O Se Ka Wa Tlolwa ke Kopano ya Kgaolo ya “Puo E E Itshekileng”!
O emetswe ke malatsi a le manè a a busetsang go le gontsi a go laiwa ka Bibela. Nna gone fa thulaganyo e simolola ka 1:30 p.m. ka Labone. Itumelele puo e tshikinyang mogopolo e e reng “A Ditsala tsa Gago Ke Ditsala tsa ga Jehofa?” mmogo le puo ya setlhogo, “Puo E E Itshekileng ya Merafe Yotlhe.” Puo e e konelang ya thapama e e reng, “O Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang ka Madi?,” e tla araba potso eno: A ruriruri madi a a tlhokega go boloka botshelo?
Karolo ya mo mosong ya Labotlhano e simolola ka 9:30. Nna gone go solegelwa molemo ke puo e e reng “Keresete O Ne A ‘Ila Boikèpō’—A O A Bo Ila?” le puo e e tlhotlheletsang eno “Ganana le Tsela ya Lefatshe ya go Ijesa Dijo tsa Ditoro, Latelela Dilo Tsa Mmatota tsa Bogosi.” Mo thapameng go tla neelwa dikakantsho tse di mosola thata tse di leng malebana le kafa o ka tshelang ka mo go lekaneng ka madi a o nang le one ka gone. Batsadi ba tla bontshiwa kafa ba ka diragatsang boikarabelo jwa bone ka tsela e e atlegang ka gone, mme terama ya segompieno e tla naya basha kaelo e e molemo tota kaga go nna le seabe mo ditirong tsa fa sekolo se tswa.
Karolo ya Lamatlhatso mo mosong e tla nna le puo ya boineelo le kolobetso gape e tla tlotla malebana le kafa go leng botlhokwa ka gone gore re intshe setlhabelo go nna le thuto ka namana ya Bibela. “Koloi ya ga Jehofa ya Selegodimo E Ntse E Gatela Pele” ke puo e e tshikinyang maikutlo tota ya thulaganyo ya thapama. Gape, go na le dikgakololo tse di nonofileng tota tsa boikarabelo jwa rona jaaka Bakeresete jwa go thusa bao ba foufaditsweng ke bodumedi jwa maaka, mme re tla newa thuso e e dirang tota ya kafa re ka dirang boikarabelo jono ka gone.
O tla batla go nna gone mo mosong wa Sontaga go utlwa molaetsa o o nonofileng o o tla bong o bolelwa kgatlhanong le Labodumedi le baruti ba yone. One o tla latelwa ke terama e go tla bong go aperwe mo go one eo e thailweng mo ditiragalong tse di amanang le botshelo jwa ga Jehu le jwa ga Jonadabe. Morago ga foo, mo thapameng, tlhomamisega go tla go reetsa puo ya phatlalatsa, “Dirwang Seoposengwe ke Puo E E Itshekileng.”
Ka November le December go rulaganyeditswe dikopano di le 20 go ralala borwa jwa Afrika fela, ka jalo go tla nna le e nngwe gaufi le legae la gago. Botsa Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona gore eo e leng gaufi thata le wena e tla tshwarwa leng le gore e tla tshwarelwa kae.