LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 12/15 ts. 10-15
  • Lebelela mo go Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebelela mo go Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsholofelo​—Go Tswa Bogologolong!
  • Tsholofelo e ne ya Bolokiwa e Tshela
  • Jaanong ke Motlha wa go Lebelela
  • Go Utlwana ga Bibela Yotlhe
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • Solofela mo go Jehofa Mme o Nne Pelokgale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Losika Lwa Noga—Lo Senolwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • O ka Bona Kae Tsholofelo ya Mmatota?
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 12/15 ts. 10-15

Lebelela mo go Jehofa

“Lebèlèla mo go Yehofa, u bo u chwarè tsela ea gagwè, me o tla gu goletsa go tla u rua lehatshe: e tla re mogañ baikepi ba kgaolwan, u tla go bona.”​—PESALEMA 37:34.

1, 2. Go lebega losika lwa motho lo eme fa kae, mme Lekgotla la Merafe e e Kopaneng le kopanyelediwa jang?

MALEBANA le botlhale, lelapa la motho le fitlheletse seemo se se kwa godimo thata mo ditlhabologong. Ka ntlha ya maiteko a lone, le feletse le fitlhile mo motlheng wa nuklea. Maatla a atomiki a lebega a ka kgona go ntsha nonofo e ntsi mme ka gone a kgonisitse gore go simololwe go dirwa dilo tse dikgolo mo lefatsheng lotlhe. Ka maswabi, gape e buletse kgobalo e kgolo phatlha mo losikeng lwa motho.

2 Ke eng se se ka thibelang lelapa la motho gore le seka la inyeletsa ka kudumedi ya nuklea? Go ka nna ga lebega e le Lekgotla la Merafe e e Kopaneng, leo le ikgantshang ka merafe ya maloko a le 159 e e nang le mefuta me e farologaneng ya bogoromente. Bogoromente bano ga ba dumalane kafa sepolotiking, mongwe le mongwe o dumela gore mofuta wa one wa puso ke one o o kwa godimo, ee, o o leng botoka thata. Ka gone UN ke lekgotla le le sa dumalaneng ka bolone. Boikgodiso jwa Bomorafe le keletso ya boitaolo di loeletse. Mo godimo ga moo, merafe e le mmalwa e ile ya latola tumelo mo Modimong, ya nna ya boheitane.

3. Pono ya La-Bodumedi ya Modimo e farologana jang le e Modimo ka boene a nang le yone?

3 Leina le le reng La-Bodumedi le santse le dira mo merafeng eo e sa batleng go tlhaolwa jaaka e e seng ya bomodimo mme e ipolela e dumela mo go Jesu Keresete gammogo le “[Modimo] Rara” ba ba tshwaraganeng ka boraro le Jesu le “mōea o o boitshèpō” o o mothofaditsweng. Maloko a Tharo-nngwe a bolelwa a lekana. Mme Rraagwe Jesu o ne a dira gore moperofeti Isaia a kwale mafoko ano a itlhaloso: “Ke Nna Yehofa; ke yeōna leina ya me: me kgalalèlō ea me ga nketla ke e naea o sele, leha e le pakō ea me dichwanchō tse di setilweñ.” (Isaia 42:8) Jehofa yono, kana Yahweh (The Jerusalem Bible), o ile a itirela pego ya hisitori e e senang bolekanngo kaga gagwe.

4. Lekgotla la Merafe e e Kopaneng le faposa losika lwa motho mo go eng?

4 Lekgotla la Merafe le ganne go neela leina la Modimo tlotlo e e le tshwanetseng le go dumalana le lone, mo go sa le neelang tlotlo epe. Ga le kgothaletse losika lwa motho, lo jaanong lo lebaneng le seemo se se maswe sa boitlhobogo, gore lo solofele mo go mong wa leina leo. Lefa go le jalo, Yo ka tshwanelo o tlhalosiwa jaaka “Modimo oa cholohèlō,” ereka go bonala sentle gore o tlhomile motheo wa tsholofelo e le yosi e e dirang e losika lwa motho lo ka nnang le yone. (Baroma 15:13, King James Version) Tsholofelo e a e neelang e ile ya nonotsha le go tshegetsa banna le basadi ba le bantsi.

