A Bodumedi bo ka Kgotsofatsa Ditlhokafalo tsa Rona?
RE TLA ja eng? Re tla nwa eng? Re tla apara eng? Dipotso tsa go nna jaana di tlhoka go arabiwa ka bonako, bogolo jang fa go le bokete go bona ditlhokafalo tsa motheo tsa botshelo. Lefa go le jalo, tlhokomela se Jesu Keresete a neng a se bua: “Se tlhobaeleleñ botshelō yoa lona, loa re, Re tla ya eñ, re tla nwa eñ? leha e le kaga mmele, loa re, Re tla apara eñ?” (Mathaio 6:25) A seo se utlwala se gakgamatsa? Mme kana gone, fa motho a tlhoka dijo, diaparo, le ntlo, se a se tlhokang ke thuso e e bonalang, eseng seo bangwe ba ka se tsayang e le thero ya sedumedi.
E ne e se gore Jesu o ne a sa nne pelotlhomogi, le gone o ne a sa leke go tila kgang eo. O ne a lemoga ditlhokafalo tsa batho sentle. Lefa go le jalo, o ne a itse kotsi nngwe e e neng e ka diragala. Fa go tla mo go kgotsofatseng ditlhokafalo tsa rona, go motlhofo fela go nwetsa matshelo a rona mo dilong tse di bonalang le go ikutlwa gore Modimo ga o botlhokwa. Ka gone, re tlhoka go rulaganya dilo tsa rona tsa botlhokwa sentle.
Re tla bo re rulaganya dilo tsa rona tsa botlhokwa sentle fa re latela kgakololo ya ga Jesu e e reng: “Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:33) Fa re latela kgakololo eno, bodumedi-ebong bodumedi jwa boammaaruri jo bo theilweng mo boammaaruring jwa Bibela—bo ka kgotsofatsa ditlhokafalo tsa rona.
Lefa go ntse jalo, ga se gore Jesu o ne a sena tlhaloganyo mo a neng a ka akantsha gore, go nna mongwe wa barutwa ba gagwe fela le go latela dithuto tsa gagwe tsa bodumedi go ne go tla rarabolola mathata otlhe a rona gone fela foo. Le gone o ne a sa reye gore barutwa ba gagwe ba ne ba tshwanetse go nna kwa ga mothakga fela ba bo ba letela Modimo gore o ba tlamele ka dikgakgamatso. Ee, mongwe le mongwe o ne a ka nna Mokeresete fa seo se ne se kaya go gololesega ka bofefo fela mo mathateng otlhe a botshelo! Se Jesu a neng a se raya e ne e le gore Rraagwe, ebong Jehofa Modimo, o ntsha sengwe le sengwe se se tlhokafalang go kgotsofatsa dikeletso tsotlhe tsa rona. Ke gone ka moo Jesu le ene a neng a re: “Rra eno oa legodimo oa itse ha lo tlhōka dilō tse cotlhe.”—Mathaio 6:32.
Gape Jehofa o kgotsofatsa ditlhokafalo tsa rona tse di botlhokwa-tlhokwa tsa semoya. Ka tiriso ya Dikwalo tse di Boitshepo, o re neetse kgogo e e tlhotlheleditsweng go kaela matshelo a rona ka tsela e e molemo e e ka kgonegang (Isaia 48:17) Modimo o tlhomile bokopano jwa baobamedi bao ba re tshegetsang fa go tlhokega. (Ditihō 4:34) Gape o tla a tsenelele go thusa batlhanka ba gagwe ka moya o o boitshepo, kana maatla a a dirang. (Luke 11:13; Bagalatia 5:22-25) Mo godimo ga moo, Modimo o dirile paakanyetso ya go busetsa paradaise mo lefatsheng.—Luke 23:43; Tshenolō 21:1-4.
