LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 3/1 ts. 25-29
  • Go Dira Dilo Tsotlhe Sesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Dira Dilo Tsotlhe Sesha
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Sebopiwa se Sesha” Kafa Tlase ga Letsatsi
  • ‘Boshafatso jwa Dilo Tsotlhe’
  • “Metlha ea Cosholoshō”
  • Go Tlhagisiwa ga Dibopiwa Tse Disha!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Motlha wa Boshafatso jwa Dilo
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
    “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 3/1 ts. 25-29

Go Dira Dilo Tsotlhe Sesha

“Me eo o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, a re, Bōnañ, dilō cotlhe ke di diha sesha. Me a re, Kwala: gonne mahoko a, a boikañō, le boamarure.”​—TSHENOLŌ 21:5.

1, 2. (a) Solomone o ne a botsa potso efe mo dingwageng di le dikete tse tharo tse fetileng? (b) Ke eng seo, gompieno, se lebegang ekete se ganetsa mafoko a ga Solomone?

“GA GO na sepè se sesha tlhatse ga letsatsi.” Mafoko ao ke a Kgosi e e botlhale Solomone. Fa a ne a tswela pele, o ne a botsa gore: “A go na le señwe se batho ba buañ kaga shōna, ba re, Bōnañ, se ke se sesha?” (Moreri 1:9, 10) Re ne re tla araba potso eo jang gompieno?

2 A boitseanape le boranyane ga di a tlisa dilo di le dintsi tse disha mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga? A o ke o lebe tsa dipalangwa fela, ka difofane tsa gone tsa dijete, dijanaga tsa gone tse di nang le maatla a magolo, le diterena tsa gone tse di lebelo go gaisa. Mme go bo go nna le dikgatelopele tse di jesang kgakge mo go tsa ditlhaeletsanyo, go dirisiwa ga disathalaete tse di dikologang, le go ribololwa ga disutlha-lefaufau tseo tota di ileng tsa isa motho kwa ngweding. Mme go tweng ka didirisiwa tsa segompieno tsa kitšhini, ditsidifatsi, dimatšhini tse di tlhatswang tseo di kgabisang magae a mantsi jaana? Batho bangwe ba ka sekamela mo go reng, ‘Aitsane, go na le sengwe le sengwe se sesha kafa tlase ga letsatsi!’

3. Ke boemo bofe jo bo boifisang joo bo leng gone mono “tlhatse ga letsatsi”? (Luke 21:25, 26; Pesalema 53:1)

3 Mme a o ke o iketle go se kae! Gape go na le selo se sengwe seo se iphitlhileng, seo se tshwenyang tota, seo se ka bonwang kafa tlase ga letsatsi. Ke eng? Aitsane, lefatshe le fetogile bothibelelo jwa go tlhabanela! Seno se simologile ka 1914 fa Ntwa ya Lefatshe I e ne e runya. Ditlhobolo tse di thuntshang ka botsone, difofane, dikoloi tsa ditanka tsa masole, le dikepe tsa ntwa di ne tsa dirisiwa lekgetlo la ntlha mo ntweng. Mo dingwageng tse di kafa tlase ga di le 30 Ntwa ya Lefatshe II e ne ya itelekela. E ne e le diphatsa makgetlo a le mane mo botshelong le mo dithotong go gaisa ntwa ya ntlha ya lefatshe. E ne ya dirisa didirisiwa tse di kotsi mo go maswe go feta moo​—mathompo a seele se se mogote, dibomo tsa napalm, mme kgabagare bomo ya atomiki​—tseo di tlileng pele ga didirisiwa tsa sedimona tsa nuklea tseo jaanong di tshosetsang go nna gone ga setho mono mo lefatsheng.

4. (a) Solomone o ne a lebisitse mo mogopolong ofe fa a ne a bua ka gore “ga go na sepè se sesha”? (b) Botlhale jwa Modimo le lorato lwa one di bonala jang mo go seo a se dirileng le seo a santseng a tla se dira “tlhatse ga letsatsi”?

4 A tota re ka re, he, “ga go na sepè se sesha tlhatse ga letsatsi”? Ee, re ka rialo, ka gonne dilo tseno tsotlhe tse di boletsweng ke bontlhanngwe jwa lefatshe le le bonalang leo setho se ntseng se nna mo go lone ka metlha. Le eleng fa motho a thuntsha didirisiwa tseo di tlhakanyang hydrogen, ga go gosha ka gope. Go tlhakanngwa ga hydrogen go ile ga nna ga diragala mo letsatsing ka diketekete tsa dimilione tsa dingwaga. Seno ke sone motswedi wa kgabo e e sa kgaotseng ya maikatlapelo ao a bonesang, a a thutafatsang, le go tsenya lefatshe la rona botshelo. Lesedi leo le tswang mo letsatsing le lone le kopana le tlolorofole e e mo dimeleng tse di tala, e aga disukiri le disetatšhe tseo e leng tsone motswedi wa konokono wa dijo tsa ditshedi tse dintsintsi tse di senang palo go re dikologa. Abo re ka leboga jang ne go bo Mmopi yo o botlhale-tlhale wa lefatshe a ile a rulaganyetsa go gololwa gono ga maatla a nuklea a a laolwang, a a mosola mo lefatsheng la rona! (Pesalema 104:24) Lemororo batho ba ba boikepo ba loga maano a go dirisetsa didirisiwa tsa nuklea go bolaya batho ba le bantsi, se se itumedisang ke gore Modimo o tla “senya bao ba senyañ lehatshe.”​—Tshenolō 11:18.

5. (a) Ke ka ntlhayang fa Solomone a ne a nepile fa a ne a re: “Ga go na sepè se sesha tlhatse ga letsatsi”? (b) Mokgwa oo motho a tshelang ka one o tshegetsa mafoko a ga Solomone jang?

5 Solomone o ne a nepile fa a ne a re: “Ga go na sepè se sesha tlhatse ga letsatsi.” Ka gonne ga go na sepe se sesha mo dilong tse di bonalang, metswedi ya maatla, le melao ya tlholego tseo di dirang motheo wa tsamaiso e e bonalang ya dilo ya lefatshe. Tseno ga di bolo go nna bontlhanngwe jwa popo ya Modimo. (Pesalema 24:1; Tshenolō 4:11) Ga go na sepe se sesha malebana le go tlhaba le go phirima ga letsatsi, mo maemong a bosa, le mo go nosediweng le go ntšhafadiweng ga tlholego go go ipoeletsang ga lefatshe. Mme fa e le ka mokgwa wa go tshela wa motho yo o sa itekanelang yo o swang, ga go na sepe seo tota se leng sesha, go sa kgathalesege mekgwa e e fetogang. Le eleng mo merafeng e e tlhabologileng, botshelo jwa ba le bantsi bo fetoga jo bo ipoeletsang, mme fa nako e ntse e tsamaya bo a “lapisa.” Mo dingwageng dingwe di le 70 kana di le 80, motho yo o kgotletsweng ke boleo ‘o ya kwa legaeng la gagwe le le sa khutleng’​—lebitla. Jaaka Solomone a boletse a re: “Selō se se neñ se nntse se leeō, ke shōna se se tla nnañ; le se se nntseñ se dihilwe ke se se tla dihwañ: me ga go na sepè se sesha tlhatse ga letsatsi.”​—Moreri 1:4-9; 12:5.

“Sebopiwa se Sesha” Kafa Tlase ga Letsatsi

6. (a) Ke ka ntlhayang fa go sa tshwanelwa ga lebelelwa dipopo tse disha tsa mo isagweng e e fa gaufi? (b) Jehofa o ne a tswela pele jang go tlhagisa sengwe se “sesha tlhatse ga letsatsi” mme leng?

6 Eleruri, ka tsela ya dilo tse di ka bonwang ka matlho “ga go na sepè se sesha tlhatse ga letsatsi.” Kana gone gore Jehofa o tla tlhagisa dilo tse disha tse di bonalang mo letsatsing leno la ga jaanong la dingwaga tse 7 000 la go ikhutsa mo ditirong tsa gagwe tsa popo. Mme go ile ga tlhaga sengwe se sesha kafa tlase ga letsatsi. Leng? E ne e le ka ngwaga wa 2 B.C.E. fa moengele wa ga Jehofa a ne a tlhaga ka tshoganyetso mo badiseng ba ba boikokobetso gaufi le Betlelehema go dira kitsiso e ntšha e e tlhomologileng. O ne a re: “Bōnañ, ke lo lereditse mahoko a a molemō, a boitumèlō yo bogolo, yo bo tla dihalèlañ batho botlhe. Gonne, gompiyeno, mo motsiñ oa ga Dafide, lo tsalecwe Mmoloki, eo e leñ Keresete Morèna.” Boidiidi jwa baengele ba ba boitshepo morago ga moo ba ne ba kopanela le ene go baka Modimo le gore: “Kgalalèlō e nnè go Modimo kwa bogodimodimoñ, le kagishō e nnè mo lehatshiñ, mo bathuñ ba o kgatlhègañ thata mo go bōnè.”​—Luke 2:8-14.

7. (a) Ke selo sefe se sesha se se neng sa diragala fa Jesu a ne a kolobediwa? (b) Jesu o ne a bulela ditiragalo tse dingwe tsela jang?

7 Fa Mmoloki yono a ne a na le dingwaga di le 30, o ne a kolobediwa mo metsing a Joredane. Ka bonako fela, go ne ga diragala selo se sengwe se sesha kafa tlase ga letsatsi. Luke 3:21, 22 e se tlhalosa ka mafoko ano: “Me a [Jesu] rapèla, legodimo ya atlhamologa, Me Mōea o o boitshèpō oa hologèla mo go èna o na le popègō ekete ea lephoi, me ga cwa lencwe mo legodimoñ, ye le reñ, U morwaake eo o ratègañ; ke itumetse thata mo go wèna.” Ka nako eo Jesu o ne a fetoga “sebopiwa se sesha,” Morwa wa Modimo yo o tloditsweng ka moya. (2 Bakorintha 5:17) Mo dingwageng di le tharo le sephatlho tse di latelang, Jesu o ne a supela Bogosi jwa Modimo ka maatla, a phutha barutwa ba gagwe ba ntlha. Morago ga moo, ka 33 C.E., morago ga loso lwa gagwe lwa setlhabelo le tsogo ya gagwe jaaka moya, Jesu o ne tlhagelela “ha pele ga sehatlhōgō sa Modimo” go bulela ditiragalo tse dingwe tse di kgatlhisang tsela gone mono “tlhatse ga letsatsi.”​—Bahebera 9:24; 1 Petere 3:18.

8. “Sebopiwa se sesha” se ne sa tlhagisiwa jang?

8 Ka letsatsi la Pentekoste mo go yone ngwaga eo, Jesu o ne a simolola go tshololela moya o o boitshepo mo barutweng ba gagwe ba ba ikanyegang, a supa gore ba ne ba tlisitswe mo bongwefeleng le ene jaaka barwa ba Modimo. Moaposetoloi Paulo o bua ka “sebopiwa se sesha” seno mo go 2 Bakorintha 5:17, 18, fa a re: “Me ke gōna, ha motho a le mo go Keresete, oa ba a le sebopiwa se sesha: dilō tsa bogologolo di hetile; bōnañ, di nntse dincha. Me dilō cotlhe di cwa mo Modimoñ, o o re itetlanyeditseñ ka Keresete, me tihèlō ea tetlanyō oa e naea rona.”

9. “Sebopiwa se sesha” se diragatsa boikaelelo bofe?

9 Moaposetoloi Petere o bua ka “sebopiwa se sesha” seno, fa a re: “Me lona, lo losika lo lo itshenkecweñ, lo boperisito yoa segosi, morahe o o boitshèpō, lo chaba e e ruilweñ ke Modimo sebele, gore lo tlè lo bonatsè go tlotlomala ga eo o lo biditseñ, a lo bitsa lo le mo lehihiñ a lo isa mo lesediñ ya gagwè ye le gakgamatsañ.” (1 Petere 2:9) Fa boperisito jono jo bo ikanyegang bo ne bo le mo lefatsheng mono, bo ile jwa bolela “ditihō tse dikgolo tsa Modimo” tseo di amanang le maikaelelo a Bogosi jwa one ka tlhoafalo. Bao eleng ba “sebopiwa se sesha” seno bao ba fetsang tiro ya bone ya mo lefatsheng ka bothokgami ba tsosiwa fa Jesu a sena go tla mo tempeleng ya ga Jehofa.​—Ditihō 2:11; Baroma 8:14-17; Malaki 3:1, 2.

‘Boshafatso jwa Dilo Tsotlhe’

10. (a) Jesu o ne a bolelang kaga ‘boshafatso’ jwa dilo tsotlhe? (b) Bao eleng ba “sebopiwa se sesha” ba lalediwa go nna le seabe mo go eng?

10 Lefa go ntse jalo, a “sebopiwa se sesha” seno seo se simololang ka Jesu Keresete ke sone fela selo se “sesha” seo se tlhagang “tlhatse ga letsatsi”? Le eseng! Fa Jesu a ne a santse a le mo lefatsheng mono, o ne a bolelela barutwa ba gagwe a re: “Amarure kea lo raea, ka re, Lona ba lo ntshetseñ moragō, e tla re mo Boshahacoñ yoa dilō cotlhe, ha Morwa Motho a dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō, le lona lo tla dula mo dituloñ tsa bogosi di le shomè le mecō mebedi, lo atlhola dicō tse shomè le mecō mebedi tsa Iseraela.” (Mathaio 19:28) “Lecomanyane” la barutwa ba ga Jesu bao ba lekilweng le go supiwa​—ebong ba le 144 000 ba bone​—ka gone ba lalediwa go nna le seabe le Jesu mo Bogosing jwa gagwe le go “dula mo dituloñ tsa bogosi di le shomè le mecō mebedi, . . . [ba] dicō tse shomè le mecō mebedi tsa Iseraela.”​—Luke 12:32; 22:28-30; Tshenolō 14:1-5.

11. Ke dikarolo dife tse pedi tsa setlhabelo sa ga Jesu tseo di neng tsa tshwantshediwa ka Letsatsi la Tetlanyo, mme jang?

11 He, “dicō tse shomè le mecō mebedi” tseno ke bomang? Thulaganyo eo Jehofa a neng a e diretse Letsatsi la Tetlanyo mo Iseraeleng wa bogologolo e neela karabo. Ngwaga le ngwaga, ka letsatsi la bolesome la kgwedi ya bosupa, go ne go batlega gore moperesiti yo mogolo a ntshe pholo setlhabelo jaaka tshupelo ya boleo gore a “itihèlè tetlanyō, le ba ntlo ea gagwè.” Seno se ne se tshwantshetsa setlhabelo sa ga Jesu jaaka se ne se dira go “ba ntlo ea gagwè” ya baperesiti ba ba kafa tlase ga gagwe. Mme go tweng ka Baiseraele ba bangwe? Morago ga moo moperesiti yo mogolo o ne a tshelela dipodi tse pedi bola. Nngwe ya tseno o ne a e bolaya jaaka “chupèlèlō ea boleo, e e leñ ea batho.” Morago ga fa a sena go bolela maleo a batho mo godimo ga podi ya bobedi, o ne a e lelekela kwa nageng. Boemo jwa dipodi tseno tsoopedi ka gone bo ne bo tshwantshetsa go tsholola ga ga Jesu madi a gagwe a botshelo ka setlhabelo le go tlosa ga gagwe maleo gotlhelele a setho sotlhe sa bao eseng ba ntlo ya gagwe ya boperesiti.​—Lefitiko 16:6-10, 15.

12. Buka-mantswe nngwe e tlhalosa jang bokao jwa ‘boshafatso’ jwa dilo tsotlhe?

12 “Dicō tse shomè le mecō mebedi tsa Iseraela” di na le bokao jo bo tshwanang le jo bo mo go Mathaio 19:28. Fano tsela eo e dirang ka yone e atologela go feta baperesiti ba ba tloditsweng ka moya ba ba kafa tlase ga ga Jesu go akareletsa ba bangwe botlhe ba setho. An Expository Dictionary of New Testament Words, ka W. E. Vine, e tlhalosa lefoko la Segerika leo le diriseditsweng “Boshahacoñ yoa dilō cotlhe,” pa·lin·ge·ne·si’a, jaaka “tsalo e ntšha . . . go tsalwa sesha ga semoya,” mme o konela jaana: “Mo go Math[aio] 19:28 lefoko leo le a dirisiwa, mo puong ya Morena, ka kutlwisiso e kgolwane, la ‘go shafadiwa ga dilo tsotlhe’ (Ditihō 3:21, R.V.), fa, ka ntlha ya Go Boa ga ga Keresete, Jehofa ‘a tlhoma Kgosi ya gagwe mo thabeng ya gagwe e e Boitshepo ya Sione’ (Pes. 2:6) . . . Ka gone go tla bo go fitlheletswe go gololwa ga lefatshe mo thateng ya ga Satane le mo tsietsong ya gagwe le mo pabusanosing ba merafe bao ba gatelelang ebile ba le kgatlhanong le Bokeresete.”

13. (a) Dithanolo tse di farologaneng tsa Bibela di supang malebana le bokao jwa pa·lin·ge·ne·si’a? (b) Ka gone, ke eng seo se tla diragalang “tlhatse ga letsatsi”?

13 Tumalanong le seno, dithanolo tsa Bibela di fetolela pa·lin·ge·ne·si’a, ka ditsela tse di farologaneng fano jaaka: go tsalwa gape, lefatshe le lesha, tsalo e ntSha, lefatshe leo le tsetsweng sesha, lefatshe leo le tlang go nna gone, Popo e Ntsha, thulaganyo e ntsha ya botshelo, motlha o mosha. A o tlhaloganya seo? “Dicō tse shomè le mecō mebedi tsa Iseraela,” tseo di emelang batho botlhe ba setho, di tla atlholwa ke Keresete le baperesiti ba ba kafa tlase ga gagwe ba ba ikanyegang. Seno se tshwanetse go nna tumalanong le go tsalwa gape, go ntšhafadiwa go go molemo ga sotlhe seo Jehofa a se ikaeletseng ka lefatshe leno, gone mono “tlhatse ga letsatsi.”

“Metlha ea Cosholoshō”

14. (a) Go ya ka Ditihō 3:20, 21, Jesu o tshwanetse go letelang? (b) Jesu o tlhomiwa jaaka Kgosi jang mme leng?

14 Go tsalwa gape goo go diragala leng? Mo go Ditihō 3:20, 21, Petere o bua ka “Yesu: Eo legodimo le nañ le go mo chola go bo go tla go hitlha le metlha ea cosholoshō ea dilō cotlhe, e Modimo o buileñ kaga eōna ka molomo oa baperofeti ba ōna ba ba boitshèpō.” Seno se supa nakong eo Jesu a neng a letile ka yone a le kafa letsogong le legolo la Modimo kwa legodimong go fitlhela “metlha ea Badichaba e dihalè.” (Luke 21:24; Pesalema 110:1, 2) Morago ga moo, ka 1914, Jehofa eleruri o ‘tlhoma Kgosi ya gagwe mo Sione, thaba ya gagwe e e boitshepo.’ Ke go tsosolosiwa gofe goo go diragalang ka nako eo?​—Pesalema 2:6.

15. (a) Ke eng seo se neng sa diragala “tlhatse ga letsatsi” morago ga fa Jesu a sena go tlhomiwa mo setulong sa bogosi? (b) Mathaio 25:31-34 le Isaia 11:6-9 di ile tsa diragadiwa jang?

15 Sa ntlha, go bonwa selo se sesha kafa tlase ga letsatsi, ka gonne baperesiti ba ba setseng ba ga Keresete bao ba ikanyegang bao ba kafa tlase ga gagwe—​batho ba bofelo ba “sebopiwa se sesha”​—baa phuthiwa le go tlhomiwa gore ba bereke mo ‘go rereng mafoko a a molemo a Bogosi jo bo tlhomilweng.’ Morago ga moo, go phuthiwa “boidiidi yo bogolo” ‘go tswa mo merafeng yotlhe’ gore ba bolokiwe go ralala “sepitla se segolo.” (Mathaio 24:14; Tshenolō 7:9, 14) Mo motlheng ono wa ga jaanong Kgosi e e tlhomilweng mo setulong sa bogosi, ebong Jesu Keresete, o kgaoganya batho mo go ba bangwe, ‘fela jaaka modisa a ke a tlhaole dinku mo dipoding.’ “Dinku” ke bao ba itshupileng ba siametse Kgosi le bonnawe ba ba tloditsweng ka moya ba “sebopiwa se sesha.” “Dinku” tseno ka gone di lalediwa gore di rue botshelo jo bo sa khutleng mo sebakeng sa mo lefatsheng sa Bogosi jwa ga Jehofa. Ba setse ba ipelela Paradaise ya semoya eo e tsosolositsweng gone mono mo lefatsheng.​—Mathaio 25:31-34, 46; Isaia 11:6-9.

16. (a) Ke go atlhola gofe jaanong goo go tswelang pele? (b) Ke katlholo efe e nngwe eo e diragalang morago ga Hara-Magedone?

16 Go atlholwa ga merafe le ga “dinku” mo motlheng ono ke go bona gore a ba tshwanela go falola ka nako ya “sepitla se segolo.” (Mathaio 24:21, 22) Lefa go ntse jalo, a katlholo eno ke yone e go lebisiwang go yone mo go Mathaio 19:28? Nnyaa, ka gonne Keresete le baperesiti ba ba kafa tlase ga gagwe morago ga sepitla seo ba tshwanetse go diragatsa katlholo e nngwe. Ke go atlholwa ga “dicō tse shomè le mecō mebedi tsa Iseraela” tsa tshwantshetso, batho ba sele bao eseng ba boperesito jo bo ikanyegang. Palo ya “shomè le mecō mebedi” e supa go felela ga bao ba setho ba ba tla atlholwang. Seno se akareletsa bafalodi ba “sepitla se segolo,” lotsalo lope loo ba santseng ba tla nna le lone, le diketekete tsa dimilione tsa setho tseo di tla tlisiwang mo lefatsheng ka tsogo.

17. Ke bomang bao ba atlholwang ka nako eo, mme go ya ka “ditihō” dife?

17 Malebana le seno, Paulo o bolela mo go Ditihō 17:31 gore Modimo “o tlhomile letsatsi ye o tla atlholañ lehatshe ka yeōna ka tshiamō, ka monna [Keresete Jesu] eo o mo laotseñ; me mo, o go tlhōmamiseditse batho botlhe ka o mo cositse mo bashwiñ.” “Lehatshe” la morago ga Hara-Magedone, leo le bopilweng ka setho sotlhe seo se tla bong se le mo lefatsheng ka nako eo, ga le kitla le atlholwa go ya ka maleo a lone a nako e e fetileng ao a dirilweng mo tsamaisong ya ga jaanong ya dilo. Go na le moo, ba tla “atlholwa botlhe kaha ditihoñ tsa bōnè” tseo ba di dirang mo lefatsheng le lesha fa ba ntse ba iponela molemo mo paakanyetsong ya thekololo ya ga Keresete.​—Tshenolō 20:13; Mathaio 20:28; 1 Yohane 2:2.

18. (a) Jaaka go bontshitswe ke Isaia, ke eng seo se tla tlhagang “tlhatse ga letsatsi” ka nako eo? (b) Ke mafoko afe a tsholofetso ao ka gone a tla diragadiwang, mme re ka lebelelang mo bosaengkae jo bo tlang? (Baroma 8:21)

18 Abo go tla tlhaga dilo tse dikgolo jang ne kafa tlase ga letsatsi ka nako eo! Paradaise ya semoya e tla atologa go nna paradaise ya mmatota, go diragatsa boikaelelo jwa kwa tshimologong jwa ga Jehofa ka lefatshe leno. Modimo wa rona o re bolelela gore ‘lefatshe ke sebeo sa gagwe sa dinao,’ le lefelo leo a tshwanetsweng a obamelwa mo go lone, mme gape o bolela jaana: “Ke tla galaletsa helō ga dinaō tsa me.” (Isaia 66:1; 60:13) Ka jalo gone mono kafa tlase ga letsatsi, lefatshe le tla dirwa Paradaise e e galalelang, tshingwana ya boipelo, eo setho se se itekanetseng, se se nang le kagiso, ebile se utlwana se tla bakang Modimo wa sone le Mmopi wa sone ka bosakhutleng mo go yone. Mafoko ano a a kgatlhisang a tsholofetso a ga Jehofa a “boikañō le boamarure”: “Bōnañ, dilō cotlhe ke di diha sesha”! (Tshenolō 21:5) Mme mo bosaengkae jo bo tlang, abo Mmopi wa rona yo o lorato a ka tlisetsa lelapa la gagwe la setho dipopo tse disha tse di gakgamatsang gone mono tlhase ga letsatsi jang ne!

O ne O Ka Araba Jang Malebana le Ditiragalo Tse di Kafa “Tlhatse ga Letsatsi”?—

◻ “Ga go na sepè se sesha” ka kutlwisiso efe?

◻ “Sebopiwa se sesha” se tlhagile leng mme jang?

◻ ‘Boshafatso jwa dilo tsotlhe’ bo akareletsang?

◻ “Metlha ea cosholosho” e tswela pele jang, mme ka phelelo efe e e molemo?

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Abo kakgelo eno e e malebana le seo go tweng ke tlhabologo ya gore lefatshe jaanong le dirisa madi a a kwa godimo-dimo a a dimilione di le 4,2 tsa diranta ka motsotso mongwe le mongwe mo dibetseng e boifisa jang ne! Seno se feta kgakala selekanyo seo se ka fepang, sa apesa, le go agela botlhe ba lotso lwa setho bao ba tshelelang mo lehumeng gompieno matlo. Kafa letlhakoreng le lengwe, go kokoanngwa ga dibomo tsa megaton go ka senya batho botlhe ba ba mo lefatsheng​—rona re le diketekete tsa dimilione di le tlhano​—makgetlo a le 12. Lefa go ntse jalo go begiwa gore batho ba ba botlhale-tlhale ba lefatshe ba le sephatlo sa milione ba dirisediwa go dira dibetsa tseo di leng kotsi le eleng go feta moo ka tshenyo.

[Motswedi wa Tshedimosetso]

U.S. Army photo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela