“Ikanye Yehofa” Kopano ya Kgaolo—E Seka ya go Tlola!
Malatsi a mararo a a tletseng, a a duelang a go laiwa ka Bibela le bokopano jo bo molemo jwa Bokeresete di go emetse kwa Kopanong ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa ya “Ikanye Yehofa.” Mo dikgweding tsa December 1987 le January 1988. go rulaganyeditswe dikopano tsa kgaolo di le 15 go ralala Afrika Borwa fela, ka gone go tla bo go na le e nngwe e seng kgakala le legae la ga eno. Rulaganyetsa gore o nne gone go tloga ka thulaganyo e e bulang e e simololang ka 10:20 a.m. ka Labotlhano, mme o nne go fitlhelela ka e e tswalelang ka Sontaga thapama.
Thulaganyo e e bulang e tla nna le puo e e rutang e e reng “Batho ba ba Tlhaotsweng mo Lefatsheng.” Morago ga moo ka thapama, go tla lebisiwa kgakololo e e tlhamaletseng Ie e e phepafetseng go batsadi le basha. Basha ba tla thusiwa gore ba itise kgatlhanong le go tshela “Botshelo” jo go ka tweng “bo Gabedi.” Go tswa foo kgang eno e tla otlelelwa mo terameng ya segompieno e e tshikhinyang maikutlo.
Ka Matlhatso mo mosong go tla nna le puo e e malebana le boineelo le kolobetso, gammogo le tao e e malebana le ditsela tse re ka bontshang ikanyo ya rona mo go Jehofa ka tsone, tumalanong le setlhogo sa kopano. “Go Tshola Bana mo go Nang le Tlhaloganyo mo Motlheng wa Bofelo” e tla nna polelo ya kono-kono mo thulaganyong ya thapama, e e tla konelang ka dipuo tsa simphosiamo tse di nang le setlhogo se se reng “Lefoko la Modimo le Tshedile.”
Thulaganyo ya Sontaga e tla nna puo e e reng “Gana Tsela ya Lefatshe e e Tlhabisang Ditlhong Gotlhelele,” gammogo le terama ya Bibela ya batshameki ba apere ka tsela ya terama e bontsha ka moo metlha ya rona e potlakileng ka teng. Mo maitseboeng, go tla nna le puo ya phatlalatsa, e e reng “Mo Metlheng ya Rona e e Boifisang, Ke Mang yo Tota o ka mo lkanyang?” e tla bo e le karolo e nngwe e e tlhomologileng ya kopano eno.
Botsisisa mo Basuping ba ga Jehofa ba lefelo la gaeno ka nako le lefelo la kopano e e gautshwane le wena.