Pokano ya Ngwaga le Ngwaga—October 3, 1987
POKANO YA NGWAGA LE NGWAGA ya maloko a Mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania e tla tshwarwa ka October 3, 1987, kwa Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa, 2932 Kennedy Boulevard, Jersey City, New Jersey. Go tla simololwa ka pokano ya maloko fela ka 9:30 a.m., e latelwe ke pokano ya botlhe ya ngwaga le ngwaga ka 10:00 a.m.
Maloko a Setlhopha seno sa Semolao a tshwanetse go itsisi ofisi ya Mokwaledi jaanong jaaka ka phetogo epe ya diateresetsa tsa bone tsa poso mo ngwageng e e fetileng gore makwalo a bone a a tlwaelegileng a kitsiso le diforomo tsa go letla mongwe go ba direla ditlhopho di tle di fitlhe kwa go bone ka bonako morago ga August 15.
Diforomo tsa go letla mongwe go dira ditlhopho, tseo di tla romelelwang maloko mmogo le kitsiso ya pokano ya ngwaga le ngwaga, di tshwanetse go busiwa e le gore di fitlhe kwa ofising ya Mokwaledi wa Mokgatlho eseng morago ga September 1. Leloko le tshwanetse go tlatsa le go busetsa foromo nngwe le nngwe ya lone ya go letla mongwe go le direla ditlhopho ka bonako, le itsise fa le tla nna gone mo pokanong eno ka namana kana nnyaa. Tshedimosetso e e neelwang mo foromong nngwe le nngwe ya go letla mongwe go ba dira ditlhopho e tlhomame mo ntlheng eno, ereka go tla ikaegiwa yone fa go tlhomanisiwa bao tota ba tla nnang gone ka namana.
Go solofelwa gore thulaganyo yotlhe, go akareletsa le pokano ya ntlha ya kgwebo le dipego, di tla konelwa ka 1:00 p.m. kana ka bonako morago ga moo. Ga go kitla go nna le thulaganyo epe ya thapama. Ka ntlha ya sebaka se sennye, go tla tsena fela bao ba nang le dithekethe. Ga go na dithulaganyo dipe tseo di tla dirwang go golaganya pokano eno ya ngwaga le ngwaga le mafelo a mangwe ka megala.