Go Kgotsofatsa Ditlhokafalo tsa nona tsa Dilo tse di Bonalang
Jaanong elatlhoko melao-metheo mengwe ya Bibela eo e thusitseng batho go kgotsofatsa ditlhokafalo tsa bone tsa dilo tse di bonalang. Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a kwala jaana:
“A re itshekiseñ mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea.” (2 Bakorintha 7:1)
A ko o akanye ka mathata a mantsi a re ka a falolang fa re tila go leswefadiwa ke motsoko, diokobatsi tse di ilediwang, le dilo tse dingwe tse di kgotlelang mmele. Mme abo re nna le itsholelo e e botoka jang ne fa re sa senye madi a rona ka botlhaswa, nako, le megopolo ya rona ka dibuka tsa boitsholo jo bomaswe le boitloso-bodutu tseo di ka leswefatsang moya wa rona!
Gape Dikwalo tsa re:
“Se nne mo banwiñ ba boyalwa yoa mofine, le mo go ba ba bogagaru mo go yeñ nama. Gonne motagwi le eo o tlabue‘lañ diyō ba tla humanega: le kōtselō e tla apesa motho dikatana.”(Diane 23:20, 21)
Elatlhoko diphelelo tsa bofelo tsa botagwa le go ja bobe—khumanego le dikatana. Ba le bantsi gompieno—le eleng batho ba ba ratang bodumedi thata—ba nna ba humanegile ka gonne ba tsenelela thata mo dinong tse di tagang kana ba tshwakgolwa ke dilo tse di leswefatsang nama. Go tila dilo tseno e le gore re tle re tsamaisane le ditekanyetso tsa Bibela go ka re thusa thata mo go kgotsofatseng ditlhokafalo tsa dijo, diaparo, le borobalo.
Molao-motheo o mongwe o o thusitseng Bakeresete go kgotsofatsa ditlhokafalo tsa bone o bonwa mo mafokong a ga moaposetoloi Paulo a a reng:
“Rea tlhōmamisa ha re na le segakolodi se se siameñ, re eletsa go tshela ka go tlhōka macoketsane mo diloñ ootlhe.” (Bahebera 13:18)
Go ikanyega mo ditirisanong tsotlhe tsa bone go thusitse bontsi jwa Bakeresete go itlamela le go tlamela bamalapa a bone sentle. Go ba diretse leina le lentle, mme ka gone ba bangwe ba rata go dira kgwebo le bone. Motho yo o ikanyegang ka metlha ga a nne le dilo tse dintsi tse di bonalang, mme gantsi o nna le ditlhokafalo tsa motheo tsa botshelo a ba a ipoloke a tlotlega.
Se se amanang thata le seno ke kgakololo e e reng:
“Eo o ucwileñ a a se tlhole a ucwa: me bogolo a a dihe, a dihe‘ se se molemō.” (Baefesia 4:28)
Go dirisa molao-motheo ono go thusitse ba le bantsi go bona le go sa latlhegelwe ke tiro ka gonne ba ikanyega. Ka gone, ba kgona go itlamela le bamalapa a bone. Go na le go tsenwa ke moya wa lefatshe leno, o o itlhokomolosang ditlwaelo tse dintsi tsa go sa ikanyege, Bakeresete baa ikanyega, mme seno se nna le diphelelo tse di molemo.
Go tshwantsha seno: Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa Japane o ne a batla go bereka dioura di sekae beke le beke e le gore a tle a nne le nako e e oketsegileng ya ditelekiso tsa semoya. Lefa go ntse jalo, fa a ne a kopa seno, mohiri wa gagwe o ne a mo koba mo tirong. Ka baka la seo, mmaagwe mohiri yoo o ne a botsa ka go re: “A o kobile monna yo o ikanyegang go ba gaisa botlhe?” Dilo di ne tsa nna maswe fa Mosupi yoo a ne a golafala mo mokwatleng fa a ne a dira tiro nngwe. Ka bokhutshwane fela morago ga moo, o ne a kopana le monna yo o neng e le mohiri wa gagwe, yo a neng a tenegile ka go bo a ne a sa tswa go bolelelwa gore mongwe wa bahiriwa ba gagwe o ntse a utswa gouda, ‘tshipi,’ le mehitshana mo madirelong a gagwe a majana a a kgabisang. Gone fela foo mohiri yoo o ne a kopa gore mosupi a boele kwa tirong, jaanong go ya go bereka kafa maemo a gagwe a mo letlang ka teng. Monna yoo o ne a batla modiri yo o ikanyegang.
Go ya ka moaposetoloi Paulo, Mokeresete o tshwanetse go ‘dira se se molemo’ eseng fela go itlamela mme gape “gore a tlè a dihanè le se o ka se naeañ eo o tlhōkañ.” (Baefesia 4:28) Mo dipakeng tsa letlhoko, Bakeresete ba boammaaruri ka metlha ba iketleeleditse go thusa ba bangwe. Lelapa lengwe mo Fiji ba ne ba itemogelela seno fa legae la bone le ne le sentswe thata ke diphefo fa ba ne ba santse ba ile kwa kopanong ya Bokeresete. Fa ba boela kwa gae, ba ne ba fitlhela sengwe le sengwe se senyegile. Mme gape ba ne ba bona badumedi-ka-bone bao ka boitumelo ba neng ba dirisa ditsa-bone go baakanyetsa lelapa leo borobalo le go ba thusa go aga legae la bone gape. “Go a gomotsa,” go ne ga bolela jalo rre, “fa o itse gore go na le Bakeresete bao tota ba amegang ka wena.”
Jesu Keresete o ne a tlhomogela batlhoki pelo thata. Mo makgetlong a le mantsi, ene ka boene o ne a thusa bao ba senang lesego ka tsela epe fela. Legale, Jesu o ne a itse gore fa fela tsamaiso eno e e bosula ya dilo e santse e letleletswe go nna teng, khumanego le mathata a mangwe a leago a tla nna a nna teng. (Yohane 12:8) Ka gone, lemororo a ne a dira mo go ntsi go thusa batho ka dilo tse di bonalang, selo se segolo mo bodiheding jwa gagwe e ne e le go kgotsofatsa ditlhokafalo tsa bone tsa semoya.
Fa batho ba bantsi bao ba neng ba sa tlhole ba tshwerwe ke tlala ba ne ba sala Jesu morago go ya kwa Kaperenama, o ne a ntsha kakgelo eno ya botlhokwa: “Loa mpatla, e señ ka go bo lo bonye dichupō, me e le ka go bo lo yele dinkgwè, me loa kgora. Se diheleñ diyō tse di nyèlèlañ, me dihèlañ diyō tse di nnelañ go ea go hitlha botsheloñ yo bo sa khutleñ, tse Morwa Motho o tla lo di naeañ.” (Yohane 6:26, 27) Jesu o ne a rayang?
Jesu o ne a raya gore go ne go na le bodiphatsa jwa gore batho ba tlwaelane nae le barutwa ba gagwe fela gore ba tle ba bone dilo tse di bonalang. Mme o ne a itse gore seno se ne se sena go ba solegela molemo ka lobaka lo loleele. Jalo o ne a re: “Go segō ba ba humanegileñ mo moeñ: gonne bogosi yoa legodimo ke yoa bōnè. Go segō ba ba bolaecweñ tshiamō ke tlala le lenyōra: gonne ba tla kgorisiwa.”—Mathaio 5:3, 6.
Kwantle ga go bolawa ke tlala ya dijo, go na le go bolawa ke tlala ya boammaaruri le kgotsofalo ya semoya. Fa tlala eno ya semoya e kgotsofaditswe go felela ka boitumelo jwa boammaaruri La-Bodumedi e dirile gore batho ba nne ba ba ratang dilo tse di bonalang. Bodumedi jwa botlhaba bo tlogetse batho ba le mo lefifing la semoya. Mme kobamelo ya boammaaruri—bodumedi jwa ga Jesu Keresete—bo kgotsofaditse ditlhokafalo tsa batho tsa semoya. Bo ka go direla se se tshwanang. Dipaakanyetso tseno e ka nna tsa gago fa o ikatametsa go tsone.
Ka sekai, lekawana lengwe mo Mauritius le ne la amogela dikaelo tsa Tora ya Tebelo le lokwalo-paka lwa mopati wa yone Awake!, mo Mokereseteng yo o neng a dira bosupi jwa mmila. Beke e e latelang, o ne a boa a tla go batla dimakasine tse di oketsegileng. O ne a tlhalosa gore o ne a ntse a akanyetsa go ipolaya ka baka la mathata a gagwe a tsa madi, mme dimakasine tseo di ne di mo thusitse go lemoga gore go na le Modimo o o amegang ka rona. Tlala ya semoya ya lekawana leo e ne e simolola go nyelela.
A re tla kitla re bona nako eo ditlhokafalo tsotlhe tsa rona di tla kgotsofadiwang ka botlalo mo go yone? Bibela e solofetsa gore re tla e bona. Ka boammaaruri, batho ba lapisitswe ke go tlhola ba solofeditswe dilo tse di botoka tse di tlang. Ba swabisitswe gantsi-ntsi. Mme re ka tshepa ditsholofetso tsa Bibela. Mokwadi wa yone, ebong Jehofa Modimo, o diragatsa tsholofetso nngwe le nngwe e a e dirang. Joshua o ne a tlhalosa seno sentle fa a ne a gakolola Baiseraele-ka-ene jaana: “Loa itse mo peduñ tsa lona lotlhe, le mo meoeeñ ea lona lotlhe, ha go sena sepè se se tlhaetseñ sa dilō cotlhe tse di molemō, tse Yehofa Modimo oa lona o di buileñ kaga lona; di lo dihahaletse cotlhe, ga goa tlhaela sepè sa cōna.”—Yoshue 23:14.
Tharabololo ya mmatota ya mathata otlhe a rona e mo go diragadiweng ga ditsholofetso tse di gakgamatsang tsa Modimo tsa go phepafatsa lefatshe lotlhe. (Tshenolō 11:18) Ditlhokafalo tsotlhe tsa rona di tla kgotsofadiwa fa Bogosi jwa gagwe bo busetsa Paradaise mo lefatsheng, bo diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa ntlha ka setho. (Mathaio 6:9, 10) Ka nako eo ga re na go utlwa ‘lentswe la selelo kana lentswe la go gala,’ la batho bao ditlhokafalo tsa bone di sa kgoneng go kgotsofadiwa. Ka go dira ka boikanyegi le go dirisa melao-metheo ya bomodimo, ba tla ipelela botshelo jo bo tletseng, jo bo kgotsofatsang.—Isaia 65:17-25.
Maria, yo o kileng a bo a le moitlami yo o umakilweng pelenyana, o ne a nna le kgotsofalo eo. O ne a lemoga gore o ne a ntse a tshela mo lefifing la semoya mo dingwageng tse dintsi, a na le dipoifo kaga isagwe a bile a sa kgone go bona se tota eleng bokao jwa botshelo. Mme go ithuta boammaaruri jwa Bibela go ne ga fetola seo sotlhe. O ne a re, “Ke dule mo lefifing ka tla mo leseding le le ntseng le phatsimela pele.” (Pesalema 43:3; Diane 4:18) Seno ga se a ka sa mo thusa go fitlhelela ditlhokafalo tsa gagwe tse dikgolo tsa dilo tse di bonalang fela gape go ne ga nyeletsa tlala ya gagwe ya semoya le lenyora. Ee, bodumedi—bodumedi jwa boammaaruri—bo ka kgotsofatsa ditlhokafalo tsa rona.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Bodumedi jwa boammaaruri bo tla kgotsofatsa ditlhokafalo tsotlhe tsa rona