Go Itlhokomolosa Ditlhagiso le go Leka Modimo
“Le eleng fa metsi a ne a be tsamaya mo dingenaneng ba ne ba ntse ba sa batle go falola.”—El País, Colombia.
SETLHOGO seo se se tswang mo lekwalong-dikgang la letsatsi le letsatsi la Colombia se ne sa tlotlomatsa lengwe la mabaka a go bo go ile ga nna le tatlhegelo ya matshelo e e kanakana mo matlhotlhapelong a a boitshegang a kwa Armero ka November 1985. Dora Elisa Rada Esguerra, yo eleng mma-megala wa kwa Armero, ereka a ne a tsibosiwa ke go wa ga molora le noka e e neng e tlhatsa, o ne a dira tshwetso ya gore a tshabe. Morago ga moo o ne a tlhagisa badiri-ka-ene ba kwa go golaganngwang batho ka megala teng ka matlhotlhapelo ao a a neng a tla. Morago ga moo o ne a tlhalosa jaana: “Ba ne ba bona metsi, ao a neng a . . . phothosela ka maatla, ka maatla tota, mme le eleng ka nako eo ba ne ba seka ba tokgonyega.” Dora o ne a falola mo motsing oo o o senyegileng.
Borra-megala ba bangwe ba ne ba swa mmogo le batswa-setlhabelo ba bangwe bale 21 000 mo segogoleng seo sa seretse sa sekgwa-molelo, metsi a a suleng dikgapetla, le matlapa ao a neng a tla a kgorotla go tswa mo sekgwa-molelong sa Nevado del Ruiz. Mo gare ga bao ba neng ba tsewa ke sone go ne go na le rratoropo wa koo le matsholo a mantsi a mapodisi a lefelo leo, seo se supang gore go ne go sena lefa e le ope yoo a neng a tsaya matshosetsi ao tsia—go fitlhela go nna thari thata.
Ke ka Ntlhayang fa ba ne ba sa Tshabe?
Go ne go na le matshwao le ditlhagiso tsa matlhotlhapelo ao a neng a atamela. Ke ka ntlhayang fa batho ba bantsintsi jaana ba kwa Armero ba ne ba di itlhokomolosa? Sa ntlha, ditlhagiso tsa semmuso di ne tsa tla thari, fa matlhotlhapelo a ne a setse a itaya motse oo. Pele ga seno, batho ba ne ba boleletswe gore ba seka ba tshwenyega, gore go ka nna ga nna le morwalela mme o ka seke o nne maswe go le kalo. Mo boemong jwa seo, motse oo o ne wa phimolwa mo mmapeng ke leru le lentsho la loso leo le neng la tshelegela mo nokeng ya Lagunilla.
Gongwe, ba bangwe ba ne ba sa batle go tlogela magae a bone le dilo tseo ba neng ba na le tsone, ba itse gore bathukuthi ba ne ba tloga ba itelekela go tla go utswa. Seno se ne sa fetoga matshosetsi a mmatota. Bathukuthi ba sekae ba ne ba thuntshiwa ke masole. Fa bangwe bao ba falotseng matlhotlhapelo ano ba ne ba boela kwa magaeng a bone a go neng go na le morwalela kwa go one ba ne ba fitlhela diloto di kgomotswe mo mejakong ebile go utswilwe dilo tsa bone tsa botlhokwa. Mme bontsi jwa batho ba toropo eo ga baa ka ba kgona le go tshela go ka boela kwa magaeng a bone. Mme mo makgetlong a le mantsi, go ne go sena magae a go ka boelwang kwa go one.
Gongwe ba bangwe be ne ba akanya gore Modimo kana Lekgarebena Maria o ne a tla ba thusa. Lefa go ntse jalo, a go a utlwala go lebelela gore Modimo a thuse batho ba ba rileng fa matlhotlhapelo a tlholego a tlhaga? Ke ka ntlhayang fa ba bangwe ba tshwanetse ba sirelediwa ka go thusiwa ke Modimo mme ba bangwe, bao le bone ba leng mo maemong ao, ba letlelelwa gore ba swe?
A go na le motheo o o tlhomameng wa gore motho a dumele gore a ka tshela botshelo jwa motlholo a sireleditswe ka mo go kgethegileng ke Modimo? Ka sekai, a mokgweetsi wa koloi a ka tshepa “moengele yo o mo disitseng” wa gagwe kana “moitshepi” yo o rategang? Seo se dirang gore go nne thata go dumela seo ke gore Makatoliki a mantsi a a dipelo-di-phepa bao ba neng ba na le ditshwantsho tsa ga “Moitshepi” Christopher ba ile ba swa mo dikotsing tsa dikoloi. Kana a Mokeresete o tshwanetse a dumela gore Modimo o mo sireletsa ka mo go kgethegileng fa a tsamaya ka sefofane? Go tweng ka go sirelediwa ka mo go kgethegileng fa o tshameka motshameko mongwe o o kotsi? A go a utlwala gore o leke Modimo mo maemong ao?
Letsogo la ga Jehofa ga le Lekhutshwane
Dikwalo di re thusa gore re bone gore go na le maemo ao Jehofa Modimo a ka nnang a thusa batho ba gagwe mo go one fa tiro ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi e angwa kana fa go tshosediwa phuthego ya gagwe. Moperofeti Isaia o re tlhomamisetsa jaana: “Bōnañ, lecōgō ya ga Yehofa ga lea khuchwahala, go re, ga le kake ya boloka: le tsèbè ea gagwè ga ea kabala, go re, ga e kake ea ntlwa.”—Isaia 59:1.
Bibela e neela dikai tse di phepafetseng tsa ka moo letsogo la ga Jehofa le ileng la sireletsa ka gone malebana le baaposetoloi. Kgosi Herode, gore a ke a amogelwe ke Bajuda, o ne a tsenya Petere mo kgolegelong a le kafa tlase ga tiso e e thata. Phuthego ya kwa Jerusalema e ne ya mo rapelela thata. Go ne ga diragalang? Moengele wa ga Jehofa o ne a tla mme a golola Petere mo kgolegelong eo. Le eleng Petere ka boene o ne a gakgamadiwa ke seo se neng se diragala. Kgabagare o ne a lemoga gore ke eng seo se neng se diragala mme a bolela jaana: “Yana kea itse ha rure Morèna a romile moengele oa gagwè a tla go nkgolola mo seatleñ sa ga Herode.”—Ditihō 12:1-11.
Yone pego eo e re bolelela gore Herode o ne a setse a bolaile moaposetoloi Jakobe, ebong morwarragwe Johane. Jehofa o ne a dumelela gore go swela tumelo goo go diragale Ka gone, go bonala sentle gore lemororo Jehofa a ka sireletsa le go golola, a ka nna a dumelela ditiragalo gore di tswelele pele, mme ka gone a letlelela gore bangwe ba batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng ba supe bothokgami jwa bone le eleng go isa losong. Mafoko ano a ga Jakobe, yoo eleng morwarragwe Jesu ka mmagwe, a a tshwanela: “[Ga lo] itse se se tla dihalañ ka moshō. Ana botshelō yoa lona e be e le eñ? Gonne lo mouwane hèla, o o tloñ o bōnale ka lobakanyana, me o tloge o kaologele koñ. Ecwa lo chwanetse go bua, lo re, Ha Morèna a rata re tla tshela, re ba re diha se kgotsa sele.”—Yakobe 4:14, 15; bapisa Yobe 2:3-5.
Go na le selo sele sengwe se se tlhomamisegang, ka dinako tsa matlhotlhapelo a tlholego le tsa dikotsi, molao-motheo ono wa Bibela o dira mo bathong botlhe ka go tshwana: “Botlhe ba welwa ke motlha le maemo a a sa lebelelwang.” (Moreri 9:11, NW) Mme lemororo go tshwanetse gore re rapelele gore re thusiwe le go sirelediwa ka dinako tsa pogiso, re tshwanetse ra lemoga gore “ga go kgonagale gore bao ba ikemiseditseng go tshela matshelo a Bokeresete ka mmatota ba tile pogiso.”—2 Timotheo 3:12, Phillips.
Moya wa go Nna le Mogopolo o o Lekalekaneng
Lemororo e le boammaaruri gore mo dinakong tse di fetileng Jehofa o ile a tsaya kgato gore a sireletse batho ba gagwe, jaaka fa a ne a sireletsa Baiseraele go tswa kwa Egepeto le mo matsholong a ga Farwe, e ne e tla bo e le boikgagapeledi go akanya gore Modimo o tshwanetse a sireletsa Mokeresete mongwe le mongwe mo diphelelong tsa ‘motlha le maemo a a sa lebelelwang’ kana mo diphelelong tsa go tlhoka botlhale ga gagwe ka namana. Lekwalo la ga Paulo le le yang kwa Bakereseteng ba kwa Roma, bao bangwe ba bone gongwe ba ileng ba swa moragonyana ga moo jaaka baswela-tumelo, le amana le seno: “Ke raea moñwe le moñwe mo go lona, ka tshegōhaco e ke e neilweñ, ka re, A se ka a ikgopola bogolo go chwanèlō ea gagwè ea go ikgopola; me a a ikgopolè ka tekanō, kaha Modimo o abetseñ moñwe le moñwe selekanyō sa tumèlō ka gōna.” (Baroma 12:3) Thanolo ya ga J. B. Phillips e bolela jaana: “Leka go leba dikgono tsa gago ka tekatekano.”