Tsholofelo​—Go Tswa Bogologolong!

5. Motheo wa tsholofelo o ne wa tlhomiwa leng?

5 Motheo wa go nna le tsholofelo eo o ne wa tlhomiwa pele mo hisitoring ya lelapa la motho. Ee, o ne wa tlhomiwa ka bofefo pele ga go kobiwa ga batsadi ba rona ba ntlha mo legaeng la bone la tshimo ya Edena kwa Botlhaba-Gare. Pego e e kwadilweng ka puo ya Sehebera kaga tshimo eo, kana Paradaise, ga se maaka, ga se tlhamane ya batho bao ba ileng ba tlhanogela go obamela Mmopi wa bone.​—Genesise 2:7–3:24.

6. Losika lwa motho lo ne lwa nna mo seemong sa go tlhoka tsholofelo jang?

6 Go feta dingwaga di le 4 000 moragonyana, moaposetoloi Paulo wa Mokeresete o ne a tlhotlhelediwa go kwala ka go re: “Ke gōna, yaka boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.” (Baroma 5:12) Mo go mengwe ya mekwalo ya gagwe, o ne a bolela monna yo o molato yoo: “Gonne yaka botlhe ba shwa ka Adame, go nntse yalo botlhe ba tla tshedisiwa ka Keresete.” (1 Bakorintha 15:22) Ngaka nngwe e e bidiwang Luke, mo kgaolong ya 3 ya Efangele ya gagwe, o ne a latedisa losika lwa ga Jesu go boela morago go fitlha fela kwa go Adame, yoo, pele ga a kobiwa mo Edena, a neng a utlwa molaetsa wa ga Jehofa wa tsholofelo.​—Luke 3:23-38.

7. Ke eng se se kgothatsang se Modimo o neng wa se dira fa Adame a santse a tshela?

7 Ka tlholego, o tla batla go itse se se mo molaetseng oo. Mme pele ga go o bala, elatlhoko ntlha ya gore ka lobaka lo loleele Jehofa o ne a ntse a le monei wa tsholofelo. Kwa tshimologong Adame e ne e le morwa Modimo wa selefatshe, mme Modimo o ne wa mo letlelela go nna le bana. Fa o ne o ka bonela pele maemo a a letobo, o ne o ka batla go kgothatsa kana go neela bana ba gago tsholofelo. Modimo o ne wa dira sengwe se se tshwanang. Morago ga Adame a utlwa mafoko a Modimo a katlholo e e neng e lebisitswe go ene ka sebele, o ne a utlwa mafoko a tsholofelo go ditlogolwana tsa gagwe.

8. Genesise 3:15 e baakanyetsa ka motheo wa tsholofelo jang?

8 Mafoko ao a a tswang kwa Modimong ono o o neelang tsholofelo e ne e le eng? Go “nōga” e e neng e kopanyelediwa mo sebeng sa ga Adame, Modimo o ne wa re: “Me ke tla tsenya bobaba ha gare ga gago le mosadi, le ha gare ga losika loa gago le losika loa gagwè [bana]: lōna lo tla tapeta tlhōgō ea gago, me wèna u tla kgōba serèthè sa gagwè.” (Genesise 3:14, 15) O ka nna wa ipotsa gore mafoko ao go ka twe a tsosa tsholofelo jang. Sa ntlha, re ithuta gore “nōga” e ne e tla tshwanelwa ke go tapetiwa tlhogo.

9. “Nōga” e e bolelwang mo go Genesise 3:14, 15 ke mang?

9 Mo go Tshenolō 12:9 go kwadilwe jaana: “Me kgōgèla e kgolo, nōga ea bogologolo ea pirigañwa, eōna e e bidiwañ Diabolo le Satane, motsietsi oa lehatshe yeotlhe; ea piriganyediwa koñ kwa lehatshiñ, le baengele ba eōna ba piriganyediwa kwa tlhatse naeō.” Ee, “nōga” e e neng e kopanyelediwa mo Edena e ne e se ope fela fa e se setshedi sa semoya se se maswe se se itsegeng jaaka Satane Diabolo. Eseng fela gore noga eo ya tshwantshetso e ne ya gapa baengele kwa legodimong mme gape e ne ya nna le “losika” kwa tlase mono lefatsheng, “losika” leo fa go ntse go ya lo tla tapetiwang le nyelediwa gammogo le yone.

10. Jesu o ne e netefatsa jang gore “nōga” ke mang?

10 Fa a ne a netefatsa go bolelwa ga ga Diabolo jaaka “nōga” e e digileng batsadi ba rona ba ntlha, Jesu Keresete o ne a bolelela baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda mo lekgolong la ntlha la dingwaga ka go re: “Lo ba rra eno, diabolo, le dithatō tsa ga rra eno ke cōna tse lo ratañ go di diha. Èna o sa le a nna mmolai le mo tshimologoñ, me a se ka a èma mo boamarureñ . . . E re ha a bua maaka, o bua mo e leñ ga gagwè, gonne ke moaki, le rra aōna maaka.” (Yohane 8:44) Gape Jesu o ne a bitsa baganetsi bao ba bodumedi “lotsalō loa dinōga.”​—Mathaio 12:34; 23:33.

Tsholofelo e ne ya Bolokiwa e Tshela

11. Genesise 3:15 e ne ye baakanyetsa ke lobaka lofe gape lwa tsholofelo?

11 Tota tsholofetso ya bomodimo ya go tapeta tlhogo ya noga ya tshwantshetso e neela lelapa la motho le le neng le santse le tla nna gone tsholofelo e e omosang pelo. Re ka bona gore ke ka ntlhayang ka go tlhatlhoba dintlha tse dingwe tsa Genesise 3:15. “Losika” lwa mosadi lo a umakiwa. Go bonala ga “losika” loo go ne ga nna lebaka le leleele go fitlhegile mo masaitsiweng. Mme go ne go phepafetse gore Jehofa Modimo o ne a tla dira gore “losika” lo lo sa itsiweng loo lo tlhoane le noga ya tshwantshetso le “losika” lo lo sa rateng Modimo. Phenyo e ne ya solofediwa, ee, ya tlhomamisetswa “losika” lwa “mosadi”! Phenyo ya lone e ne ya tlhomiwa jaaka tsholofelo fa pele ga losika lwa motho. Ka gone, maloko a lelapa la motho a ne a ka solofela go tla ga “losika” loo lwa “mosadi.”

12. Fa go ntse go ya, ke eng gape se se neng se senolwa kaga “losika” lwa “mosadi”?

12 Go ralala makgolo a dingwaga, Modimo o ne wa senola gore “losika” lono e ne e le Morwa one yo o tsetsweng a le esi, yo o neng a romelwa mo lefatsheng go tla go nna Mesia le go neela botshelo jwa gagwe jaaka setlhabelo sa seromololo. (Genesise 22:17, 18; Bagalatia 3:16; 1 Yohane 2:2; Tshenolō 5:9, 10) Ka lebaka leno tsholofelo ya Basupi ba ga Jehofa ga e a ikaega mo Lekgotleng la Merafe e e Kopaneng. E itshetlegile ka Jesu Keresete yo o tshedileng, Mmueledi yo Mogolo wa ga Jehofa Modimo. Re ka nna le tumelo ya gore Keresete o a tshela, ereka a ile a tsoga mo baswing go ya go nna mo letsogong le legolo la ga Jehofa kwa legodimong. Jaaka Paulo a re: “E ka re ha re sholohetse mo go Keresete mo botsheloñ yono [jo bo akaretsang lekgolo la bo-20 la rona la dingwaga] bo le yosi hèla, ke rona ba re tlhomolañ pelo bogolo go batho botlhe. Nyaea, yanoñ Keresete o cosicwe mo bashwiñ, e le lebucwa pele ya ba ba robetseñ.” (1 Bakorintha 15:19, 20) Jaaka go ile ga tlhomamisiwa ka Bibela gantsi mo ditsebeng tsa makasine ono, Jesu Keresete gompieno o tlhomilwe jaaka Kgosi ya selegodimo.​—Tshenolō 11:15.

13, 14. Basupi ba ga Jehofa ba beile tsholofelo ya bone kae, mme ba dira eng kaga gone?

13 Legale, Jesu gaa tseela Jehofa sebaka mo go nneng tsholofelo ya losika lwa motho. Pesalema 37:34 e santse e dira: “Lebèlèla mo go Yehofa, u bo u chwarè tsela ea gagwè, me o tla gu goletsa go tla u rua lehatshe: e tla re mogañ baikepi ba kgaolwañ, u tla go bōna.” Go santse go tlhokafala go tswelela ka go solofela mo go Jehofa le go kgothaletsa batho botlhe go tlogela go solofela mo mekgatlhong e e itiretsweng ke batho.

14 Tumalanong le lebaka leno, Basupi ba ga Jehofa ba tlhagafetse mo mafatsheng a le 208, ba rera mafoko a a molemo a Bogosi. Ga ba kake ba emisiwa mo go direng jalo. Mekgatlho ya bopolotiki, e thusiwa le go tlhotlhelediwa ke diphuthego tsa bodumedi, ga e na tshwanelo epe ya bomodimo mo go lekeng go ba emisa. Re ka tswelela ka go nna basupi ba e leng ba ga Jehofa le go lebelela mo go ene, jaaka Dafide wa Bethelehema, yo o neng a kwala ka go re:

15. Kgosi Dafide o ne a na le mofuta ofe wa tsholo elo mo go Jehofa?

15 “Jehofa ke modisa wa me; ga nkitla ke tlhoka sepe. O mphudisa mo mahulong a matalana; o nkgogela kafa metsing a a didimetseng. O rudisa moya wa me: O ntsamaisa mo ditseleng tsa tshiamo ka ntlha ya leina la gagwe. Ee, me lefa ke ralala mogogoro wa moruti wa loso, ga nkitla ke boifa bosula bope; gonne o na le nna; kgogo ya gago, le thobane ya gago, di a nkgomotsa. Wa tlo o baakanye bojelo fa pele ga me mo ponong ya baba ba me: O tloditse tlhogo ya me ka loukwane; senwelo sa me se a penologa. Rure molemo le lorato lwa bopelonomi di tla ntshala morago, ka malatsi otlhe a go tshela ga me; me ke tla aga mo ntlong ya ga Jehofa ka bosakhutleñ.”​—Pesalema 23, American Standard Version.

16. Ke eng fa go ka twe Jesu o ne a na le pono e e tshwanang le ya ga Dafide?

16 Kgosi Dafide e ne e le modisa wa semoya wa ga Jehofa wa ditso tsa Iseraele wa bogologolo, mme o ne a baakanya sebaka sa gore Jerusalema e nne motse-mogolo wa morafe, koo morwawe ebong Solomone a ileng a busa ka dingwaga di le 40 teng. Jesu Keresete o ne a umakiwa jaaka “Morwa Dafide” ka lobaka lo lo utlwalang. (Luke 1:31, 32; 18:39; 20:41) Fa Dafide a ne a lebelela mo go Jehofa Modimo, setlogolwana sa gagwe sa selefatshe Jesu Keresete o ne a tla dira fela jalo. Mme ruri o ne a dira jalo.

17. Ke bosupi bofe jo bo leng gone jo bo bontshang gore Jesu o ne a lebeletse mo go Jehofa?

17 Jaaka bosupi jwa gore setlogolwana se se itsegeng thata sa selefatshe sa ga Dafide, ebong Jesu Keresete, o ne a latela kgakololo ya Pesalema 37:34 fa a ne a hema la bofelo mo koteng ya tlhokofatso, Jesu o ne a re: “Rra, ke neèla mōea oa me mo diatleñ tsa gago.” (Luke 23:46) O ne a tsopola le go diragatsa mafoko a ga Dafide mo go Pesalema 31:5 a a neng a lebisitswe kwa Modimong a a teng: “Ke tsenya mōea oa me mo seatleñ sa gago.” Tsholofelo ya ga Jesu ga e a ka ya nna ya lefela, fela jaaka le ya ga Kgosi Dafide. Keresete o ne a tsosiwa mo baswing mo letsatsing la boraro. Malatsi a le masome a mane moragonyana o ne a boela kwa go Rraagwe wa selegodimo. Kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914, Jehofa o ne a goletsa Morwawe go nna ansi wa lefatshe.

Jaanong ke Motlha wa go Lebelela

18. Ke eng fa gompieno e le nako e e tshwanetseng ya tsholofelo.

18 Gompieno, jaaka ngwaga o mosha wa 6013 A.M. (mo Ngwageng wa Lefatshe) o isa lelapa la motho kwa pele mo isagweng, ke tsholofelo efe e e ka solofelwang ya lelapa la motho? Potso eo e tshwanetse thata jaanong ka gore re setse re na le dingwaga di ka nna 1 900 mo motlheng wa morago ga go nna gone ga Bibela. E setse e le lobaka lo lo leele fa e sale Dafide a kwala Pesalema 37:34.

19. Jehofa o ne a direla Jesu eng, go re neela tsholofelo?

19 Jehofa Modimo, Modimo Mothatayotlhe yo o neng a tsosa Jesu mo baswing, o mmeetse tiro e kgolo go na le jaaka banna ba ba bonelang gautshwane ba akanya. Ka go tsosa le go goleletsa Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo letsogong la gagwe le legolo kwa magodimong, Jehofa Modimo o ne a oketsa lebaka lwa rona la go lebelela kwa go Ene yo eleng tsholofelo ya rona ya bofelo, ka tsholofelo e e sa reketleng. E ka raya botshelo jo bo sa khutleng go rona ka boitumelo, fela jaaka mokwadi yo o tlhotlheleditsweng Paulo a re: “Re [bolokiwa] ke cholohèlō.”​—Baroma 8:24.

20. Ke eng fa re ka re Jehofa e santse e le “Modimo oa cholohèlō”?

20 Moaposetoloi o tswelelapele ka go re: “Me cholohèlō e e bonyweñ ga se cholohèlō; gonne emañ eo o ka sholohèlañ se o setseñ a se bonye? Me ha re sholohèla se re sa se boneñ, hoñ rea se lebèlèla ka bopelotelele.” (Baroma 8:24, 25) Ka gone he, tsholofelo ya pele e santse e nonofile, ee, e gaufi le tiragatso e e galalelang mo losikeng lwa motho. (2 Petere 3:13; Tshenolō 21:4, 5) Ka lone lebaka la gore ke tsholofelo ya losika lotlhe lwa motho, e tshwanelwa ke go itsisiwe botlhe. Seno ke mogopolo wa “Modimo oa cholohèlō” wa rona.

21, 22. Re ka lebelela gore merafe e tla dira eng mo isagweng e e gaufi?

21 Jaanong go feta dinako tsotlhe ke nako ya gore mogopolo ono o diragadiwe. Le eleng mo motlheng wa rona mo merafe mengwe ya UN e kgonneng ka tsela ya boitseanape go dirisa nuklea, baeteledipele ba bogoromente bano ga ba ikutlwe ba tlhoka go tlogelela go fedisiwa ga mathata go mongwe yo o nang le botlhale jo bo kwa godimo.​—Bapisa Genesise 11:6.

22 Go feta le eleng pele, bodumedi jo bo tlwaelegileng bo a tlhaselwa, bo mo mathateng. Tlhotlheletso ya jone e e kgaoganyang e tshwanetse go fedisiwa. Bibela e bontsha gore mebuso e tloga e tlhomamisa bogolo jwa yone le go ikgaoganya le bodumedi jo bo ikaelegileng ka yone jo bo sa bolong go nna bo leka ka nako e telele go anya tsamaiso ya lefatshe ya dilo sengwe le sengwe se ba ka kgonang go se bona. Ga go gakgamatse, he, go bo mebuso ya bopolotiki e tla tsaya kgato eno. Go atlega ga bone mo tlhaselong eno ya bodumedi, mo go bone, go tla supa gore ga go na Modimo o o tlhokang go obamelwa le go direlwa. Boperofeti bo bontsha gore go tswa foo ba tla itebaganya le Basupi ba ga Jehofa, bao ba setseng. Ba tla leka go fenya Basupi ba ga Jehofa ka bofefo jaaka bokhutlo jwa tlhabano ya bone ya go latola Modimo.​—Tshenolō 17:12-17; Esekiele 38:10-23.

23, 24. Jehofa o tla itsaya jang mo go tlhaselweng ga batho ba gagwe ke merafe?

23 Lefa go ntse jalo, kwa bofelong ba tla itemogela go fenngwa mo go tlhabisang ditlhong mo go tshwanetseng go tlela mongwe yo o lekang go tlhabana le Jehofa wa masomosomo, yo a iseng a ke a fenngwe. Seo se tla phepafatsa kwantle ga pelaelo gore ba ne ba ntse ba direla dikgatlhego tsa moganetsi yo mogolo wa Modimo wa boammaaruri, ebong, “nōga,” Satane, “modimo oa lehatshe yeno.”​—2 Bakorintha 4:4.

24 Abo seno e tla nna matlhabisa ditlhong jang ne mo go bone! Seo ba neng ba solofetse go se supa se tla itshupa e le bodipa jo bogolo, go rumola Modimo wa legodimo le lefatshe go galefa ka tshwanelo. Go losika lwa motho le le bokoa o ne a ka re: “Gonne megopolō ea me ga se megopolō ea lona; le gōna mekgwa ea lona ga se mekgwa ea me, go bua Yehofa. Gonne yaka magodimo a le kwa godimo bogolo go lehatshe, yalo mekgwa ea me e kwa godimo bogolo go mekgwa ea lona, le megopolō ea me bogolo go megopolō ea lona. Gonne yaka pula e tle e ne, e cwa legodimoñ, le kapōkō me di sa boele gōna, me di kolobise lehatshe, di le tlhogise, di le kukuntse, me le nee moyadi peo, le moyi diyō: Lehoko ya me le tla nna yalo, ye le cwañ mo molomoñ oa me; ga le ketla le boèla hèla mo go nna, me le tla dihahatsa se ke se ratañ, le tla segōhala mo seloñ se ke le isitseñ kwa go shōna.”​—Isaia 55:8-11.

25. Ke eng, he, fa jaanong re na le lebaka le le utlwalang go lebelela kwa go Jehofa jaaka “Modimo [wa rona] oa cholohèlo”?

25 Mmopi yono wa motho o tsentse go sisimoga mo gogolo mo pelong ya motho, fela jaaka ene a na le gone. “Gonne Yehofa oa mashomōshomō o bua yana: a re, O nthomile kwa merahiñ e e lo thapileñ go senka kgalalèlō: gonne eo o lo amañ o ama thaka ea leitlhō ya gagwè.” (Sekaria 2:8) Ka gone, he, Basupi ba ga Jehofa ba tla tshwanelwa ke go lebelela mo go Jehofa. O tla diragatsa tsholofelo eo moo go tla kgabisang bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe ka bontle jo bogolo. O tla supa ka mo go senang pelaelo gore ke mogodimodimo, mothatayotlhe, Modimo wa bosakhutleng, yo o tladitseng ditsholofelo tse di kwa godimo-dimo tsa dibopiwa tsa gagwe mo legodimong lotlhe le mo lefatsheng. Haleluja!​—Pesalema 150:6.

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Ke eng fa tsholofelo ya merafe e le e e tsietsang?

◻ Modimo o ile wa baakanyetsa ka motheo wa tsholofelo jang mo go Genesise 3:15?

◻ Boemo jwa ga Jesu e ne e le eng malebana le Pesalema 37:34?

◻ Ke eng fa jaanong re na le lebaka la go solofela?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Jaaka dinku di latela modisa wa tsone, ka mo tshwanang Dafide o na a lebelela le go solofela mo go Jehofa

[Motswedi wa Tshedimosetso]

Polokelo ya Ditswantsho (Gaufi le Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela