thuto mo go Nikodemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Jesu o Ruta Nikodemo Bosigo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Thusa Motho Yo o Mo Rutang Baebele Gore a Direle Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Go Ruta Nikodemo
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Rata Batho—Dira Barutwa
lmd thuto 10

FA O DIRA BARUTWA

Jesu le Nikodemo ba tlotla go le bosigo.

Joh. 3:1, 2

THUTO 10

Ikemisetse go Dira Barutwa

Molaomotheo: “Re ne re ikemiseditse go lo bolelela dikgang tse di molemo tsa Modimo, tota le go ntsha botshelo jwa rona gore re lo thuse.”​—1 Bathes. 2:8.

Se Jesu a Ileng a se Dira

Jesu le Nikodemo ba tlotla go le bosigo.

BIDIO: Jesu o Ruta Nikodemo

1. Lebelela BIDIO, kgotsa bala Johane 3:1, 2. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di latelang:

  1. O akanya gore ke eng fa Nikodemo a ile a etela Jesu bosigo?—Bona Johane 12:42, 43.

  2. Jesu o ile a bontsha jang gore o ikemiseditse go dira barutwa fa a ne a kopana le Nikodemo go le bosigo?

Re Ithuta Eng mo go Jesu?

2. E re ka re rata batho, re ikemiseditse go ba thusa gore e nne barutwa.

Etsa Jesu

3. Bala le motho yo o ithutang Baebele le ene ka nako e a e tlhophileng le kwa lefelong le a le tlhophileng. A ka tswa a batla gore lo bale ka letsatsi le le rileng kgotsa ka nako e e rileng. Gongwe a ka rata go balela kwa tirong, kwa gae kgotsa kwa lefelong le lengwe. Dira sotlhe se o ka se kgonang gore o bale le ene ka nako e a e tlhophileng le kwa lefelong le a le tlhophileng.

4. Ithute le ene ka metlha. Fa o seyo, dira dithulaganyo tse dingwe. Ka sekai:

  1. A lo ka bala ka letsatsi le lengwe mo bekeng eo?

  2. A lo ka bala ka founu kgotsa ka mekgwa mengwe ya go ikgolaganya le batho?

  3. A o ka kopa mmoledi yo mongwe gore a bale le ene?

5. Kopa Jehofa gore a go thuse. Mo kope gore a go thuse gore o se ka wa tlhoboga motho yo o ithutang le ene, tota le fa a sa kgone go ithuta ka metlha kgotsa go le thata gore a dirise se a se ithutang. (Bafil. 2:13) Go ka tswa go na le dilo tse dintle tse motho yo o ithutang le ene a di dirang, ka jalo kopa Jehofa gore a go thuse go tlhoma mogopolo mo go tsone.

BONA LE

Diane 3:27; Dit. 20:35; 2 Bakor. 12:15

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela