LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 8/1 ts. 10-15
  • Keresete o Etelela Phuthego ya Gagwe Pele ka Tlhagafalo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Keresete o Etelela Phuthego ya Gagwe Pele ka Tlhagafalo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Laola ka Tlhagafalo ka Tsela ya Bomodimo
  • Setlhopha se se Laolang se se Bonalang
  • Go Etelela-pele ga ga Jesu ka Boene
  • Keresete o ne a Tshegetsa Maloko a Setlhopha se se Laolang
  • Phetso e e sa Tlwaelegang
  • Keresete o Santse a Etelela Phuthego ya Gagwe Pele ka Tlhagafalo
  • Ke Mang yo o Kaelang Batho ba Modimo Gompieno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Go Dirisana Mmogo le Setlhopha se se Laolang Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tiro ya Setlhopha se se Laolang ke Eng Gompieno?
    Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
  • “Moeteledipele wa Lona o Mongwe, e Bong Keresete”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 8/1 ts. 10-15

Keresete o Etelela Phuthego ya Gagwe Pele ka Tlhagafalo

“Modimo oa Morèna oa Rona Yesu Keresete . . . oa mo neèla phuthègo go re a nnè tlhogo ea dilō cotlhe.”​—BAEFESIA 1:17, 22.

1. Maloko mangwe a dikereke tsa La-Bodumedi a ka araba jang potso e e reng, ‘Moeteledipele wa lona ke mang?’ mme Basupi ba ga Jehofa ba araba jang?

BASUPI BA GA JEHOFA ga ba tseye motho ope jaaka moeteledipele wa bone. Sebopego sa phuthego ya bone ga se tshwane ka gope le sa ya mopapa wa Kereke ya Roman Catholic, sa tsa ditlhogo tsa lotso tsa Dikereke tsa Eastern Orthodox, kana sa tsa baeteledipele ba dikereke tse dingwe le makoko a LaBodumedi. Ba utlwa Jesu Keresete, Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, yo o neng a re: “Moñ oa lona o moñwe hèla, eboñ Keresete.”​—Mathaio 23:10.

2. Ke ka ntihayang fa Basupi ba ga Jehofa ha tsaya Keresete jaaka Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, mme go ka bodiwa dipotso dife?

2 Ka Pentekosete moaposetoloi Petere o ne a supa jaana: “Dafide ga a ka a tlhatlogèla magodimoñ: me èna ka èsi a re, Yehofa o reile Morèna oa me, a re, Dula kaha cogoñ ya me ye legolo, Ke tlè ke tsamaeè ke dihè baba ba gago sebèō sa dinaō tsa gago. Me ke gōna a botlhe ba ntlo ea Iseraela ba itsetse rure, ha Modimo o mo dihile Morèna le Keresete, eboñ èna Yesu eo lo mmapotseñ.” (Ditiho 2:34-36) Mme lefa re lemoga gore Jesu o ne a dirwa Morena le Tlhogo ya Phuthego ka 33 C.E., a re na le go mo akanya jaaka yo o ntseng a upaletse fela kafa letsogong je legolo ja ga Jehofa, a letetse go tlhomiwa mo setilong sa Bogosi ka 1914? A re lemoga ka botlalo gore go tswa fela kwa tshimologong Keresete o ne a ntse a eteletse phuthego ya gagwe pele ka tlhagafalo?

Go Laola ka Tlhagafalo ka Tsela ya Bomodimo

3. Jesu o ne a solofetsa gore o ne a tla romelela barutwa ba gagwe eng, mme re itse jang gore o ne a sa bue ka motho?

3 Mo bosigong jwa pele ga logo lwa gagwe, Jesu o ne a raya baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang a re: “Go ka nna molemō kaga lona ha ke tsamaea: gonne ha ke sa tsamaee, Mogomotsi ga a ketla a tla mo go lona; me ha ke tsamaea, ke tla mo roma mo go lona.” (Yohane 16:7) O ne a sa ye go romela motho mme o ne a tla romela maatla a a dirang. O ne a tlhalosa seno ka phepafalo pele fela ga a tlhatlogela kwa legodimong, ka go raya barutwa ba gagwe ba ba phuthegileng a re: “Ke tlisa polèlō ea choloheco ea ga Rre mo go lona: me lo namè lo sa diègile mo motsiñ oa Yerusalema, go tlo go tsamaeè lo apesiwè nonohō e e cwañ kwa godimo.”​—Luke 24:49.

4. Moya o o boitshepo o ne wa dirisiwa jang go simolola ka Pentekosete go ya pele?

4 Barutwa ba ba ikanyegang ba ga Jesu ba ne ba nna mo kgaolong ya Jerusalema go fitlha ka Pentekosete. Mo letsatsing leo ba ne ba “tladiwa Mōea o o Boitshèpō,” jaaka go ne go solofeditswe. Petere o ne a supa ka gore: “Ereka a [Jesu] goledicwe ke Modimo go nna kaha cogoñ ye legolo ya ōna, me a amogetse mo go Rara lehoko ya choloheco kaga Mōea o o Boitshèpō, o goromeditse selō se, se lo se bōnañ, lo se utlwañ.” (Ditiho 2:4, 33) Ka seno Jehofa o ne a tsala Bakeresete bano ba ntlha jaaka barwa ba gagwe ba semoya. (Bagalatia 4:6) Gape, Jesu o ne a amogela moya o o tswang kwa go Rraagwe e le sedirisiwa seo a neng a tla laola phuthego ya gagwe mo lefatsheng ka sone a le kwa bonnong jwa gagwe jwa selegodimo kafa letsogong je legolo ja Modimo.

5, 6. (a) Ke sedirisiwa sefe se sengwe se Keresete a se neetsweng go mo kgonisa go laola phuthego ya gagwe mo lefatsheng? (b) Neela dikai tse di tlhomameng tsa kafa Jesu a dirisitseng sedirisiwa seno ka teng mo go thuseng barutwa ba gagwe le mo go tshegetseng tiro ya go rera.

5 Go feta moo, moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana malebana le Jesu: “Eo o nntseñ kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo, ka a tsenye kwa legodimoñ; baengele, le balaodi, le bathata, ba bile ba beilwe mo taoloñ ea gagwè.” (1 Petere 3:22) Ka gone he, baengele ke didirisiwa tse dingwe tseo Jehofa a di neetseng Keresete go ba dirisa mo go eteleleng phuthego ya Bokeresete pele ka tlhagafalo.

6 Ka baka leo, fa re bala mo bukeng ya Ditihō gore ‘moengele wa ga Jehofa’ kana ‘moengele wa Modimo’ o ne a ema nokeng tiro ya Bokeresete ya go rera kana a thusa maloko a phuthego ya Bokeresete, go na le mabaka a mantsi a a re dumedisang gore baengele ba go nna jalo ba ne ba dirisiwa jalo ke Keresete. (Ditihō 5:19; 8:26; 10:3-7, 22; 12:7-11; 27:23, 24) Keresete jaaka “Mikaele moengele eo mogolo,” o na le baengele ba a ba laolang, mme o ne a ba dirisa mo go eteleleng phuthego ya Bokeresete pele ka tlhagafalo mo lekgolong lantlha la dingwaga C.E.​—Yude 9; 1 Bathesalonia 4:16.

Setlhopha se se Laolang se se Bonalang

7. Keresete o ne a dirisa sedirisiwa sefe se sengwe go kaela phuthego ya gagwe, mme ke Dikwalo dife tse di buang ka ‘tiro eno ya tebelo’?

7 Gape Dikwalo di bontsha gore Jesu Keresete o ne a dirisa setlhopha sa banna bangwe jaaka setlhopha se se laolang go kaela phuthego ya gagwe mo lefatsheng. Setlhopha seno se se laolang se ne sa simolola se na le baaposetoloi ba le 11 fela. Fa Petere a ne a kopa gore go diragale thato ya ga Jehofa mo go emisetseng Judase Isekariota ka mongwe, o ne a tsopola Pesalema 109:8, e e reng: “A motho o sele a tseè tihèlō ea gagwè.” Ka gone, fa Petere le balekane ba gagwe ba rapela Jehofa, ba ne ba kopa Modimo gore o tlhophe monna mongwe gore “a tseè boèmō yoa boaposetoloi mo tiheloñ e, yo Yudase o oleñ mo go yōna.” Mme go ne ga tlhophiwa Mathaiase gore a direle le ‘baaposetoloi ba ba some le motso.’​—Ditihō 1:20, 24-26.

8. Ke dikai dife tsa ntlha tse pedi tse di bontshang kafa Keresete a neng a dirisa maloko a setlhopha se se laolang se se bonalang ka teng?

8 Lekgetlo la ntlha le le kwadilweng la go dira mo ‘tirong eno ya tebelo’ ga baaposetoloi ba ba 12 jaaka setlhopha se se laolang e ne e le fa ba ne ba tihopha banna ba ba tshwanelegang semoyeng go direla bakaulengwe ba bone mo phuthegong ya ntlha. (Ditihō 6:1-6) Lebaka la bobedi e ne e le fa Filipo a ne a simolola go rerela Basamaria kaga Keresete. Ka baka la seno, “baaposetoloi ba ba kwa Yerusalema . . . ba roma Petere le Yohane kwa go bōnè.” Basamaria ba ne ba “amogèla Mōea o o Boitshèpō” fela morago ga baemedi bano ba maloko a setlhopha se se laolang ba sena go ba baya diatla.​—Ditihō 8:5, 14-17.

Go Etelela-pele ga ga Jesu ka Boene

9. A ka metlha Keresete o ne a dirisa baengele kana setlhopha se se laolang? Neela dikai.

9 Ka gone, fela kwa tshimologong ya phuthego ya Bokeresete, Keresete o ne a dirisa moya o o boitshepo, baengele, le setlhopha se se laolang se se bonalang go mo kgonisa go etelelapele barutwa ba gagwe mo lefatsheng ka tlhagafalo. Mo lekgetlong le lengwe o ne a bile a dira ka boene. Ka sekai, Keresete o ne a sokolola Saulo wa Tareso ka boene. (Ditihō 9:3-6) Morago ga malatsi a le mararo Jesu o ne a bua le “morutwa moñwe” yo o neng a bidiwa Ananiase ka tlhamalalo. Fa a ne a mo senolela thomo e e menaganeng gararo e a neng a batla gore Saulo a e dire, Jesu o ne a bua jaana: “[Monna yo] ke seyana sa me se se tlhaocweñ, gore a rwalèlè leina ya me ha pele ga Badichaba, le dikgosi, le bana ba Iseraela.” (Ditihō 9:10-15) Keresete o ne a biletsa Saulo go tla go dira tiro nngwe e e kgethegileng. Ka gone Saulo o ne a nna moaposetoloi, kana motho yo o romilweng, yo o itsegeng thata jaaka moaposetoloi Paulo.

10. Keresete o ne a laola tiro ya go rera ka boene jang?

10 Keresete o ne a laola tiro ya go rera ka boene. Ka go dirisa moya o o boitshepo o a neng a o amogetse go tswa kwa go Rraagwe Jehofa, o ne a simolodisa maeto a borongwa a ga Paulo mme a nna a ntse a a tlhokometse ka boene. Re bala jaana: “Mōea o o Boitshèpō oa re, Nthōmèlèlañ Barenabase le Saulo, gore ba eè tihoñ e ke e ba bileditseñ. . . . Yalo bōnè, ka ba bolodicwe ke Mōea o o Boitshèpō, ba hologèla kwa Seleukia; me ba cwa gōna” ba le mo loetong lwa ntlha lwa borongwa. (Ditihō 13:2-4) Legale, moya o o boitshepo, maatla a ga Jehofa a a dirang, o ne o sa kake wa ‘bua’ sepe kana wa ‘roma’ motho ka boone. Ka phepafalo yo o neng a dirisa moya go kaela dikgang e ne e le Keresete, Tlhogo ya phuthego.

11. Go ne ga diragala eng mo loetong la bobedi la borongwa la ga Paulo, mme seno se bontsha jang ka phepafalo gore Jesu o ne a kaela tiro ya go rera ka moya?

11 Go dirisa moya mo ga ga Jesu jaaka a etelelapele Bakeresete ba ntlha ka tlhagafalo go bontshiwa ka phepafalo mo polelong ya loeto lwa bobedi lwa ga Paulo. Morago ga a sena go etela diphuthego tsa Laudikia (kgaolo ya Asia Minor) labobedi tseo di neng di tlhomilwe mo loetong lwa ntlha lwa borongwa, Paulo le balekane ba a neng a tsamaya nabo go bonala ba ne ba ikaeletse go ya kwa bophirima ba feta ka kgaolo ya Roma ya Asia. Ke ka ntlhayang fa ba ne ba sa tsamaye kafa ba neng ba rulagantse ka teng? “[Ka gonne] ba ne ba idicwe ke Mōea o o Boitshèpō go bolela lehoko mo Asia.” (Ditihō 15:36, 40, 41; 16:1-6) Mme ke mang yo o neng a dirisa moya o o boitshepo wa ga Jehofa go ba goga? Temana e e latelang e neela karabo. E bontsa gore fa ba ne ba ya kwa bokone, ba ikaeletse go ya go rera kwa Bithunia, “Mōea oa ga Yesu oa seka oa ba leseletsa.” (Ditihō 16:7) Ee, Jesu Keresete o ne a dirisa moya o a neng a o amogetse go tswa kwa go Rraagwe go kaela tiro ya go rera ka tlhagafalo. Ene le Rraagwe ebong Jehofa ba ne ba batla gore mafoko a a molemo a anamisiwe mo Yuropa, jalo Paulo o ne a bona ponatshegelo e e bontshang seo.​—Ditihō 16:9, 10.

Keresete o ne a Tshegetsa Maloko a Setlhopha se se Laolang

12, 13. Mo loetong la ntlha la ga Paulo jaaka Mokeresete la go ya kwa Jerusalema, go ne ga diragala eng se se neng sa bontsha kafa Keresete a neng a thusa ka teng mo diphetsong tse di neng di dirwa ke bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo mo motseng oo?

12 Fa moaposetoloi Paulo a ne a kopana le barutwa la ntlha mo Jerusalema, ka mo go tlhaloganyesegang ba ne ba palelwa ke go mo amogela ka phuthologo, “Me Barenabase a mo tsaea, a mo isa kwa baaposetoloiñ.” (Ditihō 9:26, 27) Paulo o ne a nna le moaposetoloi Petere malatsi a le 15. Gape o ne a kopana le monnaa Jesu wa ga mmaagwe ebong Jakobe, yo ka nako eo a neng a le mongwe wa bagolwane ba phuthego ya Jerusalema. (Bagalatia 1:18, 19) Mafoko a a latelang mo bukeng ya Ditihō a bontsha gore bagolwane ba Jerusalema ba ne ba nna karolo ya setlhopha se se laolang sa phuthego ya ntlha ya Bokeresete, gammogo le baaposetoloi ba ba 12.​—Ditihō 15:2; 21:18.

13 Mo dibekeng tse pedi tse a neng a di nna mo Jerusalema, Paulo o ne a rerela Bajuda ba ba buang Segerika, mme “bōne ba tsamaea tsamaea ba senka go mmolaea.” Luke o oketsa ka go re “e rile bakauleñwe ba go lemoga, ba mo holosetsa kwa Kaesarea, me ba mo isa kwa Tareso.” (Ditihō 9:28-30) Mme ke mang yo o neng a ba thusa go dira phetso e e botlhale eno? Morago ga dingwaga di sekae, fa Paulo a ne a bolela ka tiragalo eno ya botshelo jwa gagwe, o ne a bolela gore Jesu o ne a bonetse kwa go ene mme a mo laoletse go tswa mo Jerusalema ka bonako. Fa Paulo a ne a gana, Jesu o ne a gatelela jaana: “Tloga u tsamaeè: gonne ke tla gu romèla kgakala kwa go Badichaba.” (Ditihō 22:17-21) Keresete o ne a tlhokometse dilo fela thata go tswa kwa legodimong mme a dira jalo ka go dirisa bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo mo Jerusalema le ka go bua le Paulo ka tlhamalalo.

14. Ke go tshwana gofe gareng ga dipolelo tse di mo bukeng ya Ditihō le ya Bagalatia mo go bontshang gore Keresete o ne a kaela dikgang mabapi le pokano ya setlhopha se se laolang e e malebana le go rupa?

14 Ka go tshwana, go bala Dikwalo ka kelotlhoko go bontsha ka phepafalo gore Keresete o ne a thusa mo pokanong ya botlhokwa ya setlhopha se se laolang e e neng e tshwerwe go rarabolola kgang ya gore a Bakeresete ba Baditšhaba ba ne ba tshwanetse go rupa le go dirisa Molao wa ga Moshe kana nnyaa. Buka ya Ditihō e bolela gore fa kgang eo e ne e tsoga, “ba [kwantle ga pelaelo maloko a a nang le boikarabelo, kana bagolwane, a phuthego ya Antioka] laola gore Paulo le Barenabase, le ba bañwe ba bōnè, ba tlhatlogèlè kwa Yerusalema kwa baaposetoloiñ le kwa bagolwaneñ, kaga kgan e.” (Ditihō 15:1, 2) Mme fa Paulo a bua ka mabaka a a neng a dirile gore a ye kwa Jerusalema go ya go rarabolola kgang ya go rupa, a re: “Ka bo ke tlhatloga ka tshenolō.” (Bagalatia 2:1-3; bapisa 1:2.) Jaaka tlhogo e e tlhagafetseng ya phuthego, Keresete o ne a batla gore kgang eno ya thuto ya motheo e e botlhokwa e rarabololwe ke maloko otlhe a setlhopha se se laolang se se bonalang. O ne a kaela megopolo ya banna bano ba ba ineetseng mo go direng phetso ya bone, a dirisa moya o o boitshepo.​—Ditihō 15:28, 29.

Phetso e e sa Tlwaelegang

15, 16. (a) Setlhopha se se laolang se ne se batla gore Paulo a dire eng morago ga a sena go bowa go tswa kwa loetong lwa gagwe la boraro la borongwa? (b) Ke ka ntlhayang fa taolo eno e ka lebega e sa tlwaelega, mme ke ka ntlhayang fa Paulo a ne a dira jaaka a ne a laolelwa? (c) Go tsoga potso efe?

15 Sekai se sengwe se se kgatlhisang sa go laola dilo ka tlhagafalo ga ga Keresete go tswa kwa legodimong ke seo se neng sa diragala morago ga loeto lwa boraro lwa borongwa lwa ga Paulo. Luke o bolela gore fa Paulo a ne a boela kwa Jerusalema, o ne a begela maloko a setlhopha se se laolang a a neng a le teng ka botlalo. Luke o ne a kwala jaana: “Ra tsèna le Paulo kwa go Yakobe; me bagolwane botlhe ba bo ba le gōna. Me ea re a sena go ba dumèdisa, a ba tlhatlologanyetsa dilō tse Modimo o di dihileñ mo go Badichaba ka tihèlō ea gagwe,” (Ditihō 21:17-19) Morago ga setlhopha se se phuthegileng se sena go reetsa Paulo, ba ne ba mo neela taolo e e gagametseng, ba re: “Diha se re se gu raeañ.” Ba ne ba mo laolela gore a ye kwa tempeleng mme a supe phatlalatsa gore o ne a sa ‘rute Bajuda botlhe ba ba mo go Baditšhaba, gore ba tlhoboge Moshe, a ba raya a re ba seka ba rupisa bana ba bone, lefa e le go tsamaya kafa mekgweng.’​—Ditihō 21:20-24.

16 Motho o ka nna a belaela botlhale jwa taolo eno. Jaaka re setse re bone, dingwaga di sekae pele ga moo Jakobe, mme gongwe le bagolwane ba bangwe ba ba neng ba le teng mo mabakeng oo-mabedi, ba ne ba rometse Paulo go sele go tswa mo Jerusalema ka gonne “Bayuda ba Segerika” ba ne ba batla go mmolaya. (Ditihō 9:29) Go sa kgathalesege seno, Paulo o ne a dira jaaka a ne a laolwa, tumalanong le se a neng a setse a se buile mo go 1 Bakorintha 9:20. Mme ditiro tse di tshwanang di nna le matswela a a tshwanang. “Bayuda ba ba cwañ kwa [kgaolo ya Roma ya] Asia” ba ne ba tsogologela Paulo mme ba leka go mmolaya. Go tsaya kgato ka bonako ga masole a Roma ke gone fela go neng ga mo falotsa mo go bolaiweng. (Ditihō 21:26-32) Ereka Keresete e le Tlhogo e e tlhagafetseng ya phuthego, ke ka ntlhayang fa a ne a dira gore setlhopha se se laolang se romele Paulo kwa tempeleng?

17. Phetso eno e e sa tlwaelegang e ne ya supega e na le kaelo ya bomodimo jang, mme seno ae bontahang?

17 Karabo e bonala sentle mo go seo se neng sa diragala mo bosigong jwa bobedi morago ga Paulo a sena go tshwarwa. O ne a neetse setlhopha sa diingaodi tseo di neng di ikaeletse go mmolaya bosupi jo bo duleng diatla mme, mo letsatsing je le latelang, a reretse ba lekgotla. (Ditihō 22:1-21; 23:1-6) Mo lekgetlong la bobedi o ne a batla go bolawa. Mme mo bosigong joo, Jesu o ne a bonala kwa go ene mme a re: “Nametsega: gonne yaka u shupile kaga me mo Yerusalema, u na le go shupa yalo le kwa Roma,” (Ditihō 23:11) Gakologelwa thomo e e menaganeng gararo e Keresete a neng a boleletse-pele gore Paulo o ne a tshwanetse go e dira. (Ditihō 9:15) Paulo o ne a neetse “Baditšhaba” le “bana ba Iseraela” bosupi kaga leina la ga Keresete, mme jaanong go ne go tlile nako ya gore a rerele “dikgosi.” Ka baka la phetso eo ya setlhopha se se laolang, Paulo o ne a kgona go rerela balaodi ba Roma bo Felisa le Feseto, Kgosi Herode Agaripa II, mme, labofelo, Mmusi wa Roma Nero. (Ditihō dikgaolo 24–26; Ditihō 27:24) Ke mang yo o ka belaelang gore Keresete ke ene yo o neng a thusa mo go seno?

Keresete o Santse a Etelela Phuthego ya Gagwe Pele ka Tlhagafalo

18. Keresete o ne a reng pele ga a tlhatlogela kwa legodimong?

18 Pele ga Jesu Keresete a tlogela barutwa ba gagwe a ba a tlhatlogela kwa letsogong je legolo ja ga Rraagwe, o ne a re: “Taolō eotlhe ke e neilwe kwa legodimoñ le mo lehatshiñ. Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ: me bōnañ, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.”​—Mathaio 28:18-20.

19. Jesu Keresete o ne a dirisa bolaodi jwa gagwe jo a bo filweng ke Modimo jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme go tla seka-sekiwa eng mo setlhogong se se latelang?

19 Buka ya Ditihō, fa e bua ka ditiragalo tsa dingwaga tsa ntlha tsa Bokeresete, e bontsha kwantle ga pelaelo gore Keresete o ne a dirisa bolaodi jwa gagwe ka go etelela-pele phuthego ya gagwe mono lefatsheng ka tlhagafalo. O ne a dira seno ka go dirisa moya o o boitshepo, baengele, le setlhopha se se laolang se se neng se dirilwe ka baaposetoloi ba ba 12 le bagolwane ba phuthego ya Jerusalema. Jesu o ne a bolela gore o ne a tla nna le barutwa ba gagwe go ya go fitlha fela kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo, fa re leng teng gompieno. Mo setlhogong se se latelang, re tla bona kafa a santseng a le Tlhogo e e tlhagafetseng ya phuthego ya Bokeresete le kafa a etelelang “dinku” tsa gagwe pele gompieno ka teng.

Dintlha tsa go Gakologelwa

◻ Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba sa tseye motho ope jaaka moeteledipele wa bone?

◻ Keresete o ne a dirisa moya o o boitshepo jang go etelela-pele phuthego ya ntlha ya Bokeresete?

◻ Keresete o ne a dirisa baengele jang mo go eteleleng pele Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga?

◻ Keresete o ne a dirisa setlhopha se se laolang se se bonalang jang mo go kaeleng phuthego ya gagwe mo lefatsheng?

◻ Ka di nako tse dingwe Keresete o ne a kaela dikgang jang ka boene?

[Dimmapa mo go tsebe 12]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Loeto lwa ga Paulo lwa Bobedi lwa Borongwa

Antioka

Seleukia

KILEKIA

Tareso

Derebe

KAPADOKIA

PAMFILIA

GALATIA

Lisetera

Ikonio

Antioka

LUKIA

ASIA

BETHANIA LE PONTO

Teroasa

MASEDONIA

Filipi

Thesalonia

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Gape Keresete o ne a etelela phuthego ya gagwe pele a dirisa setlhopha se se laolang se se bonalang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela