LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 12/15 ts. 15-20
  • Go Tlotla Modimo wa Tsholofelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlotla Modimo wa Tsholofelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batho ba Tlotla Modimo
  • A O Tla Tlotla “Modimo oa Cholohèlō”?
  • Ka Dithoto tsa Rona
  • Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Tlotla Jehofa Mme o ka Dira Jalo Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tlotla Batho ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Tlotlang Batho ba Mefuta Yotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tlotlang ba ba Tshwanelwang ke Tlotlo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 12/15 ts. 15-20

Go Tlotla Modimo wa Tsholofelo

“Ka gona go buan Yehofa . . . ba ba ntlotlañ ke tla ba tlotla, me ba ba nnyatsan ba tla nyadiwa.”​—1 SAMUELE 2:30.

1. Re na le lebaka lefe leo re batlang go tlotla Jehofa ka lone? (1 Timotheo 1:17; Tshenolō 4:11)

TEBANG le ditsholofelo tse re ka nnang le tsone, tse di theilweng mo Bibeleng, go tshwanela tota ebile go na le tlhaloganyo mo go rona go tlotla “Modimo wa tsholofelo,” “Modimo o o neelang tsholofelo.” (Baroma 15:13, King James Version; New World Translation) Ke eng fa go ntse jalo? Ke eng, fa rona bao re leng batho ba ba sa itekanelang ba ba nnyennyane, re ka tlotla Mmopi yo Mogolo wa lobopo lotlhe? A mme le ene o tla re tlotla?

2. Jesu o ne a ikutlwa jang ka tlotlo e e neelwang Modimo?

2 Re ka ithutang mo go se se diragaletseng Jesu. Ga go na ope wa rona yo o ka latolang gore Jesu ka metlha o ne a batla gore Rraagwe a tlotlwe, a galalediwe (Yohane 5:23; 12:28; 15:8) Tota ebile, Jesu o ne a kgala Bafarasai le bakwadi ba ba neng ba ‘tlotla Modimo ka dipounama tsa bone mme dipelo tsa bone di le kgakala le ene.’ Tswee-tswee elatlhoko, gore go sa tlotle Modimo ga bone go ne go kopanyeletsa maikaelelo le ditiro tse di sa tshwanelang. (Mathaio 15:7-9) Lefa go le jalo, a re ka re mo go tlotleng Modimo ga ga Keresete tsholofelo e ne e kopanyelediwa? Mme Jehofa o ne a arabela jang fa a ne a tlotliwa jalo?

3. Re itse jang gore Jesu o ne a lebelela mo go Jehofa?

3 Jesu o ne a gakologelwa mafoko a ga Dafide mo go Pesalema 16:10: “Ga u ketla u tlogèlèla Bobipō mōea oa me; le gōna ga u ketla u lesa moitshepi oa gago a bōna go bōla.” Ereka a ne a na le tsholofelo eno ya go tsosiwa, Jesu Keresete o ne a ka bua mantswe a a kgatlhisang go senokwane se se neng se bapotswe go bapa le ene: “Amaaruri ke a go raya gompieno, O tla nna le nna kwa Paradaiseng.” (Luke 23:39-43, NW) Senokwane seo se ne sa tloga saa swa, ka gone o ne a seka a kgona go bona tiragatso ya tsholofelo ya ga Jesu ya go tsosiwa. Mme mosupi yo o boneng ka matlho o ne a bega jaana: “Yesu eo, Modimo o mo oositse, me rotlhe re bashupi ba gōna.” (Ditihō 2:31, 32) E ne e le boammaaruri.

4. Jesu o ile a fitlhelela le go amogela tlotlo efe? (Tshenolō 5:12)

4 Bontsi jwa batho fela bao Jesu a neng a ba direla ba ne ba itse gore o ne a tshwanelwa ke go golediwa, kana go tlotliwa. (Luke 4:15; 19:36-38; 2 Petere 1:17, 18) Mme go tswa foo o ne a swa jaaka senokwane. A seo se ne sa fetola dilo? Nnyaa, ereka Jesu a ne a amogetswe ke Modimo o a neng a solofetse mo go one. Ka gone, Jehofa o ne a mmusetsa botshelong. Lebaka la go bo “Modimo wa tsholofelo” o tsoseditse Morwawe mo botshelong le go mo apesa go sa sweng mo sebakeng sa moya go supa gore Rara o ne a tswelela go tlotla Morwa wa gagwe. Paulo a re: “Me re bōna ena, eboñ Yesu, . . . a rwesicwe kgalalèlō le tlotlō, ka ntlha ea go bo a kile a boga losho, gore e tle e re ka tshegōhaco ea Modimo a bè a lekeleletsè motho moñwe le moñwe losho.”​—Bahebera 2:7, 9; Bafilipi 2:9-11.

5. Ke ka tsela efe e e kgethegileng eo Jesu a neng a tlotlwa, mo go ileng ga felela ka tlotlo efe e e oketsegileng go Modimo?

5 Jesu, yo o neng a tlotla Jehofa, o ne a umaka tsela nngwe e e kgethegileng eo Rraagwe a neng a mo tlotla ka yone. Fa a ne a bonala kwa baaposetoloing ba gagwe ba ba ikanyegang, o ne a re: “Taolō eotlhe ke e neilwe kwa legodimoñ le mo lehatshiñ. Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō . . . me bōnañ, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.” (Mathaio 28:18-20) Ka gone Rara o ne a tlotla Morwa gape ka go mo neela taolo ya mofuta wa yone fela. Eno e ne e tshwanetse go dirisiwa mo boemong jwa batho ba ba neng ba tla dira tiro e e tlisetsang tlotlo Ene yo Jesu a lekang go mo tlotla. A seno he, se raya gore rona batho ba ba sa itekanelang ka tsela nngwe re ka tlotla Rara mme ra tlotlwa le ke ene?

Batho ba Tlotla Modimo

6. A go eletsa go tlotlwa go tshwanetse, mme go na le kotsi efe mo go seno? (Luke 14:10)

6 Batho ba le bantsi ga ba ke ba akanya ka go tlotla Modimo pele, ereka ba kgatlhegela segolo go ipatlela tlotlo. Ebile bangwe ba ka nna ba re ke ga tlholego gore re batle gore re tlotlwe. Go na le selekanyo sa boammaaruri mo go seno, fela jaaka e le ga tlholego go eletsa leina le lentle, le tlotlo e e rileng mo go seno. (1 Timotheo 3:2, 13; 5:17; Ditihō 28:10) Lefa go le jalo, keletso ya go tlotlwa ke batho e ka nna ya fetisiwa. Seno se supiwa ke ba le bantsi ba ba ka gwalalelang go itsege ka ditsela tsotlhe kana ba dira sengwe le sengwe go tila ditlhong.

7. Ke eng fa go tlotlwa ke batho go na le mosola o o lekanyeditsweng jaana?

7 Fa o akanya kaga gone, le eleng tlotlo e kgolo thata go tswa mo bathong e feta ka bofefo, ereka ba tloga baa swa. Ebu, kgakologelo ya bagaka ba sekae e ka nna ya tlotlwa ka nakwana, mme bontsi jwa baswi ba lebetswe. Ke batho ba le kae ba ba itseng maina a bagologolwane ba bone kana ba itse bao e neng e le baeteledipele ba morafe wa bone dingwaga tse di lekgolo tse di fetileng? Tota, go sa kgathalesege gore motho o ne a tshela kana o ne a sa tshele ga go fetole dilo. Ke tlhaka fela e nnyennyane ya lerole mo selekanyong sa nako, lerothodi le lennyennyane mo moelelong wa botshelo. Mme le eleng fa a tlotlwa ka sebakanyana morago ga loso, ga a go lemoge. (Yobe 14:21; 2 Ditihalō 32:33; Moreri 9:5; Pesalema 49:12, 20) Sengwe fela se se leng botlhokwa ke go nna le tsholofelo eo Modimo o baakanyetsang ka yone, go mo tlotla, le go tlotlwa ke ena. Re ka bona seno mo matshelong a batho ba le babedi ba ba neng ba tshela ka nako e e tshwanang mo Iseraeleng wa bogologolo.

