A Go Bakwe Modimo, Motswedi wa Botshelo le Kgolo
Jaaka go boletse Eduard Warter
MATLHO a kgatlhwa ke go bona makhubu a dithaba a a etlang a kgabaganngwa ke mafika a a kotlomelang kwa tlase le mekgatšha e e atlhameng. Metsi a phothosela mo meseleng—a nosetsa ditshingwana, matlhagare a mafine, le masimo mo mafelong a a ungwang sentle. A mme mmogedi o lemoga fa Motswedi wa botshelo, yo o kgonisang kgolo e, a tshwanelwa ke pako?—Pesalema 36:9.
Naga e ntle eno e e tlhabetsweng sentle ke letsatsi ebile e le dithaba e mo Kirghiz Republic—repaboliki e e nang le batho ba le bantsi ya Soviet mo Central Asia. Masome a dikete a baagi ba Soviet ba ba tlholegang kwa Jeremane ba nna koo. Ba lelapa la gaetsho le bone ba kile ba nna mo lefelong leno le le ungwang ka nakwana, mme re ne re tle re gakgamadiwe ke Modimo yo o tlhogisang dilo ka tsela e ntle eno. Ee, re ne re mmaka re bile re bolelela ba bangwe phatlalatsa ka ditiro tsa gagwe tse di ntle.
Go Utlwa Motswedi wa Botshelo
Fa ke ne ke tsholwa ka 1901, batsadi ba me ba ne ba nna mo Memelland (e jaanong e bidiwang Klaipėda), e ka nako eo e neng e le karolo ya East Prussia, mo lotshitshing lwa Baltic, mo e ka nnang dikilometara di le lesome go tswa mo molelwaneng wa Russia. Fa ke ntse ke tsena sekolo, ntwa ya ntlha ya lefatshe e ne ya simologa, mme re ne ra iponela ka matlho go bolawa mo go setlhogo ga batho ba bantsi. Rona baagi ba ba mo molelwaneng ba Majeremane re ne re utlwana sentle le baagelani ba rona ba Ma-Russia mme re ne ra ipotsa ra re: ‘Molato tota e ne e le wa ga mang? Modimo o ne o le mo letlhakoreng la ga mang?” Lefa go ntse jalo, kwa sekolong, dikgoeletso tse di tshwanang le “Go Modimo, Mmusi-mogolo, le Naga” di ne tsa tsosa maikutlo a semorafe.
Kgabagare, morago ga ntwa, ke ne ka ineela mo tlhotlheletsong e, ka ithaopela go ya go direla mo go diseng molelwane mme moragonyana mo Sesoleng sa Jeremane mo Königsberg, e jaanong e bidiwang Kaliningrad. Fa ke le koo ka fitlha phetsong ya gore lesole le le tlwaelegileng e ne e le sedirisiwa fela, se se kgarakgatshediwang gongwe le gongwe ke maikutlo a ba bangwe. Morago fela ga go kopanngwa ga Memelland le Lithuania ka January 1923, mmè o ne a nkwalela a re: “Ga o a tshwanela go ya ntweng, ka go bo molao wa botlhano wa re, ‘O seka wa bolaya.’ Baithuti ba Bibela [Basupi ba ga Jehofa] le bone ga ba ye ntweng.” Ke ne ka gakgamala. Baithuti bano ba Bibela e ne e le bomang? Fa ke le mo malatsing a boikhutso kwa gae, ke ne ka ithuta ka boammaaruri jwa bone jwa motheo jwa Bibela. Bo ne jwa nkama fela thata—pono ya me yotlhe ya bodumedi le bopolotiki mo botshelong e ne ya fetoga fela thata.
Jaanong ke ne ka lemoga gore bofelo jwa tsamaiso ya gompieno e e boikepo ya dilo bo ne bo le gaufi, go sutela Bogosi jwa Modimo. Ke tla bo ke senyetsang nako e ntsi go thusa Jeremane gore e boele e eme sentle? Kwantle ga tiego ke ne ka dira dithulaganyo tsa go tlogela bosole, mme ka boela legaeng la me go ithuta mo go oketsegileng kaga boammaaruri jono. Ke ne ka kolobediwa moragonyana ka 1924, mme ke ne ka tlhaloganya seno sentle: Kgato eno e ne e raya go direla Modimo, eseng go fitlha nakong e e rileng, mme go ya go ile le mo mabakeng mangwe le mangwe. Pelo ya me e ne e tletse ka boitumelo. Ke ne ke neetswe tshiamelo e e kwa godimo go di feta tsotlhe ya rona batho ba ba bokoa—go direla Mogodimodimo le go isa molaetsa wa gagwe go ba bangwe.
Ke ne ka ikemisetsa go itshupa ke na le mosola. Re ne re tshwanetse go akaretsa karolo e kgolo ya motse wa selegae o o nang le matlo a a gasameng le magae a dipolase. Ka gone ka Disontaga go ne go tlwaelegile gore re tsamaye dioura tse di tlogang go 10 go ya go 12 re isetsa batho molaetsa. Badumedi-ka-rona ba ba nang le magae a matona ba ne ba letlelela gore dipokano tsa Bokeresete di tshwarelwe mo go one. Go ne go sena lefelo lepe le le kgakala, lefa e le maemo a bosa a a maswe thata, a a neng a ka re thibela go ya diphuthegong tseno tse di botlhokwa. Di ne tsa re thatahaletsa dinako tse di boima tse di kwa pele.
Go Mmaka le Eleng Tlase ga Pitlagano
Tiro ya Bogosi e ne ya simolola go gola mo dinageng tsa Baltic, mme jaanong ya tlhokomelwa ke Ofisi ya Yuropa Bokone ya Mokgatlho wa Watch Tower mo Denmark. Ke ne ka nyala ka 1928, mme nna le mosadi wa me Ruth re ne re kopanela le Phuthego ya Hydekrug. Fa bakaulengwe ba rona mo Jeremane ya Nazi ba ntse ba boga pogiso e e botlhoko, rona re ne ra nama re sa babalesegile—go fitlhelela ka 1939. Phakela mo mosong wa March 22, go ne ga utlwala dikgang tse di reng: “Memelland e golotswe! Führer o e tla!”
Modumo o o tshosang wa difofane tse dintsi tse di fofang mo godimo o ne wa tlhodia mo ditsebeng tsa rona mo mosong otlhe. Puso ya ga Hitler e ne e simolotse. Letsatsi lone le le latelang magae a Basupi ba ga Jehofa otlhe a ne a phorophodiwa, mme Basupi bangwe ba ne ba tshwarwa. Dibuka tsa rona, le eleng Dibibela, di ne tsa gapiwa tsa ba tsa tshubiwa phatlalatsa mo marekisetsong. Fa fela tiro ya rona e sena go thibelwa ra bo re simolola go direla mo sephiring, re tsamaisa dibuka le go etela ba ba kgatlhegang ka sephiri.
Fa Ntwa ya Lefatshe II e simologa, ke ne ka bilediwa tirelo ya bosole. Ke ne ka gana kwantle ga tika-tiko, mme Kgotla-kgolo ya Sesole ya “Reich” mo Berlin e ne ya nkatlholela loso ka April 10, 1940. Mosadi wa me o ne a ya go tsewa kwa gae go tla go ntlhotlheletsa gore ke tsenelele mo bosoleng. Mme le ene a fela a sa tshikinyege, a ba a kgatlha mmereki yo o godileng, yo o neng a akgela ka gore: “Tota le nna ke a dumela, o akantse sentle. Ntwa e setlhogo.” Mosadi wa me o ne a sala a sena motlhokomedi yo o ka mo tlhokomelang, bana ba rona ba bane, le mmaagwe yo o tsofetseng. A mme Ruth o kile a ngongorega? Mo dikwalong di sekae tse a neng a letlelelwa go di kwala, o ne a nkgothaletsa go nna ke ikanyegile mme eseng go nna bokoa ka ntlha ya baratiwa ba ba setseng kwa morago.
Ka October 1940 katlholo ya me e ne ya tlosolosiwa. Lefa go ntse jalo, ke ne ka nna ke disitswe mo mafelong a kgolegelo a a farologaneng, ka felela kwa kampeng ya pogisetso kwa Stutthof, gaufi le Danzig (Gdansk wa gompieno). Basupi ba ba ikanyegang ba ba neng ba setse ba le mo dikampeng, jaaka Joseph Scharner, Wilhelm Scheider, Herman Raböse, le Hermine Schmidt, ba ne ba felela e le balekane bame ba bagolo, ebile ba ne ba nonotsha tumelo ya me.”a Koo, mo gare ga magolegwa a ntwa a le 30 000, botlhe ba atlhotswe ba bile ba sena tsholofelo, re ne ra nna le tshiamelo ya go tlisa kgomotso ya Bogosi jwa ga Jehofa.
Go Lebogela Molemo wa ga Jehofa
Ka January 1945, jaaka ntwa go tswa botlhaba e ntse e atamela thata, magolegwa a simolola go ntshiwa mo dikampeng. Mo boemela-dikepeng jwa Danzig, sekepe sa Wilhelm Gustloff se ne se re emetse go re isa bophirima. Ka go tla morago thata—re ne ra fitlhela gore sekepe se sengwe se se kwa pele se ne se phatlakantswe ke difofane tsa ntwa—re ne ra falola se se neng sa felela e le loeto lwa dikepe lwa matlhotlhapelo, ka gonne ke ba sekae fela ba ba neng ba falola go nwela ga sekepe seo.b Go tswa foo re ne ra emisiwa ka nakwana mo lefelong le le ageletsweng ka tereta re na le magolegwa a mangwe a a ka nnang 200. Ka baka la maemo a a seng phepha, ke ne ka tsenwa ke bolwetse jwa letshoroma. Go tswa foo ga tswa taolo e e reng: “Boelang kampeng ya Stutthof!” Ka baka la go gotela thata, ke ne ke palelwa ke go tsamaya, mme ke ne ka kgona go tsamaya sebaka se se leele fela ka thuso ya mokaulengwe, Hans Deike. Go ne ga tsaya malatsi a a lesome gore letshoroma le kokobele ke le mo kokelwaneng ya kampa.
April 25, 1945, e re fitlhetse re le mo tseleng re boela kwa lotshitshing la lewatle. Ke ne ke santse ke lwala thata, mme bokgaitsadi ba ne ba tshwara bothata go nthusa go ema sentle. Lefa go ntse jalo, bangwe ba bone ba ne ba opela dipina tsa rona. Re ne ra olelwa fela mo mokorong o mmotlana wa noka go simolola loeto lwa rona lo lo kotsi. Ka re ne re le batho ba ba fetang 400, mokoro o ne o kgotlhokgotsega fela thata. Go dira gore mokoro o tsamaye sentle, magolegwa a ne a itewa le go patelediwa go fologela mo mabolokelong a dilwana a a kwa tlase. Koo, batho ba ne ba robetse mo godimo ga ba bangwe tota. Ba ba suleng ba ne ba latlhelwa ka kwantle mo lewatleng. E ne e le lesego go bo setlhopha sa rona se se botlana sa Basupi ba le 12 se ne sa letlelelwa go nna mo teng ga mokoro, mme re ne ra lebogela Modimo seo.
Re ne ra goroga moso o o latelang, re sitilwe tota kwa Sassnitz mo setlhaketlhakeng sa Rügen. Baagi ba koo ba ne ba re siela metse a a phepha fela, ka ba ne ba sa batle go re amogela. Mo bosigong jwa April 29/30, mokoro wa rona o ne wa emisiwa fa go leng mafika a a kafa tlase ga metse gaufi le setlhaketlhake sa Eulenbruch. Mokoro o o gogang e mengwe o ne o gololetse wa rona mo lefelong le le tletseng ka dithunyi tse di kafa tlase ga metse mme wa bo o nyelela. A e ne e le yone tsela ya go re nyeletsa? Fa re utlwa mafika a a kafa tlase ga metse a kgobola bokafatlase jwa mokoro, re ne ra tshepa mo Modimong gore o seka wa re tlogela.
Masole a a disang lotshitshi a ne a re ntshetsa kwantle ka mekoronyana e mennyennyane ya direkere. Bakgweetsi ba mokoro wa rona ba ne ba patelediwa ba supilwe ka ditlhobolo go tsweledisa loeto ka mokoro o mongwe. Mafelo a boemela-dikepe otlhe a Jeremane a ne a tletse ka Masole a Baba, jalo re ne ra ba feta mme phelelong ra tlhatlogela mo setlhaketlhakeng sa Denmark sa Møn. Fa labofelo jaanong re setse re gololesegile, re ne ra botsa ba ba re lebeletseng gore a go ne go na le bangwe ba Basupi ba ga Jehofa mo setlhaketlhakeng seo. Mo dioureng di le pedi fela re ne re setse re tlamparelwa ka boitumelo ke bokgaitsadi ba babedi. Abo ba ba neng ba lebeletse ba ne ba gakgamala jang ne. Fa fela ofisi ya lekala ya Watch Tower Society e ne e utlwalela ka go goroga ga rona, Filip Hoffmann o ne a romelwa go tla go rulaganyetsa gore re neelwe tlhokomelo e e lorato le kelotlhoko. Abo re ile ra leboga Jehofa jang ne!
Modimo o fa Botshelo le Kgolo
Ka bofefo fela re ne ra kgaogana le pogo eo mme re ne ra itumela fa ka September re ne re nna teng mo kopanong ya Basupi ba ga Jehofa mo Copenhagen. Basadi ba banana ba le babedi, mo-Latvia le wa mo-Ukraine, ba ba neng ba ithutile boammaaruri mo kampeng ya Stutthof ba ne ba kolobediwa. Ka bobedi ba ne ba boela Soviet Union e le bokgaitsadi ba rona ba semoya. Mme Modimo o ne o santse o tla re neela kgolo e e oketsegileng!
Memelland jaanong e ne e le karolo ya Soviet Socialist Republic of Lithuania. Phapaanong le dikgakololo tsa batshabi ba Russia, ke ne ka tsaya tsela ka leba botlhaba ka June 1946 go kopana le lelapa la me gape. Ke ne ka tsaya morwalo o o bokete wa dibuka tsa Bibela. Fa ke tlola molelwane, batlhokomela-molelwane ba ne ba tlhokomologa morwalo wa me, ba lebile fela gareleke e ntsi e ke neng ke e tshotse. Abo bakaulengwe ba lefelo la rona ba ile ba itumela jang ne go amogela dijo tsa semoya tse di botlhokwa!
Ke ne ka leboga Jehofa tota go bo a bolokile lelapa la me ka mo go gakgamatsang mo ntweng le mo dinakong tse di thata morago ga moo, gore re tle re tsweledise tiro ya rona. Ga re ise re ke re kgaotse go baka Modimo!
Maswabi a a Botlhoko
Lefa go ntse jalo, ka September 1950 Basupi botlhe mo lefelong la rona ba ne ba tshwarwa mme ba isiwa go sele. Bontsi jwa rona re ne ra atlholelwa dingwaga tse di magareng ga 10 le 25 re bereka mo dikampeng. Botlhe ba malapa a rona ba ne ba tshedisediwa molelwane kwa Siberia go ya go tshela botshelo jotlhe koo.c
Seno e ne e le maswabi a a botlhoko go rona, mme ka bofefo re ne ra lemoga gore, molaetsa wa Bogosi o ne o tshwanetse go gasiwa gape le mo nageng eno e tona. E ne ya nna tshiamelo ya me, gammogo le Basupi ba bangwe ba ka nna 30, go rerela magolegwa a ntwa a le 3 000 a kampa ya Vorkuta mo bokone jwa Yuropa wa Russia. Bontsi bo ne jwa amogela boammaaruri, ba kolobediwa, mme ba tsweledisa tiro mo masimong a a sa rerelwang morago ga go gololwa.
Morago ga dingwaga tse di ka nnang tlhano, mo dikgakologong tsa 1957, ke ne ka letlelelwa go ya lefelong la Tomsk, mme seno se ne sa kopanya lelapa la rona gape. Bakaulengwe ba rona mo Siberia ba ne ba tshwanelwa ke go bereka go tswa mosong go ya phirimaneng, kwantle ga go ikhutsa ka letsatsi lepe. Labofelo, mo e ka nnang botlhe ba ba neng ba latlhetswe koo ba ne ba gololwa, mme Majeremane a mantsi a a tswang borwa a ne a latela. Jaaka go umakilwe kwa tshimologong, re ne ra thibelela mo Repaboliking ya Asia ya Bogare ya Kirghiz ka 1960. Fano, mo toropong ya Kant gaufi le Frunze, re ne ra fitlhela malapa a mantsinyana a Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba gorogile pele ga rona.
Dingwaga di sekae tsa ntlha di ne tsa feta fela ka kagiso. Jaaka metse a boammaaruri a simolola go elela, paradaise ya semoya e ne ya simolola go gola mono le mo dikarolong tse dingwe tsa naga eno. Lefa go ntse jalo, go baka Jehofa ga rona mo go tlhagafetseng go ne ga seka ga tlhoka go lemogiwa. Bo-radikgang ba ne ba kwala dikgang tse di seng boammaaruri kaga rona. Baeteledipele ba bodumedi jo bo kwadisitsweng kafa molaong ba ne ba re thibela go etela “dinku’” tsa bone, ba re tshosa ka gore ba tla re tseela kgato. Ka 1963 bakaulengwe ba le batlhano ba ne ba phamolwa mo gare ga rona mme ba atlholelwa go tloga ka dingwaga tse supa go ya go di le lesome ba bereka mo dikampeng. Boemo jwa bakaulengwe ba rona jwa go sa boife le go sa ineele mo kgotla-tshekelong bo ne jwa gakgamatsa batho. Ba ne ba bona gore go na le batho ba ba ikaeletseng go ‘utlwa Modimo go na le batho.’—Ditihō 5:29.
Fa ke fitlha mo ngwageng wa go lesa tiro, re ne ra bolelelwa gore re tla letlelelwa go fudugela kwa Federal Republic of Germany. Pele ga re emelela, bakaulengwe le bokgaitsadi mo Kirghiz le mo Kazakhstan Borwa ba ne ba gatelela gore re fetisetse lorato lwa bone lo logolo le ditumediso, ka Yobe 32:19-22 le Yeremia 20:9, 10, go Basupi ba ga Jehofa botlhe lefatshe ka bophara. Nna le Ruth re sa le re ntse mo Bremerhaven fa e sale go tloga ka 1969. Go sa kgathalesege go gola, re tswelela go bakela Jehofa, Motswedi wa botshelo le kgolo, molemo wa gagwe. Ka tlhomamisego re lebile pele nakong eo lefatshe lotlhe e tla bong e le paradaise ya mmatota, mme sengwe le sengwe se se tshelang se mmaka!—Pesalema 150:6.
[Dintlha tsa kwa tlase]
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Eduard le Ruth Warter gompieno
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Setlhopha sa Basupi go tswa kampeng ya pogisetso ya Stutthof morago ga ba sena go goroga mo Denmark ka 1945, Eduard Warter o kafa molemeng kwa bofelong, ba amogelwa ke mokaulengwe wa koo