Jubile ya ga Jehofa—Motlha wa Gore re Itumele
“Me lo itshepisè ñwaga oa leshomè ya botlhanō, lo bolèlè kgololègō mo lehatshiñ yeotlhe, ea banni botlhe ba yeōna: a e nnè Yubile, (ke go re, Ñwaga oa Bothamō), mo go lona . . . a e nnè boitshèpō go lona . . . me lo tla aga mo lehatshiñ ka polokègō.”—LEFITIKO 25:10-12, 18.
1. Ke mokwalo ofe o o fitlhelwang mo Tlolokong ya Kgololesego, mme mafoko ao a tserwe kae?
GONGWE le gongwe kwa o nnang teng, o ka nna wa tswa o utlwile ka Tloloko ya Kgololesego e e tumileng, e e kwa Philadelphia, Pennsylvania, U.S.A. The World Book Encyclopedia ya re tloloko eno “e ne ya lediwa ka July 8, 1776, gammogo le ditloloko tse dingwe tsa dikereke, go bolela go amogelwa ga Polelo ya Boipuso. Mokwalo wa yone, ‘Lo bolele Kgololesego mo lefatsheng lotlhe le mo banning botlhe,’ o tswa mo Bibeleng (Lefitiko 25:10).”
2. O ikutlwa jang ka tebelelo ya kgololesego, mme ke mathata afe a a ka tlhagang ka ntlha ya gone moo?
2 Kgololesego e tswelela go nna le ikuelo e kgolo, a ga go a nna jalo? Gongwe o ka ipelela go nna le tsholofelo ya kgololesego ya boammaaruri—go tswa mo megopolong ya maaka, mo dipogisong le dikgatelelo tsa bopolotiki, go tswa mo diphelelong tse di koafatsang tsa botsofe le bolwetse, tse di felelang ka loso. Fa go ntse jalo, go na le lebaka le le utlwalang gore o itumele, mme go tla nna le lebaka le legolwane mo bogautshwaneng. ‘Seo se ka nna jalo jang?’ o ka nna wa botsa, ereka go sena goromente yo o kileng a neela kgololesego e e feletseng, lefa e le gore baitseanape kana dingaka di ka thibela botsofe, bolwetse, le loso le le latelang. Mme, re a boeletsa, go NA le motheo wa gore o itumelele kgololesego ya boammaaruri. Go tlhaloganya gore jang, tlhokomela boikitsiso jwa botlhokwa jwa kwa morago jo bo ka go kopanyeletsang—jaanong le mo isagweng.
3. Jubile e ne e le eng, mme ke eng se se neng se diragala mo go yone?
3 Serapa se se tsopotsweng fa godimo se dirisa lefoko “Jubile.” Jubile e ne e le lobaka lo lo boleele jwa ngwaga lwa go tshegetsa Sabata ya lefatshe la Iseraele. E ne e latela motlhomagano wa dingwaga tse supa tsa Sabata wa temo tse tsotlhe di neng di akaretsa dingwaga tse 49. Ngwaga wa bo-50, Jubile, e ne e le go wela ga motlhomagano ono wa go ketekwa ga Sabata mo lefatsheng le Jehofa a neng a le neile batho ba gagwe, a diragatsa tsholofetso e a neng a e dirile mo go rra-bone-mogolo Aberahame, “tsala ea Modimo.” (Yakobe 2:23; Isaia 41:8) Mo motlheng wa Jubile, kgololesego e ne e bolelwa mo lefatsheng lotlhe. Se se ne se raya kgololesego mo Baiseraeleng ba ba neng ba ithekiseditse bokgoba ka ntlha ya molato. Karolo e nngwe ya Jubile e ne e le ya dithoto tsotlhe tsa boswa tse di neng di rekisitswe (gongwe ka ntlha ya ditatlhegelo tsa madi) di ne di busiwa.—Lefitiko 25:1-54.
4. Jubile e ne e bolelwa leng, mme jang?
4 Ka ntlha ya boemo joo, o ka lemoga gore ke eng fa Jubile e ne e le ngwaga o o ketekwang wa kgololesego. O ne o itsisiwe ka go lediwa ga lonaka mo Letsatsing la etlanyo.a Ke fela jaaka Moshe a ne a kwala mo go Lefitiko 25:9, 10: “U utlwatsè ka ntlha cotlhe lonaka lo lo kodu e tona, ka letsatsi ya leshomè ya kgwedi ea boshupa; ka letsatsi ya tetlanyō lo utlwatsè lonaka mo lehatshiñ yeotlhe ya lona. Me lo itshepisè ñgwaga oa leshomè ya botlhanō, lo bolèlè kgololègō mo lehatshiñ yeotlhe, ea banni botlhe ba yeōna: a e nnè Yubile, (ke go re, Ñwaga oa Bothamō), mo go lona; motho moñwe le moñwe o tla boèla mo boshweñ yoa gagwè, motho moñwe le moñwe o tla boèla mo losikeñ loa gagwè.” Ka 1473 B.C.E., Joshua o ne a etelela pele Baiseraele go kgabaganya Noka ya Joredane go tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso, kwa ba neng ba tshwanetse go keteka Jubile gona.
Kgololesego ya Ntlha e a Bolelwa
5. Ke dintlha dife kaga kgololesego le Jubile tse re tla a di tlhokomelang?
5 Gotlhe mo go boletsweng go ka nna ga lebega e le hisitori ya bogologolo e e nang le bokao bo le bonnye mo matshelong a rona, segolo-bogolo fa re se ba letso la Sejuda. Lefa go ntse jalo, Jesu Keresete o ne a re neela lebaka le le utlwalang la go lebelela Jubile e kgolwane. Ke sone se se dirang motheo wa rona wa go itumela mo kgololong, kana kgololesego. Gore re tle re lemoge gore ka ntlha ya eng, re tshwanetse go bona ka moo Jesu ka tsela tse pedi a neng a neela kgololo mo lekgolong lantlha la dingwaga. Go tloga foo re tla tlhokomela gore tseo di tshwana jang le dikgololo tse pedi mo motlheng wa botshelo jwa rona, mme e le mo dikgololong tsa seemo se segolwane mme di re baakanyetsa lebaka le legolwane la go itumela.
6, 7. (a) Isaia 61:1-7 e ile ya bolelela pele ditiragalo dife tse di gakgamatsang? (b) Jesu o ne a supa jang gore boperofeti jwa ga Isaia bo ne bo diragadiwa?
6 Lemororo go sa buiwe ka tlhamalalo ka ngwaga wa Jubile ya bogologolo, mo go Isaia 61:1-7 boperofeti bo umaka mofuta wa kgololo e e tlang: “Mōea oa ga Yehofa Modimo o mo go nna; ka gonne Yehofa o ntloleditse go rèrèla ba ba pelonōlō mahoko a a molemō: o nthomile gore ke hapè ba ba pelo di phatlogileñ, go bolèlèla bachwarwa kgololō, le ba ba golegilwen, go re, ntlo ea kgolegèlō e budilwe; Go bolèla ñwaga o o lebosègañ oa ga Yehofa, le letsatsi ya pusholoshō ya Modimo oa rona: go gomotsa botlhe ba ba hutsahetseñ; . . . boitumelō yo bo sa khutleñ bo tla nna mo go bōnè.” Mme boperofeti joo bo ne bo tlaa diragala jang le gone leng?
7 Morago ga go keteka Tlolaganyo ya ngwaga wa 30 C.E., Jesu Keresete o ne a tsena mo senagogeng mo letsatsing la Sabata. Moo o ne a bala bontlhanngwe jwa boperofeti jwa ga Isaia mme a bo lebisa mo go ene. Karolo ya Luke 4:16-21 ya riana bontlhanngwe jwa yone: “Me a re a sena go menolola lokwalō, a bōna golō ha go kwadilweñ gōna, ga twe, Mōea oa ga Yehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go rèrèla bahumanegi Mahoko a a Molemō; o nthomile (go hodisa ba ba pelo di phatlogileñ), go rèrèla bagolegwi kgololō, le phouhologō ea ba ba houhetseñ, go golola ba ba teketilweñ, Go bolèla ñwaga o o lebosègañ oa ga Yehofa . . . Me a simolola go ba raea, a re, Gompiyeno, lokwalō lo, lo dihahetse mo ditsebeñ tsa lona.”
8. (a) Ke ketapele efe ya kgololesego e Jesu a neng a e baakanyetsa? (b) Seno se tshwantshe tswa jang mo go Yohane 9:1-34?
8 Mafoko a a molemo a Jesu a neng a a bolela a ne a baakanyetsa ka kgololo ya semoya mo Bajudeng ba ba neng ba a amogela. Ka go bula matlho a bone go se tota kobamelo ya boammaaruri e se rayang le go se batla, ba ne ba gololwa mo megopolong e mentsi e e phoso. (Mathaio 5:21-48) Kgololesego eno e ne e na le mosola o mogolo go feta diphodiso tsa nama tse Jesu a neng a di dira. Ka gone moo, lemororo Jesu a ne a bula matlho a monna yo o neng a tsetswe a le sefofu, monna yoo o ne a bapala go lemoga ga gagwe Jesu jaaka moperofeti yo o tswang kwa Modimong. Kgololesego e ntšha eo ya monna yoo e ne e farologana le seemo sa baeteledipele ba bodumedi ba ba neng ba le mo botlhankeng ka ntlha ya dingwao tsa bone le ditumelo tsa bone tse di phoso. (Yohane 9:1-34; Duteronome 18:18; Mathaio 15:1-20) Lefa go le jalo, se e ne e le kgololesego ya ntlha fela kana ketapele. Le e leng mo lekgolong lantlha la dingwaga, Jesu o ne a tshwanetse go thusa ka mofuta o mongwe wa kgololesego o o neng o tshwana le Jubile ya Iseraele wa bogologolo. Ke eng fa go utlwala go fetsa jalo?
9. Le e leng ba ba gololesegileng semoyeng, ke mofuta ofe wa bokgoba o o neng o santse o setse?
9 Jesu o ne a raya monna yo o neng a foufetse a re: “Ke tletse katlholō mo lehatshiñ yeno, gore ba ba sa boneñ ba bōnè; le gore ba ba bōnañ ba houhalè.” Go tloga foo o ne a raya Bafarasai a re: “Ha lo ka bo lo no lo houhetse lo ka bo lo sena boleo: me ke ha, loa re, Loa bōna: boleo yoa lona bo sale gōna.” (Yohane 9:35-41) Ee, boleo jo bo isang losong e ne e santse e le bothata jo bogolo, fela jaaka bo santse bo ntse gompieno. (Baroma 5:12) Bajuda, go akareletsa le baaposetoloi, ba ba neng ba solegelwa molemo ke kgololesego ya ntlha, kgololo ya semoya e Jesu a neng a e ba baakanyetsa, ba ne ba sala ba ntse e le batho ba ba sa itekanelang. Ba ne ba tswelela go nna makgoba a boleo le loso le le tlang kwa morago. A Jesu o ne a ka fetola seo? A o ne a ka dira jalo? Fa go ntse jalo, leng?
10. Jesu o ne a solofetsa gore o ne a tla a tlisa kgololesego efe e e oketsegileng?
10 Pelenyana, Jesu o ne a re: “Ha lo nna mo lehokuñ ya me, hoñ lo bo lo le barutwa ba me rure; Me lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.” Bareetsi ba gagwe ba Sejuda ba ne ba mo fetola ka go re: “Re losika loa ga Aberahame, me ga re e se re ke re nne mo botlhankeñ yoa ga opè gopè: u bua yañ, ua re, Lo tla gololwa?” Jesu o ne a araba ka gore: “Amarure, amarure, kea lo raea, Moñwe le moñwe eo o leohañ ke motlhanka oa boleo. Me motlhanka ga a nne mo tluñ ka bosakhutleñ: Morwa èna, o nna ka bosakhutleñ.” (Yohane 8:31-36) Ka gone, go nna ditlogolwana tsa ga Aberahame kafa nameng go ne go ka seke go golole Bajuda mo bokgobeng jwa sebe. Jesu o ne a dira polelo eno ee sa lebalesegeng mabapi le kgololesego a lebisa tlhokomelo mo go sengwe se se neng se tla mme se se neng se le segolo go feta se Baiseraele ba neng ba kile ba se itemogelela ka Jubile epe fela.
Jubile ya Bokeresete e a Simologa
11. Ke eng fa kgatlhego ya rona mo Jubileng ya Bokeresete e lebisiwa mo ngwageng wa 33 C.E.?
11 Bajuda ba ne ba sa bone gore Jubile ya kgolagano ya Molao wa ga Moshe e ne e le setshwantsho sa Jubile e kgolwane. (Bakolosa 2:17; Baefesia 2:14, 15) Jubile eno ya Bakeresete e kopanyeletsa “boamarure” jo bo gololang batho—boammaaruri joo bo itshetlegileng mo go Morwa, Jesu Keresete. (Yohane 1:17) Jubile eno e kgolwane e e neng e ka tlisa kgololesego le e leng go tswa mo sebeng le diphelelo tsa sone e simolotse leng go ketekiwa? E ne e le ka dikgakologo tsa 33 C.E., mo letsatsing la Pentekosete. Seno e ne e le malatsi a le lesome morago ga go tlhatlogela kwa magodimong ga ga Jesu a isa molemo wa setlhabelo sa gagwe kwa go Jehofa Modimo.—Bahebera 9:24-28.
12, 13. Ke eng se se neng sa diragala morago ga loso lwa ga Jesu seo ka bofefo se neng sa tlisa boitemogelo jo bo kgethegileng mo barutweng ba gagwe?
12 Pele ga ga Jesu, ga go na setshedi sepe sa motho se se neng sa tsosiwa mo baswing le go tswelela se tshela ka bosakhutleng. (Baroma 6:9-11) Go na le moo, botlhe ba ne ba robala mo losong mme ba ne ba tla tswelela ba robetse go fitlhelela nako e tla ya tsogo ya lelapa la setho. Ka tsogo ya gagwe ka maatla a Modimo, Jesu Keresete o ne a nna se Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di mmitsang sone, “lebucwa pele ya ba ba robetseñ.”—1 Bakorintha 15:20.
13 Malatsi a le masome a matlhano morago ga go tsoga ga gagwe, go ne ga phepafala gore Jesu Keresete yo o tsositsweng o ne a tlhatlogetse kwa magodimong le go bonala ha pele ga ga Jehofa Modimo ka molemo wa setlhabelo sa gagwe sa motho yo o itekanetseng le gore o ne a se dirisa mo boemong jwa setho. Seno e ne e le mo letsatsing la Pentekosete ya 33 C.E. Ka go utlwa ditaelo tse di tswang kwa go Jesu, mo e ka nnang barutwa ba le 120 ba ile ba kopana mmogo mo Jerusalema. Go tloga foo Keresete o ne a tshololela moya o o boitshepo mo barutweng bano, e le tiragatso ya ga Yoele 2:28, 29. Deteme tse eketeng tsa molelo di ne tsa kotama mo godimo ga ditlhogo tsa bone, mme ba ne ba simolola go bua dipuo tsa seeng tse ba sa di itseng. (Ditihō 2:16-21, 33) Seno e ne e le bosupi jwa gore Jesu Keresete yo o tsositsweng o ne a tlhatlogetse kwa magodimong le gore o ne a tsene fa pele ga Modimo ka molemo wa setlhabelo sa motho yo o itekanetseng go se dirisa mo boemong jwa setho.
14. (a) Seemo sa barutwa ba ga Keresete e ne e le sefe mabapi le dikgolagano? (b) Kgolagano e ntšha e ne e kopanyeletsa lesego lefe le le tlhomologileng?
14 Matswela e ne ya nna afe mo barutweng bao? Santlha, ba ne ba gololwa mo kgolaganong ya Molao wa ga Moshe, e Modimo a neng a e dirile le morafe wa Iseraele wa tlholego e jaanong a neng a e khutlisitse, ka go e kokotela mo thupeng ya tlhokofatso ya ga Jesu. (Bakolosa 2:13, 14; Bagalatia 3:13) Kgolagano eo e ne ya tseelwa sebaka ke kgolagano e ntšha, e e neng e sa dirwa le morafe wa Iseraele wa tlholego, mme e leng le ‘morafe’ o mosha wa Iseraele wa semoya. (Bahebera 8:6-13; Bagalatia 6:16) Kgolagano eno e ntšha, e e neng ya bolelelwa pele ke Yeremia 31:31-34, e ne ya rulaganngwa ka motshereganyi yo mogolwane go feta moperofeti wa bogologolo Moshe. Ka go kgatlhegela kgololesego, re tshwanetse segolo-bogolo ra lemoga karolo nngwe ya kgolagano e ntšha. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhokomedisa seno, fa a ne a kwala jaana: “Kgōlaganō e ke tla e dihañ nabō moragō ga metlha euō ke e, . . . ga nketla ke tlhōla ke di gakologèlwa gopè. Me yana kwa boichwarèlō yoa cōna tse bo leñ gōna, ga go tlhole go na le chupèlèlō ea boleo gōna.”—Bahebera 10:16-18.
15. Ke eng fa re ka re ka Pentekosete 33 C.E. Jubile ya Bokeresete e ne ya simologa mo go ba ba tloditsweng? (Baroma 6:6, 16-18)
15 Jesu o ne a lebisitse mo kgololesegong eno go tswa mo sebeng fa a ne a re: “Ha Morwa a tla lo golola, lo tla gololèsègèla rure.” (Yohane 8:36) Akanya fela—kgololesego go tswa mo sebeng e dirafadiwa mo motheong wa setlhabelo sa ga Keresete! Go simolola ka letsatsi la Pentekosete, Modimo o ne a bolela ba ba dumelang tshiamo mme go tswa foo a ba amogela jaaka bomorwa ba semoya ba na le tsholofelo ya go busa le Keresete kwa legodimong. Paulo o tlhalosa jaana: “Gonne ga loa amogèla mōea oa botlhanka go tla lo boiha gapè; me lo amogetse mōea oa boñwana . . . Me ha re le bana, hoñ re baruaboshwa; re baruaboshwa ba Modimo, re baruaboshwa mmōgō le Keresete.” (Baroma 8:15-17) Kwantle ga pelaelo, Jubile ya Bokeresete e ne e simolotse mo Bakereseteng ba ba tloditsweng.
16. Ke masego afe a a oketsegileng le ditebelelo tse di neng tsa kopanyelediwa mo go bao ba ketekang Jubile ya Bokeresete?
16 Ka jalo mo letsatsing leo la Pentekosete ya ngwaga wa 33 C.E., morafe o mosha wa Iseraele wa semoya o ne wa nna gone. O ne o dirilwe ka batho bao dibe tsa bone di neng di itshwaretswe mo motheong wa madi a setlhabelo sa ga Keresete. (Baroma 5:1, 2; Baefesia 1:7) Ke mang mo go rona a ka ganetsang gore maloko ao a ntlha a Iseraele wa semoya ba ba tsentsweng mo kgolaganong e ntšha ba ne ba itemogetse kgololo e e gakgamatsang ka go itshwarelwa dibe tsa bone? Modimo o ne a ba dira ‘losika lo lo itshenketsweng, le boperisito jwa segosi, morafe o o boitshepo, le tšhaba e e ruilweng ke Modimo sebele, gore ba tle ba bonatse go tlotlomala ga yo o ba biditseng, a ba bitsa ba le mo lefifing a ba isa mo leseding ja gagwe je le gakgamatsang.’ (1 Petere 2:9) Ke boammaaruri, mebele ya bone ya senama e ne e santse e sa itekanela mme ba ne ba tla swa fa go ntse go ya. Lefa go le jalo, ka jaanong Modimo a ba boletse tshiamo le go ba amogela jaaka bomorwawe ba semoya, loso lwa bone la senama e ne e le fela “go tloga” mo go neng go letlelela tsogo ya bone go ya kwa ‘Bogosing jwa selegodimo’ jwa ga Keresete.—2 Timotheo 4:6, 18.
17, 18. Ke eng fa kgololesego ya Jubile ya Bokeresete e ne e le botlhokwa go gaisa ketapele ya kgololesego e Jesu a neng a e bolela?
17 Kgato ya ntlha kana ketapele ya go golola Bajuda ba ba dumetseng mo megopolong le ditiro tse di phoso e ne e na le mosola o mogolwane. Lefa go ntse jalo, re bone gore Jesu o ne a pota ka kwa ga kgololo eo ya semoya. Go tswa ka Pentekosete ya 33 C.E. go ya pele o ne a golola batho ba ba dumelang mo “molaoñ oa boleo le oa losho.” (Baroma 8:1, 2) Ka gone, Jubile ya Bokeresete ya Bakeresete ba ba tloditsweng e ne ya simolola.Seno ruri e ne e le kgololo e e botlhokwa thata, ereka e ne e akareletsa tebelelo ya botshelo kwa legodimong jaaka babusi mmogo le Keresete.
18 Re setse jaanong re tlotlile ka dikarolo tse pedi tsa kgololesego ya Bokeresete mo lekgolong lantlha la dingwaga, tseo kwantle ga pelaelo e neng e le motheo wa go itumela. Le badumedi ba lekgolo lantlha ba ile tota ba itumela. (Ditihō 13:44-52; 16:34; 1 Bakorintha 13:6; Bafilipi 4:4) Seo se ne se le boammaaruri ka mo go kgethegileng mabapi le go tsaya karolo ga bone mo Jubileng ya Bokeresete, e e neng ya ba bulela phatlha go amogela masego a a sa khutleng mo magodimong.—1 Petere 1:3-6; 4:13, 14.
19. Ke dipotso dife tse di saletseng Bakeresete ba ba sa tsholwang ka moya, mme ke eng se se bontshang gore ba tla nna le karolo mo kgololesegong e e baakanyeditsweng ke Modimo?
19 Lefa go le jalo, bontsi jwa Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba tsena fa kae mo ntlheng eno, ereka ba sa bolelwa tshiamo ya go tshela le go tlodiwa ka moya o o boitshepo? Go na le lebaka la Dikwalo go solofela kgololesego e kgolwane mo boemong jwa bone jaaka bontlhanngwe jwa Jubile ya Bokeresete. Gakologelwa Ditihō 3:20, 21: “Yesu: Eo legodimo le nañ le go mo chola go bo go tla go hitlha le metlha ea cosholoshō ea dilō cotlhe, e Modimo o buileñ kaga eōna ka molomo oa baperofeti ba ōna ba ba boitshèpō, ba ba saleñ ba leeō le kwa tshimologoñ ea lehatshe.” (Bapisa Ditihō 17:31.) E ntse ele mo mogopolong o o tshwanang, Johane, moaposetoloi yo o tloditsweng yo o neng a setse a itumelela Jubile ya Bokeresete, o ne a kwala jaana kaga Jesu Keresete: “Ke èna seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona: me e be e se sa tsa rona cosi hèla, me le gōna e le sa tsa lehatshe yeotlhe.” (1 Yohane 2:2) A go raya gore Bakeresete ba bantsi ba ba boikanyego gompieno ba ba senang tsholofelo ya selegodimo ba ka itumelela kgololesego ya Bokeresete? A se se tlaa nna fela mo isagweng, kana re setse re na le lebaka la go itumela? Re ka bona seno ka go tlhatlhoba dilo tsa botlhokwa tsa kgololesego ya Bokeresete le Jubile e e nang le bokao jo bo kgethegileng mo baobameding ba boammaaruri gompieno.
[Dintlha tsa kwa tlase]
a Letsatsi la Tetlanyo la ngwaga le ngwaga le ne le tshwarwa ka Tishri a le 10, kgwedi e e mo khalentareng ya Sehebera, e e lebaganeng le lobaka lwa rona lwa September-October.
O Akanya Jang?
◻ Mesola ya Jubile e ne e le eng mo Iseraeleng wa bogologolo?
◻ Jesu o ne a bolela kgololesego ya ntlha jang, mme e ne e kopanyeletsa eng?
◻ Jubile ya Bokeresete e simologile leng, mme phetso eo e itshetlegile ka motheo ofe?
◻ Ke eng fa re na le lebaka la go solofela kgololesego e e kopanyeletsang dimilione tsa Bakeresete ba ba sa tlodiwang ka moya?
[Mafoko a a mo go tsebe 18]
“Tselana ea mosiami e nntse yaka lesedi ye le phatsimañ, ye le phatsimèlañ pele hèla go ea motshegariñ o mogolo.” (Diane 4:18) Tumalanong le molao-motheo oo, setlhogo seno le se se latelang di neela tlhaloso e e tokafaditsweng le e e atolositsweng ya Jubile.
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Jesu o bolela kgololesego ka 30 C.E.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Jubile ya Bokeresete e simologa ka 33 C.E.