8. Eli o ile a wela mo seraing sefe se se kopanyeletsang go neela tlotlo?

8 Eli e ne e le mongwe wa bone. O ne a direla Modimo mo maemong a mofuta wa one fela a moperisiti yo mogolo ka dingwaga di le 40 mme gape o ne a nna le tshiamelo ya go nna moatlhodi wa Iseraele. (1 Samuele 1:3, 9; 4:18) Lefa go le jalo, fa nako e ntse e ya o ne a bontsha bokoa malebana le bomorwawe ebong Hofeni le Finehase. Lemororo e ne e le baperesiti, ba ne ba seka ba dirisa maemo a bone sentle ka go ntswa bontlhanngwe jwa ditlhabelo, le ka go tshwarega mo boitshwarong jo bomaswe jwa kafa dikobong. Fa rrabo a ne a sa ba kgalemele thata, Modimo o ne wa bolela gore Eli ‘o tswelela pele go tlotla bomorwawe go feta nna.’ Jehofa o ne a solofeditse go tsweletsa pele boperesiti jwa ga Arone, mme o ne a tla kgaola ntlo ya ga Eli mo maemong a boperesiti jo bogolo. Ka ntlhayang? Modimo o ne wa tlhalosa: “Ba ba ntlotlañ ke tla ba tlotla, me ba ba nnyatsañ ba tla nyadiwa.”​—1 Samuele 2:12-17, 29-36; 3:12-14.

9. Samuele o ne a neelwa sebaka jang go tlotla Jehofa?

9 Samuele o ne a farologane O ka nna wa tswa o itse gore batsadi ba gagwe ba ne ba mo tlisa a sale monnye go direla kwa motlaaganeng kwa Shilo. Bosigo bongwe Jehofa o ne a bua le mosimanyana yoo. O ka nna wa ipelela go bala pego eno mo go 1 Samuele 3:1-14, o akanya fa mosimane yono a tsosiwa, eseng ke leratla le le tshwanang le la tladi, mme eleng ke lentswe le le kwa tlase leo a neng ka phoso a akanya gore ke la ga Eli. Go tswa foo akanya ka moo go tshwanetseng ga bo go ile ga tshosa Samuele yo mmotlana mo gogolo ka teng fa a ne a tshwanetse go bolelela moperesiti yo mogolo yo o godileng kaga maikaelelo a Modimo go otlhaya ntlo ya ga Eli. Lefa go le jalo Samuele o ne a go dira; o ne a tlotla Modimo ka kutlo.​—1 Samuele 3:18, 19.

10. Fa a ne a arabela go tlotlwa, Modimo o ne wa tlotla Samuele jang?

10 Samuele o ne a tlotla Jehofa ka dingwaga jaaka moperofeti, mme Modimo o ne wa mo tlotla. Elatlhoko seno mo go 1 Samuele 7:7-13. Ka bofefo Jehofa o ne a arabela thapelo ya ga Samuele gore a mo thuse go fenya Bafilisitia. A o ne o ka seke o ikutlwe o le motlotlo go bo o ile wa lemogiwa jalo ke Modimo? Fa bomorwa Samuele ba ne ba sa latele boeteledipele jwa gagwe, Modimo gaa ka a mo gana jaaka a ile a gana Eli. Seno ka phepafalo e ne e le ka ntlha ya go bo Samuele a ne a dira bojotlhe jwa gagwe go tlotla Modimo. Fa Samuele a bontsha seno mo go oketsegileng o ne a seka a amogela kopo ya batho ya go nna le kgosi ya motho. (1 Samuele 8:6, 7) Modimo o ne wa dirisa Samuele go tlotsa Saule le Dafide ka bobedi. Ka nako ya loso lwa ga Samuele, lseraele o ne a mo tlotla ka go mo lelela. Lefa go ntse jalo, se se botlhokwa thata, Modimo o ne wa mo tlotla ka go mo umaka mo Bibeleng gareng ga banna ba tumelo ba ba tla segofadiwang ka tsogo le dilo tse di molemo tse Modimo o di ba beetseng. (Pesalema 99:6; Yeremia 15:1; Bahebera 11:6, 16, 32, 39, 40) A seno ga se bontshe gore go tlotla “Modimo oa cholohèlō” go na le mosola o mogolo?

A O Tla Tlotla “Modimo oa Cholohèlō”?

11, 12. Re tlhoka go tlhokomela eng kaga go tlotla Jehofa, mme ke tsela efe e nngwe eo re ka dirang seno ka yone?

11 Kgang ya ga Jesu le ya ga Samuele, go neela dikai di le pedi fela tsa Bibela, e netefatsa gore batho ba ka baya go tlotla “Modimo oa cholohèlō” wa bone jaaka se se tlang pelepele mo botshelong. Gape dikgang tse pedi tseo di bontsha gore go dira jalo ka tshwanelo re ka batla le go amogela tlotlo go tswa kwa Modimong. Mme o ka dira seno jang ka tlhomamisego e e utlwalang ya gore o tla itumedisa Modimo, o tla tlotlwa ke ene, le gore o tla amogela tsholofelo e e theilweng mo Bibeleng?

12 Go nna le poifo ya boammaaruri ya go itumolola Modimo le ya tlotlo ke tsela e nngwe. (Malaki 1:6) Kwantle ga pelaelo re dumalana le tlhaloso eno ka bofefo. Lefa go le jalo, gakologelwa bomorwa Eli. Fa o ne o ka bo o ba boditse gore a ba ne ba batla go tlotla Modimo ba mmoifa ka tlotlo, ruri ba ka bo ba ile ba re ee. Bothata bo tla fa go tshwanetse ga supiwa ka ditiro mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi keletso ya rona ya go tlotla Modimo ka go mmoifa.

13. Tshwantsha ka moo keletso ya go tlotla Modimo ka go mmoifa go ka re thusang ka gone.

13 Fa re lebane le seemo se se raelang se re ka utswang kana ra tshwarega mo dikobong tse di seng kafa molaong go sa itsiwe ke bontsi, a keletso ya rona ya go tlotla Modimo e tla ama ditiro tsa rona? Re tshwanetse go tlhagolela boikutlo jwa, ‘Le eleng fa molato o ka nna o ñtlhegile, go ineela ga me fela mo sebeng sa go nna jalo ke go tlontlolola “Modimo oa cholohèlō” yoo ke bidiwang ka leina la gagwe.’ Gape lebaka ke gore molato ga o kitla o nnela ruri o fitlhegile, fela jaaka go ile ga nna ka dilo tse di neng di dirilwe ke bomorwa Eli. Seno se tlhagisiwa ke mafoko a ga Paulo malebana le “tshekishō e e siameñ ea Modimo”: “O o tla naeañ moñwe le moñwe kaha ditihoñ tsa gagwè: Ke go re, ba ba batlañ kgalalèlō, le tlotlō, le bosaboleñ, ba le pelotelele mo go diheñ molemō, o ba nee botshelō yo bo sa khutleñ: Me mo go ba ba ratañ kgañ, me ba sa inele mo boamarureñ, me ba inèla mo tshiamololoñ, go tla nna bogale.”​—Baroma 2:5-8.

14. Re ka tlotla Modimo ka tsela efe e nngwe, mme re ke ipotsa eng?

14 Mo letlhakoreng le lengwe, Paulo o umaka go arola “mo go diheñ molemō,” mo go tlotlang Modimo mme go felela ka “kgalalèlō, le tlotlō” tse di tswang kwa go ene. Tiro ya ntlha ya mofuta ono gompieno ke seo Jesu a neng a se umaka mo go Mathaio 28:19, 20: ‘Dirang batho ba merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse le go ba ruta go tlhokomela dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng.’ Lefatshe ka bophara, dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa ba tlhagafetse mo tirong eno e e tlotlang Modimo ya go rera le go ruta. Bangwe ba bile ba itekela go nna badihedi ba nako e e tletseng jaaka babulatsela, e ka tswa e le mo motheong wa ka metlha kana mo malatsing a boikhutso ba se mo ditirong tsa boitshediso kana sekolo. Ka go gakologelwa seno, mongwe le mongwe wa rona o ka sekaseka kafa a dirang tiro eno ka teng, moo go tla mo solegelang molemo. Ka sekai, o ka nna wa botsa wa re, ‘A ke tlotla “Modimo oa cholohèlō” ka go nna le karolo e e tletseng mo tirong ya go rera?’

15. Go diragetseng ka Bakeresete bangwe malebana le go tlotla Modimo ka bodihedi jwa phatlalatsa?

15 Bakeresete bangwe ba e neng e le bareri ba ba tlhagafetseng ka dingwaga ba ile ba simolola go ngodiega ka bonya ka bonya. Ba ile ba boela mo mokgweng wa go nna le seabe se sennye kana eseng ka metlha mo tirong e e botlhokwa ya go dira barutwa. Ga re bue ka batho ba ba nang le ditekanyetso tsa mmele mme ba ngodiega ka ntlha ya matswela a botsofe. Se se farologane thata le seo, go ngodiega go bonala gareng ga Basupi bangwe ba dingwaga tse di farologaneng. Se se kgatlhisang, Paulo o ne a sa bue ka setlhopha sa dingwaga tse di rileng fa a ne a tlhagisa Bakeresete kgatlhanong le ‘go lapa.’ Go na le moo, go sa kgathalesege dingwaga tsa motho, ntlha kgolo ke gore go arola ka metlha mo bodiheding go tlhoka boiteko. Jaaka ka phepafalo go ne ga direga mo motlheng wa ga Paulo, bangwe gompieno ba akanya ka gore, ‘ke dirile karolo ya me ka dingwaga di le dintsi, jalo jaanong Bakeresete ba basha ba tshwanetse go iteka.’​—Bagalatia 6:9; Bahebera 12:3.

16. Ke eng fa re ka solegelwa molemo ke go itlhatlhoba mo kgannyeng eno?

16 Bao ba ileng ba amega ka tsela eno tota ba palo-potlana, mme o ka nna wa botsa ka gore, ‘A ka phepafalo ke lemoga tshekamelo epe e e ntseng jalo mo go nna? Go tsaya karolo ga me mo bodiheding go bapisega jang le ga nako e e fetileng?’ Go sa kgathalese gore a go ile ga nna le go ngodiega gope fela kana nnyaa, rotlhe re tshwanetse go gakologelwa gore “Modimo oa cholohèlō” wa rona o solofetsa go naya “kgalalèlō le tlotlo [motho] moñwe le moñwe eo dihañ molemō.” (Baroma 2:10) Paulo o ne a dirisa lefoko la Segerika le le rayang “go dira sengwe, go tlhagisa, go dira.” Abo go le botlhokwa jang ne gore re tile se se ileng sa wela Bafarasai le bakwadi, bao ba neng ba tlotla Modimo fela ka melomo ya bone! (Mareko 7:6; Tshenolō 2:10) Pharologanyo le moo, fa go tswa mo pelong re arola ka tlhagafalo mo bodiheding jwa phatlalatsa, re netefatsa mo go rona le ba bangwe gore re na le tsholofelo ya mmatota. Re tlotla Mmopi wa rona le Monei-botshelo. Mme re tla mo seemong sa go tlotlwa ke ene, jaanong le ka bosakhutleng.​—Luke 10:1, 2, 17-20.

Ka Dithoto tsa Rona

17, 18. Tsela e nngwe e re ka tlotlang Modimo ka yone ke efe, mme ke eng fa go ikgogona go dira jalo go sa utlwale?

17 Tebang le tsela e nngwe e re ka tlotlang “Modimo oa cholohèlō” ka yone, Diane 3:9 ya re: “Tlotla Yehofa ka thoto ea gago, le ka tsa ntlha tsa totahalèlō eotlhe ea gago.” Spurrell o tlhalosa temana eno jaana: “Galaletsa Jehofa ka dikhumo tsa gago, ka tse di botoka thata tsa dipoelo.”​—A Translation of the Old Testament Scriptures from the Original Hebrew.

18 Ereka baruti ba ba farologaneng ba ile ba itsege thata ka bogagapa jo bo feteletseng le mofuta wa botshelo jwa letlepu, batho ba le bantsi ba etsaetsega go abela dikereke le mekgatlo ya bodumedi tseo maikaelelo a tsone go bonalang ka phepafalo e le go phutha dikhumo. (Tshenolō 18:4-8) Lefa go ntse jalo, tiriso e e ntseng jalo e e sa tshwanelang, ga e fetole go dira ga Diane 3:9. Tumalanong le kgakololo eo e e tlhotlheleditsweng, re ka dirisa “thoto” ya rona jang go “tlotla Yehofa,” “Modimo oa cholohèlō” wa rona?

19. Tshwantsha ka moo bangwe ba dirisitseng Diane 3:9 ka teng.

19 Basupi ba ga Jehofa ba fitlhela gore palo e e golang ya batho ba ba arabelang molaetsa wa Bogosi e dira gore go batlege go godisiwa Diholo tsa Bogosi kana go agiwa ga tse disha. Eno he, ke tsela e nngwe ya go “Galaletsa Yehofa ka dikhumo tsa gago.” Ba bagolo le ba basha ba ile ba arola mo go direng seno, jaaka go dira boikaelelo jwa botho go ntshetsa letlolela dikago moneelo. Go nnela ruri mo boikaelelong jono jwa sephiri go ka nna ga tlhoka boithibo kana le eleng go intsha setlhabelo, segolo bogolo ka go rulaganngwa le go fediwa ga tiro ya kago go tsaya nako e telele. (2 Bakorintha 9:6, 7) Lefa go le jalo, go dirisa madi ka tsela e e ntseng jaana ruri go tlotla Jehofa, ereka Diholo tsa Bogosi e le mafelo ao Bakeresete ba mo obamelang kwa go one le kwa bone le bakopanedi-ka-bone ba amogelang kitso ya Modimo. Mafoko a ga Jesu mo go Mathaio 6:3, 4 a re neela lebaka le le utlwalang go solofela gore Modimo o tla tlotla bao ba mo tlotlileng ka tsela eo.

20. (a) Ke eng fa go tshwanela go itlhatlhoba thata malebana le go dirisa Diane 3:9? (b) Re ka nna ra ipotsa dipotso dife?

20 Lefa go le jalo, tlhagiso ke e: Bafarasai le bakwadi, bao Jesu a neng a re ba ne ba sa dire bojotlhe jwa bone go tlotla Modimo, ba ne ba dira gore e nne bone ba ntlha go solegelwa molemo ke dikhumo tsa bone. Ka gone kgakololo e e mo go Mathaio 15:4-8 e re haka go itlhatlhoba tebang le go ‘tlotla Jehofa ka dilo tsa rona tse di botlhokwa.’ (Yeremia 17:9, 10) Ka sekai, Mokeresete yo gongwe a humileng ka papadi ya gagwe a ka nna a mpampetsa go tswelela pele a dira ka nako e e tletseng ga gagwe e le gore a tle a bone madi a mantsi. A ka nna a akantsha ka gore, ‘Ba bangwe ba tsenelela bodihedi jwa bobulatsela kana ba ya go direla kwa bareri ba tlhokafalang segolo teng, mme tiro ya me e e kgethegileng ya go direla Modimo ke ya go bona madi a mantsi le gore ke nne le madi a mantsi a ke ka a ntshang mpho.’ Meneelo ya gagwe e ka thusa fela thata. Mme a ka nna a botsa sentle gore, ‘A mofuta wa botshelo jwa me ja botho o bontsha gore go dirisa madi mo go tlotleng Modimo ke boikaelelo jwa ntlha jwa go bona madi a mantsi-ntsi?’ (Luke 12:16-19; bapisa Mareko 12:41-44.) Gape, ‘A ke ka rulaganya mabaka a me go nna le karolo ya botho e kgolwane mo tirong ya botlhokwa ya motl a wa rona​—go bolela mafoko a a molemo?’ Tota, go sa kgathalesege gore maemo a rona mo botshelong ke afe, re ka tlhatlhoba maikaelelo a rona le ditiro mme ra botsa ka gore, ‘Ke ka tlotla Monei-botshelo wa me le “Modimo oa cholohèlō” ka botlalo thata jang?’

21. Re na le tsholofelo efe fa re tlotla Jehofa jaanong jaana?

21 Jehofa ga a kitla a re swabisa. Abo e le tsholofelo e e kgatlhisang thata jang ne gore jaanong le mo isagweng, a ka nna a bua ka rona jaaka a kile a bua ka Baiseraele ba ba ikanyegang a re: “Ereka u nntse u le seetlaetlana mo matlhoñ a me, u le tlotlègō, me ke go ratile”! (Isaia 43:4) Ene yoo o solofetsa ‘ba ba batlañ kgalalèlō, le tlotlō, . . . botshelō jo bo sa khutleñ.” Tsholofetso eno o e lebisa go bao ba itshokang ‘mo tirong e e molemo.’ Abo e le “Modimo oa cholohèlō” jang ne!

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Tebang le go tlotla Jehofa ga batho, re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jesu?

◻ EIi Ie Samuele ba ne ba farologana jang malebana le go tlotla Modimo?

◻ Ke ditsela dife tse dingwe tseo o ka godisang tlotlo e o e neelang Modimo ka tsone, mme o ka nna wa amogela karabelo efe?

◻ Ba ba bayang kwa pele go tlotla “Modimo oa cholohèlō’ wa rona ba emetswe ke isagwe efe?

[Lebokoso mo go tsebe 20]

MAKWALO A MENEELO

Tseno ke dikarolo tse di tswang mo makwalong a a amogetsweng ke ofisi ya Watch Tower Society, ya Brooklyn, New York:

“Leina la me ke Abijah. Dingwaga tsa me di robongwe. Ke batla go neela $4 [R8] go thusa bakaulengwe ba ba dirang mo Diholong tsa Bogosi. Ba ka nna ba reka dipolanka kana tšhokolete, go tla bo go siame fela.”​—Oregon.

‘Ke romela tsheke ya me ya botho. Ke na le dingwaga di feta 96 mme ke utlwela bothateng, mme ruri ke itumelela go bolokela seno madi. Ee, ke a itse gore, ke kgweetsa koloi e kgologolo, ebile ga ke senye nako ya mariga mo Florida kana California. Ke ka kgona go dira go le onnye fela malebana le go dira gore mafoko a a molemo a Bogosi a rerwe ka go tsamaya ka ntlo le ntlo. Mme ka go boloka madi a me le go romela mangwe a one kwa go lona, ke ikutlwa gore ke santse ke na le karolo mo go gone.’​—Ohio.

‘Ke lo lebogela sengwe le sengwe se lo se diretseng Holo ya Bogosi. Madi ano [R10] ke a go lo thusa ka dibuka le Ditora tsa Tebelo tse lo di re neelang go di bala. Madi ano a tswa mo polokelong ya setshwano sa kolobe. Ke lebogela bukana ya Sekolo go bo e re bolelela ka diokobatsi.’

“Ke romela cheke ke eo. Lo ka dirisa didolora tse di makgolo a mabedi [R400] a mane tsa madi ano mo Letloleng la Dikago la Diholo tsa Bogosi. A a setseng lo ka a dirisa ka tsela epe fela e lo e bonang e tshwanetse go godisa tiro ya go rera.”​—Missouri.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela