Basadi ba Bakeresete—Ba Boloka Bothokgami mo Tirong
“FA GONGWE tlalelo e nna kgolo thata kwa [tirong] mo o ka nnang wa e kgaola le ka thipana.” Go ne ga bua jalo mongwe wa basadi ba ba berekang.a Kgatelelo ya go ntsha maduo, dikgaisanyo tse di kgobang marapo, baeteledipele ba ba kgokgoetsang, tiro e e lapisang mogopolo—tseno ke dilo di sekae fela tseo di dirang gore mebereko e le mentsi e nne e e lapisang pelo. Ke mebereko e sekae fela e e tlhagisang maphatsiphatsi le menate eo e solofediwang ke bagasi ba dikoranta tsa dikgang. Mme fa e le gore o mosadi yo o berekang, o tshwanetse go leka thata go atlega mo tirong ya gago.
Lefa go ntse jalo, ka seno, ga re a lebisa mo papading ya madi. Lefelo la kwa tirong ke karolo eo bothokgami jwa Bokeresete jwa gago bo bewang mo tekong gone! Tsela eo o dirang tiro ya gago ka yone, o lwantshanyang ka gone le moya wa kgaisanyo e e setlhogo, le go ganana le dithaelo tsa boitsholo go di senola selekanyo seo ka sone o ineetseng mo go direng melao-metheo ya bomodimo. Gore Jehofa Modimo a mo amogele, mosadi yo o berekang o tshwanetse go bua fela jaaka mopesalema a buile: ‘Ke tla nna ke tsamaya mo bothokgaming jwa me.’—Pesalema 26:1.
Bibela e go thusa go dira sone seo. Ka sekai, fa o ka tlhotlhelediwa go tsenelela mo maanong a phadisanyo kana wa raelwa go leseletsa mmereko wa gago o hupetsa maikarabelo a lelapa, thuto ya Bibela, dipokano tsa Bokeresete, le bodihedi, o ka gakologelwa mafoko a ga Kgosi Solomone: “Hoñ ka bōna letsapa yotlhe; le tiho ñwe le ñwe e e bocweriri, go re, kaga mo, motho o gopolwa ka bopelotshètla ke oa ga gabō. Me le gōna ke boithamakō le go belebetlèla phehō hèla.” (Moreri 4:4) Go leba tiro ya boitshediso ka tsela eno go ka kganela kana ga fokotsa keletso e e gotetseng ya go itira botoka. Go go thusa gore o nne le pono e e tshwanetseng kaga mmereko wa gago, o o leba jaaka o o tlang kwa morago ga dikgang tsa semoya.—Mathaio 6:33.
A mme seno se raya gore o lebe tiro ya boitshediso ka leitlho le le maswe? Le eseng, ka go bo Bibela e nyatsa botshwakga. (Diane 19:15) E bua ka ‘go bona molemo ka ntlha ya letsapa ja gago.’ (Moreri 2:24) Mme gape, motho o filwe boikarabelo jwa go tlamela lelapa la gagwe ke Modimo. (1 Timotheo 5:8) Jalo fa go diragatsa tlamego eo go raya gore o bereke tiro ya boitshediso e e sa itumediseng, gakologelwa mafoko a Bibela a a go Bakolosa 3:23: “Leha e ka bo e le eñ se lo se dihañ, lo se dihè ka pelo eotlhe, yaka e ka bo e le go dihèla Morèna, e señ batho.” Motho yo o itsayang jaaka yo o direlang ‘Jehofa’ ke tlhotlheletso e e nonofileng ya go ka ntsha maduo, ke selo se se gaisang thata go okelediwa tuelo kana go hepisiwa ka go tlhatlosiwa maemo.
Bahiri “Ba ba Thata go Itumedisiwa”
Mosadi mongwe yo o neng a bidiwa Sally o ne a re: “Ke ikutlwa ekete [moeteledipele wa me] o ntse a ntisitse ka metlha yotlhe. Ga a nke a bua le ope se se molemo.” Go dira kafa tlase ga moeteledipele yo o “thata go itumedisiwa” kana yo o pelokhutshwane le gone go ka kgoreletsa ka tsela e e tshwanang, segolo-bogolo fa motho a santse a le mosha mo lefelong la tiro.—1 Petere 2:18.
Lefa go le jalo, o ka nna wa seka wa akanya ka go latlha tiro ka ntlha ya mabaka a itsholelo. Jalo he go ka nna botoka go latela kgakololo ya Bibela mo babereking—banna le basadi—ya gore ba “nnè kutlō.” (1 Petere 2:18) Go na le go tlhotlheletsa kgotlhang ka lonyatso kana tlontlololo, leka go ‘kgatlha [bahiri] mo dilong tsotlhe; o sa buse lerumo.’ (Tito 2:9) Boikgapo jo bo ntseng jalo bo ka nna jwa go kganela gore o bo o seka wa latlhegelwa ke tiro ya gago. Solomone o ne a re: “Ha mōea oa molaodi [mongwe yo o laolang] o gu cogologèla, u se ka ua tlogèla helō ga gago; gonne boinèlō bo ñōtla ditlolō tse dikgolo.”—Moreri 10:4.
Mokgokgontshi o ka nna a bo a tlhajwa ke ditlhong fa bopelokhutshwane jwa gagwe bo tlhabantshiwa ka bonolo, bopeloethata jwa gagwe bo lwantshiwa ka bopelonomi. (Diane 15:1; Bakolosa 4:6) Mme fa o ntse o tsweletse go itshupa o le setswerere ebile o ikanyega, boikutlo jwa gagwe tebang le wena bo ka nna jwa tokafala ka bonya ka bonya. Fa go sa nna jalo, o ka nna wa palelwa ke go dira sepe se se farologanyeng fa e se ‘go nna pelotelele,’ o itse gore Modimo o itumelela boitshwaro jwa gago jwa Bokeresete.—Yakobe 5:7, 8.
Go Ipoloka o le Phepa Kafa Boitsholong
Bothokgami gape bo kopanyeletsa maitsholo a Bokeresete. Setlhogo sengwe go Ladies’ Home Journal se ne sa tlhagisa ka gore: “Mo ofising—koo go solofetsweng gore mongwe a bo a apere sentle, a itshwere ka maitseo, a senya nako le ba bangwe le go nna le mekgele e e tshwanang—go nna le seemo seo se ka bakelang kgotelo ya kafa dikobong.” Maakafalo a a diragalang mo diofising a tlwaelegile. Jalo go botlhale go itlhokomela. Dira gore dikamano tsa gago le banna ba o berekang nabo e nne fela tse di amanang le tiro. Tila metlotlo eo e ka tsosang kgotelo ya kafa dikobong. “Gonne mo ke go rata ga Modimo, . . . gore, lo ithibè mo boakeñ.”—1 Bathesalonia 4:3, 4.
Lefa go le jalo, ka dinako tse dingwe, basadi ba tlhagelwa ke bothata jo bo sa bolong go nna gone: tlhaselo ya kafa dikobong. Bibela e re bolelela gore monna mongwe yo o neng a bidiwa Boase o ne a laela makau a a neng a a hirile gore ‘a seka a ama’ Ruthe, mosadi yo o neng a bereka mo masimong a gagwe. Mokanoki mongwe wa Bibela John P. Lange o tlhalosa ka “metlae e e botlhaswa eo babereki ba ba ntseng jalo ba bahumanegi ba neng gongwe ba itlwaeditse go tlhasela ka yone basadi ba ba hirilweng.” (Ruthe 2:9) Mme lemororo bahiri bangwe ba motlha wa segompieno ba leka go sireletsa bahiriwa ba bone ba basadi, bangwe ba hopholetsa gore 40 go ya go 85 lekgolong ya basadi ba ba berekang (mo United States) ba ile ba tlhaselwa ka tsela nngwe mo go tsa dikobo.
Ka sekai, mosadi mongwe yo monana yo o bidiwang Valerie, o ne a bereka tiro ya mokwaledi. Ka nako le nako, mookamedi wa gagwe—yo o neng a mo feta ka dingwaga ka makgetlho a le mararo—o ne a tle a latlhele dikakgelo tsa boitsholo jo bo sa siamang kaga diaparo tsa gagwe. Mo lobakeng longwe o ne a leka go mo raela gore a lebe ditshwantsho tsa maakafalo. Kgabagare, o ne a mmiletsa mo ofising ya gagwe mme a mo raya a re, “Gore o boloke tiro ya gago, o tla tshwanelwa ke gore o robale le nna.” Legale, o ne a gana go dira jalo.
Tshwaro e e ntseng jalo e e tlontlololang e nna ka ditsela tse di farologanyeng. Makasine wa Britani wa New Statesman wa re: “E simologa ka go soka leitlho, go nota, go ikgotlha ka yo mongwe go sa tlhokafale le go tlhapadiwa ka mafoko.” Gantsi kgatelelo ya go tshwarega mo boitsholong jo bo sa siamang jwa kafa dikobong e boferefere fela jaaka go bidiwa ka maina a matshamekwane (Moratiwa, Motho yo montle) kana se se fetang seo jaaka go ipuelelela phatlalatsa. Basadi bangwe ba itshokela tlhaselo eno ka go boifa gore ba tla latlhegelwa ke mebereko ya bone. Mme dikanoko di bontsha gore go bonala ebile basadi ba sekae ba tsiediwa ke tlhokomelo e e ntseng jalo!
Mme lemororo tlhokomelo e e ntseng jalo ya motho wa bong jo bo farologanyeng e ka nna ya bo e tsietsa, go tlwaelana mo go feteletseng gantsi ke gone go simololang mokgwa ono wa phephiso. Ka gone ke tlhaselo mo bothokgaming jwa gago le go nyenyefatsa botho jwa gago jaaka Mokeresete.—1 Bakorintha 6:18.
Dikgato tsa Thibelo
‘Fa botlhale bo go tsena mo pelong tlhalemaleje e tla go tlhodumela, tlhaloganyo e tla go boloka.’ (Diane 2:10, 11) Jalo o ka dirisa jang botlhale jo bo dirang le temogo go itshireletsa? Mosadi mongwe yo o berekang yo o bidiwang Diane a re: “Ke itsise mongwe le mongwe mo tirong gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.” (Bapisa Mathaio 5:16.) Fa banna ba ka itse gore o na le ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo, gantsi ga ba sekamele mo go go tshwenyeng.
Mosadi yo o botlhale yo o bidiwang Betty o dirisa boitiso jo bongwe gape. A re: “Ke itlhokomela thata mo bokopanong jwa me le badiri-ka-nna ka go bo maitsholo a bone ga a tshwane le a me.” (1 Bakorintha 15:33) Seno ga se reye go itomolola kana go tlhoa badirika-wena. Mme fa ba ganelela mo go bueng ka dikgang tse di kgopisang Mokeresete, o seka wa oka-oka go intsha fa go bone. (Baefesia 5:3, 4) Fa o reetsa puo e e ntseng jalo ya boitsholo jo bo sa siamang go ka akantsha banna ba ba kwa tirong gore o ka ba sekegela tsebe fa ba buisanya le wena ka tsa lorato.
Go tshegetsa matsetseleko a tiro le gone go ka fedisa tlhokomelo e e sa tlhokafaleng. Mme ebile gape, Bibela e gakolola basadi gore “ba ikgabisè ka diaparō tse di señ maphatsiphatsi, ba le bori le tekanō.” (1 Timotheo 2:9; farologanya seno le Diane 7:10.) Buka ya Sexual Harassment on the Job e bua jaana: “Diaparo tse di gogelang—ke gore, mesese e e bulegileng mo sehubeng; mesese e e letsatsa; marokgwe a makhutshwane, dikete tse di khutshwane; le maseka a a phatsimang—ga se tsa kwa tirong. . . . Sebaka sa gore o ka tshwanela tiro se tokafala thata fa o itlhophela go sa apare ka tsela e e tsabakelang.”
Labofelo, mosadi yo o botlhale o tila maemo a a ka mmayang mo kotsing. Taletso ya gore o nwe seno sa tagi kana o sale kwa tirong morago ga tiro mme go sena lebaka lepe le le utlwalang e ka nna ya bo e le serai. (Bapisa 2 Samuele 13:1-14.) “Motho eo o bonokopela o bōna boshula, me a iphitlhe,” go bolela jalo seane se se botlhale.—Diane 22:3.
Go Emisa Letshwenyo
Legale, ga se mo go utlwalang go akanya gore o ka siamisa go akanya ga batho botlhe ba ba mo tirong kana go fetola mekgwa e e sa bolong go ikepela ya boitshwaro. (Bapisa Yeremia 13:23.) Ebile ga se tshiamo go digela ka gore banna botlhe ba ba bonalang ekete ba botsalano jo bo feteletseng ba na le “matlhō a a tletseñ boaka.” (2 Petere 2:14) Jalo ka dinako tse dingwe go ka tshwanela go akanyetsa seemo.
Mme fa e le gore tlwaelo e e feteletseng e a kopanyelediwa, tsaya kgato e e nitameng. Fa Solomone a ne a leka go hepisa kgarebane, o ne a seka a itoma dinala. O ne a fetola puo ya gagwe e e borethe ka go supa kafa a nang le lorato lo lo nonofileng ka gone mo mosimaneng wa gagwe wa modisa yo o nyatsegang. Ereka a ne a ganne go ineela mo diphepisong tsa ga Solomone, o ne a ka nna a re, “Nna ke lorakō.”—Sehela sa Dihela 8:10.
Bontsha nitamo e e tshwanang. Gantsi dipolelo tse di kaga lorato di ka fedisiwa di sale disha ka gore: “Tswee-tswee, ke se tshwarwe ke ope”; “Mpitsang ka leina ja me”; kana, “Ga ke itumelele mofuta o o ntseng jalo wa motshameko.” Mosadi mongwe wa Mokeresete ka dinako tse dingwe o ne a etla a re, “Emisang dilo tseo!” Legale, o phephafatse gore nnyaa wa gago o raya nnyaa! (Bapisa Mathaio 5:37.) Karabelo e e bokoa kana e e sa tlhaloganyesegeng e ka nna ya kgothaletsa yo o tshwenyang gore a iteke thata.
Fa e le gore o nyetswe, go ka nna molemo go buisanya le monna wa gago ka maikutlo a gago. O ka nna a bo a na le megopolo e e ka thusang ya kafa o ka dirisanyang le seemo ka gone. Fa go ka bonala go le botoka go fetola mmereko wa gago, gakologelwa tsholofetso ya Modimo e e reng: “Ga nketla ke gu tlhōkahalèla gopè, le gōna ga nketla ke gu latlha gopè.”—Bahebera 13:5.
Tiro ya Gago le Bothokgami jwa Gago
Jalo lemororo tiro ya gago ya boitshediso gantsi e tlhokafala, e ka nna ya re mo mabakeng mangwe ya lere matshosetsi mo bothokgaming jwa gago jwa Bokeresete. Ka gone mafoko a ga Jesu go Mathaio 10:16 ke a a tshwanelang sentle: “Lo nneñ botlhale yaka dinōga, le buri yaka maphoi.”
Go boloka bothokgami jwa Bokeresete mo lefelong la tiro ga go motlhofo, mme go ka dirwa. Diketekete tsa basadi gareng ga Basupi ba ga Jehofa ba dira jalo ka go latela kgakololo e e mo Bibeleng. Ba ipoloka ba nonofile mo semoyeng ka thuto ya Bibela, ka thapelo, ka dipokano tsa Bokeresete, ka tiro ya go rera ka Bogosi, le ka ditiro tse dingwe tsa bomodimo. Ka ntlha ya gone moo, ba ipelela sengwe se se ka se bonweng ka tuelo ya madi. Ke kitso ya go itse gore ba amogelwa ke Jehofa, Ene yo Lefoko la gagwe le solofetsang ka gore: “Eo o tsamaeañ ka thōkgamō o tsamaea ka tlhōmamō.”—Diane 10:9.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Fano go tewa mosadi yo o hirilweng mo tirong ya boitshediso. Legale, bommamalapa, bommè, le basadi ba bangwe le bone ba a bereka.
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Go Boloka Bothokgami mo Tirong:
Itsise mongwe le mongwe gore o na le ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo
Itise mo go itsalanyeng le badiri-mmogo le wena
Ikapese ka moaparo o o buri