Ke Eng Fa O Tshwanetse go Kgatlhegela Bodumedi?
MO NAGENG nngwe le nngwe go dikologa lefatshe, batho ba kgatlhegela bodumedi. Mo letlhakoreng le lengwe, go na le batho ba le bantsi ba ba bolelang ka tlhamalalo fela gore ga ba kgatlhegele bodumedi ka gope. A mme ba ile ba ikutlwa ka tsela eno ka dinako tsotlhe?
Ka tlholego fela motho ga a kgotsofalele go nna le dilo tse di bonalang fela. Batho ba tlhoka dilo tsa semoya. Botshelo jwa letsatsi le letsatsi jwa go bona dilo tsa senama tse motho a di tlhokang, le go nna le dinako dingwe tsa go itapolosa, ga di kgotsofatse dilo tse motho a di tlhokang totatota. Go farologana le diphologolo, batho ba batla go itse gore, ‘Lebaka la go bo botshelo bo le gone ke eng?’ ‘A botshelo jono jo bokhutshwane, jo bo nang le dilo di le dintsi tse di molemo le tse di bosula, ke jone fela jo bo leng gone?’ A ga o ise o ko o ipotse dipotso tse di ntseng jaana?
Lefa go ntse jalo, dimilione di le dintsi tsa batho ba ba tshelang gompieno ba ile ba golela mo mafelong ao a ileng a tlosa kgatlhego epe fela eo ba ka neng ba na le yone mo bodumeding. Tlhotlheletso eo e ka nna ya bo e ile ya tswa mo batsading, mo barutabaneng, mo balekaneng kana le eleng mo pusong.
Skalabrino, lekawana lengwe go tswa kwa Albania, o ne a tlhalosa gore batho ba ba leng fa tlase ga puso ya Bokomonisi ba ne ba rutiwa gore ga go na Modimo ope. Mme gape, go ne go le kotsi mo go bone go bua ka ga bodumedi; fa ba ne ba ka dira jalo ba ne ba ka latlhelwa mo kgolegelong. Mme le fa go ntse jalo, ka 1991, o ne a newa sebaka sa go ithuta Bibela, fa a ne a le kwa Switzerland jaaka motshabi. O ne a dumela. Ka ntlha yang?
Ke gore, o ne a kile a utlwa fa go na le buka e e ntseng jaaka Bibela fa a ne a le kwa Albania, mme tota o ne a sa itse sepe ka ga yone. Ka jalo, e ka nna ya bo e ne e se keletso ya go batla go tlhaloganya Bibela eo e ileng ya mo tlhotlheletsa thata kwa tshimologong. Le mororo a ile a bolelelwa gore o ne a tla ithuta ka ga maikaelelo a Modimo ka batho le lefatshe, o ne a bona fa seno se ne se mo fa sebaka sa go ithuta go bua puo ya lefelo leo botoka. Mme, ka bonako fela, o ne a lemoga fa seo a neng a se ithuta se ne se kgotsofatsa keletso e a neng a ntse a na le yone ya semoya. O ne a itumela thata go ithuta ka ga tsholofetso ya Modimo ya lefatshe le lesha leo mo go lone go tla renang kagiso, lefatshe leo mo go lone batho ba ka tshelelang ruri le go itumelela letlotlo la dilo tsotlhe tse di tlhokegang mo botshelong. Kgatlhego ya gagwe e ne ya gola thata fa a ne a ithuta gore ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba ka nna karolo ya lefatshe leno le lesha. Ka go palelwa ke go nna fela ka mafoko a a molemo ano, o ne a founela ba lelapa la gagwe kwa Albania go ba bolelela mafoko ano a a molemo.
Aleksei, yo o nnang kwa Russia, o ne a gakgamadiwa ka mo go tshwanang ke tlhotlheletso eo kitso ya boammaaruri ya Bibela e ka nnang le yone mo botshelong jwa motho. Ka go gatelelwa ke mathata le go sa bone tlhaloso e e kgotsofatsang ya lebaka la go bo botshelo bo le gone, o ne a dira maano a go ipolaya. Mme, santlha, o ne a ya kwa Finland go etela tsala nngwe ya gagwe. Mo tseleng fa a le mo tereneng, o ne a bua ka mathata a gagwe le batho ba ba neng ba pagame le ene. Go ne go na le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mo gare ga bone, yo o neng a mo kgothatsa go ithuta Bibela ka gonne e naya tharabololo ya mathata a a ntseng jalo. O ne a belaela. Fa a boa o ne a diragalelwa ke selo se se tshwanang. Mo lekgetlong leno e ne ya nna Mosupi yo mongwe yo o neng a bua le ene ka bopelokgale gore le ene o ne a na le mathata a a tshwanang mme Bibela e ne ya mo thusa go a fenya. Le ene o ne a mo kgothatsa gore a ithute Bibela. Fa a fitlha kwa gae, founo e ne ya lela. E ne e le tsala e nngwe ya gagwe, yo o neng a ithuta le Basupi mme a itumetse thata. Monna yono o ne a simolola go lemoga gore gongwe ruri Bibela e ne e ka mo naya se a se tlhokang, mme o ne a itse gore o ne a se kitla a e tlhaloganya kwantle ga thuso epe. O ne a dumela go nna le thuto ya legae ya Bibela ya ka metlha le Basupi ba ga Jehofa mme a simolola go ya dipokanong. Ga go a ka ga mo tsaya sebaka se seleele go lemoga gore ke ka ntlha yang fa batho bao ba tshelang matshelo a bone tumalanong le seo Bibela e se rutang ba itumetse jaana, lefa le bone ba na le mathata a a tshwanang le a batho botlhe.
Ka go tlhaloganya tsela eo batho ba bopilweng ka teng, Jesu Keresete o ne a re: “Motho ga a nke a tshela ka senkgwe fela.” (Mathaio 4:4, The New English Bible) Gape o ne a re: “Go segō ba ba humanegileñ mo moèñ.” (Mathaio 5:3) Boitumelo jwa bone bo nna gone ka ntlha ya gore ba itse sentle se totatota ba se tlhokang, ba tsaya dikgato tse di tshwanetseng go se bona, mme Modimo o ba segofatse. Lefa go ntse jalo, ga re kgotsofadiwe semoyeng ke go tsena fela kereke kana go nna teng kwa ditirelong dingwe tsa bodumedi. Bodumedi jo bo nang le dingwao tsa kobamelo tse dintsi bo ka tsaya motho maikutlo, a mme bo ka thusa batho go rarabolola mathata a botshelo ka tsela e e nang le mosola? Le eleng fa bodumedi bo ka tshegetsa dithuto dingwe tsa motheo tse di utlwalang, a bo ka kgotsofatsa dilo tse o di tlhokang semoyeng, fa bo palelwa ke go tlhalosa ka tsela e e kgotsofatsang gore lebaka la go bo botshelo bo le gone ke lefe? Mme se se botlhokwa le go feta, a go nna mo bodumeding jo bo ntseng jalo go ka dira gore o nne le kamano e e molemo le Modimo? Kwantle ga seno, motho ga a kake a kgotsofala tota.
Ka tsela e e ntseng jalo batho ba le bantsi ba batla selo se ba iseng ba se bone.
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
A tota dilo tse o di tlhokang tsa semoya di tla kgotsofadiwa ke go tsena kereke?
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Batho ba bantsi ba fitlhetse gore fa ba tlhaloganya Bibela, botshelo bo simolola go nna le mosola