“Babaki ba ba Itumetseng”—Kopano ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa
O emetswe ke malatsi a mararo a a nonotshang a go rutiwa Baebele. E re ka go rulaganyeditswe dikopano tsa kgaolo di feta 35 mo borwa jwa Afrika fela, go tshwanetse ga bo go tla tshwarwa kopano gaufi le fa o nnang teng.
Thulaganyo ya mo mosong wa letsatsi la ntlha e tla bo e na le mafoko a a amogelang mmogo le puo ya setlhogo, “Re Tlhaotswe mo Lefatsheng Lotlhe Jaaka Babaki ba ba Itumetseng.” Mo tshokologong thulaganyo e tla bo e itebagantse le basha, batsadi, le thuto. “A ke Setse ke Siametse Lenyalo?” ke puo e basha ba ka se batleng e ba feta. Batsadi ba tshwanetse ba reetsa ka kelotlhoko puo e e reng “Batsadi ba ba Itumedisiwang ke Bana ba Bone.” Thulaganyo ya thapama e tla konela ka puo e e reng “Dirisa Thuto go Baka Jehofa.” Se se tlhalosiwang se tshwanetse sa thusa basha gore ba tswelele pele ba atlega kwa sekolong.
Selo sa botlhokwa mo thulaganyong ya mo mosong wa letsatsi la bobedi e tla bo e le kolobetso, mme ba ba tshwanelegang go ka kolobediwa ba tla neelwa sebaka sa gore ba kolobediwe. Thapama go tla nna le tlhaloso e e sa tikatikeng ya kafa Satane go tswa bogologolong a ntseng a dirisa keletso ya tlhakanelodikobo go tsenya batho mo seraing ka teng. Gape go tla nna le puo e e nonofileng e e reng “Lo Itise mo Dirung Tsa ga Diabolo.” Thulaganyo ya letsatsi leo e tla konela ka puo ya botlhokwa e e reng “Lebaka La go Bo Batho ba Tlhoka Kitso ya Modimo.”
Mo mosong wa letsatsi la bofelo, semposiamo sa setlhogo se se reng “Babaki ba ba Itumetseng mo Bokhutlong Jwa Tsamaiso Eno” se tla bua thata ka ditiragalo tse di tla amang lefatshe lotlhe tse di tla tlogang di re tlela. Se tla gatelela kafa go potlakileng ka gone gore re tshabele kwa lefelong le le babalesegileng pele “sepitla se segolo” se Jesu Keresete a buileng ka sone se simologa, jaaka go kwadilwe mo go Mathaio 24:21.
Thulaganyo ya mo mosong e tla konela ka terama ya botlhokwa ya “Go Tlotla ba ba Tshwanetsweng ke Tlotlo mo Dingwageng Tsa Bone Tsa Bogodi.” Go tswa foo, mo thapameng, go tla neelwa puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng “Baka Kgosi ya Bosaenkae!” E tla bo e le yone e tlhomologileng thata mo kopanong.
Dira dithulaganyo gone jaanong tsa gore o nne teng. Gore o bone lefelo le le gaufi le kwa o nnang teng, ikopanye le Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e mo lefelong la lona, kana o kwalele bagatisi ba makasine ono.