Kgakololo e e bontshiwang fano e dira ka mo go tshwanang gompieno, lemororo e le mo kgannyeng e e farologaneng le eo. Fa Mokeresete a akanya gore a ka kgweetsa botlhaswa kana a tagilwe mme a bo a sa diragalelwe ke sepe ka ntlha ya gore a sirelediwa ke Modimo, a seo se bontsha “tekanō”? A Mokeresete yoo o a bo a ‘leba dikgono tsa gagwe ka tekatekano’? Gape, fa a tsenya monka-ene mo kotsing, a tota o a bo a ‘rata monka-ene jaaka a ithata’?—Mathaio 22:39.
Jaanong a re ke re diriseng moya wa mogopolo o o lekalekaneng mo boemong joo motho a dirileng gore go nne le batho ba ba nnang mo mafelong ao a ratwang ke dithoromo tsa lefatshe kana koo dikgwa-molelo di fetogileng matshosetsi a a ipotlileng mme e le a mmatota gone. Sekai se se molemo ke lefelo leo le setseng le umakilwe le le bapileng le sekgwa-molelo sa Nevado del Ruiz kwa Colombia. Go ya ka El País ya letsatsi le letsatsi ya Colombia, modira-dipolane tsa matlo ebong César Zárate o ne a baakanyetsa patlisiso nngwe ka 1982 eo e neng ya supa gore Noka ya Lagunilla e ne e ile ya baka merwalela mo Armero mo nakong e e fetileng le gore motse oo o ne o santse o sa sirelediwa ka mo go lekaneng. Gape go ne go itsege gore sekgwa-molelo sa Nevado del Ruiz se ne se ile sa runya makgetlo a le marataro fa e sale go tloga ka 1570. Go ya ka metswedi ya histori, sekgwa-molelo se na le mokgwa wa go ipoeletsa ka go refosanya magareng ga dingwaga di le 140 le dikgwedi di le 9 le dingwaga di le 110 le dikgwedi di le 2.
Tshedimosetso eno e ne ya romelwa kwa tokololong nngwe ya Sontaga ya lekwalo-dikgang la Colombia eleng El Tiempo dibeke di sekae pele ga matlhotlhapelo ao a Armero. E ne ya bolela jaana ka phepafalo: “Morwalela o mongwe . . . o tla diragala mo e ka nnang mo bogareng jwa Noyember monongwaga. Go setse go bonwe matshwao ano a a supang seo: Eleng mosi o o tswang mo letshobeng la ‘Arenas.’ Pula e e nang melora le digase. Kgotlelo ya metsi le dijalo. Menkgo e e ferosang sebete. . . Modumo o o kgorotlang o o neng o tswa mo sekgwa-molelong ka September 11. Go nyerologa ga kapoko ka iketlo . . . Ka gone, ke nako ya go tsaya kgato.”
Lefa go ntse jalo, setlhogo seo se ne sa seka sa gatisiwa. Gongwe se ne se lebiwa jaaka sa go goeletsa matlhotlhapelo go sa tlhokafale. Moragonyana ga moo bagatisi ba El Tiempo ba ne ba re go bakilwe ke “go tlhaela go bonela dilo pele, go tlhoka temogo, kana tumelo ya bongwana ya gore ga go na sepe seo se tla diragalang.”
Lefa go ntse jalo, ka nako e e tshwanetseng Nevado del Ruiz e ne ya thunya mo bosigong jwa November 13, 1985. Batho ba feta 20 000 ba ne ba latlhegelwa ke matshelo a bone kwa Armero, mme go ne go na le diketekete tse dingwe tsa batswa-setlhabelo kwa Chinchiná le kwa ditoropong tse dingwe tse di fa gaufi. Mo go bao ba suleng kwa Armero go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 41 le bao ba neng ba kopanela le bone. Bangwe ba ne ba ile ba tshabela kwa Holong ya Bogosi ka go tlhoka botlhale, eo e neng e le mo lefelong le le kwa tlase. Ba ne ba tsewa ke morwalela ba bo ba fitlhiwa le yone. Ka boitumelo, Basupi ba bangwe ba ne ba kgona go tshabela kwa lefelong le le kwa godimo mme ba ne ba bolokega.
Kwantle ga pelaelo, go motlhofo go bontsha botlhale morago ga fa selo sengwe se sena go diragala. Mme bobotlana go ka ithutiwa dithuto go tswa mo ditiragalong tseo tse di botlhoko.
Ditlhagiso tsa Bogologolo Tseo di Neng tsa Itlhokomolosiwa
Bibela e neela dikai tsa bangwe bao ba neng ba itlhokomolosa ditlhagiso tse di neetsweng nako e santse e le gone kana bao ba neng ba akanya gore ‘go ne go se kake ga diragala mo nakong ya bone’ kana mo karolong ya bone ya lefatshe. Tiragalo nngwe eo e phepafetseng ke ya fa Lote a ne a tlhagisiwa gore a tshabe mo Sodoma le Gomora. O ne a tlhagisa bagwe ba gagwe, a re: “Nanogañ, lo cwè heloñ ha: gonne Yehofa o tla senya motse o.” Ba ne ba itshwara jang? “Mo go bagwè ba gagwè ea ne ekete ke motho eo o shotlañ.” ‘Go sotla’ goo go ne ga seka ga tsaya nako e telele. Jehofa o ne a dira gore metse eo e e atlhotsweng, e e boikepo e nelwe ke sebabole le molelo. Bagwe bao ba ne ba swa mmogo le baagi ba lefelo leo bao ba neng ba sa itshware sentle. Mosadi wa ga Lote go bonala a ile a tshaba mo Sodoma a na le dipelaelo le go sa dumele sentle. O ne “a gadima a le ha moragō ga gagwè [Lote], me a cwa motlhōbōlōkō oa leewae.”—Genesise 19:12-26.
Mo dingwageng di le 1 900 tse di fetileng Jesu o ne a bolelela pele gore Jerusalema wa bogologolo o ne a tla senngwa setlhogo. O ne a neela dintlha tse di tlhamaletseng malebana le ditiragalo tse di neng di tla diragala pele ga motse oo o senngwa, a re: “E tla re lo bōna Yerusalema o dikilwe ke dintwa, lo bo lo itse ha chwahalō ea ōna e le gauhi.” O ne a oketsa ka tlhagiso eno: “Hoñ, ba ba mo Yudea a ba tshabèlè kwa dithabeñ; le ba ba mo gare ga ōna, a ba cwè; le ba ba kwa nageñ a ba se ee go tsèna mo go ōna.”—Luke 21:20-24.
Fa matsholo a Roma a ne a dika Jerusalema ka ngwaga wa 66 C.E., Bakeresete bao ba neng ba le mo motseng oo ba ne ba lemoga sesupo seo Jesu a neng a se neetse. Ka gone, fa General Cestius Gallus a ne a le gaufi le go o fenya gotlhelele, ka tsela e e sa tlhaloganyesegeng o ne a busetsa masole a gagwe morago. Seo e ne e le sebaka seo Bakeresete ba neng ba ntse ba se letetse, mme ba ne ba tshabela kwa letlhakoreng le lengwe la Joredane. Ka 70 C.E. Baroma ba ne ba boa ba le kafa tlase ga General Titus mme ba senya Jerusalema. Bajuda bale makgolo a a diketekete bao ba neng ba sala mo motseng oo o o neng o atlhotswe ba ne ba swa ka nako eo motse oo o neng o dikilwe le go lwantshiwa ka yone.
Ke boammaaruri gore mo makgetlong ano go ne ga neelwa tlhagiso ya bomodimo. Mme ntlha ke gore go ne go na le ba sekae fela bao ba neng ba reetsa molaetsa oo mme ba falola. Ba le bantsi ba ne ba seka ba lemoga sepe. Ba ne ba gana go tsaya tlhagiso ya Modimo tsia.
Re Ka Leka Modimo Jang ka Tsela e e Tshwanetseng?
Le eleng malebana le matlhotlhapelo a tlholego, gantsi go nna le ditlhagiso—histori ya nako e e fetileng ya lefelo, ditshupo tsa bosheng, kana tshedimosetso ya boitseanape—tseo di supang gore go ka kgonagala thata gore go nne le kotsi nngwe mo lobakeng lo lo rileng lwa nako. Gongwe lefelo lengwe le ratwa ke merwalela. Jaanong motho yo o ikutlwang sentle o tshwanetse a akanya ka dintlha tseo tsotlhe gore a ke a dire tshwetso ya go bona gore a go a tlhokafala gore a fudugele kwa kgaolong e nngwe le gore a go a kgonagala. Tota gone, ga go kgonagale go ka bolelela pele gore matlhotlhapelo mangwe le mangwe a tlholego a tla diragala leng le gone kae. Lefa go ntse jalo, go tshwanetse ga akanngwa ka gore matlhotlhapelo ao a ile a diragala morago ga nako e e kae mo nakong e e fetileng le gore o ka ipha nako e e kae ya go tshaba fa go ka diragala matlhotlhapelo a a gaisang ao. Mme ga go utlwale gore o lebelele go sirelediwa ke Modimo ka mo go kgethegileng Go dira jalo e tla bo e le go leka Modimo ka tsela e e sa dumelelwang kana e e sa lekalekanang.
Lefa go ntse jalo, ka mogopolo o o farologaneng le oo, Jehofa o re kopa gore re mo leke. Bogologolo ka motlha wa ga moperofeti Malaki, lseraele o ne a leka Modimo ka tsela e e phoso ka go isa ditlhabelo tsa maemo a a kwa tlase mo sebesong. Ka senkgwe sa bone se se kuileng le ditshupelo tsa diphologolo tse di golafetseng, ba ne ba bontsha gore ba ne ba nyatsa lomati lwa ga Jehofa. Jehofa o ne a ba kopa ka Malaki gore ba sokologe le gore ba siamise tsela ya bone. “Lereñ di tsa boshomè cotlhe mo tluñ ea polokèlō, gore go tlo go nnè diyō mo tluñ ea me, me lo tlo lo ntekè ka gōna, go bua Yehofa oa mashomōshomō, lo bōnè bo ga nketla ke lo bulèla dikgōrō tsa legodimo, ke lo goromeletsa lesegō ye go se ketlañ go na le bonnō yo bo lekanyeñ go le baea.”—Malaki 3:10.
Ee, malebana le masego a semoya, re ka ‘leka,’ kana ra lekeletsa, boikanyegi jwa ga Jehofa. Fa re batla Bogosi jwa gagwe le tshiamo ya gagwe pele, he, jaaka Jesu a boletse, ‘re tla okelediwa dilo tsotlhe tse dingwe.’ Jesu gape o boletse jaana: “Lōpañ, me lo tla nèwa; batlañ, me lo tla bōna: kgwanyakgwanyañ, me lo tla bulèlwa.” Fa batho ba ba sa itekanelang ba kgona go naya bana ba bone dimpho, “bogolo yañ Rra eno eo o kwa legodimoñ o tla naea ba ba mo lōpañ [tumalanong le thato ya gagwe] dilō tse di molemō?”—Mathaio 6:33; 7:7-11; 1 Yohane 5:14.
Mo go yone nako eno, merafe e neelwa tlhagiso ya gore Jehofa o tla akofa a simolola go atlhola dikarolo tsotlhe tsa tsamaiso ya ga Satane ya dilo. (Tshenolō 16:14, 16; 18:20) Dimilione-milione tsa batho ba ba botlhale ba reetsa molaetsa ono o o rerwang ke Basupi ba ga Jehofa mme ba itlhaolela kafa letlhakoreng la puso ya Bogosi jwa Modimo. Ba tswa mo kgolaganong e e bodileng ya dipolotiki le bodumedi pele ga go nna thari thata. (Tshenolō 18:4) Ka go dira jalo, ba ipaakanyetsa botshelo jo bo sa khutleng kafa tlase ga puso ya ga Keresete mo lefatsheng leno la rona, leo le tlileng go fetolwa gore e nne paradaise ya tshiamo le ya tekatekano A o reetsa tlhagiso eno?—2 Petere 3:13; Tito 1:2.
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Dipoloma oo e thibetsweng mo maropeng a Armero ko kgakololo e o botlhoko ya gore diketekete ga di a ka tsa reetsa ditlhagiso
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
A mokgwa eo o kgweetsan ka yone e bontsha go nna le mogopolo o o lekala emeng wa Bokeresete?
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Lofelo lo Jaanong lo kgakgabaditsweng la koo Armero a nang a la gona. Batho ba ba fetang 20 000 ba ne ba swela fano
Koloi eno e e sugakanang ko sekao sa matlhotlhapelo ao a neng a naya Armero