LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 1/1 ts. 23-28
  • Jubile ya Bokeresete E Felela ka Puso ya Dingwaga tse di Sekete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jubile ya Bokeresete E Felela ka Puso ya Dingwaga tse di Sekete
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Setlhabelo sa Botlhe!
  • 1919​—Kgololo ya Ntlha
  • Jubile ya Dimilione
  • Dikarolo tse di Wetsang Jubile ya Bokeresete
  • Morago ga Setlhoa sa Jubile sa Puso ya Dingwaga tse di Sekete
  • Jubile ya ga Jehofa—Motlha wa Gore re Itumele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Jehofa O a Re Golola
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 1/1 ts. 23-28

Jubile ya Bokeresete E Felela ka Puso ya Dingwaga tse di Sekete

1. Ke eng se Bajuda ba Repaboliki ya Iseraele ba ileng ba seka ba dira maiteko a go se busetsa, mme ka ntlha yang?

LE ELENG mo Repaboliking ya Iseraele (e e neng ya tlhomiwa ka 1948), Bajuda ba bantsi ba ba santseng ba iteba go bo ba le kafa tlase ga Molao wa ga Moshe ga ba ise ba buseletse go ketekiwa ga ngwaga wa Jubile. Mme go ne go tla nna marara a mantsi fa ba ne ba ka leka. Mathata a mantsi a ikonomi a ne a tla tsoga, ereka ditshwanelo tsa dithoto di kopanyelediwa. Repaboliki ya Iseraele ga ya nna mo lefatsheng lotlhe le le neng le agilwe ke ditso tse 12 tsa bogologolo. Gape ga go na tempele le moperesiti yo mogolo wa lotso lwa Lefi, le boitlhaolo jwa lotso jwa batho bo nyeletse.

2. Bakeresete bangwe ba setse ba simolotse go keteka jang Jubile e e neng e bolelelwa pele ke ya Iseraele wa bogologolo?

2 Lefa go le jalo, seo se re tlogela fa kae mabapi le masego a keteko ya Jubile? Re gakologelwa gore Jubile ya bogologolo e ne e le moletlo wa ngwaga wa kgololesego​—Baiseraele ba ba neng ba ithekisitse mo bokgobeng ba ne ba gololwa mme boswa jwa bone jwa masimo bo ne bo busiwa. (Lefitiko 25:8-54) Mo setlhogong se se fetileng, re ne ra bona gore thulaganyo eno e ne ya khutla le kgolagano ya Molao wa ga Moshe ka 33 C.E. (Baroma 7:4, 6; 10:4) Go tswa foo kgolagano e ntšha e ne ya dira mo eleng gore Modimo o ne a ka itshwarela dibe tsa ba ba dumelang, a ba tlotsa ka moya o o boitshepo, le go ba amogela jaaka bomorwa go tla ba ya kwa legodimong. (Bahebera 10:15-18) Lefa go le jalo, bao ba nang le seabe ka tsela e e jalo mo thulaganyong eno ya kgolagano eno e ntšha ke “lecomanyane” la ba ba 144 000 ‘ba ba rekilweng mo lefatsheng.’ Ka jalo dimilione tsa Bakeresete ba bangwe ba ba ikanyegang ba ka bona jang kgololesego e e boleletsweng pele ke Jubile?​—Luke 12:32; Tshenolō 14:1-4.

Setlhabelo sa Botlhe!

3. Setlhabelo sa ga Jesu se na le maatla a a kanang kang mme a tsaya lobaka lo lo kae?

3 Mo metlheng ya pele ga Bokeresete, melemo ya Letsatsi la tetlanyo la ngwaga lengwaga e ne e nna sebaka sa ngwaga fela. Melemo ya thekololo sa setlhabelo ya ga Morena Jesu Keresete e a tswelela, e nnetse ruri. Ka gone Jesu yo o neng a tshwantshediwa ke Moperesiti yo Mogolo, ga a tlhokafale go nna motho gape, le go intsha setlhabelo, mme a bo a boela kwa legodimong go ntsha molemo wa setlhabelo seo ngwaga le ngwaga kwa felong ga Boitshepo jwa Maitshepo ga ga Jehofa Modimo. Jaaka Dikwalo di tlhalosa: “Ka Keresete a cosicwe mo loshuñ, ga a tlhole a shwa gopè; losho ga lo tlhole lo na le taolō mo go èna.”​—Baroma 6:9; Bahebera 9:28.

4, 5. (a) Matswela a tiriso ya setlhabelo sa ga Jesu e ne ya nna afe fa e sa le ka Pentekosete ya 33 C.E.? (b) Re na le tshupo efe ya gore setlhabelo sa gagwe se tlile go dirisiwa mo go golo?

4 Ka gone moo, mo dingwageng fa e sale ka Pentekosete ya 33 C.E. jaaka badumedi ba ne ba nna barutwa ba ba tshotsweng ka moya ba Morena Jesu, yo o galaleditsweng ba simolotse go keteka Jubile ya Bokeresete. Ka go bo ‘ba golotswe mo molaong wa boleo le wa loso,’ ba ile ba itumelela kgololesego e e nonotshang. (Baroma 8:1, 2) Ba ile ba bolela gape molaetsa wa Bokeresete gore le eleng ba bangwe ba tle ba itshwarelwe dibe, ba tlodiwe, le go nna bomorwa Modimo ba semoya. Lefa go le jalo, a seno se raya gore fa motho e se wa setlhopha seo se se lekanyeditsweng go 144 000, a ka seke a itemogelele boitumelo jwa kgololesego jaanong?

5 Bokao mo ntlheng eno bo bontshiwa ke mafoko a ga moaposetoloi Paulo mo go Baroma 8:19-21: “Tlhologèlèlō ea lobopō e lebeletse go senolwa ga bana ba Modimo. Gonne lobopō lo no lo beilwe mo taoloñ ea boithamako [le tletse boleo me le sa kgone go intsha boleo].” Go tswa foo Paulo o otlelela gore go na le “cholohèlō ea gore, lobopō le lōna lo tla gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla, lo isiwa mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo.” Ka gone, kgololesego e e ntseng jalo ga ya lekanyediwa go bao ba nnang “bana ba Modimo” kwa legodimong. Mafoko a a tlwaelegileng mo go Yohane 3:16 a tiisetsa seo. Mme, jaaka go umakilwe, moaposetoloi Johane yo o tloditsweng o ne a re Keresete o ne a swela “dibe tsa rona: me e be e se sa tsa rona cosi hèla, me le gona e le sa tsa lehatshe yeotlhe.”​—1 Yohane 2:2.

1919​—Kgololo ya Ntlha

6, 7. Fae sale ka 1919, ke kgololesego ya mofuta ofe e e ntseng e bolelwa, mme ke eng segolo-bogolo fa e sale ka nako eo?

6 Mo metlheng ya gompieno batlodiwa ba ba ketekang Jubile ya Bokeresete ba ntse ba bolela mafoko a a molemo a a gololang, segolo-bogolo fa e sale ka 1919. ‘Goreng fa e sale ka nako eo?’ o ka nna wa ipotsa fa e le gore o tshotswe bosheng. A re bone, o gakologetswe gore boitumelo jwa gago jwa kgololesego bo a kopanyelediwa.

7 Ka masome a dingwaga pele ga letsatsi leo, batlodiwa ba ga Jehofa ba ne ba gatisa boammaaruri jwa Bibela, fela jaaka mo dikgatisong tse di itsegeng tsa Studies in the Scriptures (1886-1917). Gape ba ile ba anamisa dibukana di le dintsi tse di rutang le dipampitshana. Mo Ntweng ya Lefatshe I, go ne ga tla kganetso, teko le go feferwa, le go koafatswa ga tiro ya bone. Mme ka 1919 masalela a batlodiwa a ne a tswelela pele ka tlhagafalo e e ntšhafaditsweng go bolela dinnete tsa Bibela. Jaaka Jesu ka 30 C.E. a ne a ka re o ne a tloleditswe go rerela “bagolegwi kgololō, le phouhologō ea ba ba houhetseñ,” jalo ba ba tloditsweng bano ba motlha wa gompieno ba ne ba ka rialo. Morago ga kopano e e kgatlhisang thata ya September 1-7, 1919,a ba ne ba tswelela pele ka maatla mo go rereng boammaaruri jo bo golotseng batho ba ba senang palo.​—Luke 4:18.

8, 9. Ba le bantsi ba ne ba gololwa ka tlhaloganyo efe, mme ke dithuso dife tse di ileng tsa dirisiwa mo go boleleng kgololo eo?

8 Tlhokomela, ka sekai, thuso ya Bibela ya The Harp of God (1921), e e neng ya neela boammaaruri jwa botlhokwa jaaka ekete e ne e le megala e e lesome mo harepeng. Buka eo e ne e bontsha gore “ba le bantsi ba ne ba tshoseditswe kgakala go ithuta Bibela” ke thuto ya gore “kotlhao ya baikepi . . . ke tlhokofatso kana pogiso e e sa khutleng mo diheleng tse di tukang ka molelo o o sa timeng le sulefura.” Babadi ba mo e ka nnang dikaelo di le 6 000 000 tsa buka eno ba ne ba ithuta gore tumelo eno ya motheo e ne “e ka seke e nne boammaaruri ka bobotlana jwa megopolo e le mene e e farologanyeng le e e bonalang sentle: (1) ka gore ga e utlwale; (2) ka gore e ganetsanya le tshiamiso; (3) ka gore ga e dumalane le molao-motheo wa lorato; le gore (4) gotlhelele ga se ya dikwalo.” O ka akanya fela ka moo seo se neng sa nna kgololo ka gone mo bathong ba ba neng ba golela mo poifong ya tlhokofatso ya bosakhutleng mo diheleng kana mo botlhokong jwa pakatori!

9 Ee, go rerwa mo go tlhagafetseng ga boammaaruri jwa Bibela ke bano ba ba tloditsweng go ne ga golola batho mo lefatsheng lotlhe ba ba neng ba le mo bokgobeng jwa dithuto tsa maaka, ditumela-botlhodi, le ditlwaelo tse di seng kafa dikwalong (jaaka kobamelo ya bagologolwane, go boifa dipoko kana meya e e maswe, le go jelwa madi ke baruti). Ditlhogo fela tsa dithusa go ithuta tsa Bibela di bontsha moya o o gololang o di neng di na le one mo dimilioneng.b Ka gone mafoko a ga Jesu a itshupile a le boammaaruri, fa a ne a re barutwa ba gagwe ‘ba ne ba tla dira ditiro tse dikgolo’ go gaisa tse a di dirileng. (Yohane 14:12) Fa go bapisiwa le ketapele ya kgololo ya semoya e Jesu a neng a e dira fa a ne a rerela “bagolegwi kgololō,” batlhanka ba Modimo ba motlha wa gompieno ba dirile mo gogolo go gaisa​—ba fitlha kwa dimilioneng go dikologa lefatshe lotlhe.

10. Ke eng fa re ka lebelela gore kgololo e e oketsegileng e kgolo e tla a itemogelelwa?

10 Lefa go ntse jalo, gakologelwa gore mo lekgolong la ntlha la dingwaga kgololo e e oketsegileng e ne ya simologa ka Pentekosete 33 C.E. Koo Jubile ya Bokeresete e ne ya simologa ka “lecomanyane” ba ba neng ba tlaa itshwarelwa dibe tsa bone, se se neng se gogela gore ba nne “bana ba Modimo” kwa legodimong. Go tweng ka motlha wa rona? A dimilione tsa Bakeresete ba bangwe ba ba ineetseng ba ne ba ka gololwa mo dikgoleng tsa sebe ka tsela e e ntseng jalo ba keteka Jubile e kgolo? Ee, le moaposetoloi Petere o ne a supa seno fa a ne a bua ka “metlha ea cosholoshō ea dilō cotlhe, e Modimo o buileñ kaga eōna ka molomo oa baperofeti ba ōna ba ba boitshèpō, ba ba saleñ ba leeō le kwa tshimologoñ ea lehatshe.”​—Ditihō 3:21.

Jubile ya Dimilione

11. Lefitiko kgaolo 25 e akantsha jang gore re ka solofela kgololo e e potang ka kwa ga ya Iseraele wa semoya?

11 Ke se se lemosegang sentle gore gabedi mo go Lefitiko kgaolo 25 Baiseraele ba ne ba gakololwa gore mo go Jehofa ba ne ba le “batlhanka” ba gagwe ba a ba golotseng kwa Egepeto. (Lef 25 Temana 42 le 55) Kgaolo eno ya Jubile gape e umaka “bayaki” le ‘baeng ba ba mo gare ga bone.’ Bano ba na le ditshwani gompieno mo go “boidiidi yo bogolo” ba ba tlhakanelang le Iseraele wa semoya mo go boleleng mahoko a a molemo a Bokeresete.

12. Fa e sale ka 1935, ke tiragalo efe e e itumedisang e e ntseng e tsweletse?

12 Fa e sale ka 1935 “modisa eo o molemō” Jesu Keresete o tlisitse bao a neng a ba bitsa “dinku di sele” mo bokopanong jo bo tlhagafetseng jwa masalela a a tloditsweng. Bano o ne a tshwanetse go ba “lere,” mme ba ne ba tla nna “lecomane le le leñwe hèla” kafa tlase ga “modisa a le moñwe hèla.” (Yohane 10:16) “Dinku di sele” jaanong di tshwara dimilione. Fa o le mongwe wa bontsi jo bo itumetseng joo, o setse o bolelwa tshiamo jaaka tsala ya Modimo, mme jaaka bontlhanngwe jwa popo ya setho, o solofetse go “gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla” mo ‘metlheng ya tsosoloso’ e e tlang ya lefatshe. Seno ga se tsholofelo e e sa tlhomamang.​—Baroma 8:19-21; Ditihō 3:20, 21.

13. Ke masego afe a a kgethegileng a re tshwanetseng go a gakologelwa a a tla nnang gone morago ga “sepitla se segolo”?

13 Morago ga moaposetoloi Johane a sena go bona ba ba 144 000 ba ba itumelelang Jubile ya Bokeresete ba ba nang le tsholofelo ya go nna kwa legodimong, o ne a tlhalosa “boidiidi yo bogolo,” a re: “Ba, ke ba ba cwañ mo pitlaganoñ e kgolo, me ba tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana. Ke gōna kaha ba leñ ha pele ga setulō sa bogosi sa Modimo ka gōna; me ba o dihèla motshegare le bosigo mo tempeleñ ea ōna.”​—Tshenolō 7:14, 15.

14, 15. Ke eng fa bao ba “boidiidi yo bogolo” ba na le lebaka le le kgethegileng la go itumela gone jaanong?

14 Le eleng jaanong jaana, pele ga sepitla se segolo, bano ba na le tumelo mo mading a a tsholotsweng a ga Keresete ka jalo ba solegelwa molemo ke loso lwa gagwe la setlhabelo. Gape ba itumelela go bo ba golotswe mo go Babelona o Mogolo, ba na le segakolodi se se phepa fa pele ga ga Jehofa Modimo, le tshiamelo ya bone ya go tlhakanela mo go diragatseng Mathaio 24:14 ka go rera mafoko a a molemo a Bogosi pele ga bokhutlo bo tla.

15 Lefa go ntse jalo, go tweng ka tebelelo ya boidiidi jo bogolo jo bo golotsweng mo sebeng se ba tsetsweng ka sone le bosaitekanelang? A nako eo e gaufi? Re na le lebaka le le utlwalang la gore mo gare ga rona go santse go na le losika lwa setho lo Jesu Keresete a neng a bolelela pele gore lo ne lo ka seke lo fete go fitlhelela dilo tse di boleletsweng pele di ne di tla a bo di diragaditswe. (Mathaio 24:34) Ka gone moo, bofelelo jwa ‘bokhutlo jwa metlha’ bo tshwanetse go bo bo le gaufi thata.​—Mathaio 24:3.

Dikarolo tse di Wetsang Jubile ya Bokeresete

16. Boemo jwa rona ke bofe mo tiragatsong ya maikaelelo a Modimo, mme ke eng se se kwa pele?

16 ‘Ntwa ya letsatsi je legolo ja Modimo Mothatayotlhe’ e tla ka bofefo, mme masalela a “lecomanyane,” gammogo le “boidiidi yo bogolo” jwa balekane ba bone ba ba boikanngo, ba tla boloka bothokgami mo go Jehofa Modimo le go solofela go nna le tshireletso ya bomodimo. Ba emetse phenyo e kgolo ya ga Jehofa mo masomong a baba ba gagwe, go ipusolosetsa jaaka Molaodi wa Lobopo Lotlhe. Abo seno e tla nna karolo e e tla wetsang go ipelela ga bone kgololesego ya Bokeresete!​—Tshenolō 16:14; 19:19-21; Habakuke 2:3.

17. Dimilione di sa ntse di tla amogela jang kgololo mo Jubileng e kgolo?

17 Puso ya Kgosi e e fentseng Jesu Keresete mo lefatsheng le le phepafaditsweng e tla latela, ka bolaodi jwa lobopo lotlhe jwa ga Jehofa bo tlhomamisitswe, le ka Jesu Keresete a laola lefatshe lotlhe ka mo go feletseng jaaka Kgosi ya Dikgosi le Morena wa Barena. Mme he o tla dirisa ka tlhamalalo molemo wa setlhabelo sa gagwe mo dimilioneng tsa batho, go akareletsa le ba ba tsositsweng, ba ba nang le tumelo le ba ba amogelang ka go rata go itshwarelwa ga dibe moo Modimo a tla go tlisang ka Keresete. Seno se tla supiwa ke Modimo ka go phimola “dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.” (Tshenolō 21:3, 4) Fa seno e se kgololo ya boammaaruri, ke eng?

18. Fa go tshwantshanngwa ke eng se se tshwanang le sebopego sa Jubile ya bogologolo, ke eng se se tla a diragalang mo lefatsheng mo tsamaisong e ntšha?

18 Mo godimo ga tsotlhe, lefatshe ga le kitla le laolwa, le go kgotlelwa, le go senngwa ke batho ba ba bogagapa, bagwebi, le mebuso ya batho. (Tshenolō 11:18) Go na le moo, le tlaa busediwa mo baobameding ba boammaaruri. Ba tla neelwa boikarabelo jwa tiro e e kgatlhisang ya go tlhakanela mo tiragatsong ya sebele ya boperofeti jwa ga Isaia: “Me ba tla aga matlo, ba nna mo go aōna: ba tla tlhōma masimo a mafine, ba ya mauñō a ōna. Ga ba ketla ba aga, me go nne o sele; ga ba ketla ba tlhōma me go ye o sele . . . Ga ba ketla ba kgokgolèla lehèla, leha e le go tsalèla thekisègō bana; gonne bōnè ke losika loa basegōhadiwi ba ga Yehofa.” (Isaia 65:21-25) Kwa bokhutlong jwa Puso ya dingwaga tse di Sekete masalela otlhe a boleo jo bo ruilweng le bosaitekanelang a tla bo a tlositswe mme batho ba Modimo ba ba boikanyego mo lefatsheng ba tla bo ba keteka setlhoa se Jubile e felelang ka sone. Ka jalo kgololo e e neng e boleletswe pele ke Jubile e tla bo e diragaditswe.​—Baefesia 1:10.

Morago ga Setlhoa sa Jubile sa Puso ya Dingwaga tse di Sekete

19, 20. Satane le badimona ba tla a leka jang go itlhakanya le masego a a tswang mo Jubileng ya Dingwaga tse di Sekete, mme matswela e tla a nna eng?

19 Tshenolō 20:1-3 e bolelela pele gore Satane Diabolo, mmusi wa badimona, o tlaa bo a seyo ka dingwaga tse di sekete tsa puso ya ga Keresete mo losikeng la motho. Fa, kwa bokhutlong jwa puso ya Dingwaga tse di Sekete, Diabolo le badimona ba gagwe ba tlaa bo ba gololwa ka sebakanyana, meya e e bosula eno e tlaa bona lefatshe, eseng le le mo seemong se e le tlogetseng le le mo go sone, mme le le paradaise ya lefatshe lotlhe e e bontle jo bo senang tlhaloso. Ba tla bona lefatshe le agilwe ke “boidiidi yo bogolo” jwa ba ba ikanyegang le dikete tsa dimilione tsa batho ba ba tsositsweng mo baswing ba Jesu Keresete a ileng a ba swela jaaka setlhabelo sa thekololo. Kwa bokhutlong jwa Puso ya Dingwaga tse di Sekete, Jubile ya Bokeresete e tla bo e diragaditse maikaelelo a yone a go golola gotlhelele losika la motho mo diphelelong tsa sebe. (Baroma 8:21) Abo e tla bo e le matlhabisa ditlhong a bosatane jang ne go mongwe fela go leka go senya seemo se sentle seo! Mme ka tetla ya Modimo mothatayotlhe, Diabolo o tla dira maiteko a gagwe a bofelo go dira seno, mme o tla tlhasela ka go shakgala mo gogolo. Mme phelelo ya seno e kwadilwe jaana mo go Tshenolō 20:7-10, 14:

20 “Me e tla re dinyaga tse di makgolo a shomè di sena go heta, Satane o tla gololwa mo tluñ ea kgolegèlō ea gagwè, Me o tla cwa a ea go tsietsa merahe e e mo dintlheñ coo nnè tsa lehatshe, Gogo le Magogo, go ba phuthèla kwa ntweñ: ba palō ea bōnè e ntseñ yaka ea moshawa oa lewatlè. Me ba saila hèla ba ralala boatlhamō yoa lehatshe, me ba dika botlhaolèlō yoa baitshepi, le ōna motse o o ratègañ: me molelō oa hologa mo legodimoñ, oa ba laila. Me Diabolo eo o ba tsieditseñ a latlhèlwa mo bodibeñ yoa molelō le sulefura.”

21. Morago ga Jubile ya Bokeresete e felela ka Dingwaga tse di Sekete, ke karabelo efe ya bomorwa Modimo ba selegodimo e e tla a tshwanang le ya Jobe 38:7?

21 Kgololo ya boammaaruri, e e tlisitsweng ke thulaganyo ya Jubile, e tla tswelela go itumelelwa gongwe le gongwe; dibopiwa tsotlhe di tla a bo di gololesegile mme di tla a bo di tlotla Ene yo e leng ene a le esi a tshotseng leina la Jehofa. (Pesalema 83:18) Se se tla a bo se le boammaaruri jaaka Jehofa a tswelela pele go diragatsa maikaelelo a gagwe mo lebopong lotlhe. Fa lefatshe le ne le bopiwa, pele ga motho a bewa mo go lone, ‘dinaledi tsa moso di ne tsa opela mmogo, le bomorwa Modimo botlhe ba thela loshalaba lwa boitumelo’ ka go bona pono e ntle. (Yobe 38:7) Abo ba tla a dira jalo mo go golo fa ba bona lefatshe le agilwe ke banna le basadi ba ba supileng ineelo e e feletseng le bothokgami go Modimo mothatayotlhe.

22. Boikutlo jwa rona e tshwanetse go nna bofe, tumalanong le kgothatso e re e fitlhelang mo go Pesalema 150:1-6?

22 Jaaka dilo di ntse di tlhalosiwa go ya kafa leseding le le phatsimang le lentle le le gasiwang mo Dikwalong, ga re kake ra dira ka tsela e sele fa e se go itumela ka go rata le magodimo mme re re, Haleluja! Eno ke kgothatso go rona e buka ya Dipesalema e digelwang ka yone: “Haleluja. Bakang Modimo mo helong ga Gagwe ga boitshepo, o bakeng mo phuthologong ya thata ya One. O bakeleng ditiro tsa One tsa bonatla, o bakeleng ka ha bogolong jwa One jo bo gaisang. O bakeng ka tumo ya lonaka. O bakeng ka saletare le harepa. O bakeng ka moropana le ka go bina: O bakeng ka diletso tse di megala le ka ditlhaka. O bakeng ka disemebala tse di tumo kgolo; o bakeng ka disemebala tse di dumang ka lentswe le le kwa go dimo. A dilo tsotlhe fela tse di nang le moya di bake MORENA. Haleluja.”​—Pesalema 150:1-6 Tanakh Bible (1985), Jewish Publication Society of America.

[Dintlha tsa kwa tlase]

a Makasine o mosha o ne wa gololwa koo o o neng o tshwanetse go “tshwana le lentswe mo nageng ya tlhaka-tlhakano, boikaelelo jwa ona [e le] go itsise ka Motlha o Montle o o neng o tla.” Gompieno makasine ono o bidiwa Awake!

b Millions Now Living Will Never Die (1920); Deliverance (1926); Freedom for the Peoples (1927); Liberty (1932); “The Truth Shall Make You Free” (1943); What Do the Scriptures Say About “Survival After Death”? (1955); Life Everlasting—In Freedom of the Sons of God (1966); Boamarure Jo Bo Isang Botshelong Jo Bosakhutleng (1970); The Path of Divine Truth Leading to Liberation (1980).

O ne o ka Araba Jang?

◻ Barutwa ba ga Jesu bane ba gololwa mo go eng ka Pentekosete ya 33. C.E., mme seo se ne se tshwaya tshimologo ya eng mo go bone?

◻ Ke eng fa go utlwala go lebelela kgololo e kgolwane go feta e e diragetseng mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

◻ Ke mofuta ofe wa go golola o o saleng o tswelela fa e sale 1919?

◻ “Dinku di sele” di tla a solegelwa molemo jang mme leng mo Jubileng e kgolo?

◻ Morago ga setlhoa sa Jubile, lefatshe le tlaa bo le ntse jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Go bolelwa ga kgololo kwa Cedar Point, 1919

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

“Dinku di sele” di tlhakanela mo Jubileng ya Dingwaga tse di Sekete

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela