Fa Ke Gadima Kwa Morago Mo Dingwageng tse 93 Ke Tshela
Jaaka go Boletse Frederick W. Franz
KA September 12, 1893 go ne ga tsholwa ngwana wa mosimane mo Covington, kwa Kentucky, e e kafa borwa jwa noka e e lebaganyeng le Cincinnati, mo Ohio. Raagwe yo o itumetseng, Edward Frederick Franz, le mmaagwe yo o tletseng boipelo, Ida Louise nèe Krueger, ba ne ba raya morwa yono wa bone leina la Frederick William Franz.
Seo e ne e le tshimologo ya dingwaga tsa me tse 93 tsa botshelo. Rre, yo o neng a tsholetswe mo Jeremane, o ne a ipolela fa a le wa Kereke ya Lutere mme jalo a dira gore ke kolobediwe ke moruti ka go baya seatla se se metsi mo phatleng ya me. Setlankana sa kolobetso se ne sa tladiwa, mme sa tsenngwa mo foreimeng le go kgwagediwa mo loboteng lwa ntlo ya rona, gammogo le ditlankana tsa kolobetso tsa bonkgonne ba babedi, Albert Edward le Herman Frederick. E ne ya nna morago ga dingwaga tse 20 fela ke neng ka ithuta ka moo tsamaiso ya bodumedi joo e neng e se ya Dikwalo ka teng.
E ne e le fa re ne re fudugetse kwa Greenup Street fa e ne e le lantlha ke bona kolotsana e e sa gogiweng ke dipitse, kara e e palangwang ke batho ba le babedi e e bulegileng, e e itsamaisang e kgweediwa mo mmileng. Dingwaga moragonyana ke ne ka bona sefofane. Go tloga foo re ne ra nna gaufi le Krieger’s Bakery, kwa rre a neng a bereka teng bosigo jaaka moapei wa borotho. O ne a tla gae mo mosong mme a ye go robala. Go tswa foo mo maitseboeng o ne a gololesegile go nna le rona basimane ka nakonyana.
Fa ke ne kele modingwageng tsa go simolola sekole, ke ne ka isiwa pele kwa sekoleng se se tsamaisiwang ke bodumedi le ditirelo tsa bodumedi tsa Kereke ya Roman Catholic ya St. Joseph’s, ereka se ne se le gautshwane kwa mmileng wa Greenup le wa 12th. Ke santse ke gakologelwa ntlwana ya borutelo ya sekole. Ka nako nngwe “mokaulengwe” wa bodumedi yo o neng a direla jaaka morutabana o ne a dira gore ke tle fa pele ga barutwana mme ke huporolole seatla sa me go amogela dithupa di le mmalwa ka rulara ya boleele jwa 300 cm ka ntlha ya go tlhoka tsebe ga me.
Gape ke gakologelwa ke tsena mo lebokosong la boipolelo le le lefifi la kereke, ke bolelela yo o reeditseng boipolelo a le kafa morago ga lobota lo lo kgaoganyang, mme ke rapela thapelo e e ithutilweng ka tlhogo ke ipolela ka moo ke leng mosimane yo o bosula ka teng. Morago ga moo, ke ne ka fologela kwa tshiping e e kgaoganyang aletara ke be ke khubama foo fa moruti a tsenya lenatho la borotho mo molomong wa me, ka gone a njesa Selalelo jaaka go ne go rutwa ke kereke, fa ene a itshadisetsa beine gore a tle a e nwe moragonyana. Seno e ne e le tshimologo ya katiso ya me e e rulagantsweng ya bodumedi le go tlotla Modimo ga me mo go neng go tla gola mo dingwageng tse di kwa pele.
Morago ga go fetsa ngwaga mo sekoleng sa bodumedi ka 1899, lelapa la gaetsho le ne la fuduga go kgabaganya Noka ya Ohio go ya kwa Cincinnati, go ya go nna kwa 17 Mary Street (o jaanong o bidiwang East 15th Street) Ka nako eno ke ne ka isiwa kwa sekoleng sa botlhe mme ka tsenngwa mo setlhopheng sa boraro. Ke ne ka itshupa ke le morutwana yo o sa reetseng, ebile ke gakologelwa gore, ka nako nngwe, nna le morutwana yo o neng a nna mo setilong se se kafa letsogong la me la moja re ne ra isiwa kwa ofising ya mogokgo ka ntlha ya go tlhoka maitseo ga rona. Koo Mogokgo Fitzsimmons o neng a re inamisa gore re kgome dintlha tsa ditlhako tsa rona ka menwana ya rona fa a re pega dithupa di le mmalwa mo maragong. Jaaka o ka solofela, ke ne ka palelwa.
Mme rre o ne a sa rate ke ka fetsa dingwaga tse pedi mo mophatong o le mongwe fela. Jalo fa theme e e latelang ya sekole e ne e simologa, o ne a nkisa kwa sekoleng sa Liberty Street, kwa ofising ya mogokgo wa sekole, rre Logan. O ne akopa rre Logan gontsenya mo mophatong wa bone. Rre Logan o ne a le bonolo mo go nna, mme o ne a re: “Ebu, a re bone se lekolwane le se itseng.” Morago ga ke sena go araba dipotso tse di tlhatlhobang ka mo go lebegang go ne ga mo kgotsofatsa, o ne a tlhalosa jaana: “Ebu, go lebega fa a tshwanelegela mophato wa bone.” Ka tsela eno, o ne a ntsholeletsa kwa mophatong o o kwa godimo ga o o mpaletseng ka boene. Fa e sale ka nako eo go ya pele ke ne ka iphutha metlhala le go iteka ka tlhoafalo mo tirong ya me ya sekole, mme ga ke ise nke ke palelwe gape.
Seemo sa bodumedi sa fa ke santse ke le monana le sone se ne sa fetoga. Ka tsela nngwe, baemedi ba Kereke ya Cincinnati ya Second Presbyterian ba ne ba kopana le mmè, mme o ne a fetsa ka go romela Albert, Herman le nna kwa sekoleng sa Sontaga sa kereke eo. Ka nako eo, rre Fisher e ne e le mookamedi wa sekole sa Sontaga, mme Bessie O’Barr yo mmotlana o ne a nna morutisi wa me wa sekole sa Sontaga. Ka tsela eno, ke ne ka tlwaelana le Bibela e e Boitshèpō e e tlhotlheleditsweng. Abo ke ile ka leboga jang ne fa morutisi wa me wa sekole sa Sontaga a ne a nneela sekaelo sa me sa Bibela e e Boitshèpō jaaka mpho ya Keresemose!
Ke ne ka ikemisetsa go go dira tshwanelo mo botshelong jwa me go bala karolo ya Bibela letsatsi lengwe le lengwe. Seno se ne sa felela ka gore ke tlwaelane thata le buka eo e e boitshepo. Mme tlhotlheletso ya yone e e agang e ne ya nthusa gore ke seka ka kopanela mo puong e e sa siamang le boitshwaro jwa baithuti-ka-nna. Go ne go sa gakgamatse go bo ba ne ba ntsaya jaaka yo o pharologanyo.
Sekole se Segolo le Kholetšhe
Morago ga ke sena go aloga mo sekoleng sa boraro se se fa gare ka 1907, batsadi ba me ba ne ba ntetlelela go tsweledisa thuto ya me le go tsena kwa Woodward High School, kwa Albert, nkgonne yo mogolo, a neng a tsena teng ngwaga o le mongwe fela. Jaaka ene, ke ne ka ikaelela go ithuta thuto ya tlholego. Jalo ke ne ka ithuta Selatine—thuto e ke neng ka e dira mo dingwageng di supa tse di latelang.
Morago ga moo go ne ga tla nako ya kalogo ka dikgakologo tsa ngwaga wa 1911. Ke ne ka tlhophiwa go nna tshoso-e-rweleng wa Woodward High School kwa medirong ya kaloso e e neng e tla tshwarelwa mo holong e kgolo ya Cincinnati, ebong Music Hall.
Ka nako eo, dikole tse dikgolo tsotlhe tsa Cincinnati—ebong Woodward High School, Hughes High School, le Walnut Hills High School—di ne tsa kopana mmogo mo medirong ya kaloso. Bagolo ba dikole tse dikgolo ba ne ba nna mo seraleng se segolo ba lebagane le bontsi jo bo tletseng mo holong. Puo e e bulang e ne ya abelwa tshoso-e-rweleng wa Woodward High School. Kgang e ke neng ka e tlhophela sebaka seo e ne e le “Sekole le Boagedi.” Dibui tsotlhe tse tharo di ne tsa opelwa diatla ka botlalo ke botlhe. Jaanong ke ne ke le mo ngwageng wa me wa bo-18 wa botshelo.
Batsadi ba me ba ne ba ntetlelela go tswelela-pele le thuto ya me, jalo ke ne ka tsena mo University of Cincinnati, ka ithuta thuto ya liberal arts. Jaanong ke ne ke feditse mogopolo gore ke ne ke tla nna moruti wa kereke ya Presbyterian.
Fa ke ntse ke tsweletse ka thuto ya Selatine, ke ne ka oketsa ka thuto ya Segerika. Abo e ne e le tshegofatso jang ne go rutiwa Segerika sa Bibela ke Moperofesa Arthur Kinsella! Ke ne gape ka rutiwa tlholego ya Segerika ke Dr. Joseph Harry, mokwadi wa dibuka dingwe tsa Segerika. Ke ne ke itse gore fa ke ne ke batla go nna moruti wa kereke ya Presbyterian, ke ne ke tshwanetse go nna le kitso ya Segerika sa Bibela. Jalo ke ne ka iteka ka natla mme ka nna le matshwao a go falola ditlhatlhobo.
Mo godimo ga go ithuta Segerika le Selatine kwa sekoleng, ke ne ka kgatlhegela go ithuta Sepanishe, se ke neng ka se fitlhela se tshwana le Selatine tota. Ka nako eo ke ne ke sa lemoge ka moo ke neng ke tla kgona go dirisa Sepanishe fela thata ka gone mo bodiheding jwa me jwa Bokeresete.
Selo se segolo mo botshelong jwa me jwa thuto e ne ya nna fa Dr. Lyon, mookamedi wa unibesithi, a ne a bolelela phuthego ya baithuti kwa holong gore ke ne ke tlhophilwe go ya kwa Ohio State University jaaka mogaisanyi go kwala ditlhatlhobo tsa go gaisanela go fenya sekgele sa Cecil Rhodes Scholarship le ba bangwe, gore ke tle ke tshwanelegele go amogelwa kwa Oxford College kwa Ennyelane. Mongwe wa bagaisanyi o ne a nkgaisa mo go tsa metshameko ya lebala, mme ka ntlha ya matshwao a me a a kwa godimo, ba ne ba batla go nthomela, gammogo le ene, kwa Oxford University. Ke ne ka anaanela gore ke ne ke tshwanelegela dipatlafalo tsa go bona tshiamelo ya go ithuta, mme, gantsi, seno e ka bo e nnile se se itumedisang thata.
“Seno Ke Boammaaruri!”
Re gakologelwa gore nako nngwe Jesu Keresete o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.” (Yohane 8:32) Mo ngwageng e e fetileng, ya 1913, nkgonne Albert o ne a bona “boamarure” mo Chicago. Albert o ne a bone “boamarure” jang?
Bosigo bongwe jwa Matlhatso mo dikgakologong tsa 1913, Albert o ne a ile go robala go sa le ale mo ntlwaneng ya YMCA, kwa o neng a nna gone fa a ne a bereka kwa Chicago. Moragonyana, yo o nnang le ene mo ntlwaneng o ne a gatlhamela mo ntlwaneng go tlhalosa bothata bongwe. Bosigong joo o ne a lalediwa kwa legaeng la ga Rre le Mmè Hindman, mme morwadia-bone Nora o ne a tla bo a na le tsala ya gagwe ya mosetsana kwa ntlong eo. Yo o nnang le Albert o ne a ka seke a kgone go lebagana le basetsana ba le babedi. Albert o ne a tsoga ka kgatlhego go ya kwa tiragalong. Fa bosigo bo ntse bo ya, yo o nnang le Albert o ne a dirisana sentle ka kutlwano le bomme ba babedi ba babotlana bao. Mme rre le mmè Hindman ba ne ba lebagana le Albert, ba mo itsise dithuto tsa Watch Tower Bible and Tract Society.
Jalo he Albert o ne a nthomelela bukana ya setlhogo se se reng Baswi ba Kae? e e neng e kwadilwe ke ra-dithuto wa kwa Scotland, John Edgar, leloko la Phuthego ya Glasgow ya Baithuti ba Bibela ba Merafeyotlhe. Lantlha, ke ne ka seegela bukana fa thoko. Mme bosigo bongwe, fa ke ne ke na le nakonyana pele ga ke ya dithutintshong tsa mmino, ke ne ka simolola go e bala. Ke ne ka fitlhela e kgatlhisa thata mo e leng gore ke ne ka seka ka e baya fa fatshe. Ke ne ka tswelela-pele go e bala jaaka ke ntse ke tsamaya mo e ka nnang mmaele o le mongwe go ya kwa kerekeng ya Presbyterian. Ereka lebati la kereke le ne le santse le tswetswe, ke ne ka nna fa fatshe mo setupong se se tsididi sa lentswe mme ka tswelela-pele go bala. Motshameki wa organ o ne a tla mme, ka go lemoga ka moo ke neng ke nwetse ka teng mo go se ke neng ke se bala, o ne a re: “Seo e tshwanetse e be e le sengwe se se kgatlhisang tota.” Ke ne ka fetola ka go re: “Ruri ke sone!”
Ereka ke ne ka ipelela thata boammaaruri jo bosha jo ke neng ke bo ithuta, ke ne ka tlelwa ke mogopolo wa go botsa moruti, Dr. Watson. gore o ne a akanya jang kaga bukana eno. Jalo jone bosigo joo, ke ne ka mo neela bukana mme ka botsa: “Dr. Watson, o itse eng kaga seno?”
O ne a tsaya bukana eo, a e bula, mme a bo a sotla ka go re: “Owai, seno e tshwanetse e be e le dilo tse tsa ga Russell. O itseng kaga motlha wa katlholo?” Ruri ke ne ka swabisiwa ke boikutlo jwa gagwe jwa lenyatso. Jaaka ke tsaya bukana ke bo ke retologa ke tsamaya, ke ne ka ipolelela mo pelong ka re: “Ga ke kgathale gore o akanya jang kaga gone. Seno ke BOAMMAARURI!”
Go ise go e kae, mo lengweng la maeto a gagwe kwa gae, Albert o ne a ntlela dibolumo tsa ntlha tse tharo tsa Studies in the Scriptures, tse di neng di kwadilwe ke Charles Taze Russell. Gape Albert o ne a ntlwaelanya le phuthego ya lefelo leo ya Baithuti ba Bibela, bao ba neng ba kopanela fela gaufi le kereke ya Presbyterian. Ke ne ka kgatlhwa ke se ke neng ke se ithuta mme ka bofefo ke ne ka fetsa gore nako e ne e tlile ya go emisa kamano ya me le Kereke ya Presbyterian.
Jalo moragonyana, fa Albert a ne a re etetse gape, re ne ra ya kwa go nngwe ya dithuto tsa Sontaga tsa bosigo tsa ga Dr. Watson. Moragonyana, nna le Albert re ne ra tsamaya ra ya kwa a neng a dumedisa ka diatla ba-tla-kerekeng ba ba neng ba tsamaya. Ke ne ka mo raya ka re: “Dr. Watson, ke tlogela kereke.”
O ne a re: “Ke itsile! Ke itsile! Fa esale ke go bona o bala dilo tsele tsa ga Russell. Monna yoo, Russell, ga ke kake ka mo letlelela go gata fa kgorong ya me!” Mme o ne a oketsa: “Fred, a ga o akanye fa go le botoka gore re ye kwa ntlwaneng ya me mme re ye go rapela mmogo?” Ke ne ka mo raya ka re: “Nnyaa, Dr. Watson, ke feditse mogopolo.”
Ka go rialo, nna le Albert re ne ra tsamaya ra tswa mo kerekeng. Abo e ne ya nna boikutlo jo bo itumedisang thata jang ne go gololesega mo dikgoleng tsa tsamaiso ya bodumedi e e neng e ruta maaka! Abo go ne go le molemo jang ne go amogelwa mo phuthegong ya Baithuti ba Bibela ba Merafeyotlhe, ba ba neng ba ikanyega thata mo Lefokong la Modimo! Ka April 5, 1914, mo Chicago, kwa Illinois, ke ne ka supa boikemisetso jwa me—jaaka re ne re bitsa boineelo—ka kolobetso ya metsi.
Ga ke ise nke ke ikotlhaele gore, pelenyana fela ga basimegi ba thuto ba bolela maduo a ditlhatlhobo a Cecil Rhodes Scholarship, ke ne ka kwalela basimegi bao mme ka ba itsise gore ga ke sa tlhole ke na le kgatlhego mo go isiweng sekoleng sa Oxford Uniyersity le gore ba phimole leina la me mo lenaaneng la bagaisanyi. Ke ne ka dira seno lemororo moperofesa wa me wa Segerika kwa unibesithing, Dr. Joseph Harry, a ne a nkitsisitse gore ke ne ke tlhophilwe go isiwa.
Dikgwedi di le pedi moragonyana, kana ka June 28, 1914, go ne ga bolawa Molaodi-Mogolo Ferdinand wa Austria-Hungary le mosadi wa gagwe kwa Sarajevo mo Bosnia. Mo letsatsing lone leo, Baithuti ba Bibela ba Merafeyotlhe ba ne ba le mo letsatsing la boraro la kopano ya bone e kgolo kwa Memorial Hall, mo Columbus, kwa Ohio. Kgwedi e le nngwefela moragonyana, kana ka July 28, 1914, ntwa ya ntlha ya lefatshe mo ditiragalong tsotlhe tsa motho e ne ya simologa. Rona Baithuti ba Bibela re ne re solofetse bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba ya dingwaga tse di 2 520 ka October 1 ya ngwaga oo.
Rre o ne a ntetleletse go tlogela University of Cincinnati ka May 1914, dibeke di le pedi fela pele ga bokhutlo jwa theme ya me ya boraro ke le koo jaaka moithuti yo mmotlana. Ka bofefo ke ne ka rulaganya le Watch Tower Bible and Tract Society go nna morekisi wa dibuka, kana mmulatsela, jaaka modihedi wa nako e e tletseng a bidiwa gompieno. Ka nako eo ke ne ke kopanela ka tlhagafalo le Phuthego ya Cincinnati ya Baithuti ba Bibela ba Merafeyotlhe.
Moragonyana ke ne ka nna mogolwane wa Phuthego ya Cincinnati. Jalo fa United States of America e kopanela mo Ntweng ya Lefatshe I e tsaya letlhakore la merafe e e tshwaraganeng nayo, mme makolwane a kgethelwa go tsena mo bosoleng, ke ne ka tlogelwa jaaka moruti wa efangele.
Go Itse Mokaulengwe Russell
Gareng ga ditiragalo mo botshelong jwa me tse ke di gakologelwang ka go di rata ke dinako tse ke neng ka ipelela go kopana le mookamedi wa ntlha wa Mokgatlho, Charles Taze Russell. Ke ne ka tlwaelana le ene ka sebele lantlha letsatsi pele ga pontsho ya ntlha ya Terama ya Dibaesekopo ya Popo kwa Music Hall ka Sontaga, January 4, 1914. Matlhatso ao mogolwane mongwe wa Phuthego ya Cincinnati o ne a kopana le nna ka kwantle ga Music Hall mme a re: “Ka re Mokaulengwe Russell o mo teng mo, mme fa o ya kwa morago ga serala o ka kgona go mmona.” Ka tlhoafalo e kgolo ke ne ka tsena mo teng mme kwa bofelong ke ne ka iphitlhela ke bua le ene re lebane ka matlho. O ne a tlile go tlhatlhoba dithulaganyo tsa pontsho eo ya ntlha ya Terama ya Dibaesekopo ya Popo.
Go tswa foo ka 1916 o ne a emetse terena e nngwe mo Cincinnati mme nako ya go tla ga yone ga bo go ntse go tsosolosiwa ka dioura di le mmalwa. Nna le kgaitsadi mongwe, fa re ne re bolelelwa kaga gone, re ne ra itlhaganelela kwa boemelong jwa terena, kwa re neng ra mo fitlhela teng gammogo le mokwaledi wa gagwe. O ne a itletse dijo tsa motshegare, mme fa nako ya dijo tsa motshegare e tla, a ja le rona.
Fa re fetsa dijo tsa motshegare, o ne a botsa gore a mongwe o na le potso ya Bibela. Ke ne ka botsa kaga go tsosiwa mo baswing ga ga Adame mo ponong ya lebaka la go bo a ne a le modira-dibe yo o sa ikotlhayang, wa ka boomo. Ka go roba leitlho, o ne a araba jaana: “Mokaulengwe, o botsa potso o bo o e araba ka nako e le nngwe. Jaanong, tota potso ya gago e ne e le eng?”
“The Finished Mystery”
Ka Labobedi, October 31, 1916, Charles Taze Russell o ne a swa, kwantle ga go fetsa bolumo ya bosupa ya metseletsele ya gagwe ya Studies in the Scriptures. Fa a ne a tloga a swa, a le mo tereneng a boa go tswa kwa California, mokwaledi wa gagwe o ne a mmotsa malebana le bolumu ya bosupa, o ne a araba ka go re: “Mongwe o tla tshwanelwa ke go e kwala.”
Mo ngwageng e e latelang, ya 1917, bolumo ya bosupa e ne ya gololwa e le kakgelo ya dibuka tsa boperofeti tsa Esekiele le Tshenolo, gammogo le tlhaloso e ntle thata ya buka ya Bibela ya Sehela sa Dihela. Mokgatlho o ne wa rulaganya go abiwa mo go golo ga buka eno e ntšha. Ka mo go tshwanetseng, ba ne ba romelela bangwe mo diphuthegong go ralala United States merwalo ya bolumo eno ya bosupa. Merwalo e mentsi e ne ya romelwa kwa legaeng la me kwa 1810 Baymiller Street, mo Cincinnati, kwa Ohio, mme ya bolokiwa re santse re emetse ditaelo tse di oketsegileng tsa gore re abe dibuka tseo jang.
Go ne go na le ditsebe di roba-bobedi tsa The Finished Mystery tse di neng di na le ditsopolo tsa seo batho ba ba itsegeng ba neng ba se boletse mme se se boammaaruri mabapi le ntwa. Mmuso wa United States, o tlhotlhelediwa ke diphuthego tsa bodumedi tsa La-bodumedi, tsa Katoloki le Protasetanta, o ne wa tsosa dingongorego, jalo ditsebe tsa 247-54 di ne tsa ntshiwa. Fa e sale go tswa foo, fa The Finished Mystery e ne e neelwa batho, go ne go tlhalosiwa gore ke eng fa ditsebe tseno di ne di seyo. Mmuso wa United States ga wa ka wa kgotsofadiwa ke kgato eno, mme o gatelelwa ke tlhotlheletso e nngwe ya diphuthego tsa bodumedi tsa lefatshe leo, o ne wa thibela bolumu yotlhe ya bosupa ya Studies in the Scriptures.
Ke gakologelwa gore mo mosong mongwe wa Sontaga ke ne ke bereka ka kwa morago ga ntlo ya rona. Banna bangwe ba ne ba tla ba tsamaya mo tselaneng e e bapileng le ntlo, mme moeteledipele o ne a tsholetsa kholara ya baki ya gagwe, a mpontsha betšhe ya gagwe ya tshipi mme a batla go tsena mo ntlong. Jalo ke ne ka patelesega go ba tsenya mo teng le go ba bontsha merwalo e e neng e na le dikaelo tsa The Finished Mystery. Morago ga malatsi a sekaenyana, ba ne ba romela koloi mme ba e tsaya yotlhe fela.
Moragonyana re ne ra utlwalela gore Joseph F. Rutherford, mookamedi wa bobedi wa Watch Tower Society, le bangwe-ka-ene ba le barataro ba ba neng ba direla kwa ntlong-kgolo kwa Brooklyn ba ne ba bonwe molato kafa go sa tshwanelang wa go itshunya-nko mo maitekong a ntwa a United States. Ba ne ba atlholelwa dingwaga tse 20 kwa kgolegelong ya Mmuso ya Atlanta mo go nngwe le nngwe ya ditatofatso tse nne, lefa go ntse jalo, dikatlholo di ne di tshwanetse go nna ka nako e le nngwefela. Ntwa e ne ya khutla ka November 11, 1918, mme go tswa foo ka March 25, 1919, Mokaulengwe Rutherford le bangwe-ka-ene ba ne ba duelela go letela tsheko kwantle. Moragonyana ba ne ba bolelwa ba sena molato gotlhelele. Buka ya The Finished Mystery le yone e ne ya gololwa mo thibelong mme ya laolelwa go abiwa ka kgololesego gape.
Abo re ne ra tlhotlheletsega mo meweng jang ne fa Mokgatlho o ne o rulaganyetsa kopano ya rona ya ntlha morago ga ntwa kwa motseng wa Cedar Point, o o kwa bofelong jwa seka-setlhake se se etelwang thata se se gaufi le Sandusky, mo Ohio, ka September 1-8, 1919! E ne e le tshiamelo e e ipedisang thata gobo ke ne ka nna gone mo kopanong eo.
Go Lalediwa kwa Bethele
Mo ngwageng e e latelang ya 1920, Mookamedi Rutherford o ne a amogela taletso ya go ya go neela puo ya phatlalatsa kwa Cincinnati, kwa Ohio. Ke ne ke dira tiro ya go rekisa dibuka ka nako eo, mme Mokaulengwe Rutherford o ne a ntaleletsa go mo kwalela ke ikopela go ya go direla kwa ntlong-kgolo ya Bethele ya Brooklyn.
Ke ne ka romela lekwalo, mme morago ga go amogela phetolo ya tumelelo, ke ne ka palama terena ka ya kwa New York City. Mo bosigong jwa Labobedi, June 1, 1920, ke ne ka goroga koo mme ka kopantshiwa ke Leo Pelle, tsala ya bogologolo go tswa kwa Louisville, mo Kentucky, mme o ne a nkisa kwa legaeng la Bethele. Mo letsatsing le le latelang, la Laboraro, ke ne ka abelwa kafa molaong go nna le Hugo Riemer le Clarence Beatty mo ntlwaneng e e kwa godimo, ke nna wa bo-102 wa ba lelapa la Bethele ya Brooklyn.
Mokgatlho o ne o dirile motšhine wa one wa ntlha o o gatisang kwa 35 Myrtle Avenue, koo go neng go tlhomilwe motšhine wa rona wa ntlha wa rotary o o gatisang kwa tlase ga kago eo teng, o re neng re o bitsa Sekepe sa Ntwa ka ntlha ya bogolo jwa one. Re ne re gatisa makasine o mosha wa Mokgatlho o o neng o bidiwa The Golden Age-oo moragonyana o neng wa bidiwa Consolation mme jaanong o bidiwang Awake! Jaaka dimakasine di ne di tswa mo letshobeng mo bodilong mme di tsamaisiwa ka thulaganyo ya wairi mo godimo ga lomati lo lo sekameng, ke ne ke di phutha, ke di tlhamalatsa le go di tlhatlaganya go letela gore di tle di baakanngwe.
Mo mosong wa Matlhatso, fa motšhine o ne o sa gatise dimakasine, bontsi jwa rona bakaulengwe re ne re phuthela dimakasine ka dipampiri tse di phuthelang tse dithokwa tse di nang le maina le diaterese tsa babeeletsi. Mme re di kwale gore di tle di tsewe di isiwe kwa posong. Ke ne ka tswelela go dira tiro eno dikgwedi di le mmalwa go fitlhelela Donald Haslett, yo o neng a direla mo Lephateng la Barekisi ba Dibuka, a ne a tlogela a ya go nyala Mabel Catel. Jalo he ke ne ka fudusiwa kwa 35 Myrtle Avenue go ya kwa ofising ya Mokgatlho kwa 124 Columbia Heights go ya go direla kwa Lephateng la Barekisi ba Dibuka.
Gape, jaaka leloko la Phuthego ya New York, ke ne ka abelwa go kgweetsa thuto ya buka kwa legaeng la lelapa la boora-Afterman mo kgaolong ya Ridgewood ya Brooklyn.
Ditshiamelo tsa Radio le tsa Kopano
Ke ne ka tswelela-pele go direla kwa Lephateng la Barekisi ba Dibuka go fitlhelela ka 1926. Ka nako eo, Watch Tower Bible and Tract Society e ne e tlhomile seromamowa sa yone sa ntlha, sa WBBR, mo Staten Island. Moo e ne e le ka 1924. Ke ne ka nna le tshiamelo e e itumedisang ya go direla mo dithulaganyong tsa Mokgatlho, e seng fela go neela dipuo mme gape le go opela ke le nosi lentswe la boraro, le e leng go tshameka mandolin ke patile piano. Gape, ke ne ke opela lentswe la bobedi la khwaere ya rona ya banna ba le bane mo WBBR. Legale, Mokaulengwe Rutherford, jaaka mookamedi wa Mokgatlho, e ne e le sebui sa kono-kono mo WBBR mme o ne a reediwa ke batho ba le bantsi thata.
E ne e le ka ngwaga wa 1922 fa kopano e kgolo ya Watch Tower Bible and Tract Society e ne e tshwarwa e le labobedi kwa Cedar Point, mo Ohio. Fano re ne ra kgothadiwa thata ke Mokaulengwe Rutherford go “itsise! itsise, itsise Kgosi le bogosi!”
Nngwe ya ditshiamelo tsa me tse dikgolo thata mo dingwageng tsa bo-20 e ne e le go direla le Mokaulengwe Rutherford kwa kopanong ya merafeyotlhe mo London, kwa Ennyelane, ka 1926. Koo o ne a neela puo ya phatlalatsa mo Royal Albert Hall ya London fa pele ga bareetsi ba bantsi morago ga ke sena go opela lentswe la boraro ke le nosi ke patile organ e e itsegeng ya holo eo.
Mo bosigong jo bo latelang o ne a neela bareetsi ba Sejuda puo kaga “Palestina—Ka Ntlhayang?,” mme ke ne ka opela ke le nosi mo kopelong ya Mesia ya ga Handel, pina “Gomotsegang, lona batho ba me.” Dikete di le mmalwa tsa Bajuda di ne tsa nna gone mo tirelong eo e e kgethegileng. Ka nako eo, re ne re dirisa ka phoso dipolelelo-pele tse di tswang mo Dikwalong tsa Sehebera mo Bajudeng ba ba rupileng, ba senama. Mme ka 1932 Jehofa o ne a bula matlho a rona go bona gore dipolelelo-pele tseo di ne di dira mo Iseraeleng wa semoya.
Mme abo go ile ga kgatlhisa jang ne go iphitlhela ke le kwa kopanong ya Columbus, kwa Ohio, ya 1931 fa Mokaulengwe Rutherford a itsise ‘leina je lesha’ Basupi ba ga Jehofa, mme rotlhe re ne ra le amogela ka mafolofolo! Ka bofefo fela moragonyana, diphuthego tsotlhe tsa batho ba ga Jehofa go dikologa lefatshe di ne tsa amogela ‘leina je lesha’ leo.—Bapisa Isaia 62:2.
Ka Labotlhano, May 31, 1935, ke ne ke setse ke direla jaaka molaodi wa baopedi ba diletso mo lefelong le le kafa tlase fela ga lebota la serala se Mokaulengwe Rutherford a neng a neela polelo ya tshimologo ya kutlwi- siso e ntšha ya dilo mo go Tshenolō 7:9-17, ka tlhomamo a re tlhalosetsa sentle maloko a ‘bontsi jo bogolo’ a go buiwang ka one moo. Setlhopha se se bidiwang sa Jonadabe se ne ka mo go kgethegileng sa lalediwa go nna teng, mme lebaka le ne la utlwala fa Mokaulengwe Rutherford a ne a bontsha gore “bontsi jo bogolo,” (King James Version) kana “boidiidi yo bogolo,” bo ne bo tla dirwa ka “dinku di sele” tsa “modisa eo o molemō” Jesu Keresete. (Yohane 10:14, 16) E ne e le nako e e kgatlhisang tota. Abo e ile ya nna mo go nkgapang maikutlo jang ne fa mo letsatsing le le latelang, ka Matlhatso a June 1, batlakopanong ba le 840 ba ne ba nwediwa mo metsing go bontsha boineelo jwa bone mo Modimong ka Keresete ba lebeletse paradaise ya selefatshe! Fa e sale ka nako eo go ya pele, palo ya “dinku di sele” tsa ga Keresete e ne ya gola thata-thata, go feta kgakala e e ngotlegang ya maloko a “lecomanyane” la barutwa ba ba tsetsweng ka moya ba seka-dinku ba Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete.—Luke 12:32.
Lefa go ntse jalo, fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e simologa ka 1939, go ne go lebega ekete mo go ne go raya bokhutlo jwa go phuthiwa ga “boidiidi yo bogolo.” Ke gakologelwa Mokaulengwe Rutherford letsatsi lengwe a nthaya a re: “Ebu, Fred, go lebega ekete ‘bontsi jo bogolo’ ga bo kitla bo nna bogolo mo go kalo.” Re ne re sa itse ka go phuthiwa mo gogolo mo go neng go santse go le kwa pele.
Mokgatlho o ne wa tlhagisa seletswa se se botlana ka 1934, mme direkote tsa dipuo tsa ga Mookamedi Rutherford di ne tsa dirisiwa go buelela dibuka tsa Bibela. Fa direkote tsa gagwe, tse di ranoletsweng mo Sepanisheng, di ne di tswa, ke ne ka tlhokomela go di dirisa mo go fitlheleleng batho ba ba buang Sepanishe gaufi le madirelo a rona kwa 117 Adams Street. Go tswa foo, ka maeto a go boela, ke ne ka thusa batho ba ba kgatlhegang go ithuta boammaaruri jwa Bibela, mme ka go dira jalo labofelo ke ne ka nna le tshiamelo ya go rulaganya phuthego ya ntlha ya batho ba ba buang Sepanishe mo Brooklyn. Ke sale ke nna leloko la phuthego ya ntlha ya batho ba ba buang Sepanishe ya Brooklyn, fa e sale e tlhomiwa.
Diphetogo mo Bookameding jwa Mokgatlho
Fa Mokaulengwe Rutherford a ne a swa ka January 8, 1942, Nathan H. Knorr o ne a mo tlhatlhama mo bookameding jwa Mokgatlho. Go sa kgathalesege go gakala ga ntwa ya lefatshe ya bobedi, puo ya gagwe ya phatlalatsa ka selemo sa 1942 ya setlhogo se se reng “Kagiso—A E Ka Nnela Ruri?” E ne ya tsosolosa tebelelo ya rona ya isagwe e e gautshwane. Ka bokhutshwane morago ga moo, Mokaulengwe Knorr o ne a bula Sekole sa Bibela sa Watch Tower sa Gilead kwa Kingdom Farm ka Mosupologo wa February 1, 1943, go na le baithuti ba le lekgolo ba setlhopha seo sa ntlha. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna le kabelo mo thulaganyong ya modiro wa go simolola. Bakulengwe Eduardo Keller, Maxwell G. Friend, Victor Blackwell, le Albert D. Schroeder ba ne ba direla jaaka barutisi.
Mo puong ya gagwe e e bulang, Mokaulengwe Knorr o ne a re gakolola gore Mokgatlho o ne o na le madi a a lekaneng go tsamaisa sekolo ka dingwaga di le tlhano. Mme bonang, gompieno Jehofa Modimo Mothatayotlhe o dirile gore sekole se se tswelele lobaka loo lo menagane ga robabongwe!
E ne e le tshiamelo e kgolo thata go kopanela le Nathan H. Knorr. Ke ne ke sa lemoge gore fa a ne a kolobediwa morago ga polelo e ke neng ka e neela baya-kolobetsong ka July 4, 1923, fa thoko ga Noka ya Little Lehigh ka kwantle ga motse wa ga bone wa Allentown, mo Pennsylvania, o ne a tla felela a le mookamedi wa boraro wa Watch Tower Bible and Tract Society.
Kafa tlase ga bookamedi jwa ga Mokaulengwe Knorr, ke ne ka eta thata, ke buisa dikokoano tse dikgolo tsa bakaulengwe go dikologa lefatshe—go kopanyeletsa Latin America le Australia—ke ba kgothaletsa go nna ba ikanyegile. Ka nako nngwe e e ntseng jalo, ka 1955, fa go ne go thibetswe tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo Spain, ke ne ka direla mo kopanong ya sephiri mo sekgweng ka kwantle ga Barcelona. Phuthego ya bakaulengwe ba rona ba Spain e ne e dikaganyeditswe ke mapodisi a sephiri a a tlhomeletseng, mme banna ba ne ba tsenngwa mo dikoloing ba isiwa kwa ntlong-kgolo ya mapodisi. Koo re ne ra tshwarwa le go botswa dipotso. Ereka ke ne ke le moagedi wa America, ke ne ka itira ekete ga ke itse Sepanishe. Gape, bokgaitsadi ba le babedi ba ne ba ngwegile mme ba itsise Boemedi jwa America kaga go tshwarwa ga me, mme bone, go tswa foo, ba ne ba kopana le mapodisi. Ka ntlha ya go tila go sa dire gore kgang e itsiwe ke mafatshe otlhe le go nna kgaruru, ba ne ba golola rona ba-tswa-kwa labofelo mme, moragonyana, ga gololwa ba- kaulengwe ba bangwe. Morago ga moo, bontsi jwa rona re ne ra kgobokana kwa legaeng la barwa Serrano mme ra ipelela fela thata go golola ga ga Jehofa batho ba gagwe. Ka 1970 Spain e ne ya amogela Basupi ba ga Jehofa kafa molaong. Gompieno re na le ofisi ya lekala e e gaufi le Madrid, mme mo ngwageng e e fetang e phuthego e e mo Spain e ne e akareletsa baboledi ba Bogosi ba ba fetang 65 000, le diphuthego mo lefatsheng leo lotlhe.
Ka June 8, 1977, Nathan H. Knorr o ne a tlhokafala, a fetsa bodihedi jwa gagwe jwa selefatshe, mme ke ne ka mo tlhatlhama mo ofising ya bookamedi jwa Mokgatlho. Mokaulengwe Knorr o ne a direla mo bookameding dingwaga tse di fetang 35, sebaka se se fetang sa ope wa baokamedi ba babedi ba Mokgatlho ba ba diretseng pele ga gagwe, ebong Russell le Rutherford. Jaaka leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, ke abetswe go direla mo Komiting ya Digatisiwa le mo Komiting e e Kwalang ya Setlhopha se se Laolang.
Ke tshiamelo e kgolo le boitumelo ruri go tswelela ke direla mo diofising tsa Mokgatlho kwa 25 Columbia Heights. Seno se tlhoka go tsamaya ka maoto letsatsi lengwe le lengwe la tiro fa gare ga diofisi ka kakaretso le legae la Bethele-se e leng boitshidilo-mmele jo bo molemo thata jwa mmele o o tsofalang. Lemororo ke na le dingwaga di le 93 gape ke sa tlhole ke bona sentle, ke itumela thata go bo Jehofa a ntshegofaditse ka botsogo jo bo siameng, mo e leng gore ga ke ise nke ke tlhoke go ya tirong ka letsatsi lepe ka ntlha ya bolwetse mo dingwageng tse 66 ke le kwa Bethele, mme ke santse ke kgona go direla ka nako e e tletseng. Ruri e nnile go amogelwa ga me ga bomodimo go bo ke le fa, fa esale ka ngwaga wa 1920 le go bona go gola le go atologa ga phuthego kwa ntlong-kgolo ya Brooklyn le go dikologa lefatshe.
Ka tshepo e e tletseng mo Molaoding wa Lobopo, Jehofa Modimo, le Moeteledipele yo Mogolo wa Masole, Jesu Keresete, yo o okametseng palo e kgolo ya boserafa, ditšheruba, le baengele ba ba boitshepo ba legodimo, jaaka ke kwala jaana, ke lebela pele, gammogo le dimilione tsa Basupi-ka-nna, go se Bibela e bontshang se santse se le kwa pele: go senngwa ga Babelona yo Mogolo, bodumedi jwa lefatshe jwa maaka, le ntwa ya letsatsi je legolo ya Modimo Mothatayotlhe kwa Haramagedona, e e tla felelang ka phenyo ya di phenyo mo letlhakoreng la Molaodi wa Lobopo, Jehofa Modimo, yo o tswang “bosasimologeñ go ea kwa bosakhutleñ.” Haleluja!—Pesalema 90:2.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
O kwa tlase fa gare a na le badiri-ka-ene ba Bethele 1920
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
A na le N. H. Knorr 1961
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
A buisa kopano mo Japan